LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/15 ts. 32
  • Boammaaruri ka ga Dihele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri ka ga Dihele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/15 ts. 32

Boammaaruri ka ga Dihele

PEGO ya lekgotla la dithuto tsa motheo la Church of England e bega gore totatota dihele ga se boikepiso jwa molelo; go na le moo, ke lefelo fela le le ikgopolelwang le le senang sepe. “Go na le mabaka a le mantsi a a dirileng gore go nne le pono eno e e fetogileng,” pego e tlhalosa jalo. “Mme mangwe a one e ile ya nna gore batho mo teng mmogo le kwa ntle ga tumelo ya Bokeresete ba bontshe go se dumalane le bodumedi jwa go tshelela mo poifong, le kgopolo e e ntseng e anama ya gore kgopolo ya Modimo o o isang dimilione tsa batho kwa go tlhokofadiweng ga bosakhutleng e ne e sa dumalane le go senolwa ga lorato lwa Modimo mo go Keresete.”

Go sa jeng diwelang gono malebana le tsela e go lejwang dihele ka yone ga se bothata jwa Church of England fela. Batho ba ditumelo tse di farologaneng ba go fitlhela go le thata go obamela Modimo yo o ipusolosetsang yo o fisang baleofi. “Batho ba batla Modimo yo o boutlwelobotlhoko le yo o nang le lorato lo lo tswang mo pelong,” go bolela jalo Jackson Carroll, porofesa wa bodumedi le setšhaba kwa Duke University’s Divinity School. “Go bua ka boleo le molato ga go tsamaisane le tsela e batho ba akanyang ka teng gompieno.”

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go dumela gore dihele, jaaka Baebele e ruta, ke lebitla fela le le tlwaelegileng la batho ba ba suleng—eseng lefelo la go tlhokofadiwa la molelo. Ba na le pono eno e seng fela ka gonne e ratwa ke batho, mme e le ka ntlha ya se Baebele e se buang: “Mme baswi ga ba itse sepe . . . gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [“diheleng,” Catholic Douay Version].”—Moreri 9:5, 10.

A tlhaloganya sentle malebana le boemo jwa baswi, Charles Taze Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a kwala jaana morago kwa ka 1896: “Re fitlhela [mo Baebeleng] go se na lefelo lepe le le ntseng jalo le batho ba bogisediwang kwa go lone ka bosakhutleng leo dithuto tsa bodumedi mmogo le dibuka tsa difela, le baruti ba le bantsi ba rutang ka lone ka phoso. Mme lefa go ntse jalo re fitlhetse go na le ‘dihele,’ sheol, hades, tseo lotso lotlhe lwa rona lo atlholetsweng go ya kwa go lone ka ntlha ya boleo jwa ga Atame, e bile e le lefelo leo loso lwa Morena wa rona lo gololang batho botlhe mo go lone; e bile ‘dihele’ tseo ke lebitla—boemo jwa motho fa a sule.”

Ka gone mo e ka nnang nako e e fetang lekgolo la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba rutile boammaaruri jwa Baebele ka dihele.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Charles T. Russell

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela