Sedirisiwa se Sesha Se se Tla Thusang Batho go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang
“MOKGWA wa yone o o motlhofo, o o tlhamaletseng le o o molemo go tlotla dilo o tla nna le matswela a re neng re sa a lebelela. Ditlhogo di kwadilwe ka tsela e e sa raraanang le e e itumedisang e motho ope fela yo o peloephepa, yo o batlisisang a tla tlhotlheletsegang go bua a re, ‘Modimo o mo go lona ruri.’” (1 Bakorinthe 14:25) Go ne ga bolela jalo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Thailand fa a ne a tlhalosa boroutšhara jo bosha jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Bo ile jwa gololwa ke Mokgatlho wa Watch Tower kwa Dikopanong Tse Dikgolo Tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ka 1996/97.
Boroutšhara jono jo bo nang le ditsebe di le 32, jo bo nang le ditshwantsho tse di mebalabala bo diretswe go ithuta Baebele ka jone. Bo bua ka dithuto tsa motheo tsa Baebele. Mafoko a jone a motlhofo e bile bo opa kgomo lonako, a tlhalosa ka phepafalo se Modimo a se batlang mo go rona. Babadi ga ba a tshwanela go nna le bothata jwa go bo tlhaloganya. O ka tshwara thuto ya Baebele jang ka boroutšhara jono jo bosha?
Dirisa dipotso. Go na le dipotso kwa tshimologong ya thuto nngwe le nngwe. Mo masakaneng a a fa pele ga potso nngwe le nngwe, o tla bona dinomoro tsa dirapa tse di nang le dikarabo. Dipotso tseno di ka dirisediwa go tlhatlhoba pele o bala le fa o boeletsa thuto. Ka sekai, kwa tshimologong ya thuto ya Baebele ya legae, o ka nna wa botsa moithuti dipotso e le gore o utlwe dikakgelo tsa gagwe. Mo boemong jwa go baakanya dikarabo tse di phoso ka bonako, o ka nna wa tswelela pele ka thuto. Kwa bokhutlong jwa thuto eo, o ka boela kwa dipotsong tseo go bona gore a moithuti jaanong a ka kgona go di araba go dumalana le Baebele.
Leba dikwalo. Mo thutong nngwe le nngwe go na le dipolelwana tsa boammaaruri jwa Baebele tse di tsamaisanang le dikwalo tse di di tshegetsang. E re ka bontsi jwa dikwalo tseno di umakilwe fela, di sa nopolwa, go botlhokwa go kgothaletsa moithuti gore a lebe ditemana tseno mo Baebeleng ya gagwe. O tlhoka gore a bale le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo pele a ka le dirisa mo botshelong.—Jošua 1:8.
Tlhalosa ditshwantsho. Boroutšhara jono bo na le dinepe le ditshwantsho tse di takilweng di le dintsinyana—e leng dikarolo tse di fetang 50 tsa tiro ya botaki fa di badilwe tsotlhe. Di diretswe e seng gore di kgatlhe fela mo matlhong mme gape le gore di thuse go ruta ka mo go oketsegileng. Ka sekai, dithuto tse pedi tsa bofelo (e nngwe le nngwe e leng boleele jwa tsebe fela, mo ditsebeng tse di lebaganeng) di na le ditlhogo tse di reng “Go Thusa Batho ba Bangwe go Dira go Rata ga Modimo” le e e reng “Tshwetso ya Gago ya go Direla Modimo.” Dinepe tse di kopanetseng ditsebe tseno tse pedi di bontsha kgatelopele ya motho yoo ya semoya, di bontsha fa a neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo, a nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo, a dira boineelo jwa gagwe, mme kgabagare a bo a kolobediwa. Fa o bontsha moithuti ditshwantsho tseno, o a bo o mo thusa gore a bone dikgato tse di tlhokegang gore a direle Modimo.
Go tweng fa e le gore motho yo o kgatlhegang ga a kgone go bala sentle kana ga a itse go bala gotlhelele? Mokgatlho o dira boroutšhara jono jo bosha gore bo nne teng mo khaseteng ka dipuo di le mmalwa. Khasete eno e na le mokwalo wa boroutšhara mmogo le dikwalo di le dintsi tse di umakilweng fela. E gatisitswe mantswe ka tsela eno: Potso ya ntlha e a balwa, go bo go balwa serapa (kana dirapa) se se arabang potso, mmogo le dikwalo dingwe tse di umakilweng fela. Go tswa foo go balwa potso e e latelang, go bo go balwa mokwalo le dikwalo tse di e arabang, le tse dingwe fela jalo. Moithuti a ka reetsa mantswe ano a a gatisitsweng fa a ntse a baakanyetsa thuto. Gape go ka dirisiwa khasete eno fa go ntse go tshwerwe thuto.
Batho ba ba neng ba le gone kwa kopanong e kgolo ba ne ba tlhagafaletse go dirisa boroutšhara jono jo bosha mo bodireding jwa bone jwa tshimo. Ka sekai, malatsi a sekaenyana fela morago ga gore babulatsela ba babedi (bareri ba efangele) ba kwa United States ba amogele boroutšhara jono, ba ne ba e tsamaisetsa banyalani bangwe ba basha ba ba neng ba ntse ba ba etela. Fa banyalani ba leba diteng tsa yone, ba ne ba kgatlhiwa ke thuto e e reng “Ditiro Tse Modimo o di Ilang.” “Ka metlha ke ne ke rutiwa gore Modimo ga a ke a ila sengwe le ka motlha ope—o lorato mo go tsotlhe,” go ne ga bolela jalo mosadi yono yo mmotlana. “Ke yone e ke tlileng go e bala pele.” Fa babulatsela bano ba babedi ba boela gape mo bekeng e e latelang, mosadi yono yo mmotlana o ne a bolela jaana: “Ke ne ke ntse ke bala boroutšhara jo bosha. Go thata tota gore re dire dilo tse re tshwanetseng go di dira. Ga re itumedise Jehofa—ga re a nyalana. Mme re dirile tshwetso. Re dirile dithulaganyo tsa gore re nyalane ka Labotlhano yo o latelang.” Ba ne ba oketsa jaana ba ntse ba tlamparela banyalani bano ba babulatsela: “Re kopa maitshwarelo go bo re ne re sa bale ka metlha, mme re ile ra imologa mo morwalong ono.”
Eleruri, dirisa boroutšhara jono jo bosha jwa Modimo o Batla. Ke sedirisiwa se se molemo go thusa batho ba bangwe go ithuta dilo tse Modimo a di batlang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
O tla dirisa jang boroutšhara jono jo bosha?