Dikgang Tse di Molemo Tsa Paradaise Kwa Tahiti
TAHITI! Leina leno le lebega le gogela ka tsela e e sa tlwaelegang. Le ile la tumisiwa ke bataki le bakwadi ba ba jaaka Paul Gauguin, Robert Louis Stevenson le Herman Melville, ba botaki le mekwalo ya bone ya bontle jwa boboatsatsi le go ritibala ga Ditlhaketlhake Tsa South Sea di neng tsa kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi.
Tahiti ke setlhaketlhake se segolo go feta tse 120 tse di kwa French Polynesia, e e mo South Pacific. Le mororo batho ba le bantsi ba akanya gore setlhaketlhake seno sa South Sea se batlile se tshwana le paradaise, batho ba kwa Tahiti ba santse ba tlhoka go utlwa ka paradaise e nngwe e e tla tlogang e tla. (Luke 23:43) Basupi ba ga Jehofa, ba palogotlhe ya bone e leng 1918 kwa Tahiti gompieno, ba tshwaregile ka go bolelela batho ba le 220 000 dikgang tse di molemo tsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tlisa maemo a mmatota a paradaise e seng fela kwa Tahiti mme gape le mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14; Tshenolo 21:3, 4.
Ka dingwaga di le dintsi tiro ya go rera kwa Tahiti e ne e kaelwa ke ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Fiji, e e ka nnang sekgala sa dikilometara tse 3500. Sekgala se setelele se ne sa dira gore dilo di nne thata, mme kgatelopele e ne e le bonya. Ka gone, ka April 1, 1975, go ne ga tlhomiwa ofisi ya lekala kwa Tahiti, mme seo se ne sa dira phetogo e kgolo thata mo tirong ya Bakeresete ba boammaaruri mo tshimong eno. Ke eng se se neng sa dira gore go nne le phetogo eno, mme tiro ya go rera e ne ya simololwa jang kwa Tahiti?
Go Simolola ka Iketlo
Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne tsa utlwiwa kwa Tahiti la ntlha ka bo1930, mme bontsi jwa baagi ba setlhaketlhake seno, ba ba neng ba tlotla Baebele thata, ba ne ba e kgatlhegela thata. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dikganelo tsa puso le dithibelo tse dingwe, go ne go sa ntse go sena Basupi mo setlhaketlhakeng seno kwa bofelong jwa bo1950. Ka nako eo, Agnès Schenck, yo o neng a tsholetswe kwa Tahiti mme a nna kwa United States, o ne a akanya go boela kwa Tahiti le monna wa gagwe le morwa. O tlhalosa se se diragetseng.
“Kwa kopanong ya kgaolo ya 1957 kwa Los Angeles, Mokaulengwe Knorr [yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo] o ne a tlhalosa gore go na le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi kwa Tahiti. Ka nako eo ke ne ke na le ngwaga ke kolobeditswe, mme ke ne ka goa jaana, ‘Ka jalo a re yeng kwa Tahiti!’ Malapa a mabedi, la ga Neill le la ga Carano, ditsala tsa rona tse dikgolo, ba ne ba nkutlwa. Ba ne ba re bolelela gore ba ka rata go tsamaya le rona, mme re ne re sena madi a mantsi. Monna wa me o ne a lwala lobaka lo loleele, mme morwaake o ne a sa le mmotlana thata. Ka jalo go ne go le thata gore re tsamaye. Ditsala tse di mo diphuthegong tse di gaufi di ne tsa utlwa ka mokgele wa rona, mme di ne tsa re romelela madi le dilo tsa ntlo. Mme ka May 1958 re ne ra tsamaya ka sekepe go ya Tahiti re na le, gareng ga tse dingwe, dishiti di le 36!
“Fa re goroga kwa Tahiti, ke ne ke ikutlwa ke le moeng fela ka gonne ke sa le ke tlogile mo setlhaketlhakeng seno dingwaga di le 20. Re ne ra simolola go rera, mme re ne re tshwanetse go nna kelotlhoko ka gonne tiro ya rona ya Bokeresete e ne e thibetswe. Re ne re fitlha dimakasine, mme re ne re dirisa Baebele fela. Kwa tshimologong re ne re rerela fela batho ba ba neng ba setse ba na le dipeeletso tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
“Clyde Neill le David Carano, mmogo le ba malapa a bone, ba ne ba dira le rona morago ga kopano ya ditšhabatšhaba ya kwa New York City ka 1958. Re ne ra rera mmogo le go laletsa batho gore ba tle go reetsa dipuo tse di neng di neelwa kwa magaeng a bakaulengwe. Ka iketlo dilo di ne tsa rulaganngwa, mme ra simolola go nna le setlhopha se se ithutang Baebele sa batho ba le 15. Morago ga dikgwedi di le tharo ba ga Neill le ba ga Carano ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya ka gonne di-visa tsa bone tsa bojanala di ne di fedile. Ka jalo bakaulengwe ba ne ba akanya gore pele ba tsamaya, ba kolobetse botlhe ba ba kgatlhegang ba ba tshwanelegang. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go toloka puo ya ntlha ya kolobetso. Mo lekgetlhong leno baagi ba setlhaketlhake seno ba le robedi ba ne ba supa boineelo jwa bone go Jehofa ka kolobetso. Morago ga moo ba ga Neill le ba ga Carano ba ne ba boela kwa United States.
“Tiro ya go rera e ne ya tswelela pele. Re ne ra itira ditlhotshwana mme ra etela batho mo maitseboeng. Gantsi metlotlo e re neng re nna le yone le batho ba ba kgatlhegang e ne e fitlha gare ga bosigo. Ka dinako tse dingwe tota le baruti ba Porotesetanta ba ne ba nna gone mo metlotlong eno. Ka 1959 phuthego ya ntlha e ne ya tlhomiwa. Morago ga moo, se se neng sa re itumedisa thata, ka 1960 puso e ne ya amogela kafa molaong mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga tseo tsa kwa tshimologong di ne di itumedisa fela thata e bile di na le dintlha tse dikgolo tsa semoya. Tota Jehofa o ne a segofatsa tshwetso ya rona ya go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolo teng.” Kgaitsadi Schenck jaanong o na le dingwaga di le 87, mme o sa ntse a direla Jehofa ka boikanyegi kwa phuthegong e a kopanelang le yone.
Tiro E ne Ya Tswelela Pele
Ka 1969 Basupi ba babedi ba ba neng ba tswa kwa Fora, e bong Jacques le Paulette Inaudi, ba ne ba abelwa kwa Tahiti e le babulatsela ba ba kgethegileng. Jacques o gakologelwa jaana: “Fa re goroga kwa Tahiti, go ne go na le baboledi ba le 124 fela, phuthego e le nngwe fela kwa Papeete, le babulatsela ba ba kgethegileng ba babedi kwa Vairao, mo sekasetlhakeng.” Sekasetlhake seno se kopana le Tahiti ka thamo ya lefatshe. Kopano ya Ditšhabatšhaba ya “Kagiso ya Lefatshe” e ne e tla tloga e tshwarwa. Jacques o tswelela pele jaana: “E ne e le boitemogelo jwa me jwa ntlha go rulaganya kopano. Go ne go tlhokega gore re rulaganyetse baeng thulaganyo ya Seesemane, re baakanye okhesetara ya dipina tsa Bogosi, le go baakanyetsa diterama tse pedi. Tiro eno yotlhe e ne ya dirwa ke baboledi ba le 126 fela. Ke tlhomamisega gore Jehofa o ne a dira karolo e kgolo thata ya yone.” Palo ya ba ba neng ba le teng ya ba ba 488 e ne ya itumedisa baagi ba setlhaketlhake seo. E ne e le la ntlha bontsi jwa bone bo kopana le Basupikabone ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe.
Ka bonako fela morago ga moo, Jacques Inaudi o ne a abelwa go nna molebedi yo o etang. Jaaka a ntse a etela ditlhaketlhake tse di farologaneng, o ne a bona gore batho ba kgatlhega tota mme go na le baboledi ba Bogosi ba le babotlana ba ba ka tlhagolelang kgatlhego eo. Jacques o tlhalosa jaana: “Ke gone ka moo ke neng ka kgothaletsa malapa a le mantsi gore a fudugele kwa ditlhaketlhakeng tseno go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane teng. Ka bonya ka bonya, dikgang tse di molemo di ne tsa anamisediwa kwa ditlhaketlhakeng tseo.” Mokaulengwe Inaudi o ne a direla e le molebedi yo o etang go tloga ka 1969 go fitlha ka 1974, mme jaanong ke mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Tahiti.
Gare ga bao ba neng ba utlwa kgothatso ya ga Mokaulengwe Inaudi e ne e le Auguste Temanaha, yo e neng e le mongwe wa batho ba le robedi ba ba neng ba kolobediwa ka 1958. O bolela se se neng sa diragala. “Ka 1972 molebedi wa potologo, e bong Jacques Inaudi, o ne a re kgothaletsa gore re akanyetse go fuduga go ya go direla kwa Huahine, e leng sengwe sa Ditlhaketlhake Tsa Leeward se se mo ditlhaketlhakeng tsa Society. Ke ne ke etsaetsega ka gonne ke ne ke kile ka neela mmalo fela wa Baebele mo phuthegong mme ke sa ikutlwe ke tshwanelega go neelwa boikarabelo jo bo ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, Mokaulengwe Inaudi o ne a nnela go mpolelela gore, ‘O seka wa tshwenyega, o ka kgona!’ Morago ga nakwana re ne ra dira ditshwetso. Ka gone, ka 1973 re ne ra rekisa sengwe le sengwe mme ra fudugela kwa Huahine le bana ba rona ba bannye ba bararo.
“Fa re goroga, ka fitlhela gore ke ne ke tshwanetse go simolola sengwe le sengwe—Thuto ya Tora ya Tebelo, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, le tse dingwe fela jalo. Go ne go se motlhofo, mme Jehofa o ne a re sireletsa le go re thusa. Ka makgetlho a le mmalwa o ne a re thusa go bona lefelo la go nna. Morago ga moo, fa setlhopha sengwe sa baganetsi se ne se batla go ntsha Basupi mo setlhaketlhakeng, radipolotiki mongwe wa lefelo leo o ne a re sireletsa. Eleruri, Jehofa o ne a re tlhokometse ka nako eo yotlhe.” Jaanong, go na le diphuthego di le pedi kwa Huahine—phuthego ya Sefora e e nang le baboledi ba le 23 le ya Se-Tahiti e e nang le baboledi ba le 55.
Ka 1969, Hélène Mapu, o ne a abelwa tiro kwa sekasetlhakeng seno e le mmulatsela yo o kgethegileng. Hélène o bolela jaana: “Batho ba ne ba kgatlhegela thata kwa sekasetlhakeng seno, mme mo nakong e khutshwane fela, ke ne ka simolola dithuto di le dintsi tsa Baebele.” Go ise go ye kae go ne ga tlhomiwa phuthego e potlana kwa Vairao, mme go ne go tlhokega bagolwane. Fa nako e ntse e tsamaya, Colson Deane, yo o neng a nna kwa Papara ka nako eo e e sekgala sa dikilometara tse 35, ke ene a neng a kgona go thusa. Mokaulengwe Deane o bolela jaana: “Go ne go tlhokega thulaganyo e e siameng gore re kgone go direla kwa Vairao. Ke ne ke bereka kwa Faaa, motse o o sekgala sa dikilometara tse 70 go tswa kwa Vairao o o leng ka fa ntlheng e nngwe ya setlhaketlhake seno. Morago ga tiro, go ne go tlhokega gore ke itlhaganelele kwa gae, ke tseye ba lelapa la me, mme re bo re ya kwa Vairao. Moragonyana go ne ga tlhokega gore ke fudugele kwa Faaa ka ntlha ya tiro ya me. A re ne re sa ntse re tla kgona go tshegetsa Phuthego ya Vairao? Tota re ne re batla go thusa bakaulengwe koo, ka jalo re ne ra akanya gore re tswelele pele re dira jalo. Ka maitseboa a go nang le dipokano e ne e se gantsi re goroga kwa gae pele ga bosigogare ka gonne re ne re tsamaya maeto a mantsi re isa batho ba ba senang dikoloi kwa magabone. Re ne ra dira seno ka dingwaga tse tlhano. Gone jaanong go a itumedisa go bona go na le diphuthego tse nnè mo karolong eno ya setlhaketlhake, mme malatsi ao a ne a itumedisa.”
Tahiti e Nna Lekala
Ka 1974 palo ya baboledi ba Bogosi kwa Tahiti e ne ya fitlha kwa go 199. Mo ngwageng o o latelang, fa N. H. Knorr le F. W. Franz, poresidente le mothusaporesidente ba Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, ba ne ba etetse French Polynesia, ba ne ba bona gore go ka nna molemo thata gore tiro ya go rera kwa French Polynesia e kaelwe, e seng go tswa kwa Fiji e e sekgala sa dikilometara di le 3500, mme e kaelwe gone mo Tahiti. Ka gone, ka April 1, 1975, lekala la Tahiti le ne la simolola go dira, mme molebedi wa potologo, e bong Alain Jamet, o ne a tlhomiwa go nna molebedi wa lekala.
Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Mokaulengwe Jamet o ne a kgona go bolela ka masego a a molemolemo a a tswang kwa go Jehofa. “Fa e sa le ka 1975 go ilwe ga dirwa boiteko jo bogolo go isa dikgang tse di molemo kwa ditlhaketlhakeng tsotlhe le kwa ditlhopheng tse dintsi tsa ditlhaketlhake mo tshimong ya rona, tse di ipopileng karolo e kgolo e e lekanang le Yuropa Bophirima. Matswela e nnile a a itumedisang. Ka 1983 palo ya baboledi e ne e fitlha kwa go 538. Mo go one ngwaga oo go ne ga agiwa ofisi ya lekala mmogo le Legae la Bethele kwa Paea. Jaanong, go na le baboledi ba ka nna 1900 ba ba leng mo diphuthegong tse 30 mo Ditlhaketlhakeng Tsa Society, phuthego e le nngwe fela le setlhopha se se kwa thoko kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Austral, phuthego e le nngwe fela le ditlhopha tse pedi tse di kwa thoko kwa Marquesas, le ditlhopha di le dintsi tse di kwa thoko kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Tuamotu le Gambier. Go agiwa Diholo Tsa Bogosi tse disha di le dintsi—tse tharo kwa Marquesas mme tse supa kwa Tahiti—gore palo e e ntseng e gola ya batho ba ba sa tswang go kopanela ba ba tlang kwa dipokanong ba di dirise. Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, ruri Jehofa o segofaditse maiteko a rona a go tlhagolela tshimo ya Tahiti.”
Go sa Ntse Go na Le mo Gontsi go Dirwa
Re ka lebelela go bona kgolo e e molemolemo kwa French Polynesia. Ka March 23, 1997, batho ba ka nna 5376 ba ne ba phuthega le Basupi ba ga Jehofa kwa French Polynesia yotlhe kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete. Go fitlhelela dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke batho bano ba ba kgatlhegang, go na le dikgatiso tsa rona tsa Baebele ka dipuo di le dintsinyana tsa lefelo leo. Mo godimo ga Se-Tahiti, dibuka di ntse di kwalwa ka Se-Paumotu, e leng puo e e buiwang kwa Tuamotu Archipelago, le kwa Bokone jwa Marquesas le kwa Borwa jwa Marquesas.
Kgolo e e tlhomameng le maitemogelo a a molemo a thusitse baboledi ba Bogosi kwa Tahiti gore ba anaanele thata lorato le bopelotelele jwa ga Jehofa, “[yo] thato ya [gagwe] e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri,” tota le kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala tsa South Sea. (1 Timotheo 2:4) Basupi ba ga Jehofa kwa Tahiti le kwa ditlhaketlhakeng tse dingwe tsa French Polynesia ba dumela thata mo tsholofetsong eno ya ga Jehofa: “Ditlhake di tlaa ntebelela, di tlaa ikanya letsogo la me.”—Isaia 51:5.
[Mmapa mo go tsebe 26]
(For fully formatted text, see publication)
Lekala la Tahiti le tlhokometse dilo tse di tlhokwang ke French Polynesia
AUSTRALIA
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Alain Jamet, Mary-Ann Jamet, Agnès Schenck, Paulette Inaudi le Jacques Inaudi
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ofisi ya lekala ya Tahiti