Go Direla Jaaka Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo
“Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa . . . yo o utlwatsang kagiso.”—ISAIA 52:7.
1, 2. (a) Jaaka go ne ga bolelelwa pele mo go Isaia 52:7, ke mafoko afe a a molemo a a tshwanetseng go anamisiwa? (b) Mafoko a boporofeti a ga Isaia a ne a kaya eng mo kgannyeng ya Iseraele wa bogologolo?
GO NA le mafoko a a molemo a a tshwanetseng go bolelwa! Ke mafoko a kagiso—kagiso ya mmatota. Ke molaetsa wa poloko o o amanang le Bogosi jwa Modimo. Moporofeti Isaia o ne a kwala ka one bogologolo tala, mme mafoko a gagwe re ntse re a boloketswe mo go Isaia 52:7, koo re balang jaana: “Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang mafoko a a molemo, yo o utlwatsang kagiso, yo o tlisang mafoko a mantle a a molemo, yo o utlwatsang poloko; yo o rayang Sione, a re: ‘Modimo wa gago o a busa!’”
2 Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe Isaia gore a kwale molaetsa oo gore o solegele Iseraele wa bogologolo molemo le gore o re solegele molemo le rona gompieno. Ke eng se se kaiwang ke molaetsa oo? Ka nako ya fa Isaia a ne a kwala mafoko ao, bogosi jo bo kafa bokone jwa Iseraele bo ka tswa bo ne bo setse bo isitswe kwa botshwarong ke Baasiria. Morago ga moo, baagi ba bogosi jo bo kafa borwa jwa Juta ba ne ba tla isiwa kwa Babilone e le batshwarwa. Mo metlheng eo setšhaba seno se ne se le mo mahutsaneng le mo khuduegong ka gonne batho ba ne ba sa utlwe Jehofa mme ka lebaka leo ba ne ba se mo kagisong le Modimo. Fela jaaka Jehofa a ne a ba bolelela, boleo jwa bone bo ne bo dira gore ba kgaogane le Modimo wa bone. (Isaia 42:24; 59:2-4) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Isaia gore a bolelele pele gore ka nako e e tshwanetseng dikgoro tsa Babilone di ne di tla bulega. Batho ba Modimo ba ne ba tla gololesega go boela kwa nagagaeng ya bone, gore ba ye go aga tempele ya ga Jehofa sesha gone. Sione e ne e tla tsosolosiwa, mme Modimo wa boammaaruri o ne a tla boa a obamelwa gape kwa Jerusalema.—Isaia 44:28; 52:1, 2.
3. Tsholofetso ya go tsosolosiwa ga Iseraele e ne e le boporofeti jwa kagiso jang gape?
3 Gape go solofediwa kgololo e ne e le boporofeti jwa kagiso. Go busediwa kwa nageng eo Jehofa a neng a e neetse Baiseraele e ne e tla nna bosupi jwa gore Modimo o ne a ba utlwela botlhoko le gore ba ne ba ikwatlhaya. Go ne go tla bontsha gore ba ne ba le mo kagisong le Modimo.—Isaia 14:1; 48:17, 18.
“Modimo wa Gago o a Busa!”
4. (a) Ke ka tsela efe go neng go ka bolelwa ka 537 B.C.E. go twe ‘Jehofa o a busa’? (b) Jehofa o ne a rulaganya dilo jang e le gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo mo dingwageng tse di neng di tla latela?
4 Fa Jehofa a ne a golola batho bano ka 537 B.C.E., go ne go ka itsisiwe Sione jaana ka tshwanelo: “Modimo wa gago o a busa!” Ke boammaaruri gore Jehofa ke “Kgosi ya metlha.” (Tshenolo 15:3) Mme go gololwa ga batho ba gagwe ka lobaka lono e ne e le tsela e nngwe ya go bontsha bolaodi jwa gagwe. Kwantle ga pelaelo, go ne go bontsha gore maatla a gagwe a ne a le magolo thata go gaisa puso ya batho e e neng e nonofile thata go fitlha ka nako eo. (Jeremia 51:56, 57) Ka go bo moya wa ga Jehofa o ne o dira, ditogamaano tse dingwe tse di neng tsa direlwa batho ba gagwe di ne tsa senngwa. (Esethere 9:24, 25) Gangwe le gape Jehofa o ne a tsereganya ka ditsela tse di farologaneng go dira gore dikgosi tsa Bameta le Baperesia di dirisane mmogo le ene mo go diragatseng thato ya gagwe ya bolaodi. (Sekaria 4:6) Ditiragalo tse di itumedisang tse di neng tsa diragala mo metlheng eo re di kwaletswe mo dibukeng tsa Baebele tsa Esere, Nehemia, Esethere, Hagai le Sekaria. Mme a bo go nonotsha tumelo jang ne go ithuta tsone!
5. Ke ditiragalo dife tsa botlhokwa tse di neng tsa bolelelwa pele mo go Isaia 52:13–53:12?
5 Lefa go ntse jalo, se se neng sa diragala ka 537 B.C.E. le morago ga moo e ne e le tshimologo fela. Morago fela ga boporofeti jwa tsosoloso jo bo mo kgaolong ya 52, Isaia o ne a kwala ka go tla ga ga Mesia. (Isaia 52:13–53:12) Ka Mesia, yo o neng a itshupa e le Jesu Keresete, Jehofa o ne a tla ntsha molaetsa wa kgololo le wa kagiso e e neng e bolela se se fetang se se neng sa direga ka 537 B.C.E.
Morongwa yo Mogolo Thata wa ga Jehofa wa Kagiso
6. Morongwa yo mogolo thata wa ga Jehofa wa kagiso ke mang, mme ke thomo efe e a neng a e dirisa mo go ene?
6 Jesu Keresete ke morongwa yo mogolo thata wa ga Jehofa wa kagiso. Ke Lefoko la Modimo, Mmueledi wa ga Jehofa ka namana. (Johane 1:14) Go dumalana le seno, ka nako nngwe morago ga gore Jesu a kolobediwe kwa Nokeng ya Joretane, o ne a ema kwa ntlong ya thuto kwa Nasaretha mme a balela thomo e e mo go Isaia kgaolo 61 kwa godimo. Thomo eo e ne e phepafatsa gore se a neng a rometswe go se rera se ne se akaretsa “kgololo” le “phoufologo,” mmogo le sebaka sa go amogelwa ke Jehofa. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a dira se se fetang go bolela molaetsa wa kagiso. Gape Modimo o ne o mo rometse go tla go rulaganyetsa kagiso e e tla nnelang ruri.—Luke 4:16-21.
7. Diphelelo e nna dife tsa go nna le kagiso le Modimo e e ka kgonegang ka Jesu Keresete?
7 Ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, baengele ba ne ba tla kwa badiseng gaufi le Bethelehema, ba baka Modimo ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.” (Luke 2:8, 13, 14, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, go ne go tla nna le kagiso mo bathong ba Modimo o kgatlhegang mo go bone ka gonne ba ne ba dumela mo paakanyetsong e a neng a e dira ka Morwawe. Seo se ne se tla kaya eng? Se ne se tla kaya gore le mororo batho ba tsaletswe mo boleong, ba ne ba ka kgona go nna phepa fa pele ga Modimo, ba nna ditsala tse di amogelwang ke ene. (Baroma 5:1) Ba ne ba ka itumelela go ritibala mo maikutlong, ba na le kagiso, tse di ka se kang tsa bonwa ka tsela epe e nngwe. Ka nako e Modimo a e beileng, batho ba ne ba tla gololwa mo diphelelong tsotlhe tsa boleo jo bo tswang mo go Atame, go akaretsa le go gololwa mo bolwetseng le mo losong. Batho ba tla bo ba sa tlhole ba le difofu kana bosusu kana digole. Makoa a a tshwenyang le malwetse a tlhaloganyo a a phatlolang pelo a tla tlosiwa ka bosakhutleng. Go tla kgonega gore batho ba itumelele botshelo ba itekanetse ka bosakhutleng.—Isaia 33:24; Mathaio 9:35; Johane 3:16.
8. Kagiso ya bomodimo e neelwa bomang?
8 Kagiso ya bomodimo e neelwa bomang? E neelwa botlhe ba ba dumelang mo go Jesu Keresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore ‘Modimo o kgatlhilwe ke Keresete gore a letlanye dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa ga Jesu.’ Moaposetoloi o ne a oketsa ka gore tetlanyo eno e ne e tla akaretsa “dilo tse di kwa magodimong”—e leng bao ba tla nnang baruaboswa mmogo le Keresete kwa legodimong. Gape e tla akaretsa “dilo tse di mo lefatsheng”—e leng bao ba tla neelwang sebaka sa go tshela mo lefatsheng leno ka bosakhutleng fa le tla go nna mo maemong a a siameng a Paradaise. (Bakolosa 1:19, 20) E re ka ba solegelwa molemo ke tlhwatlhwa ya setlhabelo sa ga Jesu e bile ba utlwa Modimo go tswa mo pelong, botlhe bano ba ka itumelela botsalano jo bo lorato le Modimo.—Bapisa Jakobe 2:22, 23.
9. (a) Go nna le kagiso le Modimo go tlhotlheletsa gore go nne le dikamano dife tse dingwe? (b) Jehofa o ne a neela Morwawe thata efe ka boikaelelo jwa go lere kagiso e e tla nnelang ruri gongwe le gongwe?
9 A bo go le botlhokwa jang ne go nna le kagiso eno le Modimo! Fa go se na kagiso le Modimo, go ka se nne le kagiso e e tla nnelang ruri kana e e mosola mo botsalanong bope fela. Go nna le kagiso le Jehofa ke motheo wa go nna le kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng. (Isaia 57:19-21) Go tshwanetse gore Jesu Keresete e bo e le Kgosana ya Kagiso. (Isaia 9:6) Jehofa gape o neetse yono yo batho ba ka letlanngwang le Modimo ka ene taolo ya go busa. (Daniele 7:13, 14) Mme malebana le diphelelo tsa ga Jesu tsa go busa batho, Jehofa o solofetsa jaana: “Ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo.”—Isaia 9:7; Pesalema 72:7.
10. Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo go anamiseng molaetsa wa Modimo wa kagiso?
10 Molaetsa wa Modimo wa kagiso o tlhokwa ke batho botlhe. Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao se se tlhagafetseng fa a ne a o rera. O ne a dira jalo kwa tempeleng kwa Jerusalema, kwa dithabeng, mo tseleng, mo mosading wa Mosamaria kwa sedibeng le mo magaeng a batho. Gongwe le gongwe kwa go neng go na le batho teng, Jesu o ne a dira gore go nne le sebaka sa go rera ka kagiso le Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 4:18, 19; 5:1, 2; 9:9; 26:55; Mareko 6:34; Luke 19:1-10; Johane 4:5-26.
Go Thapisediwa go Tsamaya mo Dikgatong Tsa ga Keresete
11. Jesu o ne a thapisetsa barutwa ba gagwe tiro efe?
11 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rere molaetsa wa Modimo wa kagiso. Fela jaaka Jesu e ne e le “mosupi yo o boikanngo” wa ga Jehofa, ba ne ba lemoga gore le bone ba ne ba na le boikarabelo jwa go neela bosupi. (Tshenolo 3:14; Isaia 43:10-12) Ba ne ba leba kwa go Keresete jaaka Moeteledipele wa bone.
12. Paulo o ne a bontsha jang botlhokwa jwa tiro ya go rera?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka botlhokwa jwa tiro ya go rera fa a re: “Lokwalo lwa re: ‘Le fa e le mang yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.’” Ke gore, ga go na ope yo o dumelang mo go Jesu Keresete jaaka Moemedi yo Mogolo wa ga Jehofa wa poloko yo o ka tlhabisiwang ditlhong. E bile ga go na tsela e motho a godisitsweng ka yone ya setso e e ka dirang gore a se ka a tshwanelega, ka gonne Paulo o ne a oketsa jaana: “Ga go na pharologano ya Mojuta le Mogerika; ka gobo yo e leng Morena, ke Morena wa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsang. Gonne ga twe: ‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’” (Baroma 10:11-13) Mme batho ba ne ba tla itse jang ka sebaka seo?
13. Ke eng se se neng se tlhokega e le gore batho ba utlwe mafoko a a molemo, mme Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba arabela jang malebana le tlhokego eo?
13 Paulo o ne a bontsha ka fa go tlhokegang ka teng ka go botsa dipotso tse motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a tshwanetseng go akanya ka tsone. Moaposetoloi o ne a botsa jaana: “Ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa?” (Baroma 10:14, 15) Pego ya Bokeresete jwa bogologolo ke bosupi jo bo papametseng jwa gore banna le basadi, bannye le bagolo, ba ne ba etsa sekao se se neng se tlhomilwe ke Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Ba ne ba nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba mafoko a a molemo. Ka go etsa Jesu, ba ne ba rerela batho gongwe le gongwe kwa ba neng ba ka ba bona gone. E re ka ba ne ba batla gore ba se ka ba tlogela ope, ba ne ba dira bodiredi jwa bone mo mafelong a batho botlhe le ka ntlo le ntlo.—Ditiro 17:17; 20:20.
14. Go ne ga itshupa jang gore go boammaaruri gore “dinao” tsa batho ba ba bolelang mafoko a a molemo di ne di le “dintle”?
14 Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o neng a amogela bareri ba Bakeresete sentle. Lefa go ntse jalo, mafoko a Paulo a a nopotseng mo go Isaia 52:7 a itshupile a le boammaaruri. Fa a se na go botsa potso eno, “Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa?” o ne a oketsa jaana: “Fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!’” Bontsi jwa rona ga re akanye ka dinao tsa rona di le dintle. Jalo he, seno se kaya eng? Ke dinao tse di tlwaetseng go isa motho gongwe le gongwe fa a ya go rerela ba bangwe. Dinao tse di ntseng jalo tota di emela motho yono. Mme re ka tlhomamisega gore batho ba le bantsi ba ba neng ba utlwa mafoko a a molemo mo baaposetoloing le mo barutweng ba bangwe ba ga Jesu Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Bakeresete bano ba bogologolo eleruri go ne go le gontle go ba bona. (Ditiro 16:13-15) Se se fetang seo, ba ne ba le botlhokwa thata mo matlhong a Modimo.
15, 16. (a) Bakeresete ba bogologolo ba ile ba bontsha jang gore tota e ne e le barongwa ba kagiso? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re dire bodiredi jwa rona ka tsela e e tshwanang le e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba dira ka yone?
15 Balatedi ba ga Jesu ba ne ba na le molaetsa wa kagiso, mme ba ne ba o bua ka mokgwa o o nang le kagiso. Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe ditaelo tseno: “Ntlo e lo tsenang mo go yone, le fa e ka nna efe, e re pele lo re: ‘A kagiso e nne le ntlo e.’ Fa morwa kagiso a le teng, kagiso ya lona e tlaa nna mo go yone; mme fa a seyo, kagiso ya lona e tlaa ba e boela mo go lona.” (Luke 10:5, 6) Sha·lohmʹ, kana “kagiso,” ke tsela e e tlwaelegileng ya Sejuta ya go dumedisa. Lefa go ntse jalo, ditaelo tsa ga Jesu di ne di akaretsa se se fetang seno. Jaaka “barongwa mo boemong jwa ga Keresete,” barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba rotloetsa batho jaana: “Lo letlane le Modimo.” (2 Bakorinthe 5:20) Go dumalana le ditaelo tsa ga Jesu, ba ne ba bua le batho ka Bogosi jwa Modimo le se bo ka se kayang ka bone jaaka batho ka bongwe. Batho ba ba neng ba reetsa ba ne ba segofadiwa; ba ba neng ba gana molaetsa ono ba ne ba latlhegelwa ke tuelo.
16 Basupi ba ga Jehofa ba dira bodiredi jwa bone ka tsela e e tshwanang gompieno. Mafoko a a molemo a ba a isang kwa bathong ga se a bone; ke a Ene yo o ba romileng. Thomo ya bone ke go a isa fela. Fa batho ba a amogela, go tla ba dira gore ba amogele masego a a molemolemo. Fa ba a gana, ba tla bo ba gana go nna le kagiso le Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete.—Luke 10:16.
Go Nna Kagiso mo Lefatsheng Le le Sa Laolesegeng
17. Lefa tota re ka kopana le batho ba ba buang matlhapa, re tshwanetse go itshwara jang, mme ka ntlha yang?
17 Go sa kgathalesege gore batho ba itshwara jang, go botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba nne ba gakologetswe gore ke barongwa ba kagiso ya bomodimo. Batho ba lefatshe ba ka nna ba ganetsa thata ba bo ba bontsha bogale jwa bone ka go bua mafoko a a utlwisang botlhoko kana ka go goeletsa matlhapa mo bathong ba ba ba kgopisang. Gongwe bangwe ba rona ba ile ba dira jalo mo metlheng e e fetileng. Lefa go ntse jalo, fa re apere motho yo mosha e bile jaanong re se karolo ya lefatshe, re ka se etse ditsela tsa bone. (Baefeso 4:23, 24, 31; Jakobe 1:19, 20) Go sa kgathalesege gore ba bangwe ba itshwara jang, re tla dirisa kgakololo eno: “Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona.”—Baroma 12:18.
18. Re tshwanetse go itshwara jang fa e le gore modiredi mogolo wa batho o a re sotla, mme ka ntlha yang?
18 Ka dinako tse dingwe bodiredi jwa rona bo ka nna jwa dira gore re ye kwa badireding ba bagolo ba puso. Ka go bontsha thata ya bone, ba ka nna ba ‘re batla gore’ re tlhalose lebaka la go bo re dira dilo tse di rileng kana lebaka la go bo re sa nne le seabe mo ditirong tse dingwe tse di rileng. Ba ka nna ba batla go itse gore ke ka ntlha yang fa re rera molaetsa o re o rerang—o o senolang bodumedi jwa maaka le o o bolelang ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Fa re tlotla sekao se se tlhomilweng ke Keresete go tla re tlhotlheletsa gore re nne boingotlo le go nna le tlotlo e kgolo. (1 Petere 2:23; 3:15) Gangwe le gape, badiredi ba bagolo bano ba tlhotlhelediwa ke baruti kana gongwe ba ba nang le maemo a a kwa godimo go ba feta. Go araba ka tsela e e bonolo go ka ba thusa gore ba anaanele gore tiro ya rona ga e ba tsenye mo kotsing kana go senya kagiso ya batho. Go araba ka tsela e e ntseng jalo go dira gore ba ba e amogelang ba nne le moya wa tlotlo, wa go dirisana mmogo le wa kagiso.—Tito 3:1, 2.
19. Basupi ba ga Jehofa ga ba kitla ba nna le seabe mo ditirong dife?
19 Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe e le batho ba ba sa tseyeng karolo mo dintweng tsa lefatshe. Ga ba itshunye nko mo dintweng tsa lefatshe tse di amanang le lotso, bodumedi, kana bopolotiki. (Johane 17:14) Ka gonne Lefoko la Modimo le re kaela gore re ‘utlwe babusi ba bagolo,’ tota re ka se akanye le go nna le seabe mo ditirong tsa tlhakatlhakano ya setšhaba tsa go nna kgatlhanong le dithulaganyo tsa puso. (Baroma 13:1) Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba ko ba tsene mo mokgatlhong ope o o nang le boikaelelo jwa go menola puso. Ka ntlha ya ditekanyetso tse Jehofa a di tlhometseng batlhanka ba gagwe ba Bakeresete, ga ba akanye gotlhelele ka go nna le seabe mo tshololong ya madi kana mo bothubaking jwa mofuta ope! Bakeresete ba boammaaruri ga ba bue ka kagiso fela; ba tshela go dumalana le se ba se rerang.
20. Babilone o Mogolo o itiretse leina la mofuta ofe malebana le kagiso?
20 Go farologana le Bakeresete ba boammaaruri, batho ba ba emelang mekgatlho ya bodumedi ya Labokeresete ga ba ise ba itshupe e le barongwa ba kagiso. Ditumelo tsa Babilone o Mogolo—e leng dikereke tsa Labokeresete mmogo le ditumelo tse e seng tsa Bokeresete ka mo go tshwanang—di ile tsa mpampetsa, tsa ema nokeng, tota le go etelela pele mo dintweng tsa ditšhaba. Gape di ile tsa tlhotlheletsa gore go nne le pogiso tota le go bolawa ga batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ka gone Tshenolo 18:24 e bolela jaana malebana le Babilone o Mogolo: “Ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”
21. Batho ba le bantsi ba ba dipelo tse di ikanyegang ba itshwara jang fa ba bona pharologanyo fa gare ga boitshwaro jwa batho ba ga Jehofa le jwa batho ba bodumedi jwa maaka?
21 Bodumedi jwa boammaaruri bo na le maatla a a siameng, a a dirang gore go nne le kutlwano, go farologana le bodumedi jwa Labokeresete le Babilone o Mogolo otlhe. Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba boammaaruri jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Ke lone lorato lo lo potang ka kwa ga melelwane ya bomorafe, ya loago, ya ikonomi le ya lotso, e gone jaanong e kgaoganyang batho botlhe. Fa dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe di se na go lemoga seno, ba bolelela batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa jaana: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.”—Sekaria 8:23.
22. Re leba jang tiro ya go neela bosupi e e santseng e tlhoka go dirwa?
22 Jaaka batho ba ga Jehofa, re itumelela thata se se setseng se dirilwe, mme lefa go ntse jalo tiro ga e ise e wediwe. Fa molemi a se na go jala peo le go tlhagola tshimo ya gagwe, ga a tlogele fela. O tswelela pele a dira, segolobogolo ka nako ya bofelo ya thobo. Nako ya thobo e tlhoka boiteko jo bo sa kgaotseng le jo bogolo. Mme gone jaanong go na le thobo e kgolwane ya baobamedi ba Modimo wa boammaaruri go feta lefa e le leng pele. Eno ke nako ya go itumela. (Isaia 9:3) Ke boammaaruri gore re kopana le kganetso le batho ba ba sa kgatlhegeng. Jaaka batho ka bongwe, re ka nna ra leka go itshokela bolwetse jo bo masisi, maemo a a thata a lelapa, kana mathata a ikonomi. Mme tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re itshoke. Molaetsa o Modimo o re neetseng one ke selo se batho ba tlhokang go se utlwa. Ke molaetsa wa kagiso. Eleruri, ke molaetsa o Jesu a neng a o rera ka boene—mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
O Araba Jang?
◻ Isaia 52:7 e ile ya diragadiwa jang mo Iseraeleng wa bogologolo?
◻ Jesu o itshupile jang gore ke morongwa yo mogolo thata wa kagiso?
◻ Moaposetoloi Paulo o ne a amanya Isaia 52:7 jang le tiro e Bakeresete ba e dirang?
◻ Go nna barongwa ba kagiso mo motlheng wa rona go akaretsa eng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Fela jaaka Jesu, Basupi ba ga Jehofa ke barongwa ba kagiso ya bomodimo
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Basupi ba ga Jehofa ba nna ba na le kagiso go sa kgathalesege gore batho ba itshwara jang fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi