Bala Lefoko la Modimo Mme o mo Direle ka Boammaaruri
“Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago.”—PESALEMA 86:11.
1. Totatota, kgatiso ya ntlha ya makasine ono e ne e reng ka ga boammaaruri?
JEHOFA o re naya lesedi le boammaaruri. (Pesalema 43:3) Gape o re thusa gore re kgone go bala Lefoko la gagwe, Baebele, le go ithuta boammaaruri. Kgatiso ya ntlha ya lokwalopaka lono—ya July 1879—e ne ya bolela jaana: “Boammaaruri, fela jaaka sethunyanyana se se ntlenyane mo nageng ya botshelo, bo dikologilwe e bile bo batlile bo hupeditswe ke mofero o o godileng o o kitlaneng wa maaka. Fa o batla go bo bona o tshwanetse wa nna o butse matlho. Fa o batla go bona bontle jwa jone o tshwanetse wa tlosa mofero wa maaka le ditlhatshana tsa mokaikai tse di tlhogoethata. Fa o batla go nna le jone o tshwanetse wa inama gore o bo tseye. O se ka wa kgotsofalela sethunya se le sengwe fela sa boammaaruri. Fa e le gore se le sengwe fela se ne se lekane go ka bo go sa dirwa tse dingwe. Nna o ntse o di phutha, nna o ntse o di batla.” Go bala le go ithuta Lefoko la Modimo go re thusa gore re nne le kitso e e tlhomameng le go tsamaya mo boammaaruring jwa gagwe.—Pesalema 86:11.
2. Ke eng se se neng sa diragala fa Esere le ba bangwe ba ne ba balela Bajuta Molao wa Modimo kwa Jerusalema wa bogologolo?
2 Fa dithako tsa Jerusalema di sena go agiwa gape ka 455 B.C.E., moperesiti Esere le ba bangwe ba ne ba balela Bajuta Molao wa Modimo. Seno se ne sa latelwa ke Modiro o o itumedisang wa Metlaagana, go ipolela dibe le go wetsa “kgolagano e e tlhomameng.” (Nehemia 8:1–9:38) Re bala jaana: “Ba bala mo lokwalong, mo molaong wa Modimo, ka thanolo; ba phutholola mafoko, mme batho ba tlhaloganya go balwa ga one.” (Nehemia 8:8) Bangwe ba bolela gore Bajuta ba ne ba sa tlhaloganye Sehebera sentle mme ka jalo ba ne ba tlhalosa mafoko ka Searamaika. Mme mokwalo oo ga o bontshe gore go ne go dirwa fela gore mafoko a puo eo a tlhaloganngwe. Esere le ba bangwe ba ne ba tlhalosa Molao e le gore batho ba ka kgona go tlhaloganya melaometheo ya one le go e dirisa. Dikgatiso tsa Bokeresete le dipokano le tsone di thusa go ‘phutholola’ Lefoko la Modimo. Le bagolwane ba ba tlhomilweng ba dira jalo, ba ba “[di]tswerere go ruta.”—1 Timotheo 3:1, 2; 2 Timotheo 2:24.
Melemo e e Nnelang Ruri
3. Ke melemo efe e mengwe e re e bonang fa re bala Baebele?
3 Fa malapa a Bakeresete a bala Baebele mmogo, ba ka nna ba nna le melemo e e nnelang ruri. Ba tlwaelana le melao ya Modimo le go ithuta boammaaruri jwa dithuto tsa motheo, boporofeti le ditlhogo tse dingwe. Fa karolo nngwe ya Baebele e sena go balwa, tlhogo ya lelapa e ka botsa jaana: Seno se tshwanetse go re ama jang? Seno se golagana ka tsela efe le dithuto tse dingwe tsa Baebele? Re ka dirisa dintlha tseno jang mo go rereng mafoko a a molemo? Lelapa le ka lemoga dilo botoka fa le bala Baebele le go dira patlisiso le dirisa Watch Tower Publications Index kana diintekese tse dingwe. Le ka solegelwa molemo fa le batlisisa le mo dibolumong tse pedi tsa Insight on the Scriptures.
4. Joshua o ne a tshwanetse go dirisa taelo e e kwadilweng mo go Jošua 1:8 jang?
4 Melaometheo e e tswang mo Dikwalong e ka re kaela mo botshelong. Mo godimo ga moo, go bala le go ithuta ‘dikwalo tse di boitshepo go ka re tlhalefisetsa polokong.’ (2 Timotheo 3:15) Fa re letla gore Lefoko la Modimo le re kaele, re tla tswelela pele re tsamaya mo boammaaruring jwa gagwe mme dikeletso tsa rona tse di siameng di tla diragadiwa. (Pesalema 26:3; 119:130) Lefa go ntse jalo, re tlhoka go batla go tlhaloganya, fela jaaka motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua a ne a dira. ‘Lokwalo lwa molao’ lo ne lo sa tshwanela go tloga mo molomong wa gagwe, mme o ne a tshwanetse go lo bala bosigo le motshegare. (Jošua 1:8) Go sa tlogele ‘lokwalo lwa molao’ lo tloga mo molomong wa gagwe go raya gore Joshua o ne a sa tshwanela go tlogela go bolelela ba bangwe dilo tse di sