O se Ka wa Lapa mo Lobelong Lwa Botshelo!
“A Re Sianeng Ka Boitshoko Lobelo Lo Re Lo Tlhomilweng Pele.” —Bahebera 12:1.
1, 2. Ke ditiragalo dife tse di kgatlhang tse di ileng tsa ipedisa batlhanka ba ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo?
RE TSHELA mo metlheng e e kgatlhang le e e gwetlhang. Dingwaga tse di fetang 80 tse di fetileng, ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. ‘Letsatsi la Morena’ le ‘motlha wa bokhutlo’ jwa tsamaiso eno ya dilo le ne la simologa. (Tshenolo 1:10; Daniele 12:9) Fa e sa le ka nako eo, lobelo lwa Bakeresete lwa botshelo lo ile lwa potlaka le go feta. Batlhanka ba Modimo ba ile ba dira ka natla gore ba lepalepane le koloi ya selegodimo ya ga Jehofa, phuthego ya gagwe ya selegodimo, e e tsamayang e sa eme go diragatsa maikaelelo a ga Jehofa.—Esekiele 1:4-28; 1 Bakorintha 9:24.
2 A batho ba Modimo ba ile ba itumela fa ba ntse ba ‘siana mo lobelong’ lwa go bona botshelo jo bo sa khutleng? Ee, go ntse jalo! Ba ile ba itumelela go bona go phuthiwa ga ba ba setseng ba bomonnawe Jesu e bile ba itumelela go bona gore go kanwa ga ba bofelo ba ba 144 000 go setse go tla wediwa. (Tshenolo 7:3, 4) Mo godimo ga moo, ba itumelela go lemoga gore Kgosi ya ga Jehofa e e tlhomilweng e sotlhomeditse sekele ya yone go roba “thobo ya lefatshe.” (Tshenolo 14:15, 16) Mme a bo e le thobo e kgolo ruri! (Mathaio 9:37) Go fitlha jaanong, go phuthilwe batho ba ba fetang dimilione di le tlhano—“boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” (Tshenolo 7:9) Ga go na ope yo o itseng gore kgabagare boidiidi joo bo tla nna bogolo go le kana kang, e re ka go se motho ope yo o ka bo balang.
3. Re tshwanetse go leka go nna re itumetse go sa kgathalesege eng?
3 Ke boammaaruri gore, Satane o leka go re kgopa kana go re ngodiegisa fa re ntse re siana mo lobelong lono. (Tshenolo 12:17) Mme ga go ise go ke go nne motlhofo go nna re siana mo dintweng, mo ditlaleng, mo malwetseng le mo mathateng a mangwe a a tshwayang metlha ya bofelo. (Mathaio 24:3-9; Luke 21:11; 2 Timotheo 3:1-5) Le fa go ntse jalo, dipelo tsa rona di tlala ka boipelo fa lobelo lono lo ntse lo ya kwa bofelong. Re leka go nna le moya o Paulo a ileng a kgothaletsa Bakeresetekaene mo motlheng wa gagwe go nna le one: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!”—Bafilipi 4:4.
4. Bakeresete ba Bafilipi ba ne ba na le moya o o ntseng jang?
4 Ga go na pelaelo gore Bakeresete ba Paulo a neng a ba bolelela mafoko ao ba ne ba ipela mo tumelong ya bone, ka gonne Paulo o ne a ba bolelela jaana: “Tswelelang lo ipela mo Moreneng.” (Bafilipi 3:1) Bafilipi e ne e le phuthego e e pelotshweu, e e lorato e e neng e dira ka tlhoafalo le ka tlhagafalo. (Bafilipi 1:3-5; 4:10, 14-20) Mme e ne e se Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le moya oo. Ka sekai, bangwe ba Bakeresete ba Bajuda ba Paulo a neng a ba kwalela buka ya Bahebera ba ne ba dira gore a tlhobaele.
“Tlhokomela go Feta Ka mo Go Tlwaelegileng”
5. (a) Bakeresete ba Bahebera ba ne ba na le moya o o ntseng jang fa phuthego ya ntlha ya Bokeresete e ne e tlhomiwa? (b) Tlhalosa moya o Bakeresete bangwe ba Bahebera ba neng ba na le one mo e ka nnang ka 60 C.E.
5 Phuthego ya ntlha ya Bokeresete mo hisitoring ya lefatshe e ne e le ya Bajuda ba tlholego le basokologi mme e ne ya tlhongwa kwa Jerusalema ka 33 C.E. E ne e na le moya o o ntseng jang? Motho o tlhoka fela go bala dikgaolo tsa ntlha tsa buka ya Ditiro go utlwa ka tlhagafalo le boitumelo jo e neng e na le jone, tota le fa e ne e bogisiwa. (Ditiro 2:44-47; 4:32-34; 5:41; 6:7) Le fa go ntse jalo, fa masome a dingwaga a ntse a feta, dilo di ile tsa fetoga, mme go bonala fa Bakeresete ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba ngodiega mo lobelong lwa bone lwa botshelo. Kgatiso nngwe e bolela jaana ka boemo jo bo neng bo le teng mo e ka nnang ka 60 C.E.: “Boemo jwa go nna botshwakga, jwa go lapa, jwa go kgobega marapo ka ntlha ya ditebelelo tse di sa diragadiweng, ditsholofetso tse di busediwang kwa morago, go itlhokomolosa dilo ka boomo le go tlhoka tumelo mo go sengwe le sengwe. E ne e le Bakeresete mme ba ne ba sa anaanele kgalalelo e ba e bileditsweng.” Go ne ga tla jang gore Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba nne mo boemong jo bo ntseng jalo? Go sekaseka dikarolo dingwe tsa lekwalo la ga Paulo le a neng a le kwalela Bahebera (le le kwadilweng mo e ka nnang ka 61 C.E.) go re thusa go araba potso eo. Tshekatsheko e e ntseng jalo e tla re thusa rotlhe gompieno go tila go wela mo boemong jo bo ntseng jalo jwa go koafala mo semoyeng.
6. Ke dipharologano dife tse di leng teng fa gare ga go obamela kafa tlase ga Molao wa ga Moshe le kobamelo e e theilweng mo go dumeleng mo go Jesu Keresete?
6 Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tswa mo Tumelong ya Sejuda, e e neng e iphaka gore e ikobela Molao o Jehofa a neng a o ba neela ka Moshe. Go bonala fa Molao oo o ne wa tswelela o kgatlha Bakeresete ba le bantsi ba Bajuda, gongwe e le ka gonne go ne go fetile makgolo a mantsi a dingwaga e le one fela o ba neng ba obamela Jehofa ka one e bile e le thulaganyo e e kgatlhang ya kobamelo, e e nang le baperesiti, ditlhabelo tsa ka metlha le tempele e e tumileng mo lefatsheng lotlhe ya kwa Jerusalema. Bokeresete bo farologane. Bo batla gore motho a nne le pono ya semoya, e e tshwanang le e Moshe a neng a na le yone, ka a ne “a leba ka tlhomamo kwa go neweng ga maduo [go go neng go sa ntse go tla tla]” mme “a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:26, 27) Go bonala fa Bakeresete ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba se na pono e e ntseng jalo ya semoya. Ba ne ba tlhotsa go na le gore ba siane ka tsela e e tshwanetseng.
7. Tsamaiso e re tswang mo go yone e ka ama jang tsela e re sianang ka yone mo lobelong lwa botshelo?
7 A go na le boemo jo bo tshwanang le joo gompieno? Gone ke boammaaruri, dilo ga di tshwane tota. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tswa mo tsamaisong eno ya dilo e e ipelafatsang thata. Lefatshe le bulela batho ditshono tse di kgatlhang, mme ka nako e e tshwanang, le ba rwesa mekgweleo e megolo. Mo godimo ga moo, bontsi jwa rona re tshela mo dinageng tse go tlwaelegileng ka bontsi jwa batho go nna le boikutlo jwa go belaela, tse mo go tsone batho ka bontsi ba dirang dilo ka bopelotshetlha. Fa re itetla go tlhotlhelediwa ke tsamaiso e e ntseng jalo, ‘matlho a dipelo tsa rona’ a tla nna lotobo motlhofo. (Baefeso 1:18) Re tla kgona go siana sentle jang mo lobelong lwa botshelo fa re sa tlhole re kgona go bona sentle kwa re yang gone?
8. Ke ditsela dife tse ka tsone thulaganyo ya Bokeresete e gaisang kobamelo kafa tlase ga Molao?
8 Go tlhotlheletsa Bakeresete ba Bajuda, Paulo o ne a ba gakolola ka fa thulaganyo ya Bokeresete e gaisang Molao wa ga Moshe ka gone. Ke boammaaruri gore, fa setšhaba sa Baiseraele ba tlholego e ne e le batho ba ga Jehofa kafa tlase ga Molao, Jehofa o ne a bua le sone ka baporofeti ba ba tlhotlheleditsweng. Mme Paulo a re gompieno o bua “ka Morwa, yo o mo tlhomileng moruaboswa wa dilo tsotlhe, le yo o dirileng ditsamaiso tsa dilo ka ene.” (Bahebera 1:2) Mo godimo ga moo, Jesu o mogolo go gaisa dikgosi tsotlhe tsa losika lwa ga Dafide, “balekane” ba gagwe. E bile o mogolo go feta baengele.—Bahebera 1:5, 6, 9.
9. Ke ka ntlha yang fa rona, fela jaaka Bakeresete ba Bajuda ba motlha wa ga Paulo, re tshwanetse go tsaya tsia “go feta ka mo go tlwaelegileng” dilo tse Jehofa a di bolelang?
9 Ka jalo, Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bajuda jaana: “Go [tlhokega] gore re tlhokomele go feta ka mo go tlwaelegileng dilo tse re di utlwileng, gore re se ka le ka motlha ra katogela go sele ka bonya.” (Bahebera 2:1) Le fa gone go ithuta ka Keresete e ne e le tshegofatso e e itumedisang, go ne go tlhokega mo gontsi. Ba ne ba tlhoka go tsaya Lefoko la Modimo tsia thata gore ba ganane le tlhotlheletso ya tsamaiso ya Sejuda e e neng e ba dikologile. Le rona re tlhoka go tlhokomela “go feta ka mo go tlwaelegileng” se Jehofa a se bolelang malebana le dipuo tsa lefela tse re lebaneng le tsone mo lefatsheng leno. Seno se re tlhoka gore re leke go nna le mekgwa e e siameng ya go ithuta le go nna le thulaganyo e e molemo ya go bala Baebele. Jaaka Paulo a bolela moragonyana mo lekwalong la gagwe le a le kwaletseng Bahebera, gape go re tlhoka gore re nne teng ka metlha kwa dipokanong le mo go boleleleng ba bangwe ka tumelo ya rona. (Bahebera 10:23-25) Dilo tse di ntseng jalo di tla re thusa go nna re tsogile mo semoyeng gore re se ka ra timelelwa ke tsholofelo ya rona e e itumedisang. Fa re tlatsa megopolo ya rona ka megopolo ya ga Jehofa, re ka se ka ra fekeediwa kana ra kgokgoediwa ke sepe fela sa dilo tse lefatshe leno le ka di re dirang.—Pesalema 1:1-3; Diane 3:1-6.
“Nnang lo Rotloetsane”
10. (a) Go ka diragalang ka motho yo o sa tseyeng Lefoko la ga Jehofa tsia go feta ka mo go tlwaelegileng? (b) Re ka ‘nna re rotloetsana’ jang?
10 Fa re sa tseye dilo tsa semoya tsia thata, ditsholofetso tsa Modimo di ka nna tsa bonala e se tsa mmatota. Seno se ile sa direga le e leng mo lekgolong la ntlha la dingwaga mo diphuthegong tse botlhe ba ba neng ba le mo go tsone e neng e le Bakeresete ba ba tloditsweng e bile bangwe ba baaposetoloi ba sa ntse ba tshela. Paulo o ne a tlhagisa Bahebera jaana: “Tlhokomelang, bakaulengwe, e se re kgotsa ga bo go ka nna ga tsamaya ga tlhaga mo go mongwe wa lona pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo o o tshelang; mme nnang lo rotloetsane letsatsi lengwe le lengwe, fa fela go santse go ka bidiwa ‘Gompieno,’ e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.” (Bahebera 3:12, 13) Lefoko le Paulo a le dirisitseng la “tlhokomelang” le gatelela botlhokwa jwa go ntsha matlho dinameng. Go na le kotsi e e tlang! Ya gore go tlhoka tumelo—“boleo”—bo ka nna jwa simologa mo dipelong tsa rona mme ra bo re katogela kgakala le Modimo go na le gore re atamalane le ene. (Jakobe 4:8) Paulo o re gakolola gore re “rotloetsane.” Re tlhoka lorato lwa go kopana mmogo re le bakaulengwe. “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.” (Diane 18:1) Botlhokwa jwa go kopana mmogo jalo bo tlhotlheletsa Bakeresete gompieno go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo.
11, 12. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgotsofalela fela go itse dithuto tsa motheo tsa Bokeresete?
11 Moragonyana mo lekwalong la gagwe, Paulo o neela kgakololo e nngwe e e botlhokwa thata: “Le mororo lo tshwanetse lo ka bo lo le ba ba rutang ka ntlha ya nako, gape lo tlhoka mongwe go lo ruta go tswa kwa tshimologong dilo tsa tshimologo tsa ditaetso tse di boitshepo tsa Modimo; mme lo ntse jaaka ba ba tlhokang mashi, e seng dijo tse di tiileng. . . . Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.” (Bahebera 5:12-14) Go bonala fa bangwe ba Bakeresete ba Bajuda ba ile ba retelelwa ke go tswelela pele mo botlhaleng. Ba ne ba le bonya go amogela lesedi le le oketsegileng malebana le Molao le go rupisiwa. (Ditiro 15:27-29; Bagalatia 2:11-14; 6:12, 13) Bangwe ba ka tswa ba ne ba sa ntse ba tlotla dingwao tse di jaaka Sabata ya beke le beke le Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga le le masisi.—Bakolosa 2:16, 17; Bahebera 9:1-14.
12 Ke gone ka moo Paulo a bolelang jaana: “Jaanong e re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha kaga Keresete, a re gagamaleleng kwa go goleng sentle.” (Bahebera 6:1) Motabogi wa marathone yo o elang tlhoko thata dijo tse a di jang o kgona go itshokela lobelo lo lo telele lo lo lapisang botoka. Ka mo go tshwanang, Mokeresete yo o elang tlhoko thata tsela e a jang ka yone mo semoyeng—a sa je fela dilo tsa ‘dithuto tsa ntlhantlha’ tsa motheo—o tla kgona go tswelela a le mo lobelong botoka le go lo wetsa. (Bapisa 2 Timotheo 4:7.) Se se raya gore motho a kgatlhegele “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri, ka go dira jalo a gatela pele mo go goleng.—Baefeso 3:18.
“Lo Tlhoka Boitshoko”
13. Bakeresete ba Bahebera ba ne ba supa jang tumelo ya bone mo nakong e e fetileng?
13 Ka bonako fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Bakeresete ba Bajuda ba ne ba ema ba nitame go sa kgathalesege pogiso e e botlhoko. (Ditiro 8:1) Gongwe Paulo o ne a akantse ka seno fa a ne a kwala jaana: “Nnang lo gakologelwe malatsi a pele a mo go one, fa lo sena go sedimosediwa, lo neng lwa itshokela kemelelano e kgolo tlase ga dipogo.” (Bahebera 10:32) Go itshoka jalo ka boikanyegi go ne go supa tsela e ba neng ba rata Modimo ka yone mme go ne go ba thusa go bua le ene ba gololesegile. (1 Johane 4:17) Paulo o ba kgothaletsa gore ba se ka ba latlha seo ka ntlha ya go tlhoka tumelo. O ba kgothatsa jaana: “Lo tlhoka boitshoko, e le gore, fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso. Gonne go santse go setse ‘lobakanyana lo lonnye thata,’ mme ‘yo o tlang o tla goroga mme ga a na go diega.’”—Bahebera 10:35-37.
14. Ke mabaka afe a a tshwanetseng go re thusa go itshoka tota le fa go fetile dingwaga di le dintsi re ntse re direla Jehofa?
14 Go tweng ka rona gompieno? Bontsi jwa rona re ne re tlhagafetse fa re simolola go ithuta boammaaruri jwa Bokeresete. A re sa ntse re tlhagafetse jalo? Kana a re ‘tlogetse lorato lo re neng re na le lone pele’? (Tshenolo 2:4) A re tsidifetse, gongwe re kgobegile marapo go sekae kana a re lapile ke go letela Aramagetone? Le fa go ntse jalo, ema, mme o akanye. Boammaaruri bo sa ntse bo itumedisa fela jaaka pele. Jesu e sa ntse e le Kgosi ya rona ya selegodimo. Re sa ntse re solofetse botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, mme re sa ntse re na le botsalano jwa rona le Jehofa. Mme le ka motlha o se ka wa lebala: “Yo o tlang ga a na go diega.”
15. Jaaka Jesu, Bakeresete bangwe ba ile ba itshokela jang pogiso e e botlhoko thata?
15 Ke gone ka moo, mafoko ano a ga Paulo a a kwadilweng mo go Bahebera 12:1, 2 a tshwanelang sentle: “A le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo [go se nne le tumelo] jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, Jesu. Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” Go na le dilo tse dintsi tse batlhanka ba Modimo ba ileng ba di itshokela mo metlheng eno ya bofelo. Fela jaaka Jesu yo o neng a ikanyega go fitlha a swa loso lo lo botlhoko, bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ile ba itshokela dipogiso tse di setlhogo thata ka boikanyegi—dikampa tsa kgolegelo, go tlhokofadiwa, petelelo tota le loso. (1 Petere 2:21) A dipelo tsa rona ga di tlhotlheletsege go ba rata thata fa re akanya ka bothokgami jwa bone?
16, 17. (a) Bakeresete ba le bantsi ba tshwanetse go itshokela ditsela dife tse tumelo ya bone e gwetlhiwang ka tsone? (b) Re ka kgona go tswelela pele re siana mo lobelong lwa botshelo fa re gakologelwa eng?
16 Le fa go ntse jalo, mo go ba le bantsi, mafoko a a latelang a ga Paulo a a dira: “Mo go tsweleleng lo lwantshana le boleo joo ga lo ise le ka motlha lo bo lo emelelane le jone go fitlha mading.” (Bahebera 12:4) Le fa go ntse jalo, mo tsamaisong eno tsela ya boammaaruri ga e motlhofo mo go ope wa rona. Bangwe ba kgobiwa marapo ke “puo ya kganetso . . . ka baleofi” kwa tirong kana kwa sekolong, ka go itshokela go sotliwa kana go gana fa ba raelwa go dira boleo. (Bahebera 12:3) Thaelo e e nonofileng e ile ya fekeetsa bangwe ba ba neng ba ititeile sehuba gore ba tla boloka melao ya Modimo ya maemo a a kwa godimo. (Bahebera 13:4, 5) Batlhanogi ba ile ba tlhotlheletsa tsela ya go nna tekatekanyo mo semoyeng ga bangwe ba ba ileng ba reetsa dipuo tsa bone tsa lefela tse di senyang. (Bahebera 13:9) Dikgotlhang le batho ba bangwe di dirile gore ba bangwe ba se ka ba tlhola ba itumela. Go tlhoma mogopolo thata mo boitlosobodutung le ditiro tsa boiketlo go ile ga koafatsa Bakeresete bangwe. Mme ba le bantsi ba ikutlwa ba gatelelwa thata ke mathata a go tshela mo tsamaisong eno ya dilo.
