Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
“Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—DIANE 10:22.
1, 2. (a) Mmulatsela mongwe o ne a bolela jang maikutlo a gagwe malebana le bodiredi jwa nako e e tletseng? (b) Ke ka ntlha yang fa babulatsela ba na le sebaka sa go itumelela go dira barutwa ka botlalo?
“A GO ka nna le boitumelo jo bogolwane jo bo fetang go bona motho yo o ithutang le ene a nna mmaki yo o matlhagatlhaga wa ga Jehofa? Go a kgatlha e bile go nonotsha tumelo go bona tsela e Lefoko la Modimo le leng maatla ka yone mo go rotloetseng batho gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone e le gore ba itumedise Jehofa.” Go ne ga kwala jalo mmulatsela mongwe wa Canada yo o ntseng a le mo bodireding jwa nako e e tletseng ka dingwaga tse di fetang 32. O bolela jaana malebana le bodiredi jwa gagwe jwa bobulatsela: “Ga ke ipone ke dira sepe se sengwe gape. Tota ga ke bone go na le sepe se sele se se ka ntlisetsang boitumelo jo bo tshwanang le jono.”
2 A o a dumela gore go na le boitumelo jo bogolo fa o nna le seabe mo go thuseng mongwe gore a bone tsela e e isang botshelong? Ke boammaaruri gore ga se babulatsela fela ba ba itumelelang seo. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba romilwe gore ba ‘dire batho barutwa,’ mme ba gagamalela go dira jalo. (Mathaio 28:19) Le fa go ntse jalo, e re ka babulatsela ba kgona go dirisa diura di le dintsi mo bodireding jwa tshimo, gantsi ke bone ba nang le sebaka sa go itumelela go dira barutwa ka botlalo. Mme bobulatsela bo na le dituelo tse dingwe gape. Bua le babulatsela, mme ba tla go bolelela gore bobulatsela ke tsela e e molemolemo ya go bona ‘tshegofatso ya ga Jehofa e e humisang.’—Diane 10:22.
3. Ke eng se se ka re tlhotlheletsang fa re ntse re tswelela pele re direla Jehofa?
3 Bosheng jaana, babulatsela ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba ne ba kopiwa go tlhalosa masego a ba nnileng le one mo bodireding jwa nako e e tletseng. A re sekasekeng se ba se bolelang. Le fa go le jalo, o se ka wa kgobega marapo fa e le gore tirelo ya gago e kgorelediwa ke bolwetse, go tsofala, kana maemo a mangwe. Gakologelwa, selo sa botlhokwa ke go direla Jehofa ka moya otlhe, go sa kgathalesege gore o mo direla kae. Le fa go ntse jalo, ka go utlwa dikakgelo tsa babulatsela ba bangwe go tla go dira gore o kgatlhegele thata go tsaya tiro eno e e duelang fa o ka kgona.
Maikutlo a a Boteng a go Kgotsofala le a go Itumela
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa go abela ba bangwe dikgang tse di molemo e le boitemogelo jo bo duelang? (b) Babulatsela ba ikutlwa jang ka go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng?
4 Jesu o ne a bolela jaana: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ee, go neela ka bopelotshweu go na le dituelo tsa gone. (Diane 11:25) Segolobogolo seno se boammaaruri fa re bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. Tota, ke mpho efe e kgolo e re ka e neelang bangkarona e e fetang go ba thusa go nna le kitso ya Modimo, e e isang botshelong jo bo sa khutleng?—Johane 17:3.
5 Ga go gakgamatse go bo ba ba nnang le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng gantsi ba bolela ka boitumelo le go ikutlwa ba dirile sengwe mo bodireding jwa bone. “Ke a itse gore ga go na tiro epe e nngwe e e neng e ka ntlisetsa kgotsofalo e ke e boneng ka go abela ba bangwe boammaaruri,” go bolela jalo mmulatsela mongwe wa dingwaga tse 64 wa kwa Boritane. Motlholagadi mongwe wa kwa Zaire o ne a bolela se bobulatsela bo se bolelang mo go ene: “Tirelo ya bobulatsela e ne e nkgomotsa tota morago ga loso lwa monna wa me yo o rategang. Fa ke nna ke ya tirelong ka metlha go ya go thusa ba bangwe, ga ke utlwe thata ka tatlhegelo e e botlhoko eo. Ke dumela mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa le go akanya thata ka tsela e nka thusang batho ba ke ithutang le bone ka yone gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone. Morago ga letsatsi lengwe le lengwe, boroko jwa me bo monate, mme pelo ya me e tletse boitumelo.”
6. Babulatsela bangwe ba nnile le boitumelo bofe jo bo kgethegileng?
6 Ba bangwe ba ba neng ba bula tsela ka masome a mantsi a dingwaga ba ne ba na le boitumelo jo bo kgethegileng jwa go direla kwa dikarolong tse di kgakala, jwa go tlhoma diphuthego, tse kgabagare di neng tsa gola tsa nna dipotologo. Ka sekai, kwa Abashiri, Hokkaido (e leng setlhaketlhake se se ka fa ntlheng ya bokone jwa Japane), go nna kgaitsadi mongwe yo o nnileng mmulatsela ka dingwaga tse 33. O gakologelwa gore kwa kopanong ya potologo ya ntlha e a neng a e ya—e le ya batho botlhe ba Hokkaido—ba ba neng ba le gone ba ne ba le 70 fela. Mme jaanong? Go na le dipotologo di le 12 mo setlhaketlhakeng seo, ka baboledi ba ba fetang 12 000. Akanya fela gore pelo ya gagwe e tlala boitumelo jang ne fa a nna gone kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le boidiidi jwa baboledikaene ba Bogosi mo setlhaketlhakeng seo!
7, 8. Bontsi jwa babulatsela ba ba tsereng nako e telele ba bula tsela ba nnile le boitumelo bofe?
7 Babulatsela ba bangwe ba nako e telele ba ne ba itumelela go bona baithuti ba Baebele ba kolobediwa mme ba bo ba lekela go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng mo tirelong. Kwa Japane kgaitsadi mongwe yo o neng a direla kwa dikabelong tse robonngwe tse di farologaneng tsa bobulatsela fa e sa le ka 1957 o gakologelwa a tsamaisetsa mosadi mongwe yo mosha Tsogang! yo o neng a bereka mo bankeng. Mo dikgweding tse robonngwe mosadi yono yo mosha o ne a kolobeditswe. Moragonyana o ne a nyalwa, mme ene le monna wa gagwe ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng. A bo kgaitsadi yono wa mmulatsela a ne a itumela jang ne fa, kwa kabelong ya gagwe ya boraro, phuthego e a neng a kopanela le yone e etelwa ke molebedi wa yone wa potologo yo mosha le mosadi wa gagwe—yo o kileng a ithuta le ene Baebele!
8 Ga go gakgamatse go bo batho ba ba dirileng bodiredi jwa bobulatsela e le tiro ya bone ba bo bona e le “tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo gore e somarelwe,” jaaka mmulatsela mongwe wa dingwaga tse 22 a ne a tlhalosa!
Bosupi jo bo Bontshang Gore Jehofa O a Ba Tlhokomela
9. Jaaka Motlamedi yo Mogolo, ke eng se Jehofa a se solofetsang batlhanka ba gagwe, mme seno se bolela eng ka rona?
9 Jehofa, Motlamedi yo Mogolo, o solofetsa gore o tla tshegetsa batlhanka ba gagwe, a ba tlhokomela mo semoyeng le mo dilong tse di bonalang. Kgosi Dafide o ne a ka bua sentle jaana: “Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo.” (Pesalema 37:25) Gone mme, go tlhomamisediwa seno ke Modimo ga go re neele seipato sa go tlogela go tlamela ba malapa a rona ka dilo tse di bonalang, e bile ga go re letlelele go ikaega ka bopelonomi jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. (1 Bathesalonika 4:11, 12; 1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, fa re ithontsha dilo dingwe ka go rata mo matshelong a rona e le gore re direle Jehofa ka botlalo, a ka se re latlhe.—Mathaio 6:33.
10, 11. Go ya ka boitemogelo, ke eng se babulatsela ba le bantsi ba se itseng ka tsela e Jehofa a kgonang go tlamela ka yone?
10 Babulatsela mo lefatsheng lotlhe ba itse go ya ka se se ba diragaletseng gore Jehofa o tlamela ba ba ipayang mo diatleng tsa gagwe gore a ba tlhokomele. Akanya ka kgang ya banyalani bangwe ba babulatsela ba ba neng ba fudugela kwa torotswaneng nngwe koo go neng go na le tlhokafalo e kgolwane gone ya bareri ba Bogosi. Morago ga dikgwedi di sekae, tiro ya boitshediso e ne e sa bonale motlhofo, mme madi a ba neng ba a bolokile a ne a fedile. Morago ga moo ba ne ba amogela tshupasekoloto ya inshorense ya koloi e le R359. “Re ne re sa kgone go duela,” go tlhalosa jalo mokaulengwe yono. “Re ne ra rapela ka tlhoafalo mo bosigong joo.” Mo letsatsing le le latelang, ba ne ba amogela karata e e neng e tswa kwa lelapeng lengwe le le lone le neng le na le mathata a madi. Karata eno e ne e tlhalosa gore lelapa leno le ne la amogela madi a lekgetho a a busitsweng, mme e re ka a ne a feta madi a ba neng ba a lebeletse, ba ne ba batla go a arogana le banyalani bano ba babulatsela. Mo go yone go ne go na le tšheke ya madi a a kana ka R359! “Nka se lebale letsatsi leo—meriri e e mo molaleng wa me e ne ya ema e tlhamaletse!” go bolela jalo mokaulengwe yono wa mmulatsela. “Re ne ra anaanela thata bopelotshweu jwa lelapa leno.” Jehofa le ene o anaanela bopelonomi jo bo ntseng jalo, e leng moya wa bopelotshweu o tota o kgothalediwang mo batlhankeng ba gagwe.—Diane 19:17; Bahebera 13:16.
11 Babulatsela ba le bantsi ba ka bolela maitemogelo a a tshwanang. Ba botse, mme ba tla go bolelela gore ga ba ise ba ko ba ‘latlhiwe.’ Mmulatsela mongwe wa dingwaga tse 72 o bolela jaana fa a leba kwa morago dingwaga tse di fetang 55 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, “Jehofa ga a ise a ko a ntshwabise.”—Bahebera 13:5, 6.
“Tsela e e Molemolemo ya go Nna Gaufi le Jehofa”
12. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go bolela dikgang tse di molemo e le tshiamelo e e molemolemo jaana?
12 Gore Jehofa tota a re kope gore re bolele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe e a bo e le tshiamelo. O re leba—le mororo re le batho ba ba sa itekanelang—re le “badirimmogo” le ene mo tirong eno e e bolokang matshelo. (1 Bakorintha 3:9; 1 Timotheo 4:16) Fa re rerela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo, re bolela ka bokhutlo jwa boikepo, re tlhalosetsa batho ka lorato lwa gagwe lo lo molemolemo malebana le go re neela thekololo, re ntse re bula Lefoko la gagwe le le tshelang le go ruta batho ba ba dipelo tse di ikanyegang diteng tsa lone tse di botlhokwa, ka tlholego fela re atamela gaufi thata le Mmopi wa rona, Jehofa.—Pesalema 145:11; Johane 3:16; Bahebera 4:12.
13. Ke eng se ba bangwe ba se bolelang ka matswela a bodiredi jwa bone jo bobulatsela bo nang le one mo botsalanong jwa bone le Jehofa?
