‘Tswelelang lo Itshwarelana lo Gololesegile’
“Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.”—BAKOLOSA 3:13.
1. (a) Fa Petere a ne a akantsha gore re itshwarele ba bangwe “go fitlha go makgetlo a le supa,” ke ka ntlha yang fa a ka tswa a ne a akanya gore o pelotshweu? (b) Jesu o ne a raya jang fa a ne a re re tshwanetse go itshwarela “go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa”?
“MORENA, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae mme ke tshwanetse go mo itshwarela? Go fitlha go makgetlo a le supa?” (Mathaio 18:21) Petere o ka tswa a ne a akanya gore o pelotshweu thata ka kakantsho ya gagwe. Ka nako eo, dithuto tsa borabi di ne di bolela gore motho ga a tshwanela go itshwarela ka makgetlho a a fetang a le mararo ka ntlha ya phoso e e tshwanang.a A ko o akanye kafa Petere a tshwanetseng a bo a ile a gakgamala ka teng he, fa Jesu a ne a araba jaana: “Ke a go raya ka re, e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa”! (Mathaio 18:22) Go boelediwa ga supa go ne go tshwana le go re “ka bosakhutleng.” Go ya ka Jesu, ga go na selekanyo sepe sa makgetlho a Mokeresete a tshwanetseng go itshwarela ba bangwe ka sone.
2, 3. (a) Ke maemo afe a mo go one go ka bonalang go le thata go itshwarela ba bangwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhatswega pelo gore go tla re solegela molemo thata fa re itshwarela ba bangwe?
2 Le fa go ntse jalo, go diragatsa kgakololo eo ga go motlhofo ka metlha. Ke mang mo go rona yo o iseng a utlwe botlhoko jwa go utlwisiwa botlhoko ka tsela e e sa tshwanelang? Gongwe mongwe yo o neng o mo ikanya o ile a dira gore o se tlhole o mo ikanya. (Diane 11:13) Dikakgelo tsa go sa akanyetse tsa tsala e e gaufi thata di ka nna tsa bo di ile tsa go ‘tlhaba jaaka putlela.’ (Diane 12:18) Go tshwarwa makgwakgwa ke motho yo o neng o mo rata kana yo o neng o mo ikanya go ka tswa go ile ga go utlwisa botlhoko thata. Fa dilo tse di ntseng jalo di diragala, tsela e re itshwarang ka yone ka tlholego fela ke go galefa. Re ka nna ra tlogela go tlhola re buisa motho yo o re utlwisitseng botlhoko, re mo tila gotlhelele fa re ka kgona. Go ka nna ga bonala e kete, fa re ka mo itshwarela, re tla bo re dumela gore a nne a re utlwise botlhoko a sa otlhaelwe seo. Le fa go ntse jalo, fa re godisa sekgopi, re feleletsa re ikutlwisa botlhoko ka borona.
3 Ka jalo Jesu o re ruta go itshwarela—ka “makgetlo a le masome a supa le bosupa.” Eleruri dithuto tsa gagwe di ka se ka tsa dira gore re utlwe botlhoko. Sengwe le sengwe se a neng a se ruta se ne se tswa kwa go Jehofa, ‘yo o re rutang go itsholegela molemo.’ (Isaia 48:17; Johane 7:16, 17) Ka mo go utlwalang, go itshwarela ba bangwe go tshwanetse ga re solegela molemo. Pele ga re sekaseka lebaka la go bo re tshwanetse go itshwarela le kafa re tshwanetseng go dira seo ka teng, go ka nna molemo fa re tlhalosa pele gore boitshwarelo ke eng le gore ke eng seo bo seng sone. Tsela e re tlhaloganyang go itshwarela ka yone e ka re thusa gore re kgone go itshwarela ba bangwe fa ba re foseditse.
4. Go itshwarela ba bangwe ga go kaye eng, mme boitshwarelo bo tlhalosiwa jang?
4 Go itshwarela ba bangwe fa ba re diretse phoso ga go reye gore re mpampetsa kana go nyenyefatsa se ba se dirileng; e bile ga go reye gore re dire gore ba bangwe ba re sole molemo ka tsela e e sa tshwanelang. Gone mme, fa Jehofa a re itshwarela, tota ga a nyenyefatse maleo a rona e bile a ka se ka le ka motlha a dira gore batho ba ba leofileng ba gatake bopelotlhomogi jwa gagwe. (Bahebera 10:29) Go ya ka Insight on the Scriptures, boitshwarelo bo tlhalosiwa e le “kgato ya go itshwarela motho yo o molato; go tlogela go nna le sekgopi le ene ka ntlha ya phoso ya gagwe le go lesa go batla tuelo.” (Bolumo 1, tsebe 861)b Baebele e re naya mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go itshwarela ba bangwe.
Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe?
5. Baefeso 5:1 e supa lebaka lefe le le botlhokwa la go itshwarela ba bangwe?
5 Lebaka le le botlhokwa la go itshwarela ba bangwe le supiwa mo go Baefeso 5:1: “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” Re tshwanetse go nna “baetsi ba Modimo” ka tsela efe? Lefoko “jalo” le amanya polelwana eo le temana e e tlileng pele ga yone e e reng: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.” (Baefeso 4:32) Ee, fa go tla mo go itshwareleng, re tshwanetse go nna baetsi ba Modimo. Jaaka mosimane yo monnye a leka go tshwana le rraagwe, rona, jaaka bana ba Jehofa a ba ratang thata, re tshwanetse go batla go tshwana le Rraarona wa selegodimo yo o itshwarelang. A bo go tshwanetse ga bo go itumedisa pelo ya ga Jehofa jang ne fa a leba go tswa kwa legodimong mme a bona bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba leka go tshwana le ene ka go itshwarelana!—Luke 6:35, 36; bapisa Mathaio 5:44-48.
6. Ke ka tsela efe go nang le pharologano e kgolo ka tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone le e rona re itshwarelang ka yone?
6 Gone ke boammaaruri, le ka motlha re ka se ka ra itshwarela ka tsela e e itekanetseng jaaka Jehofa. Mme leo ke lebaka le legolo la go bo re tshwanetse go itshwarela. Akanya ka seno: Go na le pharologano e kgolo thata fa gare ga tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone le e rona re itshwarelang ka yone. (Isaia 55:7-9) Fa re itshwarela ba ba re leofelang, gantsi ke ka go itse gore go ise go ye kae le rona re tla batla gore ba re direle molemo ka go re itshwarela. Mo bathong, ka metlha ke kgang ya gore baleofi ba itshwarela baleofi. Le fa go ntse jalo, mo go Jehofa, boitshwarelo jwa gagwe bo na le letlhakore le le lengwe fela. Ene o a re itshwarela mme le ka motlha re ka se ka ra tlhoka go mo itshwarela. Fa e le gore Jehofa yo o sa leofeng, o kgona go re itshwarela ka lorato e bile e le ka botlalo, a rona batho ba ba leofileng ga re a tshwanela go leka go itshwarelana?—Mathaio 6:12.
7. Fa re gana go itshwarela ba bangwe fa go na le lebaka la go nna pelotlhomogi, go ka ama kamano ya rona le Jehofa jang ka tsela e e sa itumediseng?
7 Se se botlhokwa le go feta ke gore, fa re gana go itshwarela ba bangwe fa go na le lebaka la go ba tlhomogela pelo, go ka senya kamano ya rona le Modimo. Jehofa ga a re kope fela gore re itshwarelane; o lebeletse gore re dire jalo. Go ya ka Dikwalo, selo se sengwe se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go itshwarela ke gore Jehofa a re itshwarele kana ka go bo a re itshwaretse. (Mathaio 6:14; Mareko 11:25; Baefeso 4:32; 1 Johane 4:11) Jalo he, fa re gana go itshwarela ba bangwe fa go na le mabaka a a utlwalang a gore re dire jalo, a tota re ka lebelela gore Jehofa a re itshwarele ka tsela e e ntseng jalo?—Mathaio 18:21-35.
8. Ke ka ntlha yang fa go itshwarela go ka re solegela molemo?
8 Jehofa o ruta batho ba gagwe “tsela e e molemo e ba tshwanetseng go sepela mo go yone.” (1 Dikgosi 8:36) Fa a re laela go itshwarelana, re ka tshepa gore o re batlela se se molemo. Baebele e re bolelela gore re “[thibogele] tšhakgalo” ka mabaka a a utlwalang. (Baroma 12:19) Sekgopi ke mokgweleo o o boima go o rwala mo botshelong. Fa re boloka sekgopi, se senya megopolo ya rona, se dira gore re tlhoke kagiso e bile se kgoreletsa boitumelo jwa rona. Go galefela ruri, jaaka lefufa, go ka nna kotsi mo botsogong jwa rona. (Diane 14:30) Fa seno sotlhe se ntse se diragala, motho yo o re leofetseng ene gongwe o itshelela fela a sa itse sepe ka go fuduega ga rona! Mmopi wa rona yo o lorato o itse gore re tshwanetse gore re itshwarele ba bangwe ka kgololesego e seng fela gore bone ba solegelwe molemo mme gape le gore rona ka borona re solegelwe molemo. Eleruri, kgakololo ya Baebele ya go itshwarela, ke ‘tsela e e molemo ya go sepela.’
“Tswelelang lo Iphapaanyelana”
9, 10. (a) Ke maemo efe ao mo go one go sa tlhokegeng go kopa maitshwarelo ka tsela e e rulagantsweng? (b) Polelwana e e reng “lo iphapaanyalane” e akantsha eng?
9 Dikgobalo tsa mmele di a farologana go simologa ka mengapo e mennye go ya go matsadi a magolo, mme ga di tlhoke tlhokomelo e e tshwanang tsotlhe. Go ntse fela jalo ka maikutlo a a utlwisitsweng botlhoko—matsadi mangwe a magolo go gaisa a mangwe. A tota re tshwanetse go dira kgang ka sekgopi sengwe le sengwe se sennye se se sa reng sepe se re nnang naso le ba bangwe? Matshwenyego a mannye, go tlodisiwa matlho le go tenega ke karolo ya botshelo mme ga di tlhoke gore di kopelwe maitshwarelo ka tsela e e rulagantsweng. Fa re itsege re le batho ba ba tilang ba bangwe ka ntlha ya go swabisiwa go go sa reng sepe mme re le batho ba ba gatelelang gore ba bangwe ba kope maitshwarelo pele ga re ba tshwara sentle gape, re ka nna ra ba patelela gore ba nne ba itlhokometse ka dinako tsotlhe fa ba na le rona—kana gore ba tsamaele kgakala le rona!
10 Go na le moo, go botoka thata gore o “itsege o le motho yo o tlhaloganyang.” (Bafilipi 4:5, Phillips) E re ka re le dibopiwa tse di sa itekanelang tse di dirang mmogo, go a utlwala gore re lebelele gore gangwe le gape bakaulengwe ba rona ba tla re kgopisa, mme le rona re ka ba kgopisa. Bakolosa 3:13 e re gakolola jaana: “Tswelelang lo iphapaanyelana.” Polelwana eo e akantsha gore re nne pelotelele le ba bangwe, re itshokela dilo tse re sa di rateng mo go bone kana mekgwa e re akanyang gore e a re kgopisa. Bopelotelele le boikgapo jo bo ntseng jalo bo ka re thusa go itshokela go kgopiwa le mengapo e mennye e re nnang le yone fa re dirisana le ba bangwe—re sa senye kagiso ya phuthego.—1 Bakorintha 16:14.
Fa Matsadi a le Botlhoko Thata
11. Fa ba bangwe ba re leofela, ke eng se se tla re thusang go ba itshwarela?
11 Le fa go ntse jalo, go tweng fa ba bangwe ba re leofela, ba dira gore re nne le matsadi a a bonalang? Fa boleo bo se masisi thata, go ka se nne boima thata go dirisa kgakololo ya Baebele ya go ‘itshwarelana ka kgololesego.’ (Baefeso 4:32) Go iketleetsa jalo go itshwarela go dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Petere: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo lo boteng, ka gonne lorato lo bipa letshutitshuti la maleo.” (1 Petere 4:8) Fa re gakologelwa gore le rona re baleofi go re thusa go amogela maleo a ba bangwe. Fa re itshwarela ka tsela e e ntseng jalo, re lebala ka sekgopi go na le gore re se godise. Ka ntlha ya seo, kamano ya rona le motho yo o re leofetseng e ka se ka ya senyegela ruri, mme gape re thusa go boloka kagiso e e botlhokwa mo phuthegong. (Baroma 14:19) Fa nako e ntse e ya, re ka lebala ka se a se dirileng.
12. (a) Ke kgato efe e re tla tshwanelang go e tsaya pele go itshwarela motho yo o re utlwisitseng botlhoko thata? (b) Mafoko a a mo go Baefeso 4:26 a supa jang gore re tshwanetse go rarabolola mathata ka bonako?
12 Le fa go ntse jalo, go tweng fa mongwe a re leofela ka tsela e e masisi thata, a re utlwisa botlhoko thata? Ka sekai, tsala e o e ikanyang e ka tswa e ile ya senola dikgang tse e leng tsa botho thata tse o ileng wa mmolelela tsone. O ikutlwa o utlwile botlhoko thata, o tlhabilwe ke ditlhong e bile o tsieditswe. O lekile go lebala ka yone, mme kgang eno ga e batle go tloga. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, o ka nna wa tlhoka go tsaya kgato ya go baakanya bothata, gongwe ka go bua le motho yo o molato. Go molemo go dira seno pele ga kgang eno e gola. Paulo o ile a re kgothatsa jaana: “Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa [se se rayang gore, go nna o galefile kana go dira sengwe ka ntlha ya go galefa]; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.” (Baefeso 4:26) Mafoko a ga Paulo a na le bokao jo bogolo fa re gakologelwa gore mo Bajudeng, go phirima ga letsatsi go ne go kaya go fela ga letsatsi le lengwe le go simologa ga le lengwe. Ka jalo, kgakololo ke gore: Rarabolola kgang ka bonako!—Mathaio 5:23, 24.
13. Fa re bua le motho yo o re kgopisitseng, mokgele wa rona e tshwanetse go nna eng, mme ke dikakantsho dife tse di tla re thusang go fitlhelela seno?
13 O tshwanetse go bua jang le motho yo o molato? Petere wa Ntlha 3:11 ya re ‘senka kagiso mme o e latelele.’ Ka jalo, boikaelelo jwa gago ga ya tshwanela go nna go supa kgalefo ya gago go na le moo e tshwanetse go nna go dira kagiso le mokaulengwe wa gago. Go fitlhelela seo, go molemo go tila go bua le go dira ka kgalefo; dilo tseno di ka nna tsa dira gore motho yo mongwe le ene a itshware jalo. (Diane 15:18; 29:11) Mo godimo ga moo, tila dipolelo tse di feteletsang dilo tse di jaaka, “Ka metlha o . . . !” kana, “Le ka motlha ga o ke o . . . !” Dikakgelo tse di ntseng jalo tse di feteletsang dilo di ka nna tsa dira fela gore a batle go iphemela. Go na le moo, dira gore segalo sa lentswe la gago le tsela e o lebegang ka yone mo sefatlhegong di bontshe gore o batla go rarabolola kgang e e go utlwisitseng botlhoko thata. Tlhamalala fa o tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng ka se se diragetseng. Naya motho yo mongwe sebaka sa go tlhalosa se a se dirileng. Reetsa se a se buang. (Jakobe 1:19) Seo se tla thusa jang? Diane 19:11 e tlhalosa jaana: “Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.” Go tlhaloganya maikutlo a motho yo mongwe le mabaka a go bo a ile a dira se a se dirileng go ka nna ga fedisa megopolo le maikutlo a a sa siamang ka ene. Fa re dirisana le boemo ka mokgele wa go dira kagiso le go boloka boikutlo joo, gantsi go tlhoka kutlwisisano gope go go leng teng go ka fedisiwa, ga kopiwa maitshwarelo a a tshwanetseng e bile ga bo ga itshwarelanwa.
14. Fa re itshwarela ba bangwe, re tshwanetse go lebala ka kgopolo efe?
14 A go itshwarela ba bangwe go raya gore re tshwanetse tota ra lebala se se diragetseng? Gakologelwa sekai sa ga Jehofa malebana le seno, jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng. Fa Baebele e bolela gore Jehofa o lebala maleo a rona, seno ga se reye gore ga a kgone go a gakologelwa. (Isaia 43:25) Go na le moo, o lebala ka kgopolo ya gore fa a itshwaretse, ga a re latofatse ka maleo ao mo nakong e e tlang. (Esekiele 33:14-16) Ka mo go tshwanang, go itshwarela batho ka rona ga go reye tota gore re ka se ka ra gakologelwa se ba se dirileng. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go lebala ka kgopolo ya gore ga re nne re latofatsa motho yo o molato yono kana re nna re mmolelela ka gone mo nakong e e tlang. Fa kgang e rarabolotswe ka tsela eno, go tla bo go sa siama go seba ka gone; e bile go tla bo go sa supe lorato go tila motho yo o molato gotlhelele, re mo tshwara jaaka motho yo o kgaotsweng. (Diane 17:9) Ke boammaaruri, go ka nna ga tsaya nako gore kamano ya rona le ene e siame; re ka nna ra bo re sa tlhole re atamalane le ene jaaka pele. Mme le fa go ntse jalo re sa ntse re mo rata jaaka mokaulengwe wa rona wa Mokeresete mme re dira gotlhe mo re ka go kgonang go boloka kagiso.—Bapisa Luke 17:3.
Fa go Bonala go sa Kgonege go Itshwarela
15, 16. (a) A Bakeresete ba tlhoka go itshwarela modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng? (b) Re ka dirisa jang kgakololo ya Baebele e e mo go Pesalema 37:8?
15 Go tweng he, fa ba bangwe ba re leofela ka tsela ya gore ba re utlwise botlhoko thata, mme le fa go ntse jalo ba sa dumele gore ba leofile, ba sa ikwatlhaye e bile ba sa kope maitshwarelo? (Diane 28:13) Dikwalo di supa ka phepafalo gore Jehofa ga a itshwarele baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba ba tlhogoethata. (Bahebera 6:4-6; 10:26, 27) Go tweng ka rona? Insight on the Scriptures e bolela jaana: “Bakeresete ga ba tlhoke go itshwarela motho yo o dirang boleo jo bo maswemaswe ka boomo a sa ikwatlhaye. Ba ba ntseng jalo ba nna baba ba Modimo.” (Bolumo 1, tsebe 862) Ga go na Mokeresete ope yo o ileng a direlwa tshiamololo e kgolo, a tshwarwa ka tsela e e bosula thata kana e e setlhogo yo o tshwanetseng go ikutlwa a patelesega go itshwarela modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng.—Pesalema 139:21, 22.
16 Ka mo go utlwalang, ba ba ileng ba tshwarwa ka tsela e e setlhogo ba ka nna ba utlwa botlhoko le go galefa. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore go nna o galefile le go nna le sekgopi go ka re gobatsa thata. Fa re leta gore motho a dumele kana a kope maitshwarelo a a se kitlang a a kopa, re ka nna ra bo re oketsa fela bogale mo go rona. Go tshwenyega thata ka tshiamololo e re e diretsweng go ka nna ga gakatsa bogale jwa rona, go felele ka ditlamorago tse di senyang mo boitekanelong jwa rona jwa semoya, jwa maikutlo le jwa mmele. Totatota, re dumelela motho yo o re utlwisang botlhoko gore a tswelele pele a re utlwisa botlhoko. Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “Bakela bogale, o lese kgakalo.” (Pesalema 37:8) Ka jalo, Bakeresete bangwe, ba ile ba lemoga gore fa nako e ntse e ya ba ne ba kgona go dira tshwetso ya go itshwarela ka kgopolo ya gore ba lebala sekgopi—ba sa itlhokomolose se se ba diragaletseng, mme ba sa itetle go fenngwa ke bogale. Go tlogelela kgang gotlhelele mo diatleng tsa Modimo o o tshiamiso, ba ile ba imologa mme ba kgona go tswelela ka matshelo a bone.—Pesalema 37:28.
17. Tsholofetso ya ga Jehofa e e kwadilweng mo go Tshenolo 21:4 e re neela kgomotso efe?
17 Fa kgobalo e le kgolo thata, re ka nna ra se ka ra kgona go e tlosa gotlhelele mo megopolong ya rona, bobotlana e seng mo tsamaisong eno ya dilo. Mme Jehofa o solofetsa lefatshe le lesha le mo go lone “[a tla phimolang] keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Le fa e ka nna eng se re ka se gakologelwang ka nako eo se ka se ka sa re bakela kutlobotlhoko, kana bohutsana, jo bo ka tswang bo imela dipelo tsa rona gone jaanong.—Isaia 65:17, 18.
18. (a) Ke ka ntlha yang fa boitshwarelo bo le botlhokwa fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona? (b) Fa ba bangwe ba re leofela, re ka ba itshwarela le go lebala ka kgopolo efe? (c) Seno se re solegela molemo jang?
18 Go ntse go le jalo, re tshwanetse go tshela le go dira mmogo jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba e leng batho ba ba sa itekanelang ba ba leofileng. Rotlhe re dira diphoso. Gangwe le gape re a swabisana tota le go utlwisana botlhoko. Jesu o ne a itse sentle gore re tla tlhoka go itshwarela ba bangwe, “e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa”! (Mathaio 18:22) Ke boammaaruri, re ka se ka ra kgona go itshwarela ka botlalo jaaka Jehofa. Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a le mantsi fa bakaulengwe ba rona ba re leofela, re ka ba itshwarela ka kgopolo ya go lebala sekgopi e bile re ka kgona go lebala ka kgopolo ya gore le ka motlha re se ka ra ba latofatsa mo nakong e e tlang. Fa re itshwarela le go lebala ka tsela eo, ga re thuse go boloka fela kagiso mo phuthegong mme gape re ritibala mo maikutlong le mo pelong. Se se botlhokwa le go feta, re tla nna le kagiso e e leng Modimo wa rona fela yo o lorato e bong Jehofa yo o ka re e nayang.—Bafilipi 4:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka Talmud ya Sebabilone, polelo nngwe ya bogologolo ya borabi e ne ya bolela jaana: “Fa motho a leofa, o itshwarelwa ka lekgetlho la ntlha, la bobedi le la boraro, ka lekgetlho la bonè ga a itshwarelwe.” (Yoma 86b) Bontlhanngwe jwa seno bo ne bo theilwe mo go dingwe tsa ditemana tseno tse ba sa di tlhaloganyeng sentle tse di jaaka Amose 1:3; 2:6; le Jobe 33:29.
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go iketleetsa go itshwarela ba bangwe?
◻ Ke maemo afe a a batlang gore re “iphapaanyalane”?
◻ Fa re utlwisitswe botlhoko thata ke maleo a ba bangwe, ke eng se re ka se dirang go rarabolola bothata ka kagiso?
◻ Fa re itshwarela ba bangwe, re tshwanetse go lebala ka kgopolo efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fa re boloka sekgopi, motho yo o molato a ka tswa a sa itse gore re fuduegile
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Fa re bua le ba bangwe go dira kagiso, go tlhoka kutlwisisano go ka fedisiwa motlhofo