Latela Kagiso ya Bomodimo mo Botshelong Jwa Lelapa
“Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata.”—PESALEMA 96:7.
1. Jehofa o dirile gore botshelo jwa lelapa bo simolole ka tsela efe?
JEHOFA o ne a simolola botshelo jwa lelapa le le neng le na le kagiso e bile le itumetse fa a ne a kopanya monna wa ntlha le mosadi wa ntlha mo lenyalong. Tota e bile, Adame o ne a itumetse tota mo a neng a supa boitumelo jwa gagwe ka leboko leno la bogologolo le le kwadilweng jaana: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.”—Genesise 2:23.
2. Ke eng se Modimo a neng a se akantse ka lenyalo mo godimo ga go tlisetsa bana ba gagwe ba batho boitumelo?
2 Fa Modimo o ne o simolola thulaganyo ya lenyalo le ya lelapa, o ne a na le boikaelelo jo bogolo, go na le fela go tlisetsa bana ba gagwe ba batho boitumelo. O ne a batla gore ba dire thato ya gagwe. Modimo o ne a bolelela bobedi jono jwa ntlha jaana: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Eleruri e ne e le tiro e e duelang. A bo Adame, Efa, le bana ba ba neng ba tla nna le bone ba ka bo ba ile ba itumela jang ne fa banyalani ba ntlha ba ne ba dira go rata ga Jehofa ka kutlo!
3. Ke eng se se tlhokegang gore malapa a tshele ka poifomodimo?
3 Le fa go ntse jalo, tota le gompieno malapa a itumela thata fa ba dira go rata ga Modimo mmogo. Mme a bo malapa a a ntseng jalo a a nang le kutlo a na le ditebelelo tse di molemolemo jang ne! Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Thapiso ya mmele e tswela mosola go le gonnye; mme boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le jo bo tla tlang.” (1 Timotheo 4:8) Malapa a a tshelang ka poifomodimo ya boammaaruri a latela melaometheo ya Lefoko la ga Jehofa le go dira thato ya gagwe. A latela kagiso ya bomodimo mme ka go dira jalo ba bona boitumelo mo ‘botshelong jaanong.’
Botshelo Jwa Lelapa bo mo Kotsing
4, 5. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore botshelo jwa lelapa jaanong bo mo kotsing mo lefatsheng lotlhe?
4 Ka tlholego fela, ga re bone kagiso le boitumelo mo lelapeng lengwe le lengwe. The New York Times e bolela jaana fa e nopola buka nngwe e e kwadilweng ke setheo se se batlisisang ka palo ya batho se se bidiwang Population Council: “Mo dinageng tse di humileng le tse di humanegileng, tsela e botshelo jwa lelapa bo ntseng ka yone e ntse e fetoga fela thata.” Mokwadi wa buka eno o ne a nopolwa a re: “Kgopolo ya gore lelapa ke karolo e e tlhomameng le e e kopaneng e mo go yone rre a direlang e le motlamedi wa dilo tse di tlhokegang le mo mmè a direlang e le motlhokomedi wa maikutlo ke tlhamane fela. Boammaaruri ke gore go tlwaelegile gore go nne le bommè ba ba sa nyalwang, selekanyo se se ntseng se gola sa tlhalo, [le] malapa a mannye . . . mo lefatsheng lotlhe.” Ka ntlha ya ditlwaelo tse di ntseng jalo, dimilionemilione tsa malapa ga di a tlhomama, ga di na kagiso le boitumelo, mme a le mantsi a a thubega. Kwa Spain selekanyo sa tlhalo se godile go fitlha go lenyalo le le 1 mo go a le 8 kwa tshimologong ya lesome la dingwaga le le fetileng la lekgolo la bo20 la dingwaga—e leng koketsego e kgolo e e tlogang mo lenyalong le le 1 mo go a le 100 mo dingwageng tse 25 pelenyana ga moo. Go begwa fa Engelane e le yone e nang le selekanyo se segolo thata sa tlhalo kwa Yuropa—manyalo a le 4 mo go a le 10 a a thubega. Naga eo gape e ne ya nna le koketsego e kgolo ya malapa a motsadi a le mongwe fela.
5 Go lebega e kete batho ba bangwe ga ba senye nako fa ba batla go tlhala. Batho ba le bantsi ba ologela kwa “Lefelong la Kobamelo la go Kgaogana” le le gaufi le Tokyo, kwa Japane. Tempele eno ya Bashinto e amogela dithapelo tsa tlhalo le tsa go senya botsalano bope jo bo sa batlegeng. Moobamedi mongwe le mongwe o kwala kopo ya gagwe mo polankeng e tshesane, a e pega mo molelwaneng wa lefelo la kobamelo, a bo a rapelela go bona karabo. Lokwalodikgang lwa kwa Tokyo lo bolela gore fa lefelo leno la kobamelo le ne le dirwa mo e ka nnang lekgolo la dingwaga le le fetileng, “basadi ba bagwebi ba ba humileng ba lefelo leo ba ne ba kwala dithapelo tse di neng di kopa gore banna ba bone ba tlogele dinyatsi tsa bone mme ba boele kwa go bone.” Le fa go ntse jalo, gompieno bontsi jwa dikopo ke tsa tlhalo, e seng tsa go boelana. Ga go belaetse gore botshelo jwa lelapa bo mo kotsing mo lefatsheng lotlhe. A seno se tshwanetse go gakgamatsa Bakeresete? Nnyaa, ka gonne Baebele e re neela temogo malebana le mathata a lelapa a gompieno.
Ke ka Ntlha Yang Fa go Na le Mathata a Lelapa?
6. Lokwalo lwa 1 Johane 5:19 lo ama mathata a lelapa jang gompieno?
6 Lebaka le lengwe la go bo lelapa gompieno le le mo mathateng ke leno: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Ke eng se re ka se lebelelang ka yo o bosula, Satane Diabolo? Ke moaki yo o boikepo, yo o se nang boitsholo. (Johane 8:44) Ga go gakgamatse go bo lefatshe la gagwe le tletse tsietso le boitsholo jo bo sa siamang, e le dilo tse di senyang botshelo jwa lelapa! Kwa ntle ga phuthego ya Modimo, tlhotlheletso ya ga Satane e tshosetsa go senya motheo wa ga Jehofa wa lenyalo le go fedisa botshelo jwa lelapa jo bo nang le kagiso.
7. Malapa a ka amiwa jang ke mekgwa e batho ba le bantsi ba e bontshang mo malatsing ano a bofelo?
7 Lebaka le lengwe la go bo go na le mathata a lelapa a jaanong a tlhasetseng batho le supilwe mo go 2 Timotheo 3:1-5. Mafoko a boporofeti a ga Paulo a a kwadilweng moo a supa gore re tshela mo “malatsing a bofelo.” Malapa a ka se nne le kagiso le go itumela fa maloko a one e le “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang [lorato lwa tlholego], ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” Lelapa le ka se itumele ka botlalo fa tota mongwe wa ba lelapa a se na lorato lwa tlholego kana a sa ikanyege ka nitamo. Botshelo jwa lelapa bo ka nna le kagiso jang fa mongwe mo lelapeng a le bogale, a sa dumalane le sepe? Se se maswe le go feta, go ka nna le kagiso le boitumelo jang fa ba lelapa e le barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo? Mekgwa eno ke ya batho ba lefatshe leno le le busiwang ke Satane. Ga go gakgamatse go bo boitumelo jwa lelapa bo sa bonale mo malatsing ano a bofelo!
8, 9. Boitshwaro jwa bana bo ka ama boitumelo jwa lelapa jang?
8 Le fa go ntse jalo lebaka le lengwe la go bo malapa a le mantsi a se na kagiso le boitumelo ke tsela e e sa siamang e bana ba itshwarang ka yone. Fa Paulo a ne a bolelela pele ka maemo a malatsi a bofelo, o ne a porofeta gore bana ba le bantsi ba ne ba ka se utlwe batsadi. Fa e le gore o mosha, a tsela e o itshwarang ka yone e thusa gore lelapa la gaeno le nne le kagiso le boitumelo?
9 Bana ba bangwe ga ba tlhome sekao se se siameng sa boitshwaro. Ka sekai, mosimanyana mongwe o ne a kwalela rraagwe lekwalo leno le le kgopisang: “Fa o sa tsamaye le nna kwa Alexandria nka se go kwalele lekwalo, kana go go buisa, kana go go tsamaisa sentle, mme fa o ka ya kwa Alexandria nka se go tshware ka letsogo kana go go dumedisa gape. Ke sone se se tla diragalang fa o sa tsamaye le nna . . . Mme o nthomelele [harepa], ke a go kopa. Fa o sa dire jalo nka se je e bile nka se nwe. Ka jalo re tla bona!” A seno se utlwala e le boemo jo bo leng teng gompieno? Ebu, lekwalo la mosimanyana yoo le a neng a le kwalela rraagwe le ne la kwalwa kwa Egepeto wa bogologolo mo dingwageng tse di fetang 2000 tse di fetileng.
10. Basha ba ka thusa ba malapa a gabone jang gore ba latelele kagiso ya bomodimo?
10 Boikutlo jwa mosha yoo wa Moegepeto bo ne bo sa tlise kagiso mo lelapeng. Ke boammaaruri gore go diragala dilo tse di masisi thata mo malapeng a a leng teng mo malatsing ano a bofelo. Le fa go ntse jalo, lona basha lo ka thusa lelapa la gaeno go latelela kagiso ya bomodimo. Jang? Ka go utlwa kgakololo eno ya Baebele: “Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.”—Bakolosa 3:20.
11. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba nne batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang?
11 Go tweng ka lona batsadi? Thusang bana ba lona ka lorato gore ba nne batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Diane 22:6 ya re: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” Ka thuto e e molemo ya Dikwalo le dikao tse di molemo tsa batsadi, basimane le basetsana ba bantsi ga ba tlogele tsela e e siameng fa ba gola. Mme mo gontsi go ikaegile ka boleng le ka selekanyo se mosha a thapisitsweng ka sone sa Baebele le ka pelo ya gagwe.
12. Ke ka ntlha yang fa legae la Mokeresete le tshwanetse go nna le kagiso?
12 Fa botlhe ba lelapa la rona ba leka go dira thato ya ga Jehofa, re tshwanetse go nna le kagiso ya bomodimo. Legae la Mokeresete le tshwanetse go tlala ka ‘ditsala tsa kagiso.’ Luke 10:1-6 e bontsha gore Jesu o ne a akantse ka batho ba ba ntseng jalo fa a ne a romela barutwa ba le 70 e le badiredi mme a ba bolelela jaana: “Gongwe le gongwe fela koo lo tsenang mo ntlong gone buang pele lo re, ‘E kete ntlo eno e ka nna le kagiso.’ Mme fa tsala ya kagiso e le gone, kagiso ya lona e tla nna mo go ene.” Jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba tsamaya ka kagiso ka ntlo le ntlo ka “dikgang tse di molemo tsa kagiso,” ba a bo ba batla ditsala tsa kagiso. (Ditiro 10:34-36; Baefeso 2:13-18) Eleruri, lelapa la Bokeresete le le nang le ditsala tsa kagiso le tshwanetse la nna le kagiso.
13, 14. (a) Ke dikeletso dife tse Naomi a neng a na le tsone ka Ruthe le Orepa? (b) Legae la Mokeresete le tshwanetse la nna mofuta ofe wa lefelo la boikhutso?
13 Legae e tshwanetse ya nna lefelo le le nang le kagiso le la go ikhutsa. Motlholagadi yo o neng a godile e bong Naomi, o ne a solofela gore e kete Modimo a ka neela batlholagadi ba basha ba e neng e le betsi ba gagwe, e bong Ruthe le Orepa, boikhutso le kgomotso tse di neng di ka bonwa ka go nna le monna yo o molemo le legae. Naomi o ne a bolela jaana: “A Jehofa a lo neye gore lo bone boikhutso, mongwe le mongwe wa lona mo ntlong ya monna wa gagwe.” (Ruthe 1:9) Malebana le keletso ya ga Naomi, mokanoki mongwe o ne a kwala gore mo magaeng a a ntseng jalo Ruthe le Orepa “ba ne ba tla ikhutsa le go gololesega mo tlhobaelong. Ba ne ba tla bona boikhutso. E ne e tla nna lefelo le ba neng ba ka nna mo go lone, le mo go lone maikutlo a lorato le dikeletso tsa bone tse di tlotlegang thata di neng di tla diragadiwa le go lapologa. Maatla a a farologaneng a Sehebera . . . a bontshiwa sentle ka boleng jwa mafoko a a tshwanang a a mo go [Isaia 32:17, 18].”
14 Tsweetswee ela tlhoko se se boletsweng fano mo go Isaia 32:17, 18. Re bala jaana mo go yone: “Tiro ya tshiamo e tlaa nna kagiso; le se se tlaa tswang mo tshiamong e tlaa nna lodule le boikanyo ka bosakhutleng. Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a [boikhutso, NW].” Legae la Mokeresete le tshwanetse ya nna lefelo la boikhutso la tshiamo, le le didimetseng, le le babalesegileng le le le nang le kagiso ya bomodimo. Mme go tweng fa diteko, dikgotlhang, kana mathata a mangwe a tsoga? Ke gone he re ka tlhokang go itse sephiri sa boitumelo mo lelapeng.
Melaometheo e e Botlhokwa e Menè
15. O ne o ka tlhalosa jang sephiri sa boitumelo mo lelapeng?
15 Lelapa lengwe le lengwe mo lefatsheng le bidiwa ka Jehofa Modimo e bong Mmopi wa malapa. (Baefeso 3:14, 15) Ka jalo batho ba ba eletsang go itumela mo lelapeng ba tshwanetse go batla kaelo ya gagwe le go mmaka, jaaka mopesalema a ne a dira: “Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata.” (Pesalema 96:7) Sephiri sa boitumelo mo lelapeng se ikaegile ka se se leng mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele, le ka go dirisa melaometheo ya lone. Lelapa le le dirisang melaometheo eno le tla itumela mme le tla nna le kagiso ya bomodimo. Ka gone a re boneng melaometheo eno e e botlhokwa e menè.
16. Ke eng se boikgapo bo tshwanetseng jwa se dira mo botshelong jwa lelapa?
16 O mongwe wa melaometheo eno o ikaegile ka seno: Boikgapo bo botlhokwa gore go nne le kagiso ya bomodimo mo botshelong jwa lelapa. Kgosi Solomone o ne a bolela jaana: “Motho yo mowa wa gagwe o se nang boithibo, o tshwana le motse o o thubegileng, mme o se na lorako.” (Diane 25:28) Go thibela moya wa rona—re ikgapile—go botlhokwa fa re eletsa go nna le lelapa le le nang le kagiso le boitumelo. Le fa gone re sa itekanela, re tlhoka go nna boikgapo, e leng leungo la moya o o boitshepo la Modimo. (Baroma 7:21, 22; Bagalatia 5:22, 23) Moya o tla dira gore go nne le boikgapo mo go rona fa re rapelela gore re nne le nonofo eno, re dirisa kgakololo ya Baebele e e buang ka ga yone, le fa re tlwaelana le ba bangwe ba ba e bontshang. Tsela eno e tla re thusa go ‘tshaba boaka.’ (1 Bakorintha 6:18) Gape boikgapo bo tla re thusa go gana thubakanyo, go tila kana go fenya go tshwakgolwa ke bojalwa, le go itshokela maemo a a thata ka tsela e e ritibetseng.
17, 18. (a) Lokwalo lwa 1 Bakorintha 11:3 lo dira jang mo botshelong jwa lelapa la Bakeresete? (b) Go lemoga botlhogo go dira gore go nne le kagiso ya bomodimo mo lelapeng jang?
17 Molaomotheo o mongwe o o botlhokwa o ka bolelwa ka tsela eno: Go lemoga botlhogo go tla re thusa go latelela kagiso ya bomodimo mo malapeng a rona. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Seno se raya gore monna o etelela pele mo lelapeng, mosadi wa gagwe o mo thusa ka boikanyegi, le bana ba gagwe ba nna kutlo. (Baefeso 5:22-25, 28-33; 6:1-4) Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo tla dira gore go nne le kagiso ya bomodimo mo botshelong jwa lelapa.
18 Monna wa Mokeresete o tlhoka go gakologelwa gore botlhogo jwa Dikwalo ga se bobusaesi. O tshwanetse go etsa Jesu, Tlhogo ya gagwe. Le mororo a ne a tshwanetse go nna “tlhogo ya dilo tsotlhe,” Jesu o “ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla.” (Baefeso 1:22; Mathaio 20:28) Ka tsela e e tshwanang, monna wa Mokeresete o dirisa botlhogo ka tsela e e lorato e e tla mo thusang gore a tlhokomele dilo tse di direlwang lelapa la gagwe sentle. Mme eleruri mosadi wa Mokeresete o batla go dirisana mmogo le monna wa gagwe. Jaaka “mothusi” wa gagwe le “motlatsi,” o nna le dinonofo tse di tlhaelang mo monneng wa gagwe mme ka gone o a mo thusa ka tsela e a e tlhokang. (Genesise 2:20, bapisa NW; Diane 31:10-31.) Go dirisa botlhogo ka tsela e e tshwanetseng go thusa banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng gore ba tlotlane le go tlhotlheletsa bana gore ba nne kutlo. Ee, go lemoga botlhogo go dira gore go nne le kagiso ya bomodimo mo botshelong jwa lelapa.
19. Ke ka ntlha yang fa puisano e e molemo e le botlhokwa gore lelapa le nne le kagiso le boitumelo?
19 Molaomotheo wa boraro o o botlhokwa o ka tlhalosiwa ka mafoko ano: Go buisana sentle go botlhokwa gore lelapa le nne le kagiso le gore le itumele. Jakobe 1:19 e re bolelela jaana: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” Ba lelapa ba tlhoka go reetsana le go buisana ka gonne puisano ya lelapa e ka ditsela tseno tse pedi. Le fa go ntse jalo, tota le fa se re se buang se le boammaaruri, se ka nna sa utlwisa botlhoko thata fa se buiwa ka tsela e e setlhogo, e e boikgogomoso, kana e e sa akanyetseng ba bangwe. Puo ya rona e tshwanetse ya bo e le maitseo, “e lokilwe ka letswai.” (Bakolosa 4:6) Malapa a a latelang melaometheo ya Dikwalo le a a buisanang sentle a latelela kagiso ya bomodimo.
20. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore lorato lo botlhokwa gore lelapa le nne le kagiso?
20 Molaomotheo wa bonè ke ono: Lorato lo botlhokwa gore lelapa le nne le kagiso le boitumelo. Lorato lwa baratani lo botlhokwa thata mo lenyalong, mme ba lelapa ba ka ratana fela thata. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa thatathata ke lorato lo lo supiwang ke lefoko la Segerika a·gaʹpe. Ke lone lorato lo re batlang go nna le lone ka Jehofa, Jesu le moagelani wa rona. (Mathaio 22:37-39) Modimo o bontshitse batho lorato lono ka go ntsha “Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) A bo go le molemo jang ne fa re ka bontsha ba lelapa la rona mofuta ono wa lorato! Lorato lono lo lo tlhotlheletsang ke “sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.” (Bakolosa 3:14) Lo kopanya banyalani mmogo le go ba tlhotlheletsa go direlana se se molemo le go direla bana ba bone. Fa mathata a tsoga, lorato lo ba thusa go rarabolola dikgang ka kutlwano. Re ka tlhomamisega ka seno ka gonne “lorato . . . ga lo batle melemo ya lone . . . Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:4-8) A bo go itumela malapa a mo go one go ratana ga bone go kanetsweng ka lorato lwa ga Jehofa!
Tswelela Pele o Latelela Kagiso ya Bomodimo
21. Ke eng se go bonalang se ka oketsa kagiso le boitumelo mo lelapeng la gaeno?
21 Melaometheo e e umakilweng fano le e mengwe e e tserweng mo Baebeleng e kwadilwe mo dikgatisong tse Jehofa a re neetseng tsone ka bopelonomi ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45) Ka sekai, tshedimosetso eo e fitlhelwa mo bukeng e e nang le ditsebe di le 192 ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e golotsweng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwerwe mo lefatsheng lotlhe ka 1996/97. Go ithuta Dikwalo ka namana le go di ithuta lo le lelapa lo dirisa kgatiso e e ntseng jalo go ka dira gore lo bone melemo e mentsi. (Isaia 48:17, 18) Ee, go dirisa kgakololo ya Dikwalo go ka oketsa kagiso le boitumelo jwa lelapa la lona.
22. Botshelo jwa rona jwa lelapa bo tshwanetse jwa amana thata le eng?
22 Jehofa o na le dilo tse di molemo tse a di beetseng malapa a a dirang thato ya gagwe, mme o tshwanelwa ke gore re mmake le go mo direla. (Tshenolo 21:1-4) Ka gone e kete lelapa la gaeno le ka dira gore botshelo jwa lone bo amane thata le kobamelo ya Modimo wa boammaaruri. Mme e kete Rraarona wa selegodimo yo o lorato, Jehofa, a ka lo segofatsa ka boitumelo fa lo ntse lo latelela kagiso ya bomodimo mo botshelong jwa lona jwa lelapa!
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng se se tlhokegang gore malapa a tshele ka poifomodimo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go na le mathata a lelapa gompieno?
◻ Sephiri sa boitumelo mo lelapeng ke eng?
◻ Ke melaometheo efe e mengwe e e tla re thusang gore re nne le kagiso le boitumelo mo botshelong jwa lelapa?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Puisano e e molemo e re thusa gore re latelele kagiso ya bomodimo mo botshelong jwa lelapa