Kgomotso mo Dingwageng Tse Nnè Tsa Ntwa
MO DINGWAGENG tse nnè tsa ntwa mo kgaolong ya mo e neng e le Yugoslavia pele, batho ba bantsi ba ne ba nna le mathata a magolo le go tlhoka dilo thata. Gareng ga bone go ne go le Basupi ba ga Jehofa ba le makgolokgolo bao ka boikanyegi ba neng ba ntse ba obamela “Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3.
Kwa Sarajevo, batho ba ne ba nna le mathata a a oketsegileng a go nna mo toropokgolong e e neng e dikaganyeditswe ke masole mo nakong yotlhe ya ntwa. Go ne go se na motlakase, metsi, dikgong tsa go gotsa molelo le dijo tse di lekaneng. Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Sarajevo e ne ya dira jang mo maemong a a boitshegang ao? Bakeresete ba ba tswang mo dinageng tsa boagisani ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing go tlisa dilo di le dintsi tsa namolo. (Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1994, ditsebe 23-7.) Gape bakaulengwe kwa Sarajevo ba ne ba kgaoganya se ba neng ba na le sone le ba bangwe, segolobogolo ba ne ba abelana dilo tsa semoya. Ka nako ya fa toropo ya bone e dikaganyeditswe, molebedi mongwe wa Mokeresete mo toropong eo o ne a bega jaana:
“Re tsaya dipokano tsa rona di le botlhokwa thata. Nna le mosadi wa me le batho ba bangwe ba ba 30, re tsamaya dikilometara di le 15 go ya dipokanong. Ka dinako dingwe go ne go itsisiwe gore batho ba tla abelwa metsi ka nako ya fa re tla bo re ile dipokanong. Ke eng se bakaulengwe ba neng ba tle ba se dire? A ba ne ba tle ba nne mo gae kana ba tle dipokanong? Bakaulengwe ba rona ba ne ba tle ba tlhophe go tla dipokanong. Bakaulengwe ba ne ba thusana ka dinako tsotlhe; ba ne ba kgaoganya sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone. Kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona o nna mo lefelong le le kgakajana le toropo, gaufi le sekgwa; ka jalo go ne go le motlhofonyana mo go ene go nna le dibeso. Gape o bereka mo lebakeng mme e bile o duelwa ka boupe. Fa a ne a kgona o ne a baka lofo e kgolo ya borotho mme a e tlise kwa dipokanong. Morago ga dipokano, fa re tswa, o ne a e nathela mongwe le mongwe.
“Go botlhokwa gore ope wa bakaulengwe kana bokgaitsadi a se ka a ikutlwa a latlhilwe. Ga go ope wa rona yo o itseng gore ke ofe wa rona yo gape a tla tlhokang go thusiwa mo maemong a a sa itumediseng. E ne ya re fa ditsela tsa rona di tletse dikgapetlana mariga mme go na le kgaitsadi yo o neng a lwala, bakaulengwe ba basha ba ba nonofileng ba ne ba mo goga ka selei go ya kwa dipokanong.
“Rotlhe re ne re nna le seabe mo tirong ya go rera, mme Jehofa o segofaditse maiteko a rona. O ne a bona boemo jwa rona jo bo boifisang mono Bosnia mme fela o ne a re segofatsa ka koketsego—koketsego e re iseng re nne le yone pele ga ntwa.”
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba oketsega fela jalo le kwa dikarolong tse dingwe gape tse di padimotsweng ke ntwa tsa se e kileng ya bo e le Yugoslavia go sa kgathalesege mathata. Go tswa kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa kwa Croatia go tlile pego eno kaga setlhopha sengwe sa Basupi: “Bakaulengwe ba ba nnang mo Velika Kladuša ba nnile le matshwenyego a a thata go ka emelana nao. Toropo eo e ne ya tlhaselwa makgetlho a le mmalwa. Bakaulengwe ba ne ba tshwanelwa ke go tlhalosa boitlhaodi jwa bone mo masoleng a Croatia, Serbia le a a farologaneng a Bamoseleme. Ruri ba ne ba tshwanetse go itshokela dilo di le dintsi—go tsenngwa mo kgolegelong, go itewa, tlala, kotsi ya loso. Go ntse go le jalo, botlhe ba ne ba nna ba ikanyegile mme ba nna le tshono e e tlhomologileng ya go bona Jehofa a segofatsa ditiro tsa bone.”
Go sa kgathalesege mathata ano, Basupi ba ga Jehofa kwa Velika Kladuša le Bihać e e bapileng le bone, ba ntse ba a oketsega jaaka fa ba ntse ba abela baagisani ba bone molaetsa o o gomotsang wa Modimo. Palogotlhe ya baboledi ba Bogosi ba le 26 mo mafelong a mabedi ano ba tshwara dithuto tsa Baebele tsa legae di le 39!