Fa Jesu a Tla ka Kgalalelo ya Bogosi
‘Bangwe ba ba emeng fano . . . ba ka se utlwe loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.’—MATHAIO 16:28.
1, 2. Ke eng se se neng sa diragala ka bonako fela morago ga Pentekosete ya 32 C.E., mme boikaelelo jwa tiragalo eo e ne e le bofe?
BAAPOSETOLOI ba bararo ba ga Jesu Keresete ba ne ba bona ponatshegelo e ba neng ba ka se ka ba e lebala, ka bonako fela morago ga Pentekosete ya 32 C.E. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela gore, “Jesu [o ne] a tsaya Petere le Jakobe le Johane morwarraagwe mme a tlhatlogela le bone kwa thabeng e e kwa godimo ba le bosi. Mme o ne a fetolwa ponalo fa pele ga bone.”—Mathaio 17:1, 2.
2 Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne ya tla ka nako e e botlhokwa tota. Jesu o ne a setse a simolotse go bolelela balatedi ba gagwe gore o ne a tlile go boga le go swela mo Jerusalema, mme go ne go le thata gore ba tlhaloganye mafoko a gagwe. (Mathaio 16:21-23) Ponatshegelo eno e ne ya nonotsha tumelo ya baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo e le go ba baakanyetsa loso lwa gagwe lo lo neng lo tla mme gape le dingwaga tsa tiro e e boima le tsa go lekwa tse di neng di tla latela mo phuthegong ya Bokeresete. A gompieno re ka ithuta sengwe ka ponatshegelo eno? Ee, ka gonne se e neng e se tshwantshetsa tota se diragala mo motlheng wa rona.
3, 4. (a) Ke eng se Jesu a neng a se bolela malatsi a le marataro pele a fetolwa ponalo? (b) Tlhalosa se se neng sa diragala ka nako ya go fetolwa ponalo.
3 Malatsi a le marataro pele ga Jesu a fetolwa ponalo, o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Morwa motho o laoletswe go tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe a na le baengele ba gagwe, mme go tswa foo o tla [duela] mongwe le mongwe go ya ka boitshwaro jwa gagwe.” Mafoko ano a ne a tla diragadiwa kwa “bokhutlo[ng] jwa tsamaiso eno ya dilo.” Jesu o ne a oketsa jaana: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba ba ba emeng fano ba ba se nang go utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Mathaio 16:27, 28; 24:3; 25:31-34, 41; Daniele 12:4) Go fetolwa ponalo go ne ga direga e le go diragatsa mafoko ano a a fa godimo.
4 Tota ke eng se baaposetoloi ba bararo ba neng ba se bona? Se se latelang ke mafoko a ga Luke a a tlhalosang tiragalo eno: “Ya re [Jesu] a ntse a rapela ponalo ya sefatlhego sa gagwe ya fetoga mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela ka bosweu. Gape, bona! banna ba le babedi ba ne ba tlotla le ene, ba e neng e le Moshe le Elija. Bano ba ne ba bonala ka kgalalelo mme ba simolola go bua kaga go tloga ga gagwe mo a neng a laoletswe go go diragatsa kwa Jerusalema.” Morago ga moo, “leru la bopega mme la simolola go [khurumetsa baaposetoloi]. Ya re ba tsena mo teng ga leru, ba boifa. Mme lentswe la tswa mo teng ga leru, le re: ‘Yono ke Morwaake, ene yo o kgethilweng. Mo reetseng.’”—Luke 9:29-31, 34, 35.
Re Nonotshiwa mo Tumelong
5. Go fetolwa ponalo go ne ga ama moaposetoloi Petere jang?
5 Moaposetoloi Petere o ne a setse a lemogile gore Jesu ke “Keresete, Morwa Modimo o o tshelang.” (Mathaio 16:16) Mafoko a ga Jehofa a a neng a tswa kwa legodimong a ne a tlhomamisa se a se lemogileng, mme ponatshegelo ya go fetolwa ponalo ya ga Jesu e ne e le tebelelo ya go tla ga ga Keresete a le mo maatleng a Bogosi le ka kgalalelo, gore kgabagare a atlhole batho. Dingwaga tse di fetang 30 morago ga go fetolwa ponalo, Petere o ne a kwala jaana: “E ne e se ka go latela dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere go bo re ne ra lo tlwaelanya le maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete, mme e ne e le ka go bo re ne re fetogile basupi ba ba boneng tlotlomalo ya gagwe ka matlho. Gonne o ne a amogela tlotlo le kgalalelo go tswa kwa Modimong Rara, fa mafoko a a tshwanang le ano a ne a bolelwa kaga gagwe ka kgalalelo e kgolo: ‘Yono ke morwaake, moratwa wa me, yo nna ka bonna ke mo amogetseng.’ Ee, mafoko ano re ne ra a utlwa a bolelwa go tswa legodimong fa re ne re na le ene mo thabeng e e boitshepo.”—2 Petere 1:16-18; 1 Petere 4:17.
6. Ditiragalo di ne tsa latelana jang morago ga go fetolwa ponalo?
6 Gompieno, tota le tumelo ya rona e nonotshiwa ke se baaposetoloi ba bararo ba neng ba se bona. Ke boammaaruri gore go nnile le ditiragalo tse dingwe fa e sale ka 32 C.E. Mo ngwageng o o latelang, Jesu o ne a swa a bo a tsosiwa, a tlhatlogela kwa letsogong le legolo la ga Rraagwe. (Ditiro 2:29-36) Ka Pentekosete ya one ngwaga oo, “Iseraele wa Modimo” o mosha o ne wa tlhomiwa, mme letsholo la go rera le ne la simologa, le simologa kwa Jerusalema mme morago la anamela kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Bagalatia 6:16; Ditiro 1:8) Ka bonako fela tumelo ya balatedi ba ga Jesu e ne ya lekwa. Baaposetoloi ba ne ba tshwarwa le go itewa mo go setlhogo ka gonne ba ne ba gana go tlogela go rera. Go ise go ye kae Setefane o ne a bolawa. Go tswa foo go ne ga bolawa Jakobe, yo o neng a bone go fetolwa ponalo ka matlho. (Ditiro 5:17-40; 6:8–7:60; 12:1, 2) Le fa go ntse jalo, Petere le Johane ba ne ba sala ba direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga tse dintsi tse di oketsegileng. Tota e bile, kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Johane o ne a kwala ka diponatshegelo tse di oketsegileng tsa ga Jesu a le mo kgalalelong ya legodimo.—Tshenolo 1:12-20; 14:14; 19:11-16.
7. (a) Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne ya simolola leng go diragadiwa? (b) Jesu o ne a duela ba bangwe leng go ya ka boitshwaro jwa bone?
7 Fa e sale kwa tshimologong ya ‘letsatsi la Morena’ ka 1914, diponatshegelo di le dintsi tse di bonweng ke Johane di ile tsa diragadiwa. (Tshenolo 1:10) Go tweng ka Jesu a “tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe,” jaaka go ne ga tshwantshediwa ke go fetolwa ponalo? Ponatshegelo eno e ne ya simolola go diragadiwa fa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo ne bo tsalwa ka 1914. Fa Jesu, jaaka nalediyamasa, a ne a bonala mo lobopong lotlhe jaaka Kgosi e ntšha e e tlhomilweng, seo e ne e le maphakela a letsatsi le lesha, jaaka go ka tualo. (2 Petere 1:19; Tshenolo 11:15; 22:16) A ka nako eo Jesu o ne a duela bangwe go ya ka boitshwaro jwa bone? Ee. Go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore ka bonako fela morago ga moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go tsogela kwa legodimong.—2 Timotheo 4:8; Tshenolo 14:13.
8. Ke ditiragalo dife tse di tla supang go konelwa ga ponatshegelo ya go fetolwa ponalo?
8 Le fa go le jalo, go ise go ye kae Jesu o tla goroga “a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene” e le gore a atlhole batho botlhe. (Mathaio 25:31) Mo nakong eo, o tla itshenola ka kgalalelo yotlhe ya gagwe e e tsabakelang le gore “mongwe le mongwe” a duelwe se se mo tshwanetseng go ya ka boitshwaro jwa gagwe. Batho ba sekadinku ba tla rua botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jo ba bo baakanyeditsweng, mme ba sekadipodi ba tla ya “kwa go kgaolweng ga bosakhutleng.” A bo e le konelo e e molemolemo jang ne fa go tla bo go diragadiwa ponatshegelo ya go fetolwa ponalo!—Mathaio 25:34, 41, 46; Mareko 8:38; 2 Bathesalonika 1:6-10.
Ditsala Tse di Galaleditsweng Tsa ga Jesu
9. A re tshwanetse go lebelela gore Moshe le Elija ba bo ba na le Jesu fa ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e diragadiwa? Tlhalosa.
9 Jesu o ne a se esi fa a fetolwa ponalo. Moshe le Elija ba ne ba bonwa ba na le ene. (Mathaio 17:2, 3) A ba ne ba le teng ka tsela ya mmatota? Nnyaa, ka gonne banna bano ka bobedi ba sa le ka ba sule mme ba ne ba robetse mo mmung ba emetse tsogo. (Moreri 9:5, 10; Bahebera 11:35) A ba tla bonala le Jesu fa a tla ka kgalalelo ya legodimo? Nnyaa, ka gonne Moshe le Elija ba ne ba tshela pele ga tsholofelo ya selegodimo e neelwa batho. Ba tla nna karolo ya “tsogo ya ba ba siameng” ba selefatshe. (Ditiro 24:15) Ka jalo go bonala ga bone mo go fetolweng ponalo ke tshwantshetso fela. Ya eng?
10, 11. Elija le Moshe ba emela bomang mo ditiragalong tse di farologaneng?
10 Mo ditiragalong tse dingwe Moshe le Elija ke batho ba boporofeti. Moshe jaaka motsereganyi wa kgolagano ya Molao, o ne a tshwantshetsa Jesu, e bong Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. (Duteronome 18:18; Bagalatia 3:19; Bahebera 8:6) Elija o ne a tshwantshetsa Johane Mokolobetsi, moetapele wa ga Mesia. (Mathaio 17:11-13) Mo godimo ga moo, mo mafokong a Tshenolo kgaolo 11, Moshe le Elija ba tshwantshetsa masalela a a tloditsweng mo nakong ya bofelo. Re itse jang?
11 Ebu, bula mo go Tshenolo 11:1-6. Re bala jaana mo temaneng ya 3: “Ke tla dira gore basupi ba me ba babedi ba porofete malatsi a le sekete makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetsi.” Boporofeti jono bo diragaditswe mo masaleleng a Bakeresete ba ba tloditsweng ka Ntwa ya Lefatshe I.a Ke ka ntlha yang fa go ne go na le basupi ba babedi? Ka gonne masalela a a tloditsweng a dira ditiro tse di tshwanang le tsa ga Moshe le Elija, ka tsela ya semoya. Temana 5 le 6 di tswelela pele jaana: “Fa mongwe a batla go ba gobatsa [basupi ba babedi], molelo o tswa mo melomong ya bone o bo o laila baba ba bone; mme fa mongwe a ka batla go ba gobatsa, o tshwanetse go bolawa ka mokgwa ono. Bano ba na le taolo ya go tswala legodimo gore go se ne pula mo malatsing a go porofeta ga bone, mme ba na le taolo godimo ga metsi go a fetola gore a nne madi le go itaya lefatshe ka sebetso sa mofuta mongwe le mongwe ka gale fa ba batla jalo.” Ka jalo, re gakololwa dikgakgamatso tse di dirilweng ke Elija le Moshe.—Dipalo 16:31-34; 1 Dikgosi 17:1; 2 Dikgosi 1:9-12.
12. Mo tiragalong ya go fetolwa ponalo, ke bomang ba ba neng ba emelwa ke Moshe le Elija?
12 Ka jalo he, Moshe le Elija ba tshwantshetsa bomang fa go buiwa ka go fetolwa ponalo? Luke o bolela gore ba ne ba bonala ba na le Jesu “ka kgalalelo.” (Luke 9:31) Go phepafetse gore ba tshwantshetsa Bakeresete ba ba ileng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo jaaka “baruaboswammogo” le Jesu e bile e le ba ba neng ba amogela tsholofelo e e molemolemo ya gore ba “galalediwe mmogo” le ene. (Baroma 8:17) Batlodiwa ba ba tsositsweng ba tla bo ba na le Jesu fa a goroga ka kgalalelo ya ga Rraagwe go “[duela] mongwe le mongwe go ya ka boitshwaro jwa gagwe.”—Mathaio 16:27.
Basupi ba ba Tshwanang le Moshe le Elija
13. Ke dikarolo dife tse di supang gore Moshe le Elija ba tshwanela sentle batho ba boporofeti ba baruaboswammogo le Jesu ba ba tloditsweng ba ba tla galalediwang le ene?
13 Go na le dikarolo tse di molemo thata tse di bontshang gore Moshe le Elija ke batho ba ba tshwantshetsang boporofeti sentle jwa baruaboswammogo ba ba tloditsweng ba ga Jesu. Moshe mmogo le Elija ba ne ba direla e le babueledi ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi. Ka bobedi ba ne ba tlhaselwa ke bogale jwa mmusi mongwe. Fa ba tlhoka thuso, mongwe le mongwe wa bone o ne a thusiwa ke lelapa lengwe la batswagosele. Ka bobedi ba ne ba porofetile mo dikgosing ka bopelokgale le go ema ba nitame kgatlhanong le baporofeti ba maaka. Moshe le Elija ka bobedi ba ne ba bona dikgakgamatso tsa maatla a ga Jehofa kwa Thabeng ya Sinai (e gape e neng e bidiwa Horebe). Ka bobedi ba ne ba tlhoma batlhatlhami ba bone ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi jwa Joretane. Mme mo metlheng ya ga Moshe (a na le Joshua) mmogo le Elija (a na le Elisha) go ne ga dirwa palo e kgolo ya dikgakgamatso go gaisa metlha e mengwe yotlhe, kwantle ga tse di neng tsa diragala ka nako ya fa Jesu a sa ntse a tshela.b
14. Batlodiwa ba direla jang jaaka babueledi ba ga Jehofa, jaaka Moshe le Elija?
14 A seo sotlhe ga se re gakolole ka Iseraele wa Modimo? Ee, go ntse jalo. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:19, 20) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ntse ba direla e le babueledi ba ga Jehofa go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go fitlha jaanong, ba tlhwaela tsebe mafoko ano. Fela jaaka Moshe le Elija, ba tlhaselwa ka bogale jwa babusi e bile ba ne ba ba neela bosupi. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 jaana: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo merafeng.” (Mathaio 10:18) Mafoko a gagwe a ile a diragadiwa kgapetsakgapetsa mo hisitoring ya phuthego ya Bokeresete.—Ditiro 25:6, 11, 12, 24-27; 26:3.
15, 16. Ke dilo dife tse di tshwanang fa gare ga batlodiwa mmogo le Moshe le Elija mo kgannyeng ya (a) go emela boammaaruri ba le pelokgale? (b) go amogela thuso ya batho ba e neng e se Baiseraele?
15 Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba le pelokgale jaaka Moshe le Elija fa ba emela boammaaruri kgatlhanong le maaka a bodumedi. Gakologelwa ka fa Paulo a neng a kgala moporofeti wa Mojuda wa maaka e bong Bara-Jesu ka teng mme ka botlhale le ka tsela e e nitameng, o ne a senola maaka a medimo ya Baathena. (Ditiro 13:6-12; 17:16, 22-31) Gape gakologelwa gore mo metlheng ya gompieno masalela a a tloditsweng a ntse a senola Labokeresete ka bopelokgale mme go neela bosupi jo bo ntseng jalo go ntse go mo tlhokofatsa.—Tshenolo 8:7-12.c
16 Fa Moshe a ne a tshaba bogale jwa ga Faro, o ne a tshabela kwa legaeng la ga Reuele, yo e neng e se Moiseraele, yo gape a neng a bidiwa Jethero. Morago ga nako e e rileng, Moshe o ne a amogela kgakololo e e botlhokwa e e malebana le thulaganyo mo go Reuele, yo morwawe e bong Hobabe a neng a kaela Iseraele fa a ne a le kwa nageng.d (Ekesodo 2:15-22; 18:5-27; Dipalo 10:29) A maloko a Iseraele wa Modimo a ntse a thusiwa ka tsela e e tshwanang ke batho ba e seng maloko a batlodiwa a Iseraele wa Modimo? Ee, ba ntse ba thusiwa ke “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” jo bo bonalang mo metlheng eno ya bofelo. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16; Isaia 61:5) Fa Jesu a ne a bolelela pele ka tsela e “dinku” tseno di tla tshegetsang bomonnawe ba ba tloditsweng ka yone ka tsela e e botsalano le e e lorato, o ne a ba bolelela jaana ka tsela ya boporofeti: “Ke ne ka tshwarwa ke tlala mme lo ne lwa nnaya sengwe gore ke je; ke ne ka nyorwa mme lo ne lwa nnaya sengwe gore ke nwe. Ke ne ke le mosaitsiweng mme lo ne lwa nkamogela ka tsholo e ntle; ke sa ikatega, mme lwa nkapesa. Ke ne ka bobola mme lo ne lwa ntlhokomela. Ke ne ke le kwa kgolegelong mme lo ne lwa tla kwa go nna. . . . Ammaaruri ke a lo raya, Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa barwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.”—Mathaio 25:35-40.
17. Batlodiwa ba ile ba diragalelwa jang ke selo se se tshwanang le se se neng sa diragalela Elija kwa Thabeng ya Horebe?
17 Mo godimo ga moo, Iseraele wa Modimo o diragaletswe ke sengwe se se tshwanang le sa ga Elija kwa Thabeng ya Horebe.e Fela jaaka Elija ka nako ya fa a ne a tshaba Mohumagadi Jesebele, masalela a a tloditsweng a a neng a boifa a ne a akanya gore tiro ya bone e ne e weditswe kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I. Go tswa foo he, jaaka Elija, ba ne ba kopana le Jehofa, yo o neng a tla go atlhola mekgatlho eo e neng ya bolela gore ke “ntlo ya Modimo.” (1 Petere 4:17; Malaki 3:1-3) Fa Labokeresete a ne a fitlhelwa a tlhaela, masalela a a tloditsweng one a ne a lemogwa e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” mme e bile a tlhomilwe gore a okamele dilo tsotlhe tsa ga Jesu tsa lefatshe. (Mathaio 24:45-47) Kwa Horebe, Elija o ne a utlwa “lentswe le lesesane, le le kokobetseng” le e neng e le la ga Jehofa, a mo neela tiro e e oketsegileng. Ka nako ya tidimalo ya mo dingwageng tsa morago ga ntwa, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ne ba utlwa lentswe la gagwe le le mo Baebeleng. Le bone ba ne ba lemoga gore ba ne ba na le thomo gore ba e diragatse.—1 Dikgosi 19:4, 9-18; Tshenolo 11:7-13.
18. Ditshupo tse di tlhomologileng tsa maatla a ga Jehofa di ntse di kaelwa jang ka Iseraele wa Modimo?
18 Labofelo, a ditshupo tse di tlhomologileng tsa maatla a ga Jehofa di ntse di kaelwa ka Iseraele wa Modimo? Morago ga loso lwa ga Jesu, baaposetoloi ba ne ba dira dikgakgamatso tse dintsi, mme di ne tsa fela ka iketlo. (1 Bakorintha 13:8-13) Gompieno, ga re bone dikgakgamatso ka tsela ya mmatota. Mo letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe jaana: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o supang tumelo mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno.” (Johane 14:12) Seno se ne sa diragadiwa la ntlha fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba rera ka dikgang tse di molemo kwa Mmusong wa Roma otlhe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Baroma 10:18) Tota le ditiro tse dikgolwane di ile tsa dirwa gompieno fa masalela a a tloditsweng a ntse a eteletse pele go rerwa ga dikgang tse di molemo “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe.” (Mathaio 24:14) Diphelelo e nnile dife? Lekgolo la bo20 la dingwaga le itemogetse go phuthiwa ga palo e kgolo thata ya batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, le ba ba ikanyegang mo hisitoring. (Tshenolo 5:9, 10; 7:9, 10) A bo e le bosupi jo bo molemolemo jang ne jwa maatla a ga Jehofa!—Isaia 60:22.
Bomonnawe Jesu ba Tla ka Kgalalelo
19. Bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng ba bonwa leng ba na le ene mo kgalalelong?
19 Fa masalela a bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng, ba tla galalediwa le ene. (Baroma 2:6, 7; 1 Bakorintha 15:53; 1 Bathesalonika 4:14, 17) Ka jalo ba nna dikgosi le baperesiti ba ba sa sweng mo Bogosing jwa legodimo. Ba na le Jesu, ba tla “disa batho ka thobane ya tshipi mo e leng gore ba tla thubega dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa.” (Tshenolo 2:27; 20:4-6; Pesalema 110:2, 5, 6) Ba tla dula mo ditulong tsa bogosi ba atlhola “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” ba na le Jesu. (Mathaio 19:28) Popo e e fegelwang e sa le ka e letetse ditiragalo tseno ka tlhoafalo, tse e leng karolo ya “go senolwa ga barwa ba Modimo.”—Baroma 8:19-21; 2 Bathesalonika 1:6-8.
20. (a) E ne e le malebana le tebelelo efe e go fetolwa ponalo go neng ga nonotsha tumelo ya ga Petere? (b) Go fetolwa ponalo go nonotsha Bakeresete jang gompieno?
20 Paulo o ne a bua ka tshenolo ya ga Jesu ka “pitlagano e kgolo” fa a ne a kwala jaana: “[O] galalediwa malebang le baitshepi ba gagwe le go lejwa ka kgakgamalo mo letsatsing leo malebang le botlhe ba ba neng ba supa tumelo.” (Mathaio 24:21; 2 Bathesalonika 1:10) A bo e le tebelelo e e molemolemo jang ne mo go Petere, Jakobe, Johane le Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ka moya! Go fetolwa ponalo go ne ga nonotsha tumelo ya ga Petere. Eleruri go bala ka gone, le rona go re nonotsha tumelo le go dira gore re nne le tshepo e e tlhomameng ya gore mo bogautshwaneng Jesu o tla “[duela] mongwe le mongwe go ya ka boitshwaro jwa gagwe.” Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba tshela gompieno ba tlhatswegile pelo tota gore ba tla galalediwa le Jesu. Dinku tse dingwe di nonotshiwa tumelo ka gore di itse fa a tla di falodisa go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno e e bosula ya dilo gore di tsene mo lefatsheng le lesha le le itumedisang. (Tshenolo 7:14) A bo go kgothatsa jang ne gore re eme re nitame go ya kwa bokhutlong! Mme ponatshegelo eno e ka re ruta mo gontsi, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona dibuka tsa “Let Your Name Be Sanctified,” ditsebe 313-14, le Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 164-5, tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Ekesodo 2:15-22; 3:1-6; 5:2; 7:8-13; 8:18; 19:16-19; Duteronome 31:23; 1 Dikgosi 17:8-16; 18:21-40; 19:1, 2, 8-18; 2 Dikgosi 2:1-14.
d Bona buka ya You May Survive Armageddon Into God’s New World, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 281-3.
e Bona “Let Your Name Be Sanctified,” ditsebe 317-20.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke bomang ba ba neng ba bonala ba na le Jesu ka nako ya go fetolwa ponalo?
◻ Tumelo ya baaposetoloi e ne ya nonotshiwa jang ke go fetolwa ponalo?
◻ Fa Moshe le Elija ba ne ba bonala “ka kgalalelo” mmogo le Jesu ka nako ya go fetolwa ponalo, ba ne ba emela bomang?
◻ Ke dilo dife tse di tshwanang fa gare ga Moshe le Elija mmogo le Iseraele wa Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go fetolwa ponalo go ile ga nonotsha tumelo ya Bakeresete ba nako e e fetileng le ba gompieno