LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/1 ts. 13-18
  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano e Ntšha
  • Ditšhaba di Segofadiwa ka Losika Lwa ga Aberahame
  • Go Diragadiwa ga Boporofeti
  • Kgolagano e Kgologolo le e Ntšha
  • Bogosi Jwa Modimo —Tiragatso ya Bofelo
  • Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A o tla Solegelwa Molemo ke Dikgolagano tsa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Dikgolagano tse di Kopanyelefsang Boikaelelo jwa Goyagaile jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/1 ts. 13-18

Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha

“Jesu . . . gape ke motsereganyi wa kgolagano e e botoka.”—BAHEBERA 8:6.

1. Ke mang yo ileng a itshupa e le ‘losika lwa mosadi’ lo lo solofeditsweng kwa Edene mme o ne a ‘lomiwa serethe’ jang?

FA Adame le Efa ba sena go leofa, Jehofa o ne a atlhola Satane, yo o ileng a tsietsa Efa, a bolela jaana: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Fa Jesu a ne a kolobediwa kwa Nokeng ya Joredane ka 29 C.E., Losika lo lo solofeditsweng kwa Edena lo ile lwa tlhaga kgabagare. Ka nako ya loso lwa gagwe mo koteng ya tlhokofatso ka 33 C.E., bontlhanngwe jwa boporofeti joo jwa bogologolo bo ne jwa diragadiwa. Satane o ne a ‘lomile serethe’ sa Losika.

2. Go ya ka mafoko a a builweng ke Jesu ka boene, loso lwa gagwe le solegela batho molemo jang?

2 Ka lesego, lebadi leo, le fa le ne le le botlhoko thata, ga le a ka la nnela ruri. Jesu o ne a tsosiwa mo baswing e le moya o o sa sweng mme a tlhatlogela kwa go Rraagwe kwa legodimong, koo a neng a ntsha tlhwatlhwa ya madi a gagwe a a tsholotsweng go nna “thekololo gore a bone ba le bantsi.” Ka jalo, mafoko a ene ka boene a a buileng a ile a diragadiwa: “Morwa motho o tshwanetse go tsholediwa jalo, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tle a nne le botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Mathaio 20:28; Johane 3:14-16; Bahebera 9:12-14) Kgolagano e ntšha e na le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boporofeti jwa ga Jesu.

Kgolagano e Ntšha

3. Go dira ga kgolagano e ntšha go ne ga bonwa leng la ntlha?

3 Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore madi a gagwe a a tsholotsweng e ne e le “madi a kgolagano [e ntšha].” (Mathaio 26:28; Luke 22:20) Malatsi a le lesome fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, go ne ga bonwa go dira ga kgolagano e ntšha fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo barutweng ba ba ka nnang 120 ba ba neng ba phuthegetse mo kamoreng nngwe e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditiro 1:15; 2:1-4) Go tsenngwa ga barutwa ba ba 120 bano mo kgolaganong e ntšha go ne go supa gore kgolagano ya “pele” e leng kgolagano ya Molao, e ne e sa tlhole e dira.—Bahebera 8:13.

4. A kgolagano e kgologolo e ne e paletswe? Tlhalosa.

4 A kgolagano e kgologolo e ne e paletswe? Le e seng. Ke boammaaruri, e re ka e ne e emiseditswe ka e nngwe, Baiseraele ba tlholego e ne e sa tlhole e le batho ba ba kgethegileng ba Modimo. (Mathaio 23:38) Mme seo e ne e le ka go bo Baiseraele ba ne ba sa utlwe e bile ba ganne Motlodiwa wa ga Jehofa. (Ekesodo 19:5; Ditiro 2:22, 23) Le fa go ntse jalo, pele ga fa Molao o emisediwa, o ne wa fitlhelela mo gontsi. Ka makgolokgolo a dingwaga, o ne wa supa tsela ya go atamela Modimo e bile e le sesireletsi mo bodumeding jwa maaka. O ne o na le dilo dingwe tse di emelang kgolagano e ntšha mme ka ditlhabelo tsa yone tse di neng di ntshiwa gangwe le gape, o ne o supa kafa batho ba tlhokang thata go gololwa mo boleong le mo losong ka teng. Eleruri, Molao e ne e le “mogogi . . . yo o gogelang kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:19, 24; Baroma 3:20; 4:15; 5:12; Bahebera 10:1, 2) Le fa go ntse jalo, e ne e le ka kgolagano e ntšha masego a a solofeditsweng Aberahame a neng a tla diragadiwa ka botlalo.

Ditšhaba di Segofadiwa ka Losika Lwa ga Aberahame

5, 6. Mo tiragatsong ya konokono, ya semoya ya kgolagano ya ga Aberahame, Losika lwa ga Aberahame ke mang mme ke setšhaba sefe se se ileng sa amogela masego pele ka ene?

5 Jehofa o ne a solofetsa Aberahame jaana: “Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago.” (Genesise 22:18) Mo kgolaganong e kgologolo, batswagosele ba ba pelonomi ba le bantsi ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya go itsalanya le Iseraele, losika lwa ga Aberahame lo e leng setšhaba. Le fa go ntse jalo, mo go diragadiweng ga yone ga konokono ka tsela ya semoya, Losika lwa ga Aberahame e ne e le monna a le mongwe yo o itekanetseng. Paulo o ne a tlhalosa seno fa a ne a bolela jaana: “Ditsholofetso di ne tsa buiwa le Aborahame le peo ya gagwe. Ga le re: ‘Le dipeo,’ jaaka fa go ntse fa tseo di le dintsi, mme jaaka fa go ntse fa e le nngwe, la re: ‘Le peo ya gago,’ yo e leng Keresete.”—Bagalatia 3:16.

6 Ee, Jesu ke Losika lwa ga Aberahame, mme ka Ene ditšhaba di segofadiwa ka tsela e e fetang kgakala ya Iseraele wa tlholego. Eleruri, setšhaba sa ntlha go segofadiwa ka tsela eno e ne e le Iseraele ka boyone. Ka bonakonyana morago ga Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bolelela setlhopha sa Bajuda jaana: “Lo barwa ba baporofeti le ba kgolagano e Modimo o neng wa golagana le borraalonamogologolwane ka yone, ka go raya Aborahame o re, ‘Mme mo peong ya gago malapa otlhe a lefatshe a tla segofala.’ Modimo, morago ga go tsosa Motlhanka wa one, o ne wa mo romela kwa go lona pele go lo segofatsa ka go faposa mongwe le mongwe mo ditirong tsa lona tsa boikepo.”—Ditiro 3:25, 26.

7. Ke ditšhaba dife tse di ileng tsa segofadiwa ka Jesu, e leng Losika lwa ga Aberahame?

7 Go ise go ye kae tshegofatso eno e ne ya fetisediwa go Basamaria mme morago ga foo go Baditšhaba. (Ditiro 8:14-17; 10:34-48) Ka nako nngwe fa gare ga 50 le 52 C.E., Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba kwa Galatia le Asia Minor jaana: “Lokwalo, ka lo ne lo bona go sa le gale gore Modimo o ne o tla bolela batho ba merafe e le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo, lo ne lwa bolelela Aborahame dikgang tse di molemo go sa le pele, e leng: ‘Merafe yotlhe e tla segofadiwa ka wena.’ Ka gone ba ba ngaparelang tumelo ba segofadiwa mmogo le Aborahame yo o nang le tumelo.” (Bagalatia 3:8, 9; Genesise 12:3) Le mororo Bakeresete ba bantsi ba kwa Galatia e ne e le “batho ba merafe,” ba ne ba segofadiwa ka Jesu ka ntlha ya tumelo ya bone. Ka tsela efe?

8. Mo Bakereseteng ba motlha wa ga Paulo, go segofadiwa ka Losika lwa ga Aberahame go ne go akaretsa eng, mme ke ba le bakae bao kgabagare ba neng ba amogela tshegofatso e e ntseng jalo?

8 Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Bagalatia, go sa kgathalesege gore ba tswa kae jaana: “Fa lo le ba ga Keresete, tota lo peo ya ga Aborahame, baruaboswa malebang le tsholofetso.” (Bagalatia 3:29) Mo Bagalatieng bao, go segofadiwa ka Losika lwa ga Aberahame go ne go akaretsa go nna ga bone le seabe mo kgolaganong e ntšha gape le go nna baruaboswa mmogo le Jesu, go nna mmogo le Jesu mo losikeng lwa ga Aberahame. Ga re itse gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba le bakae ka palo. Re itse fela gore ba ne ba nna “jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi.” (1 Dikgosi 4:20) Le fa go ntse jalo, re itse palo ya bofelo ya ba ba nang le Jesu mo losikeng lono lwa semoya—144 000. (Tshenolo 7:4; 14:1) Ba ba 144 000 bao ba “tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le morafe” wa batho mme ba na le seabe mo go abeleng ba bangwe gape masego a kgolagano ya ga Aberahame.—Tshenolo 5:9.

Go Diragadiwa ga Boporofeti

9. Ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba na le molao wa ga Jehofa jang mo go bone?

9 Fa Jeremia a ne a bolelela pele ka kgolagano e ntšha, o ne a kwala jaana: “‘Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,’ go bua Jehofa. ‘Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone.’” (Jeremia 31:33) Ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba itsege ka gore ba direla Jehofa ka ntlha ya lorato. (Johane 13:35; Bahebera 1:9) Molao wa ga Jehofa o kwadilwe mo dipelong tsa bone mme ba rata thata go dira go rata ga gagwe. Ke boammaaruri, kwa Iseraeleng wa bogologolo batho bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba rata molao wa ga Jehofa thata. (Pesalema 119:97) Ba le bantsi ba ne ba sa o rate. Le fa go ntse jalo ba ne ba nna ba le karolo ya setšhaba. Ga go na ope yo o ka nnang mo kgolaganong e ntšha fa molao wa Modimo o sa kwalwa mo pelong ya gagwe.

10, 11. Mo go ba ba leng mo kgolaganong e ntšha, Jehofa o “nna Modimo wa bone” jang mme ba tla mo itse jang botlhe?

10 Jehofa o ne a bolela gape jaana malebana le ba ba mo kgolaganong e ntšha: “Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.” (Jeremia 31:33) Kwa Iseraeleng wa bogologolo ba le bantsi ba ne ba obamela medimo ya ditšhaba mme ba ne ba nna e le Baiseraele. Mo motheong wa kgolagano e ntšha, Jehofa o ne a bopa setšhaba sa semoya, “Iseraele wa Modimo,” gore e tseye boemo jwa Iseraele wa tlholego. (Bagalatia 6:16; Mathaio 21:43; Baroma 9:6-8) Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o tla nnang a le karolo ya setšhaba se sesha sa semoya fa a tlogela go obamela Jehofa a le nosi fela.

11 Jehofa o ne a bolela gape jaana: “Ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone.” (Jeremia 31:34) Kwa Iseraele, ba le bantsi ba ne ba itlhokomolosa Jehofa, ba bolela jaana tota: “Jehofa ga a ketla a dira molemo, le gone ga a ketla a dira bosula.” (Sefania 1:12) Ga go na ope yo o tswelelang pele e le karolo ya Iseraele wa Modimo fa a itlhokomolosa Jehofa kana a itshekolola kobamelo e e itshekileng. (Mathaio 6:24; Bakolosa 3:5) Baiseraele ba semoya ke “batho ba ba itseng Modimo wa bone.” (Daniele 11:32) Ba itumelela ‘go nna le kitso kaga Modimo o o osi wa boammaaruri le Jesu Keresete.’ (Johane 17:3) Go itse Jesu go oketsa kitso ya bone ka Modimo ka gonne, ka tsela e e kgethegileng, Jesu ke ‘ene yo o tlhalositseng Modimo.’—Johane 1:18; 14:9-11.

12, 13. (a) Jehofa o itshwarela maleo a ba ba leng mo kgolaganong e ntšha mo motheong wa eng? (b) Malebana le go itshwarelwa maleo, kgolagano e ntšha e gaisa kgolagano e kgologolo jang?

12 Kgabagare Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.” (Jeremia 31:34b) Molao wa ga Moshe o ne o akaretsa ditao tse dintsintsi tse di kwadilweng tse go neng go tlhokega gore Baiseraele ba di ikobele. (Duteronome 28:1, 2, 15) Botlhe ba ba neng ba tlola Molao ba ne ba ntsha ditlhabelo gore maleo a bone a itshwarelwe. (Lefitiko 4:1-7; 16:1-31) Bajuda ba le bantsi ba ne ba dumela gore ba ka nna ba ba siameng ka ditiro tsa bone go ya ka Molao. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lemoga gore ba ka se ka le ka motlha ba nna le tshiamo ka ditiro tsa bone. Ga ba kgone go tila go leofa. (Baroma 5:12) Mo kgolaganong e ntšha, go siama mo matlhong a Modimo go ka kgonega fela mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, go nna le boemo jo bo ntseng jalo ke mpho, bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo tswang go Modimo. (Baroma 3:20, 23, 24) Jehofa o sa ntse a batla gore batlhanka ba gagwe ba nne kutlo. Paulo a re ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba “tlase ga molao malebang le Keresete.”—1 Bakorintha 9:21.

13 Ka jalo, le mo Bakereseteng go na le setlhabelo sa boleo mme ke se se tlhwatlhwakgolo thata go feta ditlhabelo tsa kgolagano ya Molao. Paulo o ne a kwala jaana: “Moperesiti mongwe le mongwe [mo kgolaganong ya Molao] o ema letsatsi le letsatsi go dira tirelosetšhaba le go isa ditlhabelo tse di tshwanang tshupelo gantsi, ka tseno di sa kgone lefa e le ka nako epe go tlosa maleo ka mo go feletseng. Mme [Jesu] o ne a isetsa ruriruri setlhabelo se le sengwe tshupelo a se isetsa maleo a ba a nna kafa seatleng sa moja sa Modimo.” (Bahebera 10:11, 12) E re ka Bakeresete ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, Jehofa o bolela fa ba siame, ba se na boleo mme ka ntlha ya seo ba le mo boemong jwa go tlodiwa gore e nne barwa ba gagwe ba semoya. (Baroma 5:1; 8:33, 34; Bahebera 10:14-18) Fa ba leofa ka ntlha ya go sa itekanela ga batho, ba ka nna ba kopa Jehofa gore a ba itshwarele mme Jehofa o ba itshwarela mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu. (1 Johane 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, fa ba tlhopha tsela ya go dira boleo ka boomo, ba latlhegelwa ke boemo jwa bone jwa go siama le tshiamelo ya go nna le seabe mo kgolaganong e ntšha.—Bahebera 2:2, 3; 6:4-8; 10:26-31.

Kgolagano e Kgologolo le e Ntšha

14. Go ne go tlhokega thupiso efe kafa tlase ga kgolagano ya Molao? kafa tlase ga kgolagano e ntšha?

14 Banna mo kgolaganong e kgologolo ba ne ba rupisiwa e le sesupo sa gore ba kafa tlase ga Molao. (Lefitiko 12:2, 3; Bagalatia 5:3) Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, bangwe ba ne ba akanya gore Bakeresete ba e seng Bajuda le bone ba tshwanetse go rupisiwa. Mme baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema, ba kaelwa ke Lefoko la Modimo le moya o o boitshepo, ba ne ba lemoga gore seno ga se tlhokege. (Ditiro 15:1, 5, 28, 29) Dingwaga di sekae moragonyana, Paulo o ne a bolela jaana: “Yo e leng Mojuda kafa ntle ga se ene, le gone go rupa ga se mo go kafa ntle mo nameng. Mme Mojuda ke yo e leng ene mo teng, mme go rupa ga gagwe ke ga pelo ka moya, mme e seng ka melao e e kwadilweng.” (Baroma 2:28, 29) Go rupisiwa ga mmatota, tota le mo Bajudeng ba tlholego, go ne go sa tlhole go le botlhokwa mo matlhong a ga Jehofa. Ka gonne ba ba leng mo kgolaganong e ntšha, ba tshwanetse go rupisiwa pelo, e seng nama. Sengwe le sengwe se ba se akanyang, se ba se eletsang le tlhotlheletso e e sa itumediseng kana e se phepa mo matlhong a ga Jehofa di tshwanetse go tlosiwa.a Ba le bantsi gompieno ba neela bosupi jo bo bonalang kafa moya o o boitshepo o leng maatla ka teng go fetola tsela ya go akanya ka tsela eno.—1 Bakorintha 6:9-11; Bagalatia 5:22-24; Baefeso 4:22-24.

15. Iseraele wa tlholego le Iseraele wa Modimo di amana jang le puso ya dikgosi?

15 Mo thulaganyong ya kgolagano ya Molao, Jehofa e ne e le Kgosi ya Iseraele mme fa nako e ntse e ya o ne a supa bolaodi jwa gagwe ka go dirisa dikgosi tsa batho kwa Jerusalema. (Isaia 33:22) Jehofa gape ke Kgosi ya Iseraele wa Modimo, Iseraele wa semoya mme fa e sale ka 33 C.E., o ntse a busa ka Jesu Keresete, yo o ileng a fiwa “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18; Baefeso 1:19-23; Bakolosa 1:13, 14) Gompieno, Iseraele wa Modimo o amogela Jesu e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, jo bo ileng jwa tlhomiwa ka 1914. Jesu ke Kgosi e e botoka thata go gaisa ka fa Hesekia le Josia tota ba neng ba ntse ka teng, le dikgosi tse dingwe tse di neng di ikanyega tsa Iseraele wa bogologolo.—Bahebera 1:8, 9; Tshenolo 11:15.

16. Iseraele wa Modimo ke boperesiti jwa mofuta ofe?

16 Iseraele e ne e se bogosi fela mme gape e ne e le bogosi jwa boperesiti. Ka 33 C.E., Iseraele wa Modimo o ne a emisetsa Iseraele wa tlholego mme a nna “motlhanka” wa ga Jehofa, “basupi” ba gagwe. (Isaia 43:10) Go tloga ka nako eo, mafoko a ga Jehofa a a a buileng le Iseraele a a kwadilweng mo go Isaia 43:21 le Ekesodo 19:5, 6 a ne a dira mo go Iseraele wa Modimo wa semoya. Setšhaba se sesha sa Modimo jaanong e ne e setse e le “lotso lo lo kgethilweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, setlhopha sa batho ba thuo e e kgethegileng,” ba ba tshwanetseng go ‘bolela dinonofo tse di molemolemo tsa ga Jehofa gongwe le gongwe.’ (1 Petere 2:9) Botlhe ba e leng Iseraele wa Modimo, banna le basadi, ba bopa setlhopha sa baperesiti. (Bagalatia 3:28, 29) Jaaka karolo e e kwa tlase ya losika lwa ga Aberahame, ba bolela jaana jaanong: “Lona merafe, itumeleng le batho ba gagwe.” (Duteronome 32:43) Ba e leng karolo ya Iseraele wa semoya ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba bopa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47) Modimo a ka neelwa tirelo e e boitshepo e e amogelwang ka thuso ya bone fela.

Bogosi Jwa Modimo —Tiragatso ya Bofelo

17. Ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba tsholwa jang?

17 Baiseraele ba ba neng ba tsholwa morago ga 1513 B.C.E. ba ne ba nna kafa tlase ga kgolagano ya Molao fa ba tsholwa. Bao Jehofa a ba tsenyang mo kgolaganong e ntšha le bone ba tsholwa—mo kgannyeng ya bone, ke go tsholwa ka tsela ya semoya. Jesu o ne a umaka seno mo go Mofarasai Nikodemo fa a ne a bolela jaana: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Barutwa ba le 120 ka Pentekosete ya 33 C.E. e ne e le batho ba ntlha ba ba sa itekanelang ba ba neng ba tsholwa sesha ka tsela eno. E re ka ba ne ba bolelwa fa ba siame kafa tlase ga kgolagano e ntšha, ba ne ba amogela moya o o boitshepo e le “sesupo sa go sa le gale” sa go rua boswa jwa bogosi ga bone. (Baefeso 1:14) Ba ne ba ‘tsetswe ke moya’ gore e nne barwa ba ba amogetsweng ba Modimo, go go neng go dira gore ba nne bomonnawe Jesu mme ka jalo e le “baruaboswammogo le Keresete.” (Johane 3:6; Baroma 8:16, 17) Go “tsholwa sesha” ga bone go ne ga bula tsela ya ditebelelo tse dintle.

18. Go tsholwa sesha go bula ditshono tsa ditebelelo dife tse di itumedisang mo go ba ba leng mo kgolaganong e ntšha?

18 Fa Jesu a ne a tsereganya kgolagano e ntšha, o ne a dira kgolagano e nngwe le balatedi ba gagwe, a bolela jaana: “Ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:29) Kgolagano eno ya Bogosi e baakanya dilo gore go diragadiwe ponatshegelo e e gakgamatsang, e e kwadilweng mo go Daniele 7:13, 14, 22, 27. Daniele o ne a bona “mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” a newa taolo ya segosi ke “Yo Mogologolo,” e bong Jehofa Modimo. Morago ga foo Daniele o bona ‘baitshepi ba rua bogosi.’ Jesu ke ene “yo o tshwanang le mongwe morwa motho” yo ka 1914 a ileng a amogela Bogosi jwa selegodimo go tswa go Jehofa Modimo. Barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya ke “baitshepi” ba ba nang le seabe le ene mo Bogosing joo. (1 Bathesalonika 2:12) Jang?

19, 20. (a) Mo go ba ba leng mo kgolaganong e ntšha, tsholofetso ya ga Jehofa e a e solofeditseng Aberahame e tla diragadiwa jang la bofelo le ka tsela e e itumedisang? (b) Ke potso efe e nngwe e e tlhokang go sekasekiwa?

19 Morago ga loso lwa bone, batlodiwa bano jaaka Jesu, ba tsosiwa mo baswing e le dibopiwa tsa moya tse di sa sweng gore di direle mmogo le ene e le dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:50-53; Tshenolo 20:4, 6) A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne! “Ba tla busa e le dikgosi godimo ga lefatshe,” e seng fela kwa lefatsheng la Kanana. (Tshenolo 5:10) A ba tla ‘rua dikgoro tsa baba ba bone’? (Genesise 22:17) Ee, e bile ba tla dira jalo ka mo go feletseng, fa ba bona go senngwa ga seaka sa bodumedi sa mmaba, e leng Babilone yo Mogolo, le fa batlodiwa bano ba ba tsositsweng ba disa ditšhaba mmogo le Jesu ka “thobane ya tshipi” le go thuba tlhogo ya ga Satane. Ka go dira jalo ba tla bo ba nna le seabe mo go diragatseng karolo ya bofelo ya boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15.—Tshenolo 2:26, 27; 17:14; 18:20, 21; Baroma 16:20.

20 Le fa go ntse jalo, re ka nna ra botsa gore, A kgolagano ya ga Aberahame le kgolagano e ntšha di ama fela meya e e ikanyegang e le 144-000? Nnyaa, ba bangwe ba ba seng mo dikgolaganong tseno ka tlhamalalo ba tla segofadiwa ka bone, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 470, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o A Gakologelwa?

◻ Go dira ga kgolagano e ntšha go ne ga bonwa leng la ntlha?

◻ Ke eng se se neng sa kgonwa go dirwa ka kgolagano e kgologolo?

◻ Ke mang yo segolobogolo e leng Losika lwa ga Aberahame mme ditšhaba di ne tsa segofadiwa jang ka go latelana ka Losika loo?

◻ Mo go ba ba 144 000 go diragadiwa ga bofelo ga kgolagano ya ga Aberahame le mo kgolaganong e ntšha ke eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go itshwarelwa maleo ga ba ba leng mo kgolaganong e ntšha go botlhokwa thata go gaisa go itshwarelwa ga ba ba leng kafa tlase ga kgolagano e kgologolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela