Go Tlhaolelwa go Nna Babaki ba ba Itumetseng mo Lefatsheng Lotlhe
“Bakang Jehofa. Bakang lona batlhanka ba ga Jehofa, bakang leina la gagwe.”—PESALEMA 113:1.
1, 2. (a) Go dumalana le Pesalema 113:1-3, ke mang yo tota re tshwanetseng go mmaka ka tlhagafalo? (b) Ke potso efe e go ka tshwanelang go e botsa?
JEHOFA MODIMO ke Mmopi yo Mogolo wa legodimo le lefatshe, Molaodi wa rona wa Lobopo lotlhe wa bosakhutleng. Re tshwanetse go mmaka tota ka tlhagafalo. Ke ka lebaka leo Pesalema 113:1-3 e re laelang jaana: “Bakang Jehofa. Bakang lona batlhanka ba ga Jehofa, bakang leina la gagwe. A go bakwe leina la ga Jehofa, go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng. Go tswa botlhabatsatsi, go ya bophirimong jwa lone, leina la ga Jehofa le na le go bakwa fela.”
2 E re ka re le Basupi ba Modimo, re itumelela go dira seno. A bo go itumedisa jang ne go bo Jehofa Modimo a tla tloga a dira gore pina eno ya pako e re e opelang gompieno e tlale mo lefatsheng lotlhe! (Pesalema 22:27) A lentswe la gago le teng fa gare ga kwaere e kgolo eno ya lefatshe lotlhe? Fa go ntse jalo, a bo go tshwanetse ga bo go go itumedisa jang ne go bo o kgaogane le lefatshe leno le le sa utlwaneng le le le sa itumelang!
3. (a) Ke eng se se dirang gore batho ba ga Jehofa ba farologane le go tlhomologa? (b) Re tlhaotswe ka ditsela dife?
3 Eleruri go baka ga rona Jehofa ka kutlwano go dira gore re farologane le go tlhomologa. Re bua le go ruta ka tsela e e tshwanang e bile re dirisa mekgwa e e tshwanang go bolela ‘molemo o mogolo wa ga Jehofa.’ (Pesalema 145:7) Ee, ka re le batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re tlhaotswe go direla Modimo wa rona Jehofa. Modimo o ne a bolelela batho ba gagwe ba ba ineetseng ba bogologolo e bong Iseraele gore ba nne ba ikgaogantse le ditšhaba tse di ba dikologileng mme ba se ka ba leswafadiwa ke mekgwa ya ditšhaba tseo. (Ekesodo 34:12-16) O ne a naya batho ba gagwe melao go ba thusa go dira seno. Ka mo go tshwanang le gompieno, Jehofa o re neile Lefoko la gagwe le le Boitshepo e leng Baebele. Ditaelo tsa yone di re bontsha ka fa re ka ikgaoganyang le lefatshe leno. (2 Bakorintha 6:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Ga re ikgaoganye ka go nna mo mafelong a a kwa thoko jaaka a baitlami ba banna le ba basadi ba Babilone o Mogolo. Ka go latela sekao sa ga Jesu Keresete, re babaki ba ba bakang Jehofa phatlalatsa.
Etsa Mmaki yo Mogolo wa ga Jehofa
4. Jesu o ne a tlhoma sekao jang malebana le go baka Jehofa?
4 Jesu le ka motlha ga a ise a ko a fapoge mo boikaelelong jwa gagwe jwa go baka Jehofa. Mme seno se ne sa mo farologana le lefatshe. O ne a baka leina la Modimo le le boitshepo mo disinagogeng le mo tempeleng ya Jerusalema. Jesu o ne a rera boammaaruri jwa ga Jehofa phatlalatsa e ka tswa e ne e le mo godimo ga thaba kana fa thoko ga lewatle, gongwe le gongwe koo boidiidi jwa batho bo neng bo phuthega gone. O ne a bolela jaana: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe.” (Mathaio 11:25) Tota le fa Jesu a ne a seka fa pele ga Ponto Pilato, o ne a supa jaana: “Ke tsaletswe sone seno, e bile ke tletse sone seno mo lefatsheng, gore ke neye bosupi ka boammaaruri.” (Johane 18:37) Jesu o ne a lemoga botlhokwa jwa tiro ya gagwe. Gongwe le gongwe koo a neng a le gone, Jesu o ne a neela bosupi ka ga Jehofa phatlalatsa e bile a mmaka.
5. Pesalema 22:22 e bua ka bomang mme re tshwanetse go nna le maikutlo afe?
5 Mo go Pesalema 22:22, re utlwa mafoko ano a boporofeti a a malebana le Mmaki yo Mogolo wa ga Jehofa: “Ke tlaa kakanyetsa bana ba ga rre leina la gago; mo gare ga phuthego ke tlaa go baka.” Mme mo go Bahebera 2:11, 12 moaposetoloi Paulo o dirisa ditemana tseno a bua ka Morena Jesu, le ka ba Jehofa Modimo a ba itshepiseditseng go bona kgalalelo ya legodimo. Jaaka ene, ga ba tlhabiwe ke ditlhong go baka leina la ga Jehofa fa gare ga phuthego. A le rona re ikutlwa jalo fa re le kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego? Go nna le seabe ka tlhagafalo ga rona mo dipokanong, ka mogopolo le ka molomo, go baka Jehofa. A mme go baka ga rona ka boitumelo go felela foo?
6. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tiro efe mme barati ba lesedi ba galaletsa Modimo jang?
6 Go ya ka Mathaio 5:14-16, Morena Jesu le ene o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba phatsimise lesedi la bone gore ba bangwe ba tle ba bake Jehofa. O ne a re: “Lona lo lesedi la lefatshe. . . . A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemomogolo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” Barati ba lesedi ba galaletsa Modimo. A ba dira seno fela ka go dira le go bua dilo tse dintle e le tsa go direla ba bangwe molemo? Nnyaa, go na le moo ba go dira ka go galaletsa Jehofa ka kutlwano. Ee, barati ba lesedi ba ineela mo Modimong mme ba nna babaki ba gagwe ba ba itumetseng. A o tsere kgato e e itumedisang eno?
Go Bona Boitumelo ka Ntlha ya go Baka Jehofa
7. Ke ka ntlha yang fa babaki ba ga Jehofa ba itumetse jaana, mme ba ne ba itumelela eng ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E.?
7 Ke ka ntlha yang fa babaki ba ga Jehofa ba itumetse jaana? Ka gonne boitumelo ke loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo. Mo go Bagalatia 5:22, bo umakiwa fela morago ga lorato. Barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba supa loungo lono lwa moya wa ga Jehofa. Ebu, ka letsatsi la Pentekosete wa 33 C.E., fa Modimo a ne a tshololela moya wa gagwe mo barutweng ba ga Jesu ba le 120, botlhe ba ne ba simolola go baka Jehofa ka diteme tse di farologaneng. Bajuda ba ba ratang kobamelo ba ba neng ba tlile Jerusalema go tswa mo ditšhabeng di le dintsi ‘ba ne ba akabetse e bile ba gakgametse.’ Ba ne ba goeletsa jaana: “Re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo”! (Ditiro 2:1-11) Go baka Jehofa jalo ka diteme tse dintsi go ne ga felela ka matswela afe a a molemo? Mo e ka nnang Bajuda le basokologela Sejudeng ba ka nna 3000 ba ne ba amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi malebana le Mesia. Ba ne ba kolobediwa, ba amogela moya o o boitshepo, mme ka tlhagafalo le bone ba nna babaki ba ba itumetseng ba ga Jehofa. (Ditiro 2:37-42) A bo seo e ne e le masego a magolo jang ne!
8. Morago ga Pentekosete, Bakeresete ba ne ba dira eng go oketsa boitumelo jwa bone?
8 Pego e tswelela pele jaana: “Malatsi ka go latelana ba ne ba le mo tempeleng ka metlha ka tumalano e le nngwe, mme ba ne ba jela dijo tsa bone mo magaeng a bone e bile ba ja dijo ka go ipela mo gogolo le ka bopeloephepa jwa pelo, ba baka Modimo e bile ba bona kamogelo ya batho botlhe. Mo godimo ga moo Jehofa a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.” (Ditiro 2:46, 47) A e ne e le go kopana mmogo ga bone fela le go ja dijo go go neng go dira gore ba itumele thata? Nnyaa, boitumelo jwa bone jo bogolo e ne e le ka ntlha ya go baka Jehofa Modimo malatsi ka go latelana. Mme boitumelo jwa bone bo ne jwa gola fa ba ne ba bona diketekete di arabela molaetsa wa bone wa poloko. Go ntse jalo le ka rona gompieno.
Babaki ba ba Itumetseng mo Ditšhabeng Tsotlhe
9. (a) Ke leng e bile ke jang Modimo a neng a naya batho ba ditšhaba tsotlhe sebaka sa go utlwa dikgang tse di molemo? (b) Ke ka ntlha yang fa moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa Korenelio le ba a neng a na nabo pele ga ba kolobediwa?
9 Jehofa o ne a sa batle gore tiro ya batlhanka ba gagwe ya go phatsimisa lesedi e dirwe ke setšhaba se le sengwe fela. Ka jalo, go simolola ka 36 C.E., o ne a naya batho ba ditšhaba tsotlhe sebaka sa go utlwa dikgang tsa gagwe tse di molemo. Petere, o ne a kaelwa ke Modimo go ya kwa ntlong ya motlhankedi wa masole wa Moditšhaba kwa Kaesarea. Koo o ne a bona Korenelio le ditsala tsa gagwe tse a atamalaneng thata le tsone le ba lelapa la gagwe. Fa ba ntse ba reeditse mafoko a ga Petere ka kelotlhoko, ba ne ba dumela mo go Jesu mo dipelong tsa bone. Re itse jang? Ka gonne moya wa Modimo o o boitshepo o ne wa tla mo bathong ba Baditšhaba. Gantsi, mpho ya moya wa Modimo e ne e abiwa morago ga kolobetso, mme mo lekgetlhong leo Jehofa o ne a supa fa a amogetse batho bano ba e seng Bajuda pele ga ba kolobediwa. Fa Jehofa a ka bo a sa dira jalo, Petere o ne a se kitla a tlhomamisega gore jaanong Modimo o amogela Baditšhaba go nna batlhanka ba Gagwe le gore ba ne ba tshwanelegela go kolobediwa mo metsing.—Ditiro 10:34, 35, 47, 48.
10. Go ile ga bolelelwa pele jang go tloga bogologolo gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla baka Jehofa?
10 Go tswa mo nakong ya bogologolo, Jehofa o ile a bolelela pele gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla mmaka. O ne a tla nna le babaki ba ba itumetseng mo nageng nngwe le nngwe. Go supa boammaaruri jwa seno, moaposetoloi Paulo o ne a nopola boporofeti jo bo tswang mo Dikwalong tsa Sehebera. O ne a bolelela phuthego ya ditšhabatšhaba ya Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela, ka tebelelo ya kgalalelo mo Modimong. Gonne ka re Keresete o ne tota a nna modiredi wa ba ba rupileng mo boemong jwa boammaaruri jwa Modimo, e le gore a tlhomamise ditsholofetso tse O neng wa di dira mo go borraabonemogologolwane, le gore merafe e tle e galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya one. Fela jaaka go kwadilwe ga twe [mo go Pesalema 18:49]: ‘Ke gone ka moo ke tla bolelang ka tshosologo mo merafeng fa ke dumela mo go wena mme ke tla opelela leina la gago molodi.’ Mme gape wa re [mo go Duteronome 32:43]: ‘Itumeleng, lona merafe, le batho ba gagwe.’ Mme gape [mo go Pesalema 117:1]: ‘Bakang Jehofa, lona lotlhe merafe, mme a batho botlhe ba mmake.’”—Baroma 15:7-11.
11. Modimo o thusitse jang batho ba ditšhaba tsotlhe go ithuta boammaaruri jwa gagwe, mme matswela e nnile afe?
11 Batho ga ba ka ke ba kgona go baka Jehofa ka kutlwano fa ba sa solofele mo go Jesu Keresete, ene yo Modimo o mo tlhomileng go busa batho ba ditšhaba tsotlhe. Modimo o dirile thulaganyo ya go ruta ya lefatshe lotlhe, go ba thusa go tlhaloganya boammaaruri jwa Gagwe jo bo isang botshelong jo bo sa khutleng. O neela kaelo ka setlhopha sa gagwe sa motlhanka wa gagwe yo o boikanngo. (Mathaio 24:45-47) Matswela ke afe? Mantswe a a fetang dimilione di le tlhano a a itumetseng a opela dipako tsa ga Jehofa mo dinageng tse di fetang 230. Mme dimilione tse di oketsegileng tsa batho di bontsha kgatlhego ka go dira se se tshwanang. Bona gore ke ba ba kae ba ba ileng ba nna teng kwa Segopotsong ka 1996: 12 921 933. Go a itumedisa ruri!
Go Boleletswe Pele ka Boidiidi jo Bogolo Jwa Babaki ba ba Itumetseng
12. Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo efe e e kgatlhang mme e diragadiwa jang ka tsela ya mmatota?
12 Moaposetoloi Johane o ne a bona mo ponatshegelong “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo ditšhabeng jotlhe. (Tshenolo 7:9) Setlhogo sa dipako tse boidiidi jono jo bogolo bo di opelang mmogo le masalela a Modimo a a tloditsweng ke sefe? Johane o re bolelela jaana: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, o o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.” (Tshenolo 7:10) Seno se bolelwa ka bopelokgale mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. Jaaka e kete re tshwere dikala tsa mokolwane, ka kutlwano re baka Modimo ka e le Molaodi wa Lobopo Lotlhe e bile re ipolela fa pele ga legodimo le lefatshe gore poloko ya rona “re e neilwe” ke ene le Morwawe yo e leng Kwana, Jesu Keresete. A bo moaposetoloi Johane a ile a itumela jang ne fa a ne a bona ponatshegelo eno e e kgatlhang ya boidiidi jo bogolo! Mme a bo go itumedisa jang ne go bo rona gompieno re kgona go bona, e bile re le karolo ya selo sa mmatota se Johane a se boneng!
13. Ke eng se se farologanyang batho ba ga Jehofa le lefatshe?
13 Rona batlhanka ba ga Jehofa, re ipitsa ka leina la gagwe ka boipelo. (Isaia 43:10, 12) Go nna Basupi ba ga Jehofa go dira gore re farologane le lefatshe leno. A bo go itumedisa jang ne go ipitsa ka leina la Modimo le le sa tshwaneng le lepe le go bo re dira tiro ya gagwe ya bomodimo e le boikaelelo jwa rona jo bogolo mo botshelong! Boikaelelo jwa ga Jehofa jo bogolo jwa go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe jwa lebopo lotlhe ka Bogosi jwa gagwe bo dirile gore botshelo jwa rona bo nne le bokao. Mme o re thusitse go nna le seabe mo boikaelelong jwa gagwe jwa bomodimo malebana le leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe. O dirile seno ka ditsela tse tharo.
Go Newa Boammaaruri
14, 15. (a) Tsela e le nngwe e Modimo a re thusitseng go nna le seabe mo maikaelelong a gagwe a bomodimo malebana le leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe ka yone ke efe? (b) Bogosi bo tlhomilwe jang ka 1914 C.E. go farologana le jo bo ileng jwa digwa ka 607 B.C.E.?
14 Sa ntlha, Jehofa o neile batho ba gagwe boammaaruri. Tshenolo e e kgatlhang go di gaisa tsotlhe ke ya gore Bogosi jwa gagwe bo simolotse go busa ka 1914. (Tshenolo 12:10) Puso eno ya selegodimo e farologane le bogosi jo bo neng bo bo tshwantshetsa jwa kwa Jerusalema, koo dikgosi tsa losika lwa ga Dafite di neng di tlhomiwa mo bogosing teng. Bogosi joo bo ne jwa digwa, mme mo tshimologong ya 607 B.C.E., Jerusalema e ne ya laolwa gotlhelele ke mebuso ya lefatshe ya Baditšhaba. Bogosi jo bosha jo Jehofa a ileng a bo tlhoma ka 1914 ke puso ya selegodimo e mo go yone go se kitlang go busa ope fa e se Jehofa fela, e bile ga bo kitla bo fedisiwa. (Daniele 2:44) Gape, bolaodi jwa jone bo farologane. Jang? Tshenolo 11:15 e a araba: “Ga utlwala mantswe a a kwa godimo kwa legodimong, a re: ‘Bogosi jwa lefatshe ruri jaanong ke bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.’”
15 “Bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe” bo laola lefatshe lotlhe la batho. Bolaodi jo bosha jono jwa ga Jehofa, jo bo akaretsang Morwawe wa Mesia le bomonnawe Jesu ba ba 144 000, ba bontsi jwa bone bo setseng bo tsoseditswe go ya kgalalelong ya selegodimo, ga se thuto fela e e kgatlhang—sengwe se e leng kgopolo fela e baithuti ba ka ratang go tlotla ka yone. Nnyaa, Bogosi jono jwa selegodimo ke puso ya mmatota. Mme tebelelo ya rona e e itumedisang ya go tshelela ruri re itekanetse ka ntlha ya go busa ga yone e re naya mabaka a mantsi a go tswelela pele re itumela. Go bo re neilwe boammaaruri jo bo ntseng jalo jwa Lefoko la ga Jehofa re tlhotlheletsega go bua molemo ka lone ka metlha. (Pesalema 56:10) A o dira seno ka metlha ka go bolelela mongwe le mongwe gore Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia bo a busa gone jaanong kwa legodimong?
Go Thusiwa ke Moya o o Boitshepo le Bokaulengwe Jwa Lefatshe Lotlhe
16, 17. Tsela ya bobedi le ya boraro e Modimo a re thusitseng go nna le seabe mo maikaelelong a gagwe a bomodimo ke dife?
16 Tsela ya bobedi e Modimo a re thusitseng go nna le seabe mo maikaelelong a gagwe a bomodimo ke ka go re naya moya wa gagwe o o boitshepo, o o re thusang go ungwa maungo a one a mantle mo matshelong a rona gore a re amogele. (Bagalatia 5:22, 23) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Re ne ra amogela, . . . moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse re di neilweng ka bopelonomi ke Modimo.” (1 Bakorintha 2:12) Ka go amogela thuso ya moya wa ga Jehofa, rotlhe gone jaanong re ka kgona go itse le go tlhaloganya dilo tse di molemo tsa gone jaanong tse a re di neileng—ditsholofetso tsa gagwe, melao ya gagwe, melaometheo, jalo le jalo.—Bapisa Mathaio 13:11.
17 Malebana le tsela ya boraro e Modimo a re thusang ka yone, re na le bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe le thulaganyo e e itumedisang ya kobamelo ya ga Jehofa ya phuthego. Moaposetoloi Petere o ne a bua ka yone fa a ne a re kgothaletsa gore re ‘nne le lorato mo lesomong lotlhe la bakaulengwe.’ (1 Petere 2:17) Lelapa la rona le le lorato lwa ditšhabatšhaba la bakaulengwe le bokgaitsadi le re thusa go direla Jehofa ka boitumelo jo bogolo, jaaka Pesalema 100:2 e laela: “Direlang Jehofa ka boipelo; tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka go opela.” Temana ya 4 e tswelela pele ka gore: “Tsenang mo dikgorong tsa gagwe ka go ntsha tebogo, le mo malwapeng a gagwe ka pako; mo ntshetseng malebogo, mme lo bake leina la gagwe.” Ka jalo, le fa re ka tswa re rera phatlalatsa kana re nna teng kwa dipokanong tsa rona, re ka itumela. A bo re bona boitumelo le pabalesego jang ruri mo malwapeng a mantle a tempele ya ga Jehofa ya semoya!
Bakang Jehofa ka Boitumelo!
18. Ke ka ntlha yang fa re ka itumelela go baka Jehofa le fa re nna le dipogisego kana mathata a mangwe?
18 Go sa kgathalesege maemo a a boima, pogiso, kana mathata a mangwe a re kopanang le one, a re itumeleng go bo re le mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo. (Isaia 2:2, 3) Gakologelwa gore boitumelo ke nonofo ya pelo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba bogologolo e ne e le babaki ba ba itumetseng ba ga Jehofa le mororo ba ne ba na le mathata le go latlhegelwa ke dilo tse dintsi. (Bahebera 10:34) Badumedikarona gompieno ba ntse fela jaaka bone.—Mathaio 5:10-12.
19. (a) Ke ditaelo dife tse di boelediwang tse di re tlhotlheletsang go baka Jehofa? (b) Go tshelela ruri ga rona go ikaegile ka eng, mme re ititeile sehuba go dira eng?
19 Rotlhe ba re direlang Jehofa re itumelela go ikobela ditaelo tsa Baebele tsa go mmaka. Buka ya Tshenolo e gatelela go baka Modimo gangwe le gape ka polelwana e e reng “Bakang Ja!” (Tshenolo 19:1-6) Mo ditemaneng tse thataro tsa Pesalema 150, re bolelelwa ka makgetlho a le 13 gore re bake Jehofa. Seno ke boikuelo mo dibopiweng tsotlhe tsa lobopo gore di nne seoposengwe go opelela Jehofa pako. Go tshelela ruri ga rona go ikaegile ka go kopana mmogo ga rona mo go opeleng Haleluja! Ee, batho ba ba tla tshelelang ruri e tla nna fela ba ba bakang Jehofa ka bosakhutleng. Ka jalo, re ititeile sehuba go nna re le gaufi le phuthego ya gagwe ya lefatshe lotlhe e e ikanyegang jaaka fa bokhutlo bo ntse bo atamela. Ka jalo he, re ka lebelela go bona mafoko a a konelang a Pesalema 150 a diragadiwa ka botlalo: “A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa. Bakang Jehofa.”
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng se se dirang gore batho ba ga Jehofa ba farologane, ba tlhomologe?
◻ Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse jaana?
◻ Ke eng se se re farologanyang le lefatshe?
◻ Ke ditsela dife tse tharo tse ka tsone Modimo a re thusang go nna le seabe mo maikaelelong a gagwe a bomodimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Gongwe le gongwe koo Jesu a neng a le gone, o ne a neela bosupi ka Jehofa e bile a mmaka phatlalatsa