Tlhokego ya Thuto ya Bokeresete
MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga C.E. batsadi ba ne ba ikarabelela go ruta bana ba bone, segolobogolo fa ba santse ba simolola. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Re bala ka Jesu gore o ne a godisetswa kwa Nasaretha ke rraagwe wa mogodisi le mmaagwe le gore o ne a tswelela a gola le go nonofa, a tlala ka botlhale. Fa a le dingwaga di le 12 o ne a gakgamatsa baruti kwa tempeleng ka tsela e a neng a tlhaloganya dilo ka yone le ka dikarabo tsa gagwe. (Luke 2:41, 46-52) Bakwadi ba ne ba tswelela go nna baruti ba bagolo phatlalatsa le kwa dikolong tse di neng di tlhomilwe kwa matlong a thuto.
Morutisi yo Mogolo Thata
Jesu e ne e le morutisi wa maemo a a kwa godimo go gaisa botlhe. Le e leng gareng ga batho ba motlha wa gagwe o ne a tsewa jaaka morutisi yo o tlhotlheletsang le yo o itsegeng ka tsela e e tlhomologileng. Barutwa ba gagwe ba ne ba mmitsa “Rabi,” mo go rayang “Morutisi” kana “Mokaedi.” (Mareko 9:5) Baganetsi ba gagwe ka dinako dingwe ba ne ba dumela gore o bua ka tsela e e molemo, mme ka lekgetlho lengwe badiredibagolo bao ba neng ba rometswe ke Bafarasai go mo tshwara, fa ba bodiwa gore ke eng fa ba boa ba iphotlhere, ba ne ba araba jaana: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.”—Johane 7:46.
Sa ntlhantlha, jaaka a buile, Jesu o ne a sa bue ka bogagagwe fela mme o ne a tlile ka leina la ga Rraagwe mme o ne a bua dilo tseo a di ithutileng mo go Rraagwe. (Johane 5:19, 30, 43) O ne a le gaufi thata le Jehofa Modimo, e le Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi kwa magodimong, mme ka gone e ne e le morutisi yo o siameng tota go ka ruta dinonofo, ditiro le maikaelelo a ga Rraagwe. (Mathaio 11:27) O ne a na le bokgoni jo bogolo go gaisa jwa go nna morutisi yo o molemo ka gore o ne a rata bao a ba rutang.—Johane 13:1, 34.
Ke barutisi ba sekae fela bao ba ratang barutwa ba bone thata gore ba bo ba rate go ba neela matshelo a bone, jaaka Jesu a dirile. (Johane 15:13) O ne a tlhaloganya megopolo ya bareetsi ba gagwe. (Johane 2:25) O ne a na le temogo e e tseneletseng. (Luke 6:8) O ne a sa ipatlele dilo ka bopelotshetlha fa a ruta, ka gonne o ne a se na boleo mme a se na boferefere. (Bahebere 7:26) O ne a sa rute ka mafoko a filosofi a a neng a dirisiwa ke bakwadi mme o ne a dirisa ditshwantsho tse di amang dilo tsa letsatsi le letsatsi. Ka ntlha ya seno dithuto tsa gagwe di santse di tlhaloganngwa le gompieno. Dithuto tsa gagwe di ne di tletse ka ditshwantsho.
Thuto le Phuthego ya Bakeresete
Barutwa ba ga Jesu ba ne ba latela dikgato tsa gagwe mo tirong ya Bokeresete ya go ruta mme ba ne ba atlega jaaka ene. Ba ne ba sa rere fela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo gotlhe mme gape ba ne ba ruta bao ba ratang go reetsa. (Ditiro 2:42) Le bone, fela jaaka Jesu, ba ne ba le pelokgale mme ba bua ka taolo.—Ditiro 4:13, 19, 20; 5:29.
Moya wa Modimo o ne wa ba nonotsha mme wa ba neela sesupo sa gore Modimo o amogela go ruta ga bone. Ba ne ba ruta kwa tempeleng, kwa ntlong ya thuto le ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Ba ne ba kopana le Bakeresetemmogo go ruta le go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.—Bahebere 10:24, 25.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa diofisi le ditiro tse di farologaneng mo diphuthegong tse di neng di dirwa ke banna ba ba godileng, bangwe e le barutisi gareng ga bone. O ne a bontsha gore maikaelelo a ditiro tseno tsotlhe e ne e le thuto, e le gore go thapisiwe baitshepi, ba thapisetswa tiro ya botlhanka, gore go agelelwe mmele wa ga Keresete. (Baefeso 4:11-16) Phuthego e ne ya nna le thulaganyo ya ka gale ya go ithuta Lefoko la Modimo, jaaka go bontshitswe go 1 Bakorinthe kgaolo 14.
Maloko otlhe a phuthego ya Bokeresete, le e leng basadi, ba ne ba tshwanetse go nna barutisi; ba ne ba tshwanetse go dira batho ba lefatshe barutwa. (Ditiro 18:26; Bahebere 5:12) Mme mo teng ga phuthego ka boyone banna ba ba godileng ba ne ba tlhomiwa go okamela, jaaka sekai, Timotheo le Tito. (1 Timotheo 2:12) Banna bao ba ne ba tshwanetse go nna bao ba tshwanelegang go ruta phuthego le go baakanya dilo tse di tswileng mo tseleng. Ba ne ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata go tlhomamisa gore thuto ya bone e boammaaruri e bile e itekanetse.—2 Timotheo 4:2, 3.
Baebele e bua go le gonnye fela ka thuto ya lefatshe. E lemosa Bakeresete gore ba se ikamanye thata le difilosofi tsa batho le e leng go senya nako ba tsenatsenana le dipotso tsa bosilo le tse di sa dueleng. E kgalema thata ka go itira seoposengwe le bao ba sa dumeleng Modimo le Lefoko la gagwe.—1 Timotheo 6:20, 21; 1 Bakorinthe 3:18-20.
Bakeresete ba ne ba lemoga gore ba patelesegile mo pele ga Modimo go tlamela malapa a bone sentle. Gantsi go ne go tlhokega thuto ya mofuta mongwe le katiso go ba siamisetsa ditiro tsa boitshediso. (1 Timotheo 5:8) Mme go tswa mo hisitoring ya Bakeresete ba ntlha re fitlhela gore, sentlentle ba ne ba kgatlhegela mokgwa mongwe le mongwe o o kafa molaong o ba ka o dirisang go rera “mafoko a a molemo,” fa ba ithuta Baebele ka bobone le fa ba ruta bao ba ba utlwang. (1 Bakorinthe 9:16) Jaaka Porofesa E. J. Goodspeed a buile go Christianity Goes to Press: “Bakeresete go tloga fela ka nako ya fa ba simolola go itse gore go a kgonega go gatisa dibuka go anamisa efangele ya bone mo lefatsheng lotlhe ba ne ba dirisa thulaganyo eno ka botlalo, e seng fela go gatisa dibuka tse disha mme le go senka tsa bogologolo gore le tsone di gatisiwe, mme ga ba ise ba ko ba kgaogane le botswerere jono jwa go gatisa dibuka. Go phoso go akanya gore go simologile le kitso ya bogatisi; e sa le e ntse e le selo se Bakeresete ba ntseng ba rata go se dira go tloga ka A.D. 70 go ya pele, mme se ntse se nonofela pele fa mokgwa ono o ntse o nna le matswela a a molemo. Le e leng ditlhaselo tsa batswakwa le Metlha ya Lefifi ga di a ka tsa o fetsa maatla. Mme gotlhe gono ke bosupi jwa maatla a magolo a a neng a bopa botshelo jotlhe jwa Bakeresete ba pele, jo bo neng bo senka, e seng fela ka ditiro le lefoko mme gape le ka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tota tsa go gatisa, go isa efangele kwa bathong, e feletse e bile go sa sadisiwa sepe.”