Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Mosadi yo o Botlhale o Tila Kotsi ya Masetlapelo
MOSADI yo o botlhale yo o neng a nyetswe ke monna yo o seeleele—joo e ne e le boemo jo Abigaile le Nabale ba neng ba le mo go jone. Abigaile o ne a na le “tlhaloganyo thata, a le montle mo sefatlhegong.” Go farologana le seo, Nabale o ne a le “[peloethata, NW], a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” (1 Samuele 25:3) Ditiragalo tse di neng tsa diragala tse di akaretsang banyalani bano ba ba sa tshwanelaneng di ne tsa dira gore maina a bone a kwalwe mo hisitoring ya Baebele e e sa lebalesegeng. A re boneng gore go tlile jang.
Tiro e e Molemo e e Neng e sa Tsewe e le Botlhokwa
E ne e le ka lekgolo la bo11 la dingwaga B.C.E. fa Dafite a ne a setse a tloditswe go nna kgosi ya Iseraele ya mo isagweng, mme mo boemong jwa go busa o ne a nnela go tshaba. Kgosi Saule yo o neng a busa o ne a ititeile sehuba gore a mmolaye. Ka ntlha ya seo, Dafite o ne a patelesega go tshela jaaka motshabi. Ene mmogo le masole a le 600 kgabagare ba ne ba tshabela kwa nageng ya Parane, e e kwa borwa jwa Juta go ya ntlheng ya naga ya Sinai.—1 Samuele 23:13; 25:1.
Fa ba le koo, ba ne ba kopana le badisa ba ba neng ba hirilwe ke monna yo o neng a bidiwa Nabale. Setlogolwana seno sa ga Kalebe se se neng se humile se ne se na le dinku di le 3000 le dipodi di le 1000, mme se ne se beolela dinku tsa sone kwa Karemele, e leng motse o o neng o le kwa borwa jwa Heberone mme gongwe e ne e le dikilometara di le 40 go tswa kwa Parame.a Dafite le banna ba gagwe ba ne ba thusa badisa ba ga Nabale go disa matsomane a bone gore a se ka a tsewa ke magodu a a neng a kailakaila mo nageng eo.—1 Samuele 25:14-16.
Ka yone nako eo, go beola dinku go ne go setse go simologile kwa Karemele. E ne e le nako ya mokete, e e neng e tshwana le nako ya thobo ya molemi. Gape e ne e le nako ya go neelana dilo ka bopelotshweu, fa beng ba dinku ba ne ba duela ba ba neng ba ba direla. Ka jalo Dafite o ne a sa ipagololele mogodu fa a ne a roma banna ba le lesome kwa motseng wa Karemele go ya go kopa Nabale dijo e le go duelela tirelo e ba e dirileng ya go disa dinku tsa gagwe.—1 Samuele 25:4-9.
Karabo ya ga Nabale e ne e se ya bopelotshweu. “Ana Dafite e be e le mang?” o ne a sotla jalo. Morago ga moo, ka go bontsha gore Dafite le banna ba gagwe e ne e le batlhanka ba batshabi, o ne a botsa jaana: “A ke tlaa tsaya senkgwe sa me, le metsi a me, le nama ya me e ke e bolaetseng babeoledi ba me, ke di neye batho ba ke sa itseng kwa ba tswang gone?” Fa Dafite a utlwa seno, o ne a bolelela banna ba gagwe jaana: “A mongwe le mongwe a ikgatlhe ka tšhaka ya gagwe.” Banna ba ka nna 400 ba ne ba ipaakanyetsa ntwa.—1 Samuele 25:10-13.
Botlhale Jwa ga Abigaile
Mafoko a matlhapa a ga Nabale a ne a utlwiwa ke mosadi wa gagwe e bong Abigaile. Gongwe leno ga se lekgetlho la ntlha mo a neng a tshwanelwa ke go tsereganya le go dira e le modirakagiso wa ga Nabale. Legale, Abigaile o ne a tsaya kgato ka bonako. O ne a se ka a bolelela Nabale, a phutha dilo tse di tlhokegang—go akaretsa dinku tse tlhano le dijo tse dintsi—mme a tsamaya a ya go kopana le Dafite kwa nageng.—1 Samuele 25:18-20.
Fa Abigaile a simolola go bona Dafite, a mo ikobela ka bonako. “A morena wa me a se tlhokomele monna yole wa seramatla, e bong Nabale,” o ne a mo kopa jalo. “Theseletso e lelata la gago le e lerileng moreneng wa me, e newe makau a a setseng morena wa me morago.” O ne a oketsa jaana: “Ga go ketla [boemo jwa ga Nabale] go nna khutsafalo mo go wena, le fa e le kgopiso ya pelo mo go morena wa me.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano ka gore “khutsafalo” le kaya go tshwenyega ga segakolodi. Ka jalo Abigaile o ne a tlhagisa Dafite kgatlhanong le go tsaya kgato ka bonako e e tla reng kwa morago a e ikwatlhaele.—1 Samuele 25:23-31.
Dafite o ne a reetsa Abigaile. O ne a mmolelela jaana: “A go bakwe botlhale jwa gago, a go bakwe wena, yo o nthibileng gompieno mo mading a a se nang molato. Fa o ka bo o se ka wa itlhaganela wa tla go nkgatlhantsha, ruri e ne e tlaa re bosa bo o sa, go ka bo go se ka ga salela Nabale sepe, le fa e le [ope yo o neng a tla sala a tlhapologa mo leboteng, NW].”b—1 Samuele 25:32-34.
Dithuto mo go Rona
Pego eno ya Baebele e bontsha gore eleruri ga go phoso gore mosadi wa bomodimo a tseye kgato e e tshwanetseng fa go tlhokega gore a dire jalo. Abigaile o ne a dira selo se se neng se le kgatlhanong le dikeletso tsa monna wa gagwe, Nabale, mme Baebele ga e mo kgalemelele seno. Go farologana le seno, e mmaka e le mosadi yo o botlhale. Ka go tsaya kgato pele mo bothateng jono, Abigaile o ne a boloka matshelo a batho ba le bantsi.
Le mororo ka kakaretso mosadi a tshwanetse go bontsha moya wa boikobo wa bomodimo, o ka nna a se ka a dumalana le monna wa gagwe ka tsela e e tshwanetseng fa melaometheo e e siameng e sa latelwe. Ke boammaaruri gore o tshwanetse go gagamalela go nna le “moya o o didimetseng le o o bori” e bile ga a tshwanela go itirela dilo ka boene ka go nyatsa, ka boikgogomoso, kana ka go tsuologa. (1 Petere 3:4) Le fa go ntse jalo, mosadi wa bomodimo ga a tshwanela go ikutlwa a patelesega go dira sengwe le sengwe se a itseng gore ga se botlhale kana ga se dumalane le melaometheo ya Baebele. Ke boammaaruri gore pego ya ga Abigaile e ganetsa thata batho ba ba ganelelang ka gore Baebele e supa fa basadi e le malata fela.
Gape pego eno e re ruta go nna boikgapo. Ka dinako tse dingwe, Dafite o ne a bontsha nonofo eno ka botlalo. Ka sekai, o ne a gana go bolaya Kgosi Saule yo o neng a batla go ipusolosetsa, le mororo a ne a na le sebaka se se tshwanetseng sa go dira jalo e bile loso lwa ga Saule le ne le tla dira gore Dafite a nne mo kagisong. (1 Samuele 24:2-7) Se se farologaneng le seo, fa Nabale a ne a mo sotla a dirisa matlhapa, Dafite o ne a sa ipaakanyetsa mme a batla go ipusolosetsa. Seno ke tlhagiso e e tlhamaletseng mo Bakereseteng, ba ba gagamalelang gore ba se ka ba ‘busetsa ope bosula ka bosula.’ Mo maemong otlhe, ba tshwanetse go latela tlhagiso eno ya ga Paulo: “Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona. Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale.”—Baroma 12:17-19.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go tlhaloganngwa gore naga ya Parane e fitlha kwa bokone jo bo kgakala jwa Beeresheba. Karolo eno ya naga e ne e na le mafulo a magolo.
b Mafoko a a reng “ope yo o neng a tla sala a tlhapologa mo leboteng” e ne e le sekapuo sa Sehebera se se neng se lebisitse mo banneng fela, gongwe e ne e le mafoko a a bontshang lonyatso.—Bapisa 1 Dikgosi 14:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Abigaile o tlisetsa Dafite dimpho