LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/1 ts. 14-19
  • “Le fa Lo Ise lo Mmone Lo a Mo Rata”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Le fa Lo Ise lo Mmone Lo a Mo Rata”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse ba di Utlwileng
  • Moya O a O Bontshitseng
  • Go Ikaega ga Gagwe mo Modimong ka Boikokobetso
  • Go Bontsha Gore Re a Mo Rata
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
  • Ba Thapiseditswe go Neela Bosupi ka Botlalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Jesu . . . A ba Rata go ya Bokhutlong”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/1 ts. 14-19

“Le fa Lo Ise lo Mmone Lo a Mo Rata”

“Yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene.”—1 PETERE 1:8.

1. Lefa go se na ope mo lefatsheng gompieno yo o kileng a bona Jesu, batho bangwe ba bodumedi ba leka go bontsha jang go ineela mo go ene?

GA GONA ope yo o tshelang mo lefatsheng gompieno yo o kileng a bona Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, dimilione tsa batho di iphaka fa di mo rata. Ngwaga le ngwaga ka January 9, kwa Manila, kwa Philippines go tsamaiwa go gogwa sefikantswe se se lekanang le motho sa ga Jesu Keresete a le mo sefapaanong mo mebileng mo go se se tlhalosiwang e le ponatshego e kgolo go di feta tsotlhe le e e kgatlhang thata ya bodumedi jo bo ratwang thata mo nageng eo. Boidiidi jwa batho ba ba itumetseng bo a kgorometsana; batho ba bile ba palama mo godimo ga ba bangwe e le fela go leka go ama setshwantsho. Bontsi jo bo leng gone go bona seno bo gapiwa maikutlo ke mokoloko o o itumetseng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bano kwa ntle ga pelaelo ke batho ba ba ikutlwang ba le gaufi thata le Jesu go tswa pelong. E le go supa seo, ba ka rwala sefapaano kana ba ka nna ba bo ba ya kerekeng ka metlha. Lefa go ntse jalo, a kobamelo e e ntseng jalo ya ditshwantsho e tsewa e le kobamelo ya boammaaruri?

2, 3. (a) Ke bomang mo balateding ba ga Jesu ba tota ba mmoneng le go mo utlwa? (b) Ke bomang gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba rata Jesu le go dumela mo go ene, lefa ba ise ba ko ba mmone ka sebele?

2 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le diketekete tsa batho mo dikgaolong tsa Roma tsa Judea, Samaria, Perea, le Galalea ba ba boneng Jesu Keresete ka sebele le go mo utlwa. Ba ne ba mo reetsa jaaka fa a ntse a tlhalosa boammaaruri jo bo itumedisang kaga Bogosi jwa Modimo. Ba bone ka matlho dikgakgamatso tse a di dirileng. Bangwe ba bano e ne ya nna barutwa ba ba ineetseng ba gagwe, ba tlhatswegile pelo gore e ne e le “Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.” (Mathaio 16:16) Lefa go ntse jalo, bao moaposetoloi Petere a ba kwaletseng lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng e ne e se bangwe ba bano.

3 Bao Petere a neng a ba kwalela ba ne ba nna kwa dikgaolong tsa Roma tsa Ponto, Galatia, Kapatokia, Asia, le Bithunia—tsotlhe di mo kgaolong e gompieno e bidiwang Turkey. Petere o ne a ba kwalela jaana: “Yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo.” (1 Petere 1:1, 8) Ba itsile jang Jesu Keresete gore ba bo ba mo rate ba bo ba dumele mo go ene?

4, 5. Batho ba ba iseng ba ke ba bone Jesu ba ne ba ithuta jang go le gontsi ka ene gore ba mo rate ba ba ba dumele mo go ene?

4 Go bonala, bangwe ba ne ba le kwa Jerusalema fa moaposetoloi Petere a ne a neela matshwititshwiti a a neng a le gone kwa moletlong wa Pentekosete bosupi ka 33 C.E. Morago ga moletlo barutwa ba bantsi ba ne ba sala kwa Jerusalema gore ba amogele tao e e oketsegileng go tswa go baaposetoloi. (Ditiro 2:9, 41, 42; bapisa 1 Petere 1:1.) Mo maetong a a neng a a dira nako le nako a borongwa, moaposetoloi Paulo o ne a dira ka tlhagafalo le mo bathong ba ba neng ba nna mo karolong e Petere moragonyana a neng a e kwalela lekwalo la gagwe la ntlha la Baebele le a neng a le bitsa ka leina la gagwe.—Ditiro 18:23; 19:10; Bagalatia 1:1, 2.

5 Ke ka ntlha yang fa batho bao, ba ba neng ba ise ba ke ba bone Jesu, ba ne ba mo rata thata jaana? Mo motlheng wa rona, ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba ba dimilione go dikologa lefatshe ba mo rata thata jaana?

Dilo Tse ba di Utlwileng

6. (a) Fa o ka bo o ne o utlwile Petere a neela bosupi ka Jesu ka Pentekosete ya 33 C.E., o ne o tla ithuta eng? (b) Seno se ne sa ama jang batho ba ba 3000 ba ba neng ba le gone?

6 Fa o ka bo o ne o le kwa Jerusalema fa Petere a ne a bua le boidiidi jwa batho ba ba neng ba le kwa moletlong ka 33 C.E., o ne o tla ithuta eng ka Jesu? Kwa ntle ga pelaelo dikgakgamatso tse a neng a di dira di ne di bontsha gore o ne a romilwe ke Modimo. Gore, lefa banna bao ba boleo ba ne ba bolaya Jesu, o ne a sa tlhole a le mo lebitleng mme o ne a tsositswe mme a tlotlomaleditswe kwa legodimong kwa letsogong le legolo la Modimo. Gore tota Jesu e ne e le Keresete, Mesia yo baporofeti ba neng ba kwadile ka ga gagwe. Gore ka Jesu Keresete, moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo balateding ba gagwe mo e leng gore ka yone nako eo ba ne ba kgona go neela bosupi mo bathong ba ba tswang mo merafeng e mentsi ka dilo tse dikgolo tse Modimo o neng o di dira ka Morwawe. Dipelo tsa ba le bantsi ba ba neng ba utlwa Petere mo tiragalong eo di ne tsa tlhotlheletsega fela thata, mme mo e ka nnang ba le 3000 ba ne ba kolobediwa e le barutwa ba Bakeresete. (Ditiro 2:14-42) Fa o ka bo o ne o le foo, a o ka bo o ne wa tsaya kgato eo e e tlhomameng?

7. (a) Fa o ka bo o ne o le kwa Antioka ka nako ya fa moaposetoloi Paulo a ne a rera teng, o ka bo o ithutile eng? (b) Ke ka ntlha yang fa bangwe mo matshwititshwiting e ne ya nna badumedi mme ba bolelela ba bangwe mafoko a a molemo?

7 Fa o ka bo o ne o le mongwe wa bao ba neng ba le gone fa moaposetoloi Paulo a ne a ruta kwa Antioka mo kgaolong ya Roma kwa Galatia, ke eng gape se o neng o tla se ithuta ka ga Jesu? O ne o tla utlwa fa Paulo a tlhalosa gore go atlholelwa loso ga ga Jesu ke babusi kwa Jerusalema go ne go boleletswe pele ke baporofeti. Gape o ne o tla utlwa ka bosupi jwa ba ba boneng ka matlho ka ga go tsoga ga ga Jesu. Ruri o ne o tla kgatlhiwa ke tlhaloso ya ga Paulo ya gore ka go tsosa Jesu mo baswing, Jehofa o ne a tlhomamisa gore ruri yono e ne e le Morwa Modimo. Mme a pelo ya gago e ne e ka se itumele fa o utlwa gore tshwarelo ya maleo e e kgonegang ka go dumela mo go Jesu e ka dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng? (Ditiro 13:16-41, 46, 47; Baroma 1:4) Fa ba lemoga se ba neng ba se utlwa se se bolelang, bangwe kwa Antioka ba ne ba nna barutwa, ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo go boleleleng ba bangwe ka mafoko a a molemo, lefa go dira jalo go ne go raya gore ba ne ba tla lebana le pogiso e e botlhoko.—Ditiro 13:42, 43, 48-52; 14:1-7, 21-23.

8. Fa o ka bo o ne o le kwa pokanong ya phuthego ya Efeso fa ba ne ba amogela lekwalo le Paulo a ba kwaletseng lone, o ka bo o ithutile eng?

8 Go tweng fa o ka bo o ne o le mo phuthegong ya Bokeresete kwa Efeso, mo kgaolong ya Roma ya Asia, fa ba ne ba amogela lekwalo la ga Paulo le le tlhotlheleditsweng le le neng le ya kwa barutweng ba koo? O ne o tla ithuta eng mo go lone ka seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo? Mo lekwalong leo Paulo o ne a tlhalosa gore ka Keresete dilo tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di ne di tla tlisiwa tumalanong le Modimo, gore mpho ya Modimo ka Keresete e fetiseditswe mo bathong ba merafe yotlhe, gore batho ba ba neng ba sule mo ponong ya Modimo ka ntlha ya ditlolo tsa bone ba ne ba tshedisiwa ka tumelo mo go Keresete, le gore ka ntlha ya paakanyetso eno, gape go ne go kgonega gore batho e nne barwa ba ba ratwang ba Modimo.—Baefeso 1:1, 5-10; 2:4, 5, 11-13.

9. (a) Ke eng se se ka go thusang go lemoga gore wena ka bowena o tlhaloganya se se bolelwang ke se Paulo a neng a se kwaletse Baefeso? (b) Bakaulengwe ba kwa dikgaolong tsa Roma tse di umakilweng ke Petere ba ne ba amiwa jang ke seo ba neng ba se ithuta ka ga Jesu?

9 A go anaanela seno sotlhe go ne go tla dira gore o rate Morwa Modimo thata? A lorato loo lo ne lo tla tlhotlheletsa botshelo jwa gago jwa letsatsi le letsatsi, jaaka fa moaposetoloi Paulo a kgothaditse mo dikgaolong 4 go ya go 6 tsa Baefeso? A kanaanelo eo e ne e tla go tlhotlheletsa gore o tlhatlhobe dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago ka kelotlhoko? Ka go rata Modimo le go leboga Morwawe, a o ne o tla dira diphetogo tse di tlhokegang e le gore go dira thato ya Modimo e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago? (Baefeso 5:15-17) Mabapi le tsela eo Bakeresete ba kwa Asia, Galatia, le dikgaolo tse dingwe tsa Roma ba neng ba amilwe ka yone ke seo ba neng ba se ithuta, moaposetoloi Petere o ne a ba kwalela jaana: “Le fa lo ise lo mmone [Jesu Keresete] lo a mo rata . . . lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo.”—1 Petere 1:8.

10. (a) Kwa ntle ga pelaelo ke eng se se neng sa dira gore Bakeresete ba bogologolo ba rate Jesu? (b) Le rona re ka solegelwa molemo jang?

10 Go ne go na le sengwe gape se kwa ntle ga pelaelo se tlaleditseng mo go rateng Morwa Modimo se Bakeresete bao ba bogologolo ba Petere a neng a ba kwalela ba neng ba na le sone. E ne e le eng seo? Ka nako ya fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha, mo e ka nnang Diefangele tse pedi—Mathaio le Luke—di ne di setse di aname. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba ise ba bone Jesu ba ne ba ka kgona go bala dipego tseno tsa Diefangele. Le rona re ka kgona. Diefangele tseno ga se dipego tse di ikakanyeditsweng fela; di tshotse ditiragalo tsotlhe tsa hisitori e e ikanyegang tota. Mo dipegong tseo tse di tlhotlheleditsweng, re fitlhela go le gontsi mo go dirang gore re rate Morwa Modimo thata.

Moya O a O Bontshitseng

11, 12. Ke eng se se go kgatlhang thata ka moya o Jesu a o bontshitseng mo bathong ba bangwe se se dirang gore o mo rate?

11 Mo pegong e e kwadilweng kaga botshelo jwa ga Jesu, re ithuta ka tsela eo a neng a dirisana ka yone le batho ba bangwe. Moya o a o bontshitseng o ama dipelo tsa batho le gone jaanong, dingwaga tse di fetang 1960 morago ga gore a swe. Mongwe le mongwe yo o tshelang o rwele matswela a boleo. Dimilionemilione tsa batho ba tshwentswe ke tshiamololo ya mofuta mongwe, ba a lwala, kana ka mabaka mangwe ba ikutlwa ba pitlagantswe ke maswabi. Mo bathong bano botlhe Jesu a re: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.

12 Jesu o ne a bontsha gore o amega thata ka bahumanegi, ba ba bolawang ke tlala, le ba ba hutsafetseng. Fa go ne go tlhokega o ne a bile a fepa boidiidi jwa batho ka kgakgamatso. (Luke 9:12-17) O ne a ba golola mo botshwarong jwa dingwao. Gape o ne a aga tumelo ya bone mo paakanyetsong ya Modimo ya go fedisa go patikwa ke dipolotiki le mathata a ikonomi. Jesu ga a ka a utlwisa moya wa ba ba neng ba setse ba patikilwe botlhoko. Ka bonolo le lorato, o ne a emisa ba ba pelonolo ka botlhale. O ne a lapolosa ba ba neng ba tshwana le lotlhaka lo lo phitshegileng lo lo obegileng, le bao ba neng ba tshwana le lodi lo lo kuang mosi lo lo tlogang lo tima. Go tloga ka nako eo go ya pele, leina la gagwe le dira gore batho ba nne le tsholofelo, le eleng mo dipelong tsa ba ba iseng ba ko ba mmone.—Mathaio 12:15-21; 15:3-10.

13. Ke ka ntlha yang fa tsela e Jesu a neng a dirisana le baleofi ka yone e gogela batho kwa go ene?

13 Jesu o ne a sa dumelele go dira dilo tse di sa siamang, mme lefa go ntse jalo o ne a bontsha gore o tlhaloganya batho ba ba neng ba dirile diphoso mo botshelong mme ba bontsha boikwatlhao mme ba retologela kwa go ene gore a ba thuse. (Luke 7:36-50) O ne a dula mme a ja le batho ba ba neng ba nyadiwa mo setšhabeng fa a bona gore seno se ne se tla mo naya tshono ya go ba thusa semoyeng. (Mathaio 9:9-13) Ka ntlha ya moya o a o bontshitseng, dimilione tsa batho ba ba mo maemong a a tshwanang ba ba iseng ba bone Jesu ba ile ba tlhotlheletsega go mo itse mme ba dumetse mo go ene.

14. Ke eng se se go kgatlhang ka ga tsela e Jesu a neng a thusa batho ba ba neng ba lwala, ba golafetse, kana ba swetswe ka yone?

14 Tsela e Jesu a neng a dirisana le batho ba ba lwalang kana ba ba golafetseng ka yone e ne e bontsha lorato lwa gagwe le kutlwelobotlhoko le gore o kgona go ba namola. Ka gone, fa monna yo o neng a na le bolwetse jwa lepero a tla kwa go ene a mo kopa thuso, Jesu ga a ka ya re a mmona a bo a mo sisimoga. E bile ga a ka a raya monna yono a re, le fa a ne a mo utlwela botlhoko, bolwetse jwa gagwe bo ne bo setse bo keketse thata mme ga go na sepe se a neng a ka se dira go mo thusa. Monna yono o ne a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o na le thata ya go nntlafatsa.” Kwa ntle ga go okaoka, Jesu o ne a ntsha letsogo mme a ama molepero, a re: “Ke a rata, o ntlafale.” (Mathaio 8:2, 3) Mo lekgetlhong le lengwe mosadi mongwe o ne a batla go fodisiwa ka go ama makantsa a seaparo sa gagwe a sa bonwe ke ope. Jesu o ne a dirisana le ene ka tsela e e kutlwelobotlhoko le e e kgothatsang. (Luke 8:43-48) Fa a ne a kopana le mokoloko wa phitlho, o ne a utlwela motlholagadi yo o neng a hutsafetse botlhoko, yo o neng a tlhokafaletswe ke morwawe yo o nosi fela. Lefa Jesu a ne a ganne go dirisa maatla a gagwe a o neng a a filwe ke Modimo ka kgakgamatso go itirela dijo, o ne a a dirisa go tsosa monna yo o neng a sule mme a mo naya mmaagwe.—Luke 4:2-4; 7:11-16.

15. Go bala le go tlhatlhanya kaga dipego tse di buang ka Jesu go go ama jang?

15 Jaaka fa re bala dipego tseno mme re tlhatlhanya ka moya o Jesu a neng a o bontsha, lorato lwa rona lo a gola mo go yono yo o neetseng botshelo jwa gagwe e le gore re ka tshelela ruri. Lefa re ise re mmone, re utlwa re mo atametse, e bile re batla go gata mo dikgatong tsa gagwe.—1 Petere 2:21.

Go Ikaega ga Gagwe mo Modimong ka Boikokobetso

16. Jesu o ne a lebisa tlhokomelo e kgolo mo go mang, mme o ne a re rotloetsa go dira eng?

16 Mo godimo ga tsotlhe, Jesu o lebisitse tlhokomelo ya gagwe le ya rona mo go Rraagwe wa selegodimo, Jehofa Modimo. O ne a tlhaola taolo e kgolo go di feta tsotlhe mo Molaong, a re: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.” (Mathaio 22:36, 37) O ne a tlhagisa barutwa ba gagwe a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.” (Mareko 11:22) Fa ba ne ba lebane le teko e e masisi ya tumelo ya bone, o ne a ba rotloetsa a re: “Lo rapele.”—Mathaio 26:41.

17, 18. (a) Jesu o ne a bontsha jang gore o ikaega ka boikokobetso mo go Rraagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa se a se dirileng se le botlhokwa jaana mo go rona?

17 Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao. Thapelo e ne e le karolo ya botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. (Mathaio 14:23; Luke 9:28; 18:1) Fa nako e tla ya gore a tlhophe baaposetoloi ba gagwe, Jesu ga a ka a ikaega fela ka katlholo ya gagwe, lefa pele baengele botlhe kwa legodimong ba ne ba le kafa tlase ga gagwe. Ka boikokobetso o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela Rraagwe. (Luke 6:12, 13) Fa a ne a lebane le go tshwarwa le loso lo lo botlhoko, Jesu gape o ne a retologela kwa go Rraagwe, a rapela ka tlhoafalo. Ga a ka a ipolelela gore o itse Satane sentle mme o tla kgona go emelana bonolo fela le sengwe le sengwe se yo o bosula yono a ka se dirang. Jesu o ne a itse gore go ne go le botlhokwa go le kanakang gore a se ka a palelwa. A bo e ne e tla nna kgobo jang mo go Rraagwe fa a ka bo a ne a paletswe! Mme a bo e ne e tla nna tatlhegelo jang mo bathong, bao tsholofelo ya bone ya botshelo e neng e ikaegile mo setlhabelong se Jesu a neng a tla se ntsha!

18 Jesu o ne a rapela kgapetsakgapetsa—fa a ne a na le baaposetoloi ba gagwe mo ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalema mme o ne a rapela ka tlhoafalo thata fa a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane. (Mathaio 26:36-44; Johane 17:1-26; Bahebere 5:7) Fa a ne a boga mo koteng ya tlhokofatso, ga a ka a kgala ba ba neng ba mo sotla. Go na le moo, o ne a rapelela bao ba neng ba dira ka go tlhoka kitso a re: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:34) O ne a boloka mogopolo wa gagwe o lebile kwa go Rraagwe, “a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo.” Mafoko a bofelo ao a neng a a bua mo koteng ya tlhokofatso e ne e le a go rapela Rraagwe. (1 Petere 2:23; Luke 23:46) A bo re leboga thata jang ne gore ka go ikaega ka botlalo mo go Jehofa, Jesu ka boikanyegi o ne a wetsa kabelo ya gagwe eo Rraagwe a neng a mo e neile! Lefa re ise re bone Jesu Keresete, a bo re mo rata thata jang ne ka ntlha ya seo a se dirileng!

Go Bontsha Gore Re a Mo Rata

19. Fa re bontsha gore re rata Jesu, ke ditiro dife tse di sa siamang gotlhelele tse re tla di tilang?

19 Re ka bontsha jang gore lorato loo re iphakang fa re na le lone ga se lwa molomo fela? E re ka Rraagwe, yo Jesu a neng a mo rata, a ne a iletsa go dirwa ga ditshwantsho le go di leba jaaka tse di ka obamelwang, ruri ga re na go tlisa tlotla mo go Jesu ka go rwala setshwantsho se se ntseng jalo mo sebageng se se mo molaleng kana ka go tshwara ditshwantsho tseo mo mebileng. (Ekesodo 20:4, 5; Johane 4:24) Ga go kitla go tlotla Jesu fa re ya kwa ditirelong tsa bodumedi, le eleng go dira jalo ka makgetlho a le mmalwa mo bekeng, fa re sa tshele tumalanong le dithuto tsa gagwe beke yotlhe. Jesu o ne a re: “Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre.”—Johane 14:21, 23; 15:10.

20. Dilo dingwe tse di tla bontshang gore tota re rata Jesu ke dife?

20 Ke ditaelo dife tse a re di neileng? Ya ntlha, go obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa, e bile e le ene fela. (Mathaio 4:10; Johane 17:3) Ka ntlha ya seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo, Jesu gape o rutile gore re tshwanetse go bontsha tumelo mo go ene jaaka Morwa Modimo le gore re tshwanetse go e bontsha ka go tila ditiro tse di maswe le ka go tsamaya mo leseding. (Johane 3:16-21) O ne a re gakolola go batla Bogosi jwa Modimo pele le tshiamo ya gagwe, re beye tseno kwa pele ga dilo tse re di tlhokang mo nameng. (Mathaio 6:31-33) O ne a re laela gore re rate ba bangwe jaaka fa a re ratile. (Johane 13:34; 1 Petere 1:22) Mme a re laela gore re nne basupi ba boikaelelo jwa Modimo, jaaka fa le ene e ne e le ene. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Tshenolo 3:14) Lefa ba ise ba bone Jesu, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nang dimilione di le tlhano ba tlhotlhelediwa go utlwa ditaelo tseo ke go bo ba mo rata thata. Go se bone ga bone Jesu ga go tsidifatse go ititaya ga bone sefuba go mo utlwa lefa e le ka tsela epe. Ba gakologelwa gore Morena wa bone o ne a raya moaposetoloi Thomase a re: “O dumetse ka gobo o mponye; go sego ba ba sa bonang, le fa go ntse jalo ba dumetse.”—Johane 20:29.

21. Re solegelwa molemo jang ka go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, se se tla bong se tshwerwe monongwaga ka Sontaga, March 23?

21 Go solofelwa gore o tla nna mongwe wa bao ba tla nnang gone mo Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe fa letsatsi le sena go phirima ka Sontaga, March 23, 1997, go gakologelwa pontsho e kgolo ya lorato lwa Modimo mo bathong le go gopola loso lwa Morwawe yo o ikanyegang Jesu Keresete. Se se tla buiwang le se se tla dirwang mo tiragalong eo se tshwanetse go nonotsha lorato lwa rona mo go Jehofa le go Morwawe le go oketsa keletso ya rona ya go boloka ditaelo tsa Modimo.—1 Johane 5:3.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ba ba neng ba kwaletswe buka ya ntlha ya ga Petere ba ne ba itse Jesu jang le go mo rata?

◻ Dingwe tsa dilo tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba di utlwa tse di go kgatlhang ke dife?

◻ Ke eng se se leng teng ka moya o Jesu a neng a o bontsha se se dirang gore o mo rate thata?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ikaega ka boikokobetso ga ga Jesu mo Modimong go le botlhokwa jaana mo go rona?

◻ Re ka bontsha jang gore re rata Jesu Keresete?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Re ikutlwa re atametse mo go Jesu ka ntlha ya moya o a o bontshitseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela