‘Ba Tshela Tumalanong le Thapiso E ba E Bonang mo Bodumeding Jwa Bone’
MOSADI mongwe wa kwa Miami kwa Florida, U.S.A., o ne a romelela lekwalodikgang la mo lefelong leo lekwalo leno: “Ka Dec. 10 sepatšhe sa morwaake se ne sa somolwa mo kgetsaneng ya gagwe kwa marekelong a mo patlelong. Se ne se na le lekwalo la gagwe la go kgweetsa, karata ya Social Security le tse dingwe mmogo le $260 [R1215].
“Morago ga go bega dilo tse di latlhegileng kwa go manejara, o ne a tla gae. Mo maitseboeng ao o ne a amogela mogala go tswa kwa lekgarebeng lengwe le le buang Se-Spain, le le neng le ranolelwa ke modiredi wa tsa [difouno], le le neng la mmolelela gore le bone sepatšhe sa gagwe.
“O ne a mo neela aterese ya gagwe. . . . A mo neela sepatšhe sa gagwe se se neng se sa dirwa sepe, go akaretsa le $260 [R1215].
“O ne a bona legodu fa le ne le utswa sepatšhe sa gagwe mme a goa. Legodu la latlhela sepatšhe fa fatshe mme la tshaba. Ka nako eo o ne a sa tlhole a bona morwaake kwa a leng gone, ka jalo a tsaya sepatšhe go ya le sone kwa gae mme a founa.
“Ene le lelapa la gagwe ke Basupi ba ga Jehofa. Go phepafetse gore ba tshela tumalanong le thapiso e ba e bonang mo bodumeding jwa bone.”
Basupi ba ga Jehofa ga ba ikanyege e le gore ba tle ba bakiwe ke batho. (Baefeso 6:7) Go na le moo, ka tlhoafalo ba eletsa go isa pako go Rraabone wa selegodimo, e bong Jehofa. (1 Bakorintha 10:31) Lorato lwa bone go Modimo le go baagisani ba bone lo ba tlhotlheletsa go bolela “dikgang tse di molemo” ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Ka Bogosi joo, Modimo o solofetsa go fetola lefatshe go le dira paradaise e ntle. Lefatshe ga le na go nna lefelo le le ntle fela fa o le lebile mme gape le tla nna le maitsholo a mantle go gaisa, moo boikanyegi bo tla renang ka bosakhutleng.—Bahebera 13:18; 2 Petere 3:13.