LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/1 ts. 19-21
  • Kgololesego ya Bodumedi e a Diragadiwa Kwa Japane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Bodumedi e a Diragadiwa Kwa Japane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Bothata E ne E le Eng?
  • Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Kgaolo e Gakatsa Ba ba E Bolelelwang
  • Boikutlo jo e Seng Jwa Bopelotshetlha Jwa Baseki
  • Kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang
  • Tiragalo e e Tla Itsiweng Kgakala
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/1 ts. 19-21

Kgololesego ya Bodumedi e a Diragadiwa Kwa Japane

GO FETILE dingwaga di le dintsi baithuti ba basha ba Basupi ba ga Jehofa ba lebane le bothata jono jwa kwa Japane: A ke ba dire dilo go ya ka segakolodi sa bone se se thapisitsweng ka Baebele kgotsa ba dumele go dira dilo go ya ka thulaganyo ya sekolo e e thulanang le digakolodi tsa bone. Ke eng fa go ne go na le bothata jono? Ka gonne go ikatisa go ya ka mathaithai a go lwa ka mmele ke karolo ya thuto ya go ikatisa mo dikolong tsa bone. Basupi bano ba basha ba ne ba ikutlwa gore dithuto tse di jalo ga di dumalane le melaometheo ya Baebele, e e tshwanang le o o bonwang mo go Isaia kgaolo 2, temana 4. E balega jaana: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”

Basupi ba Bakeresete ba basha ba ne ba tlhalosetsa barutisi ba bone gore ka ntlha ya digakolodi tsa bone ba ka se nne le seabe mo go ithuteng mathaithai a go lwa ka mmele mo go ka dirang gore ba gobatse mongwe. Morago ga go leka go patelela baithuti bano gore ba dire dilo go ya ka thulaganyo eno ya sekolo, barutisi ba le bantsi ba ba tlhaloganyang kgabagare ba ne ba tlotla digakolodi tsa baithuti mme ba ba dirisa ditiro di sele.

Lefa go ntse jalo, barutisi bangwe ba ne ba hohomoga maikutlo le dikolo dingwe tsa gana go neela basha ba Basupi maduo mo thutong ya go ikatisa mmele. Ka 1993, Basupi ba ka nna robonngwe ga ba ka ba tlhatlosediwa kwa mephatong e e kwa pele mme ba patelelwa go tlogela sekolo kgotsa ba kobiwa ka ntlha ya go se nne le seabe mo mathaithaing a go lwa ka mmele.

Ka phepafalo e ne e le nako ya go sireletsa tshwanelo ya Bakeresete bano ba basha go rutiwa kwantle ga go dira dilo tse di kgatlhanong le segakolodi sa bone. Baithuti ba batlhano ba ba sa kang ba tlhatlosediwa kwa mophatong wa bobedi kwa Kobe Municipal Industrial Technical College (e fa go khutshwafadiwa e bidiwang Kobe Tech) ba ne ba ikaelela go tsaya dikgato tsa semolao.

Bothata E ne E le Eng?

Ka dikgakologo tsa 1990 fa baithuti ba batlhano bano ba simolola go tsena kwa Kobe Tech, ba ne ba tlhalosetsa barutisi gore ga ba kitla ba nna le seabe mo go ikatisetseng kendo (motshameko wa Sejapane wa go lwa ka disabole) ka ntlha ya pono ya bone e e theilweng mo Baebeleng. Ba lephata la thuto ya go ikatisa mmele ba ne ba le kgatlhanong thata le seo ba bo ba ba itsa go bona maduo a thuto ya go ikatisa le ka tsela epe e sele. Kgabagare, baithuti ba ne ba se ka ba falola dithuto tsa go ikatisa mmele mme ka ntlha ya se, ba tshwanela go boelela mophato wa ntlha gape (ngwaga wa ntlha mo kholetšheng). Ka April 1991, ba ne ba tlhatlhela kgetsi kwa Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Kobe, ba bolela gore kgato e e neng e tserwe ke sekolo e ba amoga kgololesego ya bodumedi e molaotheo o e buelelang.a

Sekolo se ne sa bolela gore fa se ba letla go dira ditiro di sele go ne go tla tshwana le fa se supa go ema bodumedi bongwe nokeng mme ka jalo se tlola molao wa thuto ya botlhe wa go se ikamanye le letlhakore lepe. Kwantle ga moo, ba ne ba bolela fa ba sena didirisiwa le badiri ba ba lekaneng go tlamela ka thulaganyo e sele ya thuto ya go ikatisa mmele.

Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Kgaolo e Gakatsa Ba ba E Bolelelwang

Fa tsheko e ntse e tsweletse baithuti ba le babedi mo go ba le batlhano gape ba ne ba se ka ba falola thuto ya go ikatisa mmele ka maduo a a lekaneng, fa ba bangwe ba bararo bone ba falotse ka tshoba la mogodu mme ba fetela kwa mophatong o o latelang. Sekolo se ne se na le molao wa gore moithuti yo maduo a gagwe a sekolo a leng kwa tlase mme a boeleditse mophato mongwe dingwaga tse pedi tse di latelanang o ne a ka kobiwa. Ka ntlha ya seno, mongwe wa baithuti ba babedi bano o ne a ikaelela go tlogela sekolo pele ga ba mo koba, mme yo mongwe, Kunihito Kobayashi, ene a gana go se tlogela. Ka jalo o ne a kobiwa. Selo se se kgatlhang ke gore, palogare ya maduo a dithuto tsotlhe tsa ga Kunihito go akaretsa le thuto ya go ikatisa mmele e mo go yone a boneng dintlha di le 48, e ne e le dintlha di le 90,2 mo go tse 100. O ne a bone maemo a ntlha mo tlelaseng ya gagwe ya baithuti ba le 42.

Ka February 22, 1993 Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Kobe e ne ya dumalana le Kobe Tech mme ya re: “Dikgato tse di tserweng ke sekolo ga di kgatlhanong le molaotheo,” le fa gone e lemoga gore “go ka se ganelwe gore kgololesego ya bodumedi ya moseki e ne ka tsela nngwe e kgorelediwa ke go bo sekolo se batla gore a nne le seabe mo go ikatisetseng kendo.”

Fela jaaka moaposetoloi Paulo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moseki o ne a ikuela kwa babusing ba bagolo ba molao. (Ditiro 25:11, 12) Kgetsi e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelokgolong ya Osaka.

Boikutlo jo e Seng Jwa Bopelotshetlha Jwa Baseki

Mokanoki yo o itsegeng thata, Porofesa Tetsuo Shimomura wa Yunibesithi ya Tsukuba o ne a dumela go neela bosupi kwa Kgotlatshekelokgolo ya Osaka e le mosupi wa setswerere. Ka gonne e le mankge mo go tsa thuto le molao, o ne a gatelela kafa dikgato tsa sekolo di neng di sa supe go akanyetsa baithuti bao ka teng. Kunihito Kobayashi o ne a ntsha maikutlo a gagwe mo kgotlatshekelo mme maikutlo a gagwe a o neng a a ntsha a tlhoafetse a ne a ama batho mo kgotlatshekelong. Mo godimo ga moo, ka February 22, 1994, Kobe Bar Association e ne ya akantsha gore a busediwe gape kwa sekolong, ya bolela gore dikgato tse di tserweng ke sekolo di amoga Kunihito kgololesego ya bodumedi le tshwanelo ya gagwe ya go rutega.

Fa nako e atamela ya gore tshwetso ya kgotla e rebolwe kwa Kgotlatshekelokgolo ya Osaka, basha botlhe ba Bakeresete ba ba neng ba amega ba ne ba tlhoafaletse go nna le seabe mo ntweng eno go fitlha kwa bokhutlong. Ba ne ba ikutlwa gore ba lwa ntwa ya semolao mo boemong jwa basha ba bangwe ba Basupi ba ba diketekete ba ba lebaneng le kgang e e ntseng jalo mo dikolong tsa Japane yotlhe. Mme e re ka ba ne ba sa kobiwa mo sekolong, go ne go ka direga thata gore kgotlatshekelo e tsholole kgetsi ya bone. Mme ba ne ba kgona go lemoga gore fa ba ka gogela boikuelo jwa bone kwa morago go tla senola tsela e sekolo se leng setlhogo ka teng ka go koba Kunihito. Ka jalo, baithuti botlhe kwantle ga Kunihito ba ne ba tsholola kgetsi eo.

Ka December 22, 1994 Moatlhodi Mogolo Reisuke Shimada wa kwa Kgotlatshekelokgolo ya Osaka a rebola tshwetso e e dumalanang le e e neng e ntshitswe ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Kobe. Kgotlatshekelo e ne ya fitlhela fa lebaka la ga Kunihito la go gana go ikatisetsa kendo le ne le utlwala le gore bothata jo bo neng bo mo wetse ka ntlha ya kgato e a e tsereng e e theilweng mo bodumeding jwa gagwe bo ne bo le bogolo thata. Moatlhodi Mogolo Shimada o rile sekolo se ka bo se mo neetse go dira ditiro dingwe di sele. Tshwetso eno e ne ya kgatlha batho ba ba neng ba tshwenyegile ka ditshwanelo tsa batho. Lefa go ntse jalo, sekolo se ne sa ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Japane, mme seno sa dira gore Kunihito a fetse ngwaga e nngwe gape a sa rutiwe.

Kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa Kobe Shimbun se ne sa bua jaana moragonyana: “Boto ya Sekolo ya Toropokgolo ya Kobe le sekolo di ka bo di buseditse Rre Kobayashi kwa sekolong teng fela foo [morago ga tshwetso e e tserweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Osaka]. . . . Boikutlo jwa bone jwa go gatelela go sa tlhokege bo amogile monna yono nako e e botlhokwa thata ya bosha jwa gagwe.” Lefa go ntse jalo, Kobe Tech e ne ya nna tlhogo e thata mo kgetsing eno. Ka ntlha ya seo, go ne ga buiwa thata ka yone mo dikgannyeng tsa naga eo. Barutisi le balaodi ba dikolo mo nageng yotlhe ba e tsaya tsia thata mme tshwetso ya kgotlatshekelo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo nageng eo e ne e tla nna sekao se se nonofileng sa semolao mo dikgetsing tse di tshwanang le eno mo nakong e e tlang.

Ka January 17, 1995 mo e ka nnang beke morago ga gore sekolo se ikuele kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang, thoromo ya lefatshe ya Kobe e ne ya itaya Ashiya City kwa Kunihito le lelapa la gaabo ba neng ba nna teng. Mo e ka nnang ka nako ya masome a mararo morago ga ura ya botlhano mo mosong oo, metsotso e le mmalwa fela pele thoromo ya lefatshe e itaya kgaolo eo, Kunihito o ne a tswa mo lapeng a ya tirong ya gagwe e e seng ya malatsi otlhe. O ne a pagame baesekele ya gagwe mo tseleng e e kafa tlase ga Tselakgolo ya Hanshin, mme fela fa thoromo e simolola, o ne a ya a lebile karolo e e neng e wa. O ne a boela morago ka yone nako eo mme a fitlhela boalo jwa ntlha jwa ntlo ya gaabo bo ruthagane gotlhelele. Kunihito o ne a bona gore o batlile go latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya thoromo eno mme a leboga Jehofa ka a mo letlile go falola. Fa a ne a sule, kgetsi ya kendo e ka be e khutlile Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e sa atlhola kgang.

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang kwa Japane gantsi e tlhatlhoba boikuelo ka go bala dipampiri tsa teng fela le go atlhola fela gore a ditshwetso tsa kgotlatshekelo e potlana di ne di siame kgotsa nnyaa. Ga go nne le tsheko epe e e tshwarwang kwantle fela ga fa go na le lebaka le le botlhokwa thata la gore go fetolwe tshwetso ya kgotlatshekelo e e potlana. Kgotlatshekelo eno ga e itsise batho ba ba amegang gore e tla rebola tshwetso leng. Ka jalo, mo mosong wa March 8, 1996 Kunihito o ne a bolelelwa gore tshwetso e tla rebolwa mo go one moso oo a sa lebelela. O ne a itumela thata fa a utlwa gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e dumalane le tshwetso ya Kgotlatshekelokgolo ya Osaka.

Baatlhodi ba le banè le Moatlhodi Shinichi Kawai yo o neng a e okametse, ba ne ba dumalana fela ka bongwe jwa pelo gore “dikgato tse di tserweng ke sekolo di tshwanetse go tsewa e le tse di sa siamang gotlhelele go ya ka melao e e amogelwang ke batho botlhe, di ne di thulana le kafa molao o leng ka teng malebana le kgololesego ya go dira ditshwetso, ka jalo di ne di se kafa molaong.” Kgotlatshekelo e ne ya dumalana le tshwetso ya ga Kunihito ya go gana go ikatisetsa kendo a tlhoafetse mme ya re: “Lebaka la gore moikuedi a gane go nna le seabe mo go ikatisetseng kendo le ne le utlwala mme le amana thata le motheo wa tumelo ya gagwe.” Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya atlhola ka gore sekolo se ka bo se, mme e bile se tshwanetse go letla moikuedi go dira sengwe se sele go tlotla dilo tse a di dumelang tsa bodumedi jwa gagwe.

Tiragalo e e Tla Itsiweng Kgakala

Tshwetso eno kwantle ga pelaelo e tlhomile sekao se se ka latelwang malebana le kgololesego ya kobamelo kwa dikolong. The Japan Times e rile: “Ke tshwetso ya ntlha go dirwa ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang mo dilong tsa thuto le kgololesego ya bodumedi.” Lefa go ntse jalo, tshwetso eno ga e tlose boikarabelo jo moithuti mongwe le mongwe yo mosha a nang le jone go ema a nitame fa a lekwa tumelo.

Porofesa Masayuki Uchino wa Yunibesithi ya Tsukuba o ne a akgela ka gore lengwe la mabaka a a dirileng gore baatlhodi ba neele Kunihito phenyo ke ka gonne e ne e le “moithuti yo o tlhoafetseng yo dipholo tsa gagwe tsa sekolo di neng di le kwa godimo thata.” Baebele e gakolola Bakeresete ba ba lebaneng le diteko jaana: “Lo bo lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba, e tle e re mo ba lo bolelang jaaka badira bosula ka teng, bo ba galaletse Modimo mo motlheng wa tekolo, ka ditiro tsa lona tse di molemo, tse ba di bonang.” (1 Petere 2:12) Bakeresete ba ba ikanyegang ba basha ba ka bontsha gore tshwetso e ba e tsayang e e mo Baebeleng e tshwanetse go tlotliwa ke batho ba bangwe ka go tshela botshelo jotlhe jwa bone go ya ka melaometheo ya Baebele.

Morago ga tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang, Kunihito Kobayashi o ne a amogelwa gape kwa Kobe Tech. Bontsi jwa baithuti ba ba simolotseng sekolo le Kunihito ba setse ba alogile. Kunihito jaanong o ithuta le baithuti ba a ba fetang ka dingwaga di le tlhano. Mo matlhong a batho ba lefatshe, go bonala e kete dingwaga tsa gagwe tse di botlhokwa tse tlhano di sentswe fela. Lefa go ntse jalo, bothokgami jwa ga Kunihito bo botlhokwatlhokwa mo matlhong a ga Jehofa Modimo mme go intsha ga gagwe setlhabelo ruri ga se ga lefela.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa o batla dintlha tse di oketsegileng, tsweetswee bona ditsebe 10 go ya go 14 tsa Tsogang! ya October 8, 1995 (ya Seesemane) e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Molema: Legae la ga Kunihito morago ga thoromo ya lefatshe

Fa tlase: Kunihito gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela