Fa Boleo bo sa Tlhole bo le Gone
“ARE tsholetswe mo boleong?” Moithuti mongwe yo e leng moalogi kwa United States o ne a tlhakanngwa tlhogo ke potso eno ka bonako fela fa a sena go simolola go ithuta Baebele. E re ka a godile e le Mohindu, kgopolo ya gore re ruile boleo e ne e sa tlwaelega mo go ene. O ne a akanya gore, gone fa e le gore tota re ruile boleo, go latola gore bo teng kana go itlhokomolosa ntlha eno ga go thuse sepe. Motho a ka bona jang karabo ya potso eno?
Fa e le gore re ruile boleo, go tshwanetse ga bo go na le koo bo simologileng gone. A motho wa ntlha o ile a bopiwa a le boikepo, mo a neng a ba a fetisetsa mekgwa e e bosula eno mo baneng ba gagwe? Kana a bogole joo bo ile jwa nna teng moragonyana? Totatota boleo bo simologile leng? Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore boleo ke selo fela, kana kgopolo fela e e ka fa ntle ga motho e e bosula, a re ka solofela gore re tla tsamaya re gololwa go mo jone?
Go ya ka tumelo ya Sehindu, go boga le bosula ke dilo tse di tsamaisanang le popo. Mokanoki mongwe wa Mohindu o bolela jaana: “Go boga [kana bosula], jaaka bolwetse jo bo sa feleng jwa ramatiki, go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe mme ga go ka ke ga fedisiwa gotlhelele.” Eleruri mo hisitoring yotlhe e e kwadilweng, bosula bo sa le bo ntse bo le karolo ya batho. Fa e le gore bo ne bo le teng pele ga go kwalwa ga hisitori ya batho, dikarabo tse di ka ikanngwang tse di malebana le gore bo simologile jang di tshwanetse tsa tswa mo motsweding mongwe o o fetang motho. Dikarabo di tshwanetse go tswa kwa Modimong.—Pesalema 36:9.
Motho—O Bopilwe A se Na Boleo
Mofilosofi mongwe wa Mohindu e bong Nikhilananda o dumela gore ditlhaloso tse di neelwang mo Dikwalong tsa Veda tse di malebana le ka fa motho a bopilweng ka teng ke tsa tshwantshetso. Ka mo go tshwanang, madumedi a le mantsi a kwa Botlhaba fa a tlhalosa popo, a bua dilo tse e leng ditlhamane fela. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang le a boitseanape a a dirang gore re dumele se Baebele e se buang malebana le go bopiwa ga motho wa ntlha.a Kgaolo ya yone ya ntlhantlha e bolela jaana: “Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.”—Genesise 1:27.
Go kaya eng go ‘tlholwa mo setshwanong sa Modimo’? Go bolela fela gore: Motho o bopilwe mo setshwanong sa Modimo, a na le dinonofo tsa bomodimo—tse di jaaka tshiamiso, botlhale, le lorato—tse di dirang gore a farologane le diphologolo. (Bapisa Bakolosa 3:9, 10.) Dinonofo tseno di ile tsa mo thusa gore a kgone go tlhopha fa gare ga go dira molemo kana bosula, go dira gore a nne motho yo o kgonang go itirela ditshwetso. Fa motho wa ntlha a bopiwa, o ne a se na boleo, a se na bosula kana go boga mo botshelong jwa gagwe.
Jehofa Modimo o ne a naya monna yo o bidiwang Adame taolo eno: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Genesise 2:16, 17) Fa Adame le mosadi wa gagwe e bong Efa ba ne ba tlhophile go nna kutlo, ba ka bo ba ile ba tlisetsa Mmopi wa bone pako le tlotlo mme ba bo ba nna ba se na boleo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go tlhoka kutlo ga bone go ne go tla bontsha gore ba paletswe ke go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo tse di itekanetseng mme seo se ne se tla dira gore ba nne le bosaitekanelang—ba nne le boleo.
Adame le Efa ga ba a bopiwa e le medimo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba na le dinonofo dingwe tsa bomodimo le bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di siameng. E re ka ba ne ba bopilwe ke Modimo, ba ne ba se na boleo, kana ba ne ba itekanetse. (Genesise 1:31; Duteronome 32:4) Go bopiwa ga bone ga go a ka ga senya kagiso e e neng e le teng fa gare ga Modimo le lobopo ka dingwaga tse dintsi go fitlha ka nako eo ba neng ba bopiwa ka yone. Ka jalo he, boleo bo simologile jang?
Tshimologo ya Boleo
Boleo bo simologile pele kwa lefelong la meya. Pele ga Modimo a bopa lefatshe le batho, o ne a bopa dibopiwa tse di botlhale tsa moya—baengele. (Jobe 1:6; 2:1; 38:4-7; Bakolosa 1:15-17) Mongwe wa baengele bano o ne a tseela bontle le botlhale jwa gagwe kwa godimo thata. (Bapisa Esekiele 28:13-15.) Go ya ka taolo ya Modimo e a neng a e naya Adame le Efa ya gore ba nne le bana, moengele yono o ne a kgona go bona gore go ise go ye kae lefatshe lotlhe le tla bo le tletse ka batho ba ba siameng, botlhe ba obamela Modimo. (Genesise 1:27, 28) Sebopiwa seno sa moya se ne se eletsa gore ba obamele sone. (Mathaio 4:9, 10) Go nna a ntse a godisa keletso eno go ne ga dira gore a dire se se sa siamang.—Jakobe 1:14, 15.
Fa a ne a bua le Efa a dirisa noga, moengele yono wa motsuolodi o ne a bolela gore fa Modimo a mo iletsa go ja setlhare sa kitso ya molemo le bosula, o mo thibela go nna le kitso e a tshwanetseng go nna le yone. (Genesise 3:1-5) Go bua seo e ne e le maaka a a supang letlhoo—e le go dira boleo. Ka go bua maaka ano, moengele yono o ne a itira moleofi. Ka ntlha ya seo o ne a bidiwa Diabolo, mosenyaleina, le Satane, moganetsi wa Modimo.—Tshenolo 12:9.
Kgang ya ga Satane e e tlhotlheletsang e ile ya nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo go Efa. Ka go ikanya mafoko a Moraedi o ne a itetla gore a raelwe mme a ja ga loungo lwa setlhare se se ileditsweng. Monna wa gagwe e bong Adame, le ene o ne a ja ga loungo nae, mme ka ntlha ya seo ka bobedi ba ne ba nna baleofi. (Genesise 3:6; 1 Timotheo 2:14) Ka mo go phepafetseng, ka go tlhopha go sa utlwe Modimo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba fosa lotshwao lwa boitekanelo mme ba itira baleofi.
Go tweng ka bana ba ga Adame le Efa? Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Molao wa tsalo o ne o setse o dira. Adame o ne a ka se ka a naya bana ba gagwe sengwe se a se nang naso. (Jobe 14:4) E re ka banyalani ba ntlha ba ne ba latlhegetswe ke boitekanelo, e ne e le baleofi fa ba ima bana ba bone. Ka ntlha ya seo, rotlhe—go sa tlhaolwe ope—re ruile boleo. (Pesalema 51:5; Baroma 3:23) Mme boleo jone, ga bo a tlhagisa sepe fa e se bosula le go boga. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya jone, rotlhe re a tsofala le go swa, “gonne dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.”—Baroma 6:23.
Segakolodi ‘Se a Latofatsa’ Kana ‘Ga se Bone Molato’
Akanya gape ka tsela e boleo bo ileng jwa ama boitsholo jwa batho ba ntlha ba babedi ka yone. Ba ne ba apesa dikarolo dingwe tsa mebele ya bone mme ba leka go iphitlhela Modimo. (Genesise 3:7, 8) Ka jalo, boleo bo ne jwa dira gore ba ikutlwe ba le molato, ba tlhobaela, e bile ba tlhabiwa ke ditlhong. Gompieno batho ba tlwaelane thata le maikutlo ano.
Ke mang yo o sa tshwenyegeng fa a ile a palelwa ke go bontsha mongwe yo o tlhokang a mmontshe bopelonomi kana a ikutlwa a ikwatlhaya ka ntlha ya go bua mafoko a a neng a sa tshwanela go buiwa gotlhelele? (Jakobe 4:17) Ke ka ntlha yang fa re nna le maikutlo ano a a re tshwenyang? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore ‘molao o kwadilwe mo dipelong tsa rona.’ Fa digakolodi tsa rona di sa kgwaralala, go tlola molao le fa e le ka tsela efe go tla dira gore re fuduege ka fa teng. Ka jalo lentswe la segakolodi le a re ‘latofatsa’ kana ‘ga le re bone molato.’ (Baroma 2:15; 1 Timotheo 4:2; Tito 1:15) Le fa re ka tswa re lemoga seo kana re sa se lemoge, re kgona go utlwa mo teng ga rona fa re dirile phoso, boleo!
Paulo o ne a itse sentle gore o sekametse mo go direng boleo. O ne a dumela jaana: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” Ka jalo Paulo o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?”—Baroma 7:21-24.
Go Gololwa mo Boleong—Jang?
Mokanoki mongwe o bolela jaana: “Kgololesego go ya ka tumelo ya Sehindu, ke go gololwa mo go tsholweng le mo go sweng gantsintsi.” Bobuda le jone bo tlhalosa gore Nirvana—seemo sa go lebala gotlhegotlhe gore o kile wa nna gone—ke yone tharabololo. E re ka ba sa kgone go tlhaloganya kgopolo ya boleo jo re bo ruileng, Bohindu bo solofetsa gore dilo di siama fela fa motho a sa tlhole a tshela.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, tsela e Baebele e gololang batho ka yone e felela ka gore boleo bo tlosiwe gotlhelele. Fa moaposetoloi Paulo a sena go botsa gore o tla gololwa jang mo boleong, o ne a tswelela pele a araba jaana: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:25) Ee, kgololesego e tswa go Modimo ka Jesu Keresete.
Go ya ka Efangele ya ga Mathaio, “Morwa motho” e bong Jesu Keresete, o tlile “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jaaka go begilwe mo go 1 Timotheo 2:6, Paulo o ne a kwala gore Jesu ‘o intshitse thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.’ Lefoko “thekololo” le raya go duela tlhwatlhwa e e gololang batshwarwa. Lebaka la go bo e le thekololo e e lekanang le gatelela ka fa tlhwatlhwa eno e kgonang ka teng go lekalekanya dikale tse di ka fa molaong tsa tshiamiso. Mme ke jang go ka tweng loso lwa motho a le mongwe ke ‘thekololo e e lekanang e a e ntshetsang botlhe’?
Adame o ne a rekisa botlhe, go akaretsa le rona mo boleong le mo losong. Tlhwatlhwa, kana tuediso e a e duetseng e ne e le botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka motho. Go rekolola seno, go ne go tshwanetse ga duelwa botshelo jo bongwe jo bo itekanetseng—thekololo e e lekanang. (Ekesodo 21:23; Duteronome 19:21; Baroma 5:18, 19) E re ka go ne go se na motho ope yo o sa itekanelang yo o neng a ka ntsha thekololo eno, Modimo, ka botlhale jwa gagwe jo bo nnetseng ruri, o ne a bula tsela ya go tswa mo bothateng jono. (Pesalema 49:6, 7) O ne a tsaya botshelo jo bo itekanetseng jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa legodimong a bo fetisetsa mo popelong ya lekgarebana mo lefatsheng, a dira gore a tsholwe e le motho yo o itekanetseng.—Luke 1:30-38; Johane 3:16-18.
Gore Jesu a kgone go dira tiro ya go golola batho, o ne a tshwanetse go boloka bothokgami ka nako yotlhe ya fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a dira jalo. Morago ga foo a swa loso lwa go intsha setlhabelo. Jesu ka tsela eno o ne a tlhomamisa gore tlhwatlhwa ya botshelo jo bo itekanetseng jwa motho—e duelwa e le thekololo e e tla gololang batho.—2 Bakorintha 5:14; 1 Petere 1:18, 19.
Se Thekololo ya ga Keresete E ka Re se Direlang
Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se ka re solegela molemo gone jaanong. Fa re dumela mo go sone, re ka nna phepa mo matlhong a Modimo e bile Jehofa a ka re tlhokomela ka lorato. (Ditiro 10:43; Baroma 3:21-24) Go na le gore re tshwenngwe thata ka go ikutlwa molato ka ntlha ya boleo jo re bo dirileng, re ka kopa ka kgololesego gore Modimo a re itshwarele ka ntlha ya thekololo.—Isaia 1:18; Baefeso 1:7; 1 Johane 2:1, 2.
Mo nakong e e tlang, thekololo e tla dira gore go kgonege gore batho ba fodisiwe ka botlalo mo seemong sa go lwala se ba leng mo go sone se se bakilweng ke boleo. Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa ka “noka ya metsi a botshelo,” e e elelang go tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo. Fa thoko ga noka eno go na le ditlhare tse di ungwang thata tse di nang le matlhare “a go alafa merafe.” (Tshenolo 22:1, 2) Baebele fano, e bua ka tsela ya tshwantshetso ka paakanyetso e e itumedisang ya Mmopi ya go gololela batho ruri mo boleong le mo losong a dirisa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.
Diponatshegelo tsa boporofeti tsa buka ya Tshenolo di tla tloga di diragadiwa. (Tshenolo 22:6, 7) Ka nako eo botlhe ba ba nang le dipelo tse di siameng ba tla itekanela, ba “gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola.” (Baroma 8:20, 21) A seno ga se a tshwanela go re tlhotlheletsa go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa Modimo le Morwawe yo o ikanyegang ka nitamo e bong Jesu Keresete, yo o ileng a nna thekololo?—Johane 17:3.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Adame o ne a tlisetsa batho boleo le loso
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se golola batho mo boleong le mo losong