17 Gone ke boammaaruri, ga go na maemo ape a ano a a dirang gore re ‘emelelane go fitlha mo mading.’ Mme tse dingwe di ka tswa di bakwa ke ditshwetso tse di phoso tse rona ka borona re di dirang. Mme tsotlhe di gwetlha tumelo ya rona. Ke ka lebaka leo re tshwanetseng go tlhoma matlho a rona mo sekaong se se molemolemo sa ga Jesu sa boitshoko. E kete le ka motlha re se ka ra lebala kafa tsholofetso ya rona e itumedisang ka teng. A le ka motlha re se ka ra felelwa ke tshepo ya gore Jehofa “o nna moduedi wa ba ba [mo] senkang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Fa re dira jalo, re tla nna le nonofo ya semoya ya go nna re siana mo lobelong lono lwa botshelo.
Re ka Kgona go Itshoka
18, 19. Ke ditiragalo dife tsa hisitori tse di supang gore Bakeresete ba Bahebera kwa Jerusalema ba ne ba tsaya kgakololo ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng tsia?
18 Bakeresete ba Bajuda ba ne ba tsibogela lekwalo la ga Paulo jang? Dingwaga tse di ka nnang thataro morago ga gore lekwalo leo le kwalelwe Bahebera, Judea e ne ya tsena mo ntweng. Ka 66 C.E., masole a Roma a ne a dika Jerusalema, a diragatsa mafoko ano a ga Jesu: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse.” (Luke 21:20) Le fa go ntse jalo, go thusa Bakeresete ba ba neng ba tla bo ba le kwa Jerusalema ka nako eo, Jesu o ne a bolela jaana: “He a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:21) Ke gone ka moo, ntwa kgatlhanong le Roma e neng e le kgwetlho ya gore: A Bakeresete bao ba Bajuda ba tla tlogela Jerusalema, lefelo la kobamelo ya Sejuda le lefelo le le galalelang la tempele?
19 Ka tshoganyetso fela, e bile e le ka mabaka a a sa itsiweng, Baroma ba ne ba boela morago. Gongwe, Bajuda ba badumedi ba ne ba tsaya seno e le bosupi jwa gore Modimo o ne a sireletsa motse wa bone o o boitshepo. Go tweng ka Bakeresete? Hisitori e re bolelela gore ba ne ba tshaba. Mme ka 70 C.E., Baroma ba ne ba boa gape mme ba senya Jerusalema gotlhelele ga nna le polao e e boitshegang. “Letsatsi la ga Jehofa” le le neng le boleletswe pele ke Joele le ne le gorogile mo Jerusalema. Mme Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba sa tlhole ba le koo. Ba ne ‘ba gololwa.’—Joele 2:30-32; Ditiro 2:16-21.
20. Go itse gore “letsatsi la ga Jehofa” le legolo le atametse go tshwanetse ga re tlhotlheletsa ka ditsela dife?
20 Gompieno, re a itse gore “letsatsi la ga Jehofa” le lengwe le legolo le tla tloga le wela tsamaiso eno yotlhe ya dilo. (Joele 3:12-14) Ga re itse gore letsatsi leo le tla tla leng. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore le tla tla! Jehofa a re ga le kitla le diega. (Habakuke 2:3; 2 Petere 3:9, 10) Ka jalo, a re “tlhokomele go feta ka mo go tlwaelegileng dilo tse re di utlwileng.” Tila go tlhoka tumelo, e leng “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” Iketleeletse go itshoka go ya bokgakaleng jo go tla felelang ka gone. Gakologelwa, phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo e e tshwanang le koloi e gatela pele. E tla diragatsa maikaelelo a yone. Ka jalo e kete rotlhe re ka nna re siana mme re se ka ra lapa mo lobelong lwa botshelo!
A o A Gakologelwa?
◻ Re ka kgona go itshoka mo lobelong lwa botshelo ka go utlwa kgakololo efe ya ga Paulo e a neng a e neela Bafilipi?
◻ Ke eng se se tla re thusang go ganana le tsela ya lefatshe leno ya go re itaya tsebe?
◻ Re ka thusana jang go itshoka mo lobelong?
◻ Ke dilo dife tse di ka ngodiegisang Mokeresete?
◻ Sekao sa ga Jesu se ka re thusa jang go itshoka?
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Bakeresete, fela jaaka batho ba ba sianang mo lobelong, ga ba a tshwanela go letla sepe go ba itaya tsebe
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ga go na sepe se se ka thibelang koloi e kgolo ya selegodimo ya ga Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo