Barongwa ba Mmatota ba Kagiso ke Bomang?
KA May 31, 1996, metswedi ya dikgang e ne ya bolela se se neng se lebega e le molaetsa wa kagiso. Mo letsatsing la pele ga foo, go ne ga ntshiwa polelo e e kafa molaong e e neng e tlhomamisa gore Benjamin Netanyahu, yo o neng a tla tloga a nna tonakgolo ya Iseraele, o ne a “ititeile sehuba go tswelela pele ka dipuisano tsa kagiso, kagiso e e babalesegileng, gare ga naga ya Iseraele le dinaga tsotlhe tse di bapileng le yone, go akaretsa le Bapalesetina.”
Kgang e e neng ya phasaladiwa thata ya go tlhophiwa ga ga Netanyahu e ile ya dira gore batho ba le bantsi ba ipotse gore a kagiso kwa Botlhabagare e tlile go nna selo sa mmatota. Fa e le gore go ntse jalo, a ditšhaba tse dingwe le tsone di ka dira jalo, di lebala ka dikgotlhang tsa tsone?
Gone mme, go motlhofo thata go solofetsa kagiso go na le go e fitlhelela. Ka ntlha ya go lemoga seno, batho ba le bantsi ba ne ba belaela. Jaaka fa mokwadi wa dikgang Hemi Shalev a tlhalosa, “bontlhanngwe jwa batho ba Iseraele ba akanya gore kagiso eo e gaufi mme ba bangwe ba dumela gore e mo boemong jo bo maswe thata mo lefatsheng.” Fa a sobokanya, o ne a bolela jaana: “Ba bangwe ba a itumela; ba bangwe ba a lela.”
Boemo bo nna jaana fa batho ba leka go lere kagiso. Go fenya ga moeteledipele yo mongwe le batshegetsi ba gagwe go kaya gore setlhopha se sengwe se a palelwa. Go sa kgotsofale go felela ka go kgobega marapo mme go kgobega marapo, gantsi go felela ka go tsuologa. E ka tswa e le kwa Botlhabagare, Latin America, Yuropa Botlhaba, kana gongwe go sele—maiteko a batho a go lere kagiso a tsietsa thata.
Kagiso ya Mmatota e Gaufi!
Ka nako ya fa kagiso kwa Botlhabagare e ne e le kgangkgolo mo dikgannyeng, go ne ga utlwala molaetsa o mongwe wa kagiso. Eno e ne e se kgang e e neng e anamisiwa thata ya bopolotiki; e bile e ne e se kgolagano ya kagiso fa gare ga ditšhaba. Go na le moo, molaetsa ono o ne o bolela ka kagiso e e tla tlang fela ka Bogosi jwa Modimo. Molaetsa ono o ne wa utlwiwa kae? Kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” tse di fetang 1900 tse di neng di tshwerwe ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka 1996/97.
Kwa dikopanong tseno go ne ga phepafadiwa gore ga go na puso epe ya motho e e tla tlisang kagiso ya boammaaruri le pabalesego. Ka ntlha yang? Ka gonne seno se tla raya gore go fedisiwe dilo tse di dirang gore re se ka ra nna le kagiso letsatsi le letsatsi. Kagiso ya boammaaruri e raya go tsoga moso mongwe le mongwe go sena matshosetsi a ntwa kana thubakanyo. Go raya gore ga go kitla go tlhola go nna le bokebekwa, diloko mo mabating a rona, re sa tlhole re boifa go tsamaya mo diterateng, go sa tlhole go na le malapa a a kgaoganang. Ke puso efe mo lefatsheng e e ka kgonang go dira dilo tseno tsotlhe? Ee ruri, ke puso efe mo lefatsheng e tota e ka kgonang le go solofetsa seo?
Lefa go ntse jalo, Bogosi jwa Modimo, bo tla kgona e bile bo tla dira dilo tseno. Baebele e solofetsa jaana: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” (Tshenolo 21:3, 4) A bo seo se tla tlosa go boga ga batho jang ne!
Tsholofetso ya ga Jehofa Modimo ga se ya lefela. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?” (Dipalo 23:19) Ee, se Modimo a se solofeditseng se tla diragala—gore batho botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe ba segofale.
Barongwa ba Modimo ba Kagiso
Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka go rera ga bone ka Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo. Ngwaga le ngwaga botlhe ba dirisa diura tse di fetang di le dimilione di le sekete ba bolelela batho ba bangwe ka molaetsa o o itumedisang wa Baebele. Seno ke tiragatso ya mafoko a ga Jesu: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” (Mathaio 24:14) Molaetsa o Basupi ba o lereng tota ke “mafoko a a molemo” ka gonne o bolela gore Bogosi jwa Modimo jwa legodimo ke tsholofelo e le yosi fela e batho ba nang le yone. Mme a bo e le tsholofetso e e nitameng ka isagwe!
Tota le gone jaanong, Bogosi jwa Modimo bo dira gore babusiwa ba jone ba nne le sebofo sa mmatota sa kagiso le lorato lwa bokaulengwe. Jesu o ne a re: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Basupi ba ga Jehofa ba leka go tshela tumalanong le molaomotheo o o botlhokwa ono wa Bokeresete jwa boammaaruri. Ka ntlha ya seo, ba na le bokaulengwe jo bo itumedisang jo bo kopanyang Bajuta le Baarabia, Ba-Croatia le Ba-Serbia, Bahutu le Batutsi. Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba na le kagiso eno e bontsi jwa batho ba lorang fela ka yone.
Thulaganyo ya Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” e ne ya neela kgothatso ya go tswelela pele re tshela ka melaometheo ya Baebele le go tswelela pele re rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Re go laletsa go bala pego e e latelang ya kopano ya malatsi a mararo e e kgatlhisang e e neng ya itumelelwa ke dimilione.