13 Babulatsela ba kgona go dirisa nako e e oketsegileng kgwedi le kgwedi ba ithuta le go ruta kaga Jehofa. Ba utlwa seno se ama botsalano jwa bone le Modimo jang? “Bobulatsela ke tsela e e molemolemo ya go atamela gaufi thata le Jehofa,” go araba jalo mogolwane mongwe kwa Fora yo o saleng e le mmulatsela ka dingwaga tse di fetang lesome. Mmulatsela yo mongwe kwa nageng eo, yo o nnileng dingwaga di le 18 mo bodireding jwa nako e e tletseng, o bolela jaana: “Tirelo ya bobulatsela e dira gore re ‘[leke re] bone fa Jehofa a le molemo,’ letsatsi le letsatsi re aga botsalano jo bo nonofileng le Mmopi wa rona.” (Pesalema 34:8) Kgaitsadi mongwe kwa Boritane yo o nnileng mmulatsela ka dingwaga tse 30 o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. O bolela jaana: “Go kaelwa ke moya wa ga Jehofa mo bodireding jwa me go dira gore ke mo atamele. Tota ke ikutlwile gore moya wa ga Jehofa ka makgetlho a le mantsi o ne wa nkaela kwa legaeng le le rileng ka nako e e tshwanetseng.”—Bapisa Ditiro 16:6-10.
14. Babulatsela ba solegelwa molemo jang ke go dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng letsatsi le letsatsi go ruta ba bangwe?
14 Babulatsela ba le bantsi ba fitlhetse gore go dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng letsatsi le letsatsi go tlhalosa le go ruta boammaaruri jwa Dikwalo go ba thusa gore ba gole mo kitsong ya Lefoko la Modimo. Mokaulengwe mongwe wa dingwaga tse 85 kwa Spain yo o nnileng mmulatsela ka dingwaga tse 31 o tlhalosa jaana: “Go bula tsela go nthusitse gore ke nne le kitso e e boteng ya Baebele, kitso e ke e dirisitseng go thusa batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa le maikaelelo a gagwe.” Kgaitsadi mongwe kwa Boritane yo o sa leng a bula tsela ka dingwaga tse 23 o bolela jaana: “Bodiredi jwa nako e e tletseng bo nthusitse gore ke tlhagolele go eletsa dijo tsa semoya.” Go tlhalosetsa ba bangwe “lebaka la tsholofelo e o nang le yone” go ka nonotsha dikgopolo tsa gago malebana le ditumelo tse o di ratang. (1 Petere 3:15) Mmulatsela mongwe wa kwa Australia o bolela jaana: “Go bula tsela go tokafatsa tumelo ya me fa ke ntse ke e tlhalosetsa ba bangwe.”
15. Ke eng se ba bangwe ba ntseng ba eletsa go se dira gore ba tsenele bodiredi jwa bobulatsela le go nnela ruri mo go jone, mme ka ntlha yang?
15 Go phepafetse gore badiredi bano ba babulatsela ba tlhatswegile pelo gore ba tlhophile mofuta wa tirelo o o tlisang masego a mantsi a a tswang kwa go Jehofa. Ga go gakgamatse go bo ba bangwe ba ne ba batla go dira diphetogo dingwe mo matshelong a bone, tota le go tlogela tiro ya boitshediso le dikhumo, gore ba tsene mo bodireding jwa bobulatsela le go nnela ruri mo go jone!—Diane 28:20.
A Pelo ya Gago e Eletsa go Dira mo go Oketsegileng?
16, 17. (a) Fa o ipotsa gore a o ka kgona go bula tsela, ke eng se o ka se dirang? (b) Ba bangwe ba ikutlwa jang fa ba sa kgone go bula tsela?
16 Fa o sena go sekaseka se babulatsela ba se bolelang malebana le masego a bodiredi jwa bobulatsela, gongwe o ipotsa gore a wena bobulatsela o ka bo kgona. Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa o sa bue le mmulatsela mongwe yo o atlegileng mo bodireding jwa nako e e tletseng? Gape o ka bona go le mosola go bua le mongwe wa bagolwane mo phuthegong, mongwe yo o go itseng—yo o itseng botsogo jwa gago, makoa a gago le maikarabelo a gago a lelapa. (Diane 15:22) Dikakgelo tsa ba bangwe tse di mosola di ka nna tsa go thusa go sekaseka ka kelotlhoko gore a o ka kgona go bula tsela. (Bapisa Luke 14:28.) Fa o ka kgona go bula tsela, ruri o tla bona masego a mantsi.—Malaki 3:10.
17 Le fa go le jalo, go tweng ka baboledi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Bogosi ba ba sa kgoneng go bula tsela, le mororo ba ka nna ba eletsa go dira mo go oketsegileng mo bodireding? Ka sekai, akanya ka maikutlo a kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o kgaratlhelang go godisa bana ba gagwe ba banè a le nosi. O bolela jaana: “Ke a hutsafala, ka gonne ke kile ka bo ke le mmulatsela wa ka metlha, mme jaanong, ka ntlha ya maemo a me, ga ke kgone go ya tirelong ya tshimo jaaka ke ne ke dira pele.” Kgaitsadi yono o rata bana ba gagwe thata mme o batla go ba tlamela. Mo godimo ga moo, o eletsa go dira mo go oketsegileng mo tirong ya go rera. O tlhalosa jaana: “Ke rata bodiredi.” Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng ba na le maikutlo a a tshwanang ba ba tlhotlhelediwang ke go rata Modimo gore ba batle go direla Jehofa ‘ka dipelo tsa bone tsotlhe.’—Pesalema 86:12.
18. (a) Ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo go rona? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa maemo a sa re letle go dira bojotlhe jwa rona?
18 Gakologelwa gore Jehofa o lebeletse gore re dire ka moya otlhe mo tirelong. Gore seno se kaya eng go ka farologana thata go ya ka motho. Ba bangwe ba kgona go fetola mabaka a bone gore ba direle e le babulatsela ba ka metlha. Ba bangwe ba le bantsi ba ikwadisa e le babulatsela ba ba thusang e ka tswa e le ka dinako dingwe kana ka metlha, ba dirisa diura di le 60 kgwedi nngwe le nngwe mo bodireding. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba dira tiro ya go rera le go ruta ka moya otlhe e le baboledi ba phuthego. Ka jalo fa tota o sa kgone ka ntlha ya bolwetse, botsofe, maikarabelo a lelapa, kana ka ntlha ya maemo a mangwe, o se ka wa kgobega marapo. Fa fela o dira bojotlhe jwa gago, tirelo ya gago e botlhokwa mo matlhong a Modimo, fela jaaka bao ba leng mo bodireding jwa nako e e tletseng!
Botlhe ba ka Bontsha Moya wa Bobulatsela
19. Moya wa bobulatsela ke eng?
19 Le mororo o ka se kgone go ikwadisa o le mmulatsela, o ka bontsha moya wa bobulatsela. Moya wa bobulatsela ke eng? Tokololo ya July 1988 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya bolela jaana: “O ka tlhalosiwa e le go nna le boikutlo jo bontle malebana le taelo ya gore re rere le go dira barutwa, go tshwarega ka botlalo mo go bontsheng lorato le go amega ka batho ba bangwe, go intsha setlhabelo, go bona boipelo ka go gata fela fa Mong a gatileng teng, le go bona boitumelo mo dilong tsa semoya, e seng mo go tse di bonalang.” O ka bontsha jang moya wa bobulatsela?
20. Batsadi ba ka bontsha jang moya wa bobulatsela?
20 Fa o le motsadi yo o nang le bana ba babotlana, o ka ba kgothaletsa ka pelo yotlhe gore ba dire bobulatsela tiro ya bone. Go nna le boikutlo jo bo siameng malebana le bodiredi go ka ba dira gore ba bone fa go tlhokega gore tirelo ya ga Jehofa e nne selo sa konokono mo matshelong a bone. O ka nna wa laletsa babulatsela le balebedi ba ba etang le basadi ba bone kwa legaeng la gago e le gore bana ba gago ba ka solegelwa molemo ke dikai tsa bao ba itumelelang bodiredi jwa nako e e tletseng. (Bapisa Bahebera 13:7.) Tota le mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi, batsadi ba ba dumelang, ka se ba se buang le ka sekao sa bone, ba ka thusa bana ba bone gore ba dire bodiredi jwa nako e e tletseng gore bo nne mokgele wa bone mo botshelong.—2 Timotheo 1:5; 3:15.
21. (a) Rotlhe re ka tshegetsa ba ba bulang tsela jang? (b) Ke eng se bagolwane ba ka se dirang go kgothatsa babulatsela?
21 Mo phuthegong, rotlhe re ka tshegetsa ka pelo yotlhe ba ba kgonang go bula tsela. Ka sekai, a o ka tsaya matsapa a gore o dire le mmulatsela mo bodireding, segolobogolo ka dinako tsa fa mmulatsela a ka tswang a dira a le nosi? O ka fitlhela gore go tla nna le “go naana kgothatso.” (Baroma 1:11, 12) Fa o le mogolwane, o ka dira mo go oketsegileng go thusa babulatsela. Fa setlhopha sa bagolwane se kopana mmogo, ka metlha se tshwanetse go sekaseka dilo tse di tlhokwang ke babulatsela. Fa mmulatsela a kgobegile marapo kana a na le mathata mangwe, o se ka wa itlhaganela go mo kgothaletsa go tlogela go bula tsela. Le fa gone go mo kgothatsa jalo go ka tlhokega mo mabakeng a mangwe, o se ka wa lebala gore go bula tsela ke tshiamelo e e botlhokwa e motlhanka wa nako e e tletseng a ka e ratang fela thata. Gongwe o tlhoka fela kgothatsonyana le kgakololo e e mosola kana go mo thusa. Ofisi ya lekala ya Mokgatlho kwa Spain e kwala jaana: “Fa bagolwane ba kgothaletsa batho go bula tsela, ba tshegetsa babulatsela mo bodireding jwa tshimo, le go ba disa ka metlha, babulatsela ba itumela thata, ba ikutlwa ba le mosola, e bile ba batla go tswelela pele go sa kgathalesege dikgoreletsi tse di ka tlhagang.”
22. Mo nakong eno e e thata ya hisitori ya motho, ke eng se re ka ikemisetsang go se dira?
22 Re tshela mo nakong e e thata ya hisitori ya motho. Jehofa o re neetse tiro e e bolokang matshelo gore re e dire. (Baroma 10:13, 14) Go sa kgathalesege gore a re kgona go nna le seabe mo tirong eno ka nako e e tletseng re le babulatsela kana re se bone, a re bontsheng moya wa bobulatsela. A re nneng le moya wa go potlaka le wa go intsha setlhabelo. A re ititeyeng sehuba go neela Jehofa se a se kopang mo go rona—tirelo e e dirwang ka moya otlhe. Mme a re gakologelweng gore fa re ntsha gotlhe mo re ka go kgonang, le fa go tshwana le madinyana a tshipi a motlholagadi kana le lookwane lwa ga Marea lo lo tlhwatlhwa e e kwa godimo, tirelo ya rona re e dira ka moya otlhe, mme Jehofa o rata tirelo e re e dirang ka moya otlhe!
A o A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa bodiredi jwa nako e e tletseng bo tlisa kgotsofalo le boitumelo?
◻ Go ya ka boitemogelo, ke eng se babulatsela ba le bantsi ba se itseng malebana le go kgona ga ga Jehofa go tlhokomela batlhanka ba gagwe?
◻ Babulatsela ba ikutlwa gore bodiredi jwa bone bo na le matswela afe malebana le botsalano jwa bone le Jehofa?
◻ O ka bontsha jang moya wa bobulatsela?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Babulatsela ba itumelela thata tiro ya go dira barutwa
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bana ba gago ba ka solegelwa molemo fa ba kopana le baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bagolwane ba ka kgothatsa babulatsela mo bodireding jwa tshimo