LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 1/1 ts. 3-5
  • Boammaaruri bo Fetola Matshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri bo Fetola Matshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo mo Botshelong
  • Lelapa le Lesha
  • “Ke ne Ka Lwa Jaaka Tau”
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 1/1 ts. 3-5

Boammaaruri bo Fetola Matshelo

GO A hutsafatsa mme go boammaaruri gore matshelo a batho ba le bantsi gompieno a boima, le gone a tletse mathata. A go ka kgonega gore batho ba ba ntseng jalo ba itumele? Ba bangwe ke dikebekwa mme ba thopa dilo mo baagelaning ba bone. A go ka direga gore ba nne maloko a a ikanyegang mo setšhabeng? Karabo ya dipotso tseno tse pedi ke ee. Batho ba ka fetoga. Batho ba ka fetola matshelo a bone. Moaposetoloi Paulo o ne a supa gore seno se ka dirwa jang fa a ne a kwala jaana: “Lo fetolwe ke go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:2.

Fa go umakiwa ‘thato ya Modimo e e itekanetseng’ seno se ka re gakolola ka se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe dingwaga tse di fetang 20 pele Paulo a kwala mafoko a a fa godimo. Jesu o ne a bolela jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Ka “boammaaruri,” Jesu o ne a bolela ka tshedimosetso e e tlhotlheleditsweng ke Modimo—segolo jang tshedimosetso e e malebana le go rata ga Modimo—e re e boloketsweng mo Baebeleng. (Johane 17:17) A tota boammaaruri jwa Baebele bo golola batho? A go tshela go dumalana le thato ya Modimo tota go fetola matshelo? Eleruri go dira jalo. Sekaseka dikai di sekaenyana.

Boikaelelo mo Botshelong

Ga se bogologolo thata fa Moisés, kwa Gibraltar e ne e le monna yo o neng a hutsafetse. O bolela jaana: “Ke ne ke le letagwa mme ke robala mo mmileng. Ke ne ke ikutlwa ke latlhegile. Bosigo bongwe le bongwe ke ne ke kopa Modimo gore a ntlhomogele pelo mme ke se ka ka bona letsatsi le le latelang. Ke ne ke lela fa ke ntse ke botsa Modimo lebaka la go bo ke le mo lefatsheng leno fa ke sena mosola jaana, ke sa bereke, ke se na ba lelapa, e bile go sena yo o ka nthusang. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go tswelela ke tshela?” Morago ga moo, sengwe se ne sa diragala.

Moisés o tswelela jaana: “Ke ne ke itse gore Modimo o utlwile thapelo ya me fa ke ne ke kopana le Roberto, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Roberto o ne a mpha Baebele le bukana e e thusang go ithuta Baebele ya Modimo o Batla Gore re Direng?a Letsatsi le letsatsi re ne re ithuta Baebele mmogo mo setulong se ke neng ke robala mo go sone bosigo. Morago ga kgwedi Roberto o ne a ya le nna kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo tulong ya rona. Go ise go ye kae, boammaaruri jwa Baebele bo ne bo setse bo fetotse tota tsela e ke lebang dilo ka yone. Ga ke tlhole ke robala kwa ntle; le gone ga ke nwe e bile ga ke goge. Botshelo jwa me bo fetogile, mme ke itumetse. Ke solofetse go kolobediwa mo bogautshwaneng le go direla Jehofa ke le mongwe wa Basupi ba gagwe.”

A bo e le phetogo e kgolo ruri! Fa batho ba se na tshepo, gantsi lebaka e a bo e le go tlhoka kitso. Ba a bo ba sa itse ka Modimo kana ka maikaelelo a gagwe a a molemolemo. Mo kgannyeng ya ga Moisés, fa a sena go nna le kitso, e ne ya mo naya maatla le bopelokgale jwa go fetola botshelo jwa gagwe. Thapelo e mopesalema a neng a e rapela Modimo e ne ya arabiwa mo kgannyeng ya ga Moisés: “A ko o rome lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge; di ntlise kwa thabaneng ya gago e e boitshepo le kwa metlaaganeng ya gago.”—Pesalema 43:3.

Kwa Belize, Daniel o ne a na le boitemogelo jo bo tshwanang. Daniel o ne a sa robale mo mebileng—o ne a na le tiro ya maemo a a kwa godimo. Mme ka dingwaga di le 20 o ne a lwantshana le go tshwakgolwa ke diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng e bile a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Le mororo a ne a godisitswe e le Mokatoliki, Daniel o ne a sa bone lebaka la go bo a tshela, e bile o ne a belaela gore a Modimo o teng. O ne a etela kwa dikerekeng tse di farologaneng a batla thuso mme a fitlhela gore bontsi jwa ditsala tsa gagwe tse di tsenang kereke tota le ditsala tsa gagwe tsa baruti di ne di dirisa diokobatsi kana di nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Mo godimo ga moo, mosadi wa gagwe o ne a batla go mo tlhala.

Ka go tlhoka tsholofelo, Daniel o ne a tsena sekolo sa go thusa go fola mo go tshwakgolweng ke diokobatsi. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore fa a sena go ntshiwa mo go sone, o tla boela gape a dirisa diokobatsi fa a sa amogele thuso. Mme o ne a tla tlhoka thuso ya mofuta ofe? Ka May 1996, malatsi a le mabedi morago ga gore a tswe mo sekolong sa go thusiwa go fola mo go tshwakgolweng ke diokobatsi, Daniel o ne a atamela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a bo a mo gakgamatsa ka kopo eno, “Ithute Baebele le nna tsweetswee.” Mosupi yono o ne a rulaganya gore a ithute Baebele le Daniel gabedi mo bekeng, mme go ise go ye kae Daniel o ne a simolola go amanya botshelo jwa gagwe le thato ya Modimo mme a emisetsa ditsala tsa gagwe tsa bogologolo ka ditsala tsa Bokeresete tse di neng di sa dirise diokobatsi kana go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng e bile ba tlhoile boitsholo jo bo sa siamang. Ka gone Daniel o ne a bona gore se Baebele e se bolelang se boammaaruri: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Ka bonako fela o ne a bolela jaana: “Ke la ntlha mo botshelong jwa me ke itse gore go nna le segakolodi se se phepa go kaya eng.” Botshelo jwa ga Daniel bo ne bo fetogile.

Kwa Puerto Rico, monna mongwe o ne a fetoga ka tsela e e tlhomologileng. O ne a le kwa kgolegelong mme a lejwa e le motho yo o kotsi thata, e re ka a bolaile batho ba le mmalwa. A boammaaruri jwa Baebele bo ne bo ka mo fetola? Ee. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kgona go mo neela dikhopi dingwe tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, mme o ne a kopa tse dingwe ka bonako. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene, mme jaaka boammaaruri jwa Baebele bo simolola go ama pelo ya gagwe, diphetogo tse a neng a di dira di ne di bonwa ke mang le mang. Lengwe la matshwao a ntlha a go fetoga ga gagwe ke fa a ne a kgaola moriri wa gagwe gore o nne mokhutshwane a bo a tlosa ditedu tsa gagwe tse di neng di tlhatlhabetse.

Baebele e bolela gore Modimo o itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang ka tsela ya mmatota le go fetola matshelo a bone. Paulo o ne a kwala jaana: “A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? . . . Mme lefa go ntse jalo seo ke se bangwe ba lona ba neng ba le sone. Mme lo tlhapisitswe mo lo leng phepa.” (1 Bakorintha 6:9, 11) Ga go belaetse gore mafoko ano a ne a gomotsa monna yono, fa a ne a gomodiwa ke mafoko a a mo go Ditiro 24:15: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” O ne a bolela jaana: “Ke batla go nna teng fa go tsosiwa baswi gore ke tle ke kope maitshwarelo mo bathong ba ke ba bolaileng.”

Lelapa le Lesha

Ka letsatsi lengwe Luis, moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina, o ne a itsisiwe lekawana lengwe le le neng le godile ka tsela e e utlwisang botlhoko. O ne a tlogetswe ke batsadi ba gagwe fa a sena go tsholwa, o ne a golela mo mekgatlhong e e farologaneng ya dikolo. Fa a le dingwaga di le 20, o ne a utlwalela gore mmaagwe o kae mme a akanya gore a nne gaufi le ene. O ne a bereka ka thata, a boloka madi a mantsi, a bo a etela motse o mmaagwe a leng kwa go one. O ne a mo dumelela gore a nne le ene go fitlhela madi a gagwe a fela, mme morago ga moo a mo kopa gore a tsamaye. Go mo itlhokomolosa jaana go ne ga dira gore a akanye ka go ipolaya.

Le fa go ntse jalo, Luis o ne a kgona go abela lekawana leno boammaaruri jwa Baebele. Boammaaruri jono bo akaretsa tlhomamisetso eno: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.” (Pesalema 27:10) Lekawana leno le ne la lemoga gore le na le Rraalone wa selegodimo yo a ka se kang a le tlogela. Jaanong o itumeletse go nna karolo ya lelapa le lesha, lelapa la ga Jehofa.

Monna mongwe mo nageng yone eo o ne a bolelela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore o ratile makasine wa Tora ya Tebelo. Ka ntlha yang? Ka gonne o bolokile lenyalo la gagwe. Go lebega letsatsi lengwe monna yono, fa a tswa mo a berekang teng, a bona makasine wa Tora ya Tebelo mo matlakaleng o na le setlhogo se se reng “Tlhalo” ka ditlhaka tse dikgolo. E re ka lenyalo la gagwe le ne le na le mathata mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba setse ba simolotse dithulaganyo tsa go kgaogana kafa molaong, o ne a tsaya makasine ono mme a simolola go o bala. O ne a tsamaya le one go ya kwa gae mme a o bala le mosadi wa gagwe. Banyalani bano ba ne ba leka go dirisa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e e mo makasineng ono. (Baefeso 5:21–6:4) Go ise go ye kae, kamano ya bone e ne ya tokafala. Ba ne ba emisa dithulaganyo tsa go kgaogana mme jaanong ba ithuta Baebele e le banyalani ba ba utlwanang.

Kwa Uruguay, monna mongwe yo o bidiwang Luis o ne a sa itumela gotlhelele. Go tshwakgolwa ke diokobatsi, tirisabadimo, kobamelo ya medimo e e itiretsweng, go nwa bojalwa mo go feteletseng—e ne e le dingwe tsa dilo tse di neng di dira gore botshelo jwa gagwe bo tlhakatlhakane. Kgabagare, Luis, ka go betiwa ke pelo a nna molatolamodimo. Tsala nngwe ya gagwe e ne ya mo neela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?b Seno se ne sa felela ka gore a ikopanye ka nakonyana e khutshwane le Basupi ba ga Jehofa, mme ka bonako fela Luis o ne a simolola gape go nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi. Mo dinakong tsa tlalelo e kgolo, fa a ipona a ntse mo mosimeng o o tletseng matlakala, o ne a rapela, a rapela “rraagwe Jesu Keresete,” e re ka a ne a sa itse leina la Modimo sentle.

O ne a kopa Modimo gore a mmontshe lebaka le le dirileng gore a bo a le mo lefatsheng. Luis o bega jaana: “Mo letsatsing le le latelang, tsala ya me e ne ya nneela buka e e neng e sa tlhole e e dirisa. Setlhogo sa yone sa reng? Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!”c Buka eno e ne ya mo thusa go araba potso eno ya gagwe. Luis o ne a rapela gape gore a thusiwe go bona bodumedi jo bo tla mmontshang tsela ya go direla Modimo. A kgakgamatso ruri! O ne a utlwa go kokotiwa mo lebating, mme kwa ntle go eme Basupi ba ga Jehofa ba babedi. Ka bonako fela Luis o ne a simolola go ithuta Baebele le bone. O ne a gatela pele ka bonako mme jaanong o ikutlwa a segofaditswe ka go bo e le Mosupi yo o kolobeditsweng. O tshela botshelo jo bo phepa mme o thusa ba bangwe gore ba bone lebaka la go bo ba tshela. Mafoko a Pesalema 65:2 a diragetse mo go ene: “Wena yo o utlwang thapelo, nama yotlhe e tlaa tla kwa go wena.”

Kwa Philippines, Allan e ne e le moithuti yo e neng e le lejelathoko. O ne a le mo lekgotleng lengwe le boikaelelo jwa lone e neng e le “go menola puso e le gore kokomana ya mo isagweng e tshele ka go lekalekana.” Le fa go le jalo, letsatsi lengwe o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a ithuta ka se boikaelelo jwa Modimo e leng sone ka batho mo Baebeleng. Boikaelelo joo bo na le tsholofetso eno e e tlhotlheleditsweng: “Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. . . . Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11) Allan o ne a bolela jaana: “Ka bonako fela ke ne ka lemoga gore se mokgatlho wa rona o neng o se lwela se ne se sa bolo go solofediwa mo Baebeleng. Dilo tsotlhe tse re neng re di eletsa ka tlhoafalo re tla di bona mo Bogosing jwa Modimo.” Allan jaanong o kafa letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo mme o thusa ba bangwe gore ba dumele mo boammaaruring jwa Baebele.

Ee, matshelo a a fetoga fa batho ba reetsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Eleruri, nako e a tla fa batho botlhe ba ba falotseng ba tla bo ba dumalantse matshelo a bone le go rata ga Modimo. A bo e tla nna phetogo e ntle jang ne! Ka nako eo, boporofeti jono bo tla diragadiwa: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela