Ela Tlhoko Gore O se Ka wa Akanyetsa ba Bangwe Gore Ba na Le Maikaelelo A a Sa Siamang
MORERI mongwe yo o itsegeng thata wa thelebishene o ne a kgala morerimmogo le ene botlhoko gonne a ne a dirile boaka. Le fa go ntse jalo, mo sebakeng sa ngwaga fela, moreri yono yo o neng a latofatsa yo mongwe o ne a kgabelelwa a na le seaka.
Mo tiragalong e nngwe, puso e e eteletseng pele ya lefatshe e ne ya romela baemedi go ya go kopanya ditlhopha tse di neng di lwantshana gore di tle go buisana ka kagiso. Fa ka nako e e tshwanang, one morafe oo o ne o romela barekisi ba one ba dibetsa ka bokhukhuntshwane go ya go rekisetsa dinaga di sele dibetsa tse di jang diranta di le dimilione di le dikete.
E re ka boitimokanyi jo bo feteletseng e setse e le selo se se tlwaelegileng jaana, a go a gakgamatsa go bo go ikanya ba bangwe go tseelwa sebaka ke go se tshepe ope? Mo go ba le bantsi, e setse e le tlwaelo go belaela maikaelelo a ba bangwe.
Jaaka Bakeresete, re tshwanetse go tlhokomela gore re se ka ra letla maikutlo a a ntseng jalo a ama kamano ya rona le badumedimmogo le rona ba ba ikanyegang. Le fa Jesu Keresete a ne a re rotloetsa go nna “bonokopela jaaka dinoga” fa re le fa gare ga baba ba rona, ga a ka a re re tshwanetse go belaela balatedi ga gagwe ba boammaaruri. (Mathaio 10:16) Ka jalo, he, go na le dikotsi dife tsa go akanyetsa ba bangwe gore ba na le maikaelelo a a sa siamang? Ke kae moo re tshwanetseng go tlhokomela teng segolobogolo gore re tile tshekamelo e e ntseng jalo? Mme re ka sireletsa jang kamano ya rona e e molemolemo le Bakeresetemmogo le rona?
Go Ithuta ka Dilo Tsa Nako e e Fetileng
Go akanyetsa ba bangwe gore ba na le maikaelelo a a sa siamang mme o sena lebaka le le utlwalang la go dira jalo, go tshwana le go ba atlhola. Go tshwana fela le gore re tabogela go dira phetso ya gore dilo tse ba di buang kana tse ba di dirang ke leano fela la go fitlha sengwe se se sa siamang le sa bopeloetlhoi. Gantsi bothata jwa mmatota bo bakwa ke go sa bona dilo sentle, jaaka fa go ka bonwa go tswa mo pegong ya Baebele e e fitlhelwang mo go Joshua kgaolo 22.
Baiseraele ba ne ba setse ba feditse go thopa Naga e e Solofeditsweng mme ba ne ba sa tswa go amogela mafatshe a bone go ya ka ditso tsa bone. Ba lotso lwa ga Rubene le lwa ga Gate, le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba ne ba aga sebeso “se segolo thata go bonwa” gaufi le Noka ya Joretane. Ditso tse dingwe di ne tsa fetsa ka phoso gore seno e ne e le tiro ya botenegi. Ba ne ba tsere gore ditso tseno tse tharo di ne di tlile go dirisa sebeso seno se segolo go dira ditlhabelo go na le go ya kwa mogopeng wa bophuthegelo kwa Shilo, e leng lefelo le le tlhomilweng la go obamela. Ka yone nako eo, ditso tse di latofatsang tse dingwe di ne tsa ipaakanyetsa go lwa.—Joshua 22:10-12.
Go ne ga nna molemo gore ba bue le bakaulengwe ba bone ba Baiseraele ka go romela baemedi ba semolao ba ba neng ba eteletswe pele ke Finease. Fa ba utlwa gore ba latofadiwa ka la gore ga ba ikanyege, ba a tsuolola, e bile ba tenegela Jehofa, ditso tse di neng di latofadiwa di ne tsa tlhalosa lebaka la tsone la go aga sebeso se segolo jaana. Go na le gore e nne sebeso sa go dira setlhabelo, e ne e le gore “e nne sesupo” se se bontshang kutlwano e e leng gone mo gare ga ditso tsa Iseraele mo go obameleng Jehofa. (Joshua 22:26, 27) Baemedi bano ba ne ba boela gae ba kgotsofetse gore ga go na sepe se se phoso ka bakaulengwe ba bone. Ka jalo, go ne ga tilwa ntwa ya selegae le tshololo e e setlhogo ya madi.
A bo seo e le thuto e e molemo jang ne mo go rona gore re se ka ra itlhaganelela go akanyetsa ba bangwe gore ba na le maikaelelo a a sa siamang! Gantsi se se lebegang e kete se ntse jalo fa o se gaodisa fela ka matlho se ka fitlhelwa se farologane gotlhelele fa o se sekaseka ka kelotlhoko. Go ntse fela jalo le mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo jwa Mokeresete.
Pono ya Rona ka Bagolwane
Fa ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go ‘disa phuthego ya Modimo,’ ka dinako tse dingwe bagolwane ba go fitlhela go tlhokega gore ba gakolole batho ba ba farologaneng mo phuthegong. (Ditiro 20:28) Ka sekai, re itshwara jang fa mogolwane a bua le rona ka bana ba rona ka dintlha tse di jaaka ditsala tse di sa siamang kana boitshwaro jo bo sa tshwanelang le mongwe wa bong bo sele? A re fetsa ka gore o na le boikaelelo bongwe jo bo fitlhegileng re bo re ipolelela gore, ‘Ga a ise a ko a tsamaye a rate lelapa la rona’? Fa re letla maikutlo a a ntseng jalo go re tlhotlheletsa, re tla ikotlhaya moragonyana. Boitekanelo jwa semoya jwa bana ba rona bo ka nna mo kotsing, mme re tshwanetse go anaanela kgakololo e e re thusang ya Dikwalo.—Diane 12:15.
Fa mogolwane wa phuthego a re gakolola, a re se ka ra batla maikaelelo mangwe a a ka tswang a fitlhegile. Go na le moo, a re ipotseng gore a go na le tsela nngwe eo kgakololo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng e ka re solegelang molemo ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke boammaaruri, ga go tshugo epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; lefa go ntse jalo morago ga moo ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwele leungo la kagiso, e leng, tshiamo.” (Bahebera 12:11) Ka jalo a re lebogeng mme re lebe dilo fela jaaka di ntse. Gakologelwa gore gantsi ga go motlhofo ka bagolwane go re naya kgakololo fela jaaka go se motlhofo ka rona go e amogela.
Maikutlo a Rona ka Batsadi
Fa ba lebane le dithibelo dingwe tsa batsadi, basha bangwe ba belaela maikaelelo a batsadi ba bone. Basha bangwe ba ka nna ba re: ‘Ke ka ntlha yang fa batsadi ba me ba dira melao e mentsi jaana? Ba tshwanetse ba bo ba sa batle ke itumelela botshelo.’ Le fa go ntse jalo, go na le gore ba fetse jalo, basha ba tlhoka go tlhatlhoba maemo ka tsela e e tshwanetseng.
Batsadi ba feditse dingwaga di le dintsi ba ntse ba tlhokomela bana ba bone. Ba dirile seno ka go itima dilo di le dintsi tse di bonalang le ka ditsela tse dingwe. A mme go na le lebaka le le utlwalang la go fetsa ka gore jaanong ba batla go dira gore bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome ba se ka ba itumelela botshelo? A ga go utlwale thata go akanya gore lorato ke lone lo lo tlhotlheletsang batsadi bano go sireletsa bana ba bone le go ba tlhokomela? A ga se lorato lone loo lo lo ba tlhotlheletsang go thibela bana ba bone mo dilong tse di rileng, bao gone jaanong ba lebaneng le dikgwetlho tse disha mo botshelong? A bo e tla nna selo se se seng pelonomi le go tlhoka kanaanelo jang ne go akanyetsa batsadi ba rona ba ba lorato gore ba na le maikaelelo a a sa siamang!—Baefeso 6:1-3.
Boikutlo Jwa Rona ka Bakeresetemmogo le Rona
Batho ba le bantsi ba na le tshekamelo ya go atlhola ba bangwe le go ba akanyetsa ka seo ba seng sone. Go tweng fa e le gore rona ka borona re ne re na le boikutlo jo bo ntseng jalo mme re ile ra belaela sengwe se se rileng ka batho bangwe ba ba rileng? A go ka direga gore re bo re ile ra tlhotlhelediwa ke lefatshe mo ntlheng eno?
Ka sekai, a re re gongwe mongwe wa bakaulengwe ba rona ba semoya o na le ntlo e ntle le koloi ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. A re tshwanetse gore re bo re setse re fetsa fela ka gore o rata dilo tse di bonalang ga a eteletse dilo tse di direlwang Bogosi pele mo botshelong? Bakeresete bangwe ba ka tswa ba kgona go nna le dilo tse dintle, mme seo ga se reye gore ba na le maikaelelo a a sa siamang kana ga ba “senke pele bogosi.” Ba ka tswa ba tshwaregile thata mo ditirong tsa semoya, ka bopelontle ba dirisa dithoto tsa bone go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele, gongwe ba sa dire gore ba bonwe ke batho.—Mathaio 6:1-4, 33.
Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e na le batho ba mefuta yotlhe—bahumi le bahumanegi. (Ditiro 17:34; 1 Timotheo 2:3, 4; 6:17; Jakobe 2:5) Modimo ga o lebe batho go ya ka boemo jwa bone jwa madi, mme le rona ga re a tshwanela go dira jalo. Re tshwanetse go rata badumedimmogo le rona ba ba lekilweng mme ba ikanyega, re “sa dire sepe go ya ka tshekamelo ya go tsaya letlhakore.”—1 Timotheo 5:21.
Mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane, go akanyetsa batho ka seo ba seng sone le go ba belaela go bonala ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, motho a ka lejwa e le yo o tletseng dikgoka kana a rata dilo tse di bonalang ka ntlha fela ya tsela e a godileng ka yone. Le fa go ntse jalo, jaaka Bakeresete ga re a tshwanela go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Mo phuthegong ya ga Jehofa ga go na go tlhaola batho le go ba belaela. Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tlhoka go etsa Jehofa Modimo, yo mo go ene go senang ‘boikepo bope le fa e le go tlhokomela bomangmang jwa batho.’—2 Ditirafalo 19:7; Ditiro 10:34, 35.
Tlhotlhelediwa ke Lorato
Ka phepafalo Dikwalo di re “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo re tlhoka go leba baobamedimmogo le rona e le batho bao ba nang le rona mo go kgaratlheleng go dira tirelo e e amogelwang ke Jehofa. Fa re ile ra letla pelaelo kana maikutlo mangwe a a sa siamang go ama kamano ya rona le mokaulengwe kana kgaitsadi wa rona wa semoya, a re rapeleleng thuso ya Modimo gore re lwantshe boikutlo jo bo ntseng jalo e le gore Satane a se ka a re tshwara motlhofo. (Mathaio 6:13) O ne a bolelela Efa gore Jehofa o ne a na le maikaelelo a a sa siamang, o ne a sa amega ka boitumelo jwa gagwe, e bile o ne a mo tima kgololesego e e neng e tla mo itumedisa tota. (Genesise 3:1-5) Fa re akanyetsa ba bangwe gore ba na le maitlhomo a a sa siamang ka bakaulengwe ba rona re diragatsa maikaelelo a gagwe.—2 Bakorinthe 2:11; 1 Petere 5:8.
Fa re fitlhela gore re na le tshekamelo ya go akanyetsa ba bangwe gore ba na le maikaelelo a a sa siamang, a re gakologelweng sekao sa ga Jesu Keresete. Le fa e ne e le Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a se ke a batlana le maikaelelo a a sa siamang a barutwa ba gagwe. Go na le moo, Jesu o ne a batla dilo tse di molemo mo go bone. Fa barutwa ba gagwe ba ne ba tla ba lwela go nna le maemo, ga a ka a tsaya gore ba na le maikaelelo a a sa siamang mme a bo a ba emisetsa ka baaposetoloi ba basha ba le 12. (Mareko 9:34, 35) Ka gonne ba sa itekanela, ba ka tswa ba ne ba tlhotlheleditswe ka tsela nngwe ke meetlo ya Bojuda jwa botenegi, e e neng e gatelela go ikgantsha le go atlhola batho go ya ka maemo a bone. Jesu o ne a itse gore se se neng se tlhotlheletsa balatedi ba gagwe thata e ne e le go rata Jehofa. Ka ntlha ya go bontsha lorato lo lo ntseng jalo le go kgomarela mo go Jesu, ba ne duelwa thata.—Luke 22:28-30.
Fa e le gore re tla leba badumedimmogo le rona ba ba ikanyegang ka go ba belaela, seno se tla bo se tshwana le go leba dilo ka digalase tse di sokamisang dilo. Ga go na sepe se se tla tlhagang jaaka fa se ntse. Ka jalo a re di lebeng ka galase ya lorato. Go na le bosupi bo le bontsi jwa gore Bakeresetemmogo le rona ba ba ikanyegang ba a re rata e bile ba tshwanelwa ke kakanyetso ya rona ya bopelonomi. (1 Bakorinthe 13:4-8) Ka jalo a re ba bontsheng lorato mme re ele tlhoko gore re se ba akanyetse gore ba na le maikaelelo a a sa siamang.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
O leba jang ba bangwe ba ba obamelang Modimo ka boikanyego?
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Go ikanya le tlotlo di dira gore Basupi ba ga Jehofa e nne lelapa le le lengwe le le itumetseng