Loso lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?
“MASOLE otlhe a a kileng a gwanta, dikepe tsotlhe tsa ntwa tse di kileng tsa agiwa, dipalamente tsotlhe tse di kileng tsa kokoana, le dikgosi tsotlhe tse di kileng tsa busa, tsotlhe fa di kopanngwa, ga di ise di ko di ame botshelo jwa motho mo lefatsheng thata jaaka motho yono a le mongwe.” Go ne ga kwala jalo mokwadi James A. Francis mabapi le Jesu Keresete.
Batho ba leba Jesu ka ditsela tse di farologaneng, mme Bibela ya re ke Morwa Modimo le monna yo o nang le lorato lwa go intsha setlhabelo. Jesu o ne a bua ka tsela e e kwa godimodimo eo ka yone a neng a bontsha lorato loo fa a ne a bua jaana: “Morwa Motho [o] na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
Thekololo eno e botlhokwa jang? Ke ka ntlhayang fa e ne e tlhokega? Go rekololwa bomang? Eleruri, loso lwa ga Jesu lo kaya eng mo go wena?
Ke Eng?
Thekololo ke sengwe se se gololang. Go rekolola mongwe go raya go mo ntsha mo botshwarong kana mo kotlhaong ka go duela madi mangwe. Mo semoyeng, “go rekolola” go raya go golola batho mo boleong le mo kotlhaong ya bone. Jesu o ne a swela gone moo. Ke fela jaaka moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ne a kwala jaana: “Maduō a boleo ke losho; me nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 6:23.
Mo Dikwalong tlhotlhwa ya go golola sengwe e amanngwa le go ntsha thekololo. Pesalema 49:6-9 e bua jaana: “Mo go ba ba ikanyañ lohumō loa bōnè, ba belahala ka bontsi yoa dikhumō tsa bōnè; Ga go na opè eo o ka rèkololañ ñwana oa ga rragwè ka gopè, leha e le go mo ntshetsa serekololō go se naea Modimo. (Gonne thekololō ea mōea oa bōnè e tōpō e e thata, me e na le go tlhōbōgwa ka bosakhutleñ:) Gore a tle a nnè a tshelè ka metlha eotlhe, gore a se ka a bōna go bōla.” Thekololo ke tuelo e e fitlhelelwang ke Modimo fela, eseng motho ope fela yo o sa itekanelang.
Ke ka Ntlhayang fa E Tlhokega?
Thekololo e a tlhokega ka gonne rraarona wa ntlha wa motho, Adame, o ne a leofa. Ka gone o ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng le jo bo itekanetseng, mme o ne a atlholelwa loso ka tshwanelo, mme kgabagare o ne a swa. (Genesise 2:15-17; 3:1-7, 17-19; 5:5) Re ruile boleo le loso jaaka ditlogolwana tsa gagwe. “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo,” Paulo o ne a kwala jalo, “me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Ee, “botlhe ba shwa ka Adame.” (1 Bakorintha 15:22) Ka jalo mopesalema Dafide o ne a bua jaana ka tshwanelo: “Ke ne ka bopègèla mo boikepoñ; me mmè o na a inthwalèla mo boleuñ.”—Pesalema 51:5.
Gore setlogolwana sepe fela se se leofileng sa ga Adame se bone botshelo jo bo sa khutleng, se tshwanetse go gololwa mo kotlhaong ya boleo le loso. Ereka batho ba ba sa itekanelang ba sa kgone go neela thekololo eo, Jehofa o ne a dira jalo ka lorato ka Jesu Keresete. Lefa go le jalo go rekwa eng ka thekololo? Ebu, fa Adame a ne a leofa, o ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng jwa motho, ditshwanelo tsa jone le ditebelelo tsa jone. Ka gone, go ne ga rekwa gape selo se se tshwanang ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.
Seo Se Thusang ka Sone
Tshiamiso e ne ya diragadiwa fa motho a ne a swa, e leng yone kotlhao ya boleo. Ka jalo thekololo ke tshupo ya bopelonomi jwa Modimo le bopelotlhomogi jwa gagwe jo bo lorato. Botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng jwa motho, ka ditshiamelo tsotlhe tsa bone le ditebelelo tsa bone, bo ne jwa neelwa mo losong mme jwa seka jwa tsewa gape, ka go bo ga a ka a tsosiwa jaaka motho wa nama le madi, mme jaaka sebopiwa se se sa sweng sa semoya. (1 Bakorintha 15:50; 1 Petere 3:18) Botshelo jo bo neetsweng setlhabelo jwa ga Jesu Keresete ka gone bo ne jwa tswelela go nna le maatla a go golola kana a go rekolola.
Jaaka motho yo o senang boleo, Jesu o ne a le mo boemong jo bo tshwanang le joo Adame yo o itekanetseng a neng a le mo go bone kwa tshimologong. Ka go bo Jesu a ile a utlwa Modimo go fitlha a swa, o ne a dirwa Moperesiti o Mogolo, mme o ne a neela Modimo boleng jwa setlhabelo se se itekanetseng sa gagwe sa motho kwa legodimong. (Bahebera 9:24-26) Jesu o ne a ka kgona go rekolola ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame mo boleong le mo losong ka go ba dira gore ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa gagwe, ka gonne Modimo o ne o amogela tlhotlhwa ya thekololo. (1 Bakorintha 6:20; 7:23; 1 Yohane 2:1, 2) Ka gone Jesu o ne a “cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ.” (Bahebera 5:8, 9) Seno se ba kgonisa go bona boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ka Morwa wa gagwe.
Go Gololwa Bomang?
He ke bomang ba ba solegelwang molemo ke thekololo eno? Ke batho ba ba bontshang tumelo mo paakanyetsong eno mme ka gone ba dumalana le Modimo. Ba ka gololwa mo boleong le mo kotlhaong ya bone eleng loso mme ba iponela botshelo jo bo sa khutleng, ka go mo direla ka boikanyegi.—Yohane 17:3.
Motho wa ntlha o ne a ka dira tshwetso ya gore a o ne a batla go ikobela Modimo kana nnyaa. O ne a itlhophela go se mo ikobele. “Adame ga a ka a tsiediwa,” mme o ne a swa jaaka motho yo o ratang boleo. (1 Timotheo 2:14) Lefa go le jalo, go tweng ka ditlogolwana tsa ga Adame? Ba ne ba ka itlhophela go direla Modimo ka botlalo ka dinonofo tsa bone tse di sa itekanelang kana go se ikobele Mmopi wa bone.—Yoshue 24:15.
Jesu o ne a tlile go “ntsha botshelō yoa gagwè gore e nnè serekololō sa batho ba le bantsi.” (Mareko 10:45) Mme “ba le bantsi” ke bomang? Go bonala gore Adame ga a kopanyelediwe ka gonne e ne e le motho yo o itekanetseng yo a neng a itlhophela go se utlwe Modimo ka boomo mme ka gone a swa jaaka moleofi yo o sa ikwatlhaeng, yo o ratang boleo. Mme go tweng ka lelapa la gagwe le legolo le le balwang ka diketekete tsa dimilione? Jesu Keresete o tlosa kotlhao eo e e ruilweng e e leng mo lelapeng la ga Adame ka tlhotlhwa e e lekanang. (Bapisa 1 Timotheo 2:5, 6) Jesu o dira gore “ba le bantsi” ba ba dumelang ba solegelwe molemo ke thekololo ya gagwe.
Badumedi ba ba golotsweng ba akareletsa Bajuda gammogo le Baditšhaba, kana batho ba merafe. Paulo o bua jaana: “Hèla, yaka katlholō e tlisitse tshekishō mo bathuñ botlhe ka tlolō e le ñwe hèla; go nntse hèla yalo nèō ea mphō e tlisitse tshiamishō ea botshelō mo bathuñ botlhe ka tihō e le ñwe hèla ea tshiamō.” (Baroma 5:18) Ka go swela mo mokgorong, ‘Keresete o ne a rekolola [Bajuda] mo phutsong ea molao, ka a diregile phutsego mo boemong jwa bone: gonne go kwadilwe, ga twe, go hutsegile mongwe le mongwe yo o pegwang mo setlhareng.’ (Bagalatia 3:13; Duteronome 21:23) Baroma 4:11 e bua ka Baditšhaba fa e bolela gore Aberahame, rraagwe mogolo Bajuda, fa a ne a ise a rupisiwe, o ne a nna “rra botlhe ba ba dumèlañ, leha ba sa rupa.” Ka jalo he, setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se solegela Bajuda le Baditšhaba ba ba dumelang molemo.
Tsela eo motho mongwe le mongwe a e tsayang e supa fa a tla solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu kana nnyaa. Jaaka Adame, bao ka go rata ba nnang boikepo ga ba patelediwe melemo ya thekololo le botshelo jo bo sa khutleng. Fela jaaka Keresete a rile: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me eo o ganañ go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bōna botshelō, me bogale yoa Modimo bo nntse mo go èna.” (Yohane 3:36) Thekololo gape e dira gore Modimo o kgone go tsosa baswi ba o ba gakologelwang. (Yohane 5:28, 29) Fa ba itshupa ba na le kutlo ba bile ba anaanela, go bona ga bone melemo ya thekololo go raya gore ba tla tshelela ruri. Mme bao ba tshelang mo “metlheñ ea bohèlō,” ba ka kgona go fetela mo botshelong jo bo sa khutleng ba sa swa ka gope.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14, 21, 34; Yohane 11:25, 26.
Mabaka a go Leboga
Mongwe le mongwe yo o batlang gore thekololo e mo solegele molemo o tshwanetse go e anaanela tota. Mme abo tebogo e e ntseng jalo e tshwanela jang! Mo godimo ga moo, thekololo e ne ya dira gore Modimo le Keresete ba supe lorato lo logolo.
Jehofa Modimo o ne a bontsha lorato lo logolo fa a ne a neela thekololo ka loso lwa Morwawe. Jesu o ne a bua jaana: “Modimo o ratile lehatshe [batho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ. Gonne Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe, me e le gore lehatshe le bolokwè ka èna.” (Yohane 3:16, 17) A ga o a tshwanela go anaanela tshupo eno ya lorato lwa Modimo?
Akanya gape ka boteng jwa lorato lwa ga Jehofa mo go baakanyetseng ka thekololo. Pele Morwa Modimo a romelwa mo lefatsheng go tla go tshela le go swa jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a kile a tshela pele. E ne e le “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe,” yoo ‘dilo tsotlhe tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng di bopilweng ka ene, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng.’ (Bakolosa 1:13-16) Abo Jehofa a ne a rata Morwawe jang ne! Lefa go ntse jalo, Modimo ga wa ka wa roma mongwe fela wa baengele ba ba siameng ba ba dimilione mo lefatsheng. Lorato lwa gagwe mo bathong le ne le le legolo thata mo e leng gore o ne a romela Morwawe wa leitibolo.
Tlhokomela gape, lorato lo logolo loo Jesu a neng a lo bontsha ka thekololo. Jaaka sebopiwa sa semoya kwa legodimong, e ne e le “tlhōgō ea tihō” ya Modimo. Ka boammaaruri, “natehèlō ea me [Morwa Modimo] le eōna e ne e le mo baneñ ba batho.” (Diane 8:22-31) Lefa go le jalo, go ne go se motlhofo mo go ene go tloga kwa legodimong, mo boemong jwa lone jo bo siameng mo bokopanong jwa gagwe le Rraagwe le dimireate tsa baengele ba ba siameng. Go tswa kwa boemong jo bo kwa godimo kwa legodimong, Morwa Modimo o ne a kgona go bona maemo a a boikepo mo lefatsheng le matlhotlhapelo ao boleo le loso di neng di a lere mo bathong. O ne a itse gape gore o ne a tshwanetse go swa gore a neele thekololo. Lefa go le jalo, o ne a “tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho. . . . a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho lwa mokgōrō.” Jesu o ne a tsosediwa mo botshelong jo bo galalelang kwa legodimong ka go bo a ile a ikanyega. (Bafilipi 2:5-11) Abo a supile lorato jang ne ka thekololo! A o anaanela seo Jesu a se dirileng?
O tla Dira Eng?
Mobishopo wa Moesemane Richard wa Chichester (c. 1198-1253) o kile a rapela gore ekete banna le basadi ba ka “itse Jesu Keresete ka phepafalo, ba mo rate tota, mme ba mo latele.” Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo eleruri se re naya lebaka le le utlwalang la go mo itse, go mo rata, le go mo latela.
Fa e ne e se ka thekololo, jaaka baleofi re ne re tla swa re sena tsholofelo, ka go bo “lobèlèla loa losho ke boleo.” (1 Bakorintha 15:56) Ka gone, gore o bolokiwe mo losong loo lo neng lo tla nna gone ka gonne o na le lobolela lwa boleo, o tshwanetse go dira eng? O tlhoka go ithuta ka paakanyetso ya Modimo ya poloko ka Jesu Keresete. Morago ga foo o tshwanetse go supa gore o dumela mo thekololong. Jang? Ka go bontsha gore o e anaanela go tswa mo pelong, o ineela ka bowena mo Modimong, mme o bolelela ba bangwe ka paakanyetso eno e e molemo ya poloko.
Tsela eno e ka go dira gore o nne gareng ga “boidiidi yo bogolo” joo bo “cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” Jesu Keresete. (Tshenolō 7:9, 14) Ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) Ee, le wena o ka nna karolo ya boidiidi joo jo bo itumetseng, fa loso lwa ga Jesu eleruri e le sengwe sa botlhokwa mo go wena.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Jesu yo o senang boleo o ne a le mo boemong jo bo tshwanang le joo Adame yo o itekane-tseng a neng a le mo go jone kwa tshimologong
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
A o anaanela seo eleruri se kaiwang ke loso lwa ga Jesu?