Go Etela Tshimo ya Rona ya Borongwa e e Leng Legae la Rona
SETLHOPHA sa diphuthego tsa Bokeresete tse ke di etelang di ntsamaisa go tswa kwa Portugal go ya kwa China—kana re ka re go lebega jalo. Le fa go ntse jalo, nna le mosadi wa me Olive, ga re ise re ko re tloge kwa Boritani.
Re etela diphuthego tse di ntseng di oketsega tsa Basupi ba ga Jehofa, tse di buang dipuo tsa seeng tse di gasameng mo nageng eno yotlhe. Go tswa mo setlhaketlhakeng sa Jersey, mo e ka nnang dikilometara di le 20 go tloga mo lobopong la Normandy kwa Fora, koo re nang le setlhopha sa Bapotokisi, go ya go fitlha kwa toropong ya Sunderland kwa bokone jwa Engelane, koo re etelang batho ba ba kgatlhegang ba ba buang Setšhaena gone, re ne ra nna le seabe mo tshimong e e golang sentle e e atlegang mo semoyeng ya batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng. Go tlile jang gore re nne le kabelo eno e e sa tlwaelegang? Mme go diragala eng mo tshimong ya borongwa e e leng legae la rona? E re ke tlhalose.
Nna le Olive re ne ra direla mo e ka nnang dingwaga di le 20 mo tirong ya potologo, beke le beke re etela diphuthego tse di farologaneng. Maeto a rona a ne a dira gore re tswe kwa bokone re ye kwa borwa, re tswe kwa botlhaba re ye kwa bophirima mo Boritane yotlhe, mme bosheng jaana ra ya kwa bakaulengweng ba rona ba Bakeresete kwa setlhaketlhakeng sa Mediterranean sa Malta, koo re neng ra bona tsholo e ntle e e tlhomologileng ya Bokeresete. (Bapisa Ditiro 28:1, 2.) Morago ga dingwaga di le tharo kwa Malta, re ne ra simolola go ipotsa gore kabelo ya rona e e latelang e tla nna kae. Re ne re akanya gore gongwe re tla etela lefelo la metse ya selegae ya Baesemane, mme re ne ra simolola go baakanya megopolo ya rona gore fa seno se ka direga. A bo re ne ra gakgamala jang ne fa re amogela kabelo ya rona ya go ya go direla mo potologong eno e ntšha e e dirilweng ke ditlhopha le diphuthego tse di buang dipuo di le 23 tse di farologaneng!
Re ne re ipotsa gore re tla kgona jang. Kwa ntle ga boitemogelo jwa rona jwa kwa Malta, re ne re sa kopane go le kalo le batho ba ba godileng ka tsela e e farologaneng le ya rona e bile e le ba ditso tse di farologaneng. A ruri re ne re tla kgona go thusa batho ba ba neng ba sa tlhaloganye Seesemane go le kalo? Re tla buisana jang le bone re sa itse dipuo tse dingwe? Go tweng ka dijo le ditlwaelo tse di farologaneng tsa batho ba bangwe? A re ne re tla fetofetoga ka mo go lekaneng go tsamaisana le tsone? Re ne ra ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno fa re ntse re akanyetsa pitso eno ya Makedonia ka thapelo.—Ditiro 16:9, 10; 1 Bakorintha 9:19-22.
Go Fenya Bothata Jwa Puo
“Fa ke simolola ke ne ke ikutlwa ke sa kgone gonne ke ne ke sa itse dipuo tse dingwe,” go tlhalosa Olive. “Ke ne ke sa bone kafa nka thusang bokgaitsadi ka gone. Mme ke ne ka gakologelwa kafa banyalani ba re simolotseng go ithuta Baebele le bone ka lekgetlho la ntlha ba neng ba re kgothatsa ka gone gore re se ka le ka motlha ra tsamaya re gana kabelo. Ba ne ba re ruta gore Jehofa ga a ke a re kopa go dira selo se re ka se kang ra kgona go se dira.” Ka jalo ka bobedi re ne ra amogela kabelo eno ka go rata.
Fa re akanya ka gone, re bona gore go se itse ga rona dipuo tse dingwe go re thusitse gore re tshware mongwe le mongwe ka go lekalekana. Ka sekai, go nna gone mo dipokanong tse di tshwarwang ka puo e sele beke le beke go dirile gore re lemoge kafa bakaulengwe ba ikutlwang ka gone fa ba tshwanelwa ke gore ba nne mme ba reetse dipokano tse di tshwerweng ka puo ya Seesemane le mororo ba sa tlhaloganye go le kalo se se buiwang. Ruri re tshwanelwa ke go baakanyetsa dipokano sentle e le gore re ka kgona go tlhaloganya se go buiwang ka sone. Ka metlha Olive o araba nngwe ya dipotso mo pokanong. O baakanyetsa karabo ka Seesemane mme a bo a naya kgaitsadi mongwe gore a mo ranolele, mme se a se ranotseng a se kwale ka mokwalo wa rona o o tlwaelegileng. O a dumela gore o a tle a okaoke go tsholetsa letsogo la gagwe gore a arabe. Ka dinako tse dingwe maiteko a gagwe a dira gore batho ba tshege. Mme seno ga se mo kgobe marapo. “Ke a itse gore bakaulengwe ba anaanela maiteko a me,” o bolela jalo. “Totatota, dikarabo tsa me di kgothatsa ba ba itseng go bua puo sentle gore ba nne le seabe mo pokanong.”
Go neela puo le gone go farologane mo go nna, gonne ke tshwanetse gore fa ke fetsa go bua mola mongwe le mongwe ke neye motoloki sebaka sa go toloka. Go motlhofo thata go latlhegelwa ke mogopolo wa se ke neng ke se bua. Ke fitlhela gore ke tshwanetse go tlhoma mogopolo tota mme ke fokotse puo ya me fela thata. Mme le fa go ntse jalo ke a e itumelela.
Bodiredi Jwa Rona jo bo Farologaneng
Mo mafelong a mantsi a metsesetoropo a Boritane, batho ba ba buang dipuo tsa seeng ba phatlaletse, gongwe go nna ba babedi fela mo seterateng se le sengwe, mme o bo o tshwanetse go tsamaya sekgala se se rileng go bona ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa o ba dumedisa ka puo ya bone o bo o bona tsela e ba arabang ka yone, o ikutlwa o dirile selo se se molemo thata. Fa mokaulengwe yo ke tsamayang le ene a neela mongantlo molaetsa wa Bogosi ka puo ya gagwe, gantsi batho ba o itumelela thata.
Ruri, bodiredi mo tshimong ya dipuo di sele ke nngwe ya dilo tse di kgatlhang thata tseo re ileng ra nna le tsone mo dingwageng tsa rona tse 40 tsa tirelo ya Bogosi. Go bonala koketsego e le kgolo tota. Ga go na pelaelo gore batho ba le bantsi ba ithuta ka bonako thata le ka kanaanelo e kgolo fa ba rutiwa ka leleme la bone. (Ditiro 2:8, 14, 41) Go ama maikutlo tota go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshologa dikeledi tsa boitumelo morago ga pokano, mo makgetlhong mangwe e le lekgetlho la ntlha ba reetsa le go tlhaloganya thulaganyo yotlhe ka puo ya bone.
Fa re rera ka ntlo le ntlo, re leka gore re dire matseno ka puo ya mongantlo, le fa ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le mo mathateng. Ka sekai, tumediso e e tlwaelegileng ya Ba-Gujarati ke Kemcho, se se rayang fela gore “Dumela.” Go bonala ka letsatsi lengwe ke ne ka dira phoso fa ke le bitsa mme ga utlwala e kete ke ne ke phasalatsa letshwao la kofi nngwe e e itsegeng thata. Le fa go ntse jalo, kwa legaeng lengwe monna le mosadi wa teng ba ne ba nyenya fa ke ba dumedisa ka Se-Gujarati. Ka bonako fela ba ne ba re laletsa gore re tsene mme ba re direla kofi ka pelo e tshweu—e se ka gonne ke ne ke sa itse go bitsa lefoko lengwe sentle. Kante ba ne ba amana le Basupi bangwe ba ga Jehofa ba ba neng ba le mo setlhopheng se re neng re se etetse, mme ba ne ba bontsha fa ba kgatlhegela boammaaruri thata.
Kgaitsadi mongwe yo o neng a bua Seesemane o ne a tlhola a tlisetsa mosadi mongwe yo o neng a bua Setšhaena dimakasine ka dingwaga di le dintsi. Nako le nako o ne a tle a kope mosadi yono gore a mo tshwarele thuto ya legae ya mahala ya Baebele, mme o ne a e gana. Ka letsatsi lengwe o ne a tsamaya le kgaitsadi mongwe yo o neng a ithuta Setšhaena mme a mo naya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka puo eo, mme mongantlo o ne a e amogela ka yone nako eo.a Mme jaanong o ne a dumela go ithuta Baebele, gonne a na le buka ka leleme la gagwe. Mafokonyana ao a mmalwa a a neng a buiwa ka puo ya mosadi yono a ne a dira gore go nne le phetogo e kgolo.
Ditso Tse di Farologaneng
Re ne re sa itse gore mo ditsong tse dingwe banna ga ba rate gore basadi ba bone ba tsamaye ba le bosi bosigo. Seno se dira gore go nne thata gore bokgaitsadi ba nne gone kwa dipokanong tse di tshwarwang maitseboa. Merafe e mengwe ya kwa Asia e dumela gore makgarebe a a tlhophang go nna a sa nyalwa mme a bo a tswelela a nna mo gae a diga lelapa seriti. Rraagwe kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a batla go ipolaya ka botlhole fa kgaitsadi yono a gana go nyalwa ke monna yo ba lelapa ba mo tlhophetseng ene. Ee, bokgaitsadi bano ba tshwanetse go itshokela dilo tse di sa tlwaelegang tota! Le fa go ntse jalo, fa o leba se boammaaruri bo se dirang mo botshelong jwa lelapa le kafa bothokgami jwa bokgaitsadi bano mo go Jehofa bo kgatlhang batsadi ba bone ka gone, ruri ke selo se se kgatlhang tota.
E rile fa re amogela kabelo eno, re ne ra tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe. Pele re simolola tiro ya potologo, ke ne ke ijela fela dijo tsa Seesemane, mme gone jaanong ke rata thata tse di tshetsweng ditswaiso. Re ikwatlhaela dingwaga tse dintsi tse di ileng tsa feta pele ga re simolola go itumelela dijo tse di apeilweng ka ditsela tse di farologaneng jaana—go tloga ka tlhapi e e sa butswang go ya go tse di tsentsweng ditswaiso tse dintsi.
Go Lebelela Dilo Tse di Itumedisang
Go bonala sentle gore eno ke nako ya gore tshimo ya dipuo tsa seeng e gole mo mafelong a le mantsi. Dikgatiso di le dintsi jaanong di gone ka dipuo tse di farologaneng. O kgona go lemoga tshegofatso ya ga Jehofa fa go ntse go nna le diphuthego tse disha. Bakaulengwe ba ba itseng dipuo tse dingwe ba tla go tswa kwa mafelong a a kgakala go tla go thusa.
Sekao se se tlhomologileng e nnile tsela e go arabelwang ka yone mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka Sefora. Mo dingwageng tsa bosheng jaana bontsi jwa batshabi ba ba buang Sefora ba ba tswang kwa Zaire le kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika ba tlile mo Boritane. Fa phuthego ya ntlha ya puo ya Sefora e thewa mo Lontone, go ne ga kopanela baboledi ba Bogosi ba le 65. Morago ga ngwaga palo e ne ya gola ya nna 117, mme mo go bano botlhe, ba le 48 ba ne ba direla ka nako e e tletseng e le babulatsela ba ka metlha. Ka bonako fela go ne ga tlhongwa phuthego ya bobedi go tlhokomela kgatlhego e e golang. Gone jaanong ba ba kgatlhegang ba ka kgona go bontshiwa tlhokomelo e e oketsegileng, bao ba le 345 ba bone ba neng ba nna gone kwa moketeng wa Segopotso ka 1995. Ba e neng e le baalogi ba Gileate ba ba neng ba direla kwa Benin, Côte d’Ivoire, Morocco, le Zaire jaanong ba dirisa boitemogelo jwa bone go tlhokomela tshimo e e golang, mme go a kgatlha go bona ka tsela e batho ba arabelang ka yone.
Ka nako e nngwe fa re ne re etetse phuthego e e buang Sefora, re ne ra ya go ithuta Baebele le lekgarebe lengwe la Moafrika. Fa re tshwanetse gore re tsamaye, lekgarebe leno le ne la re kopa la re: “Tsweetswee lo se ka lwa tsamaya. Nnang lobakanyana.” O ne a batla go itse go le gontsi. O ne a nkgopotsa Lydia wa lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditiro 16:14, 15.
Tiro ya rona ya ntlha e ne e le go thusa ditlhopha tse dinnye tse di buang puo ya seeng gore e nne diphuthego. Kwa bakaulengwe ba neng ba tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego gone, re ne ra dira gore go nne le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se se khutshwafaditsweng gangwe ka kgwedi. Seno se ba thusa gore ba kgone go itlhalosa sentle mo bodireding jwa tshimo. Mme e ne ya re fa nako e ntse e ya ba ne ba dira gore ba nne le dipokano tsotlhe tse tlhano tsa phuthego beke le beke. Re setse re na le diphuthego tse disha tse di buang Sefora, Se-Gujarati, Sejapane, Sepotokisi, Se-Punjabi, Se-Tamil, Setšhaena (Se-Canton), le Se-Wales.
Gape re itumeletse go nna le tshiamelo ya go nna gone mo dipokanong tsa bakaulengwe ba bosusu. Go lebelela bakaulengwe ba opela ka diatla tsa bone go ama tota. Fa ke lemoga gore mo bodireding jwa bone ba bua ka diatla, ke anaanela maiteko a bone a magolo tota a go nna le seabe mo go rereng ka Bogosi. E bile go na le ba ba ranolang ka puo ya diatla ba ranolela ba e leng bosusu e bile e le difofu. Go bonala Jehofa a tlhomamisa gore ga go na ope yo o tlogelwang.
Fa re ne re tlhoka go dira kopo nngwe e e rileng, e ne e tla tshwana le ya ga Jesu ya gore: “Lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio 9:38) Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba amogela kgwetlho ya go ithuta puo ya merafe e e mo tshimong ya phuthego ya bone. Le fa re sa newa bokgoni jwa go bua dipuo tse di farologaneng ka kgakgamatso, ruri Jehofa o bula bodiredi mo tshimong eno ya borongwa e e leng legae la rona—tshimo e e siametseng go rojwa. (Johane 4:35, 36)—Jaaka go boletse Colin Seymour.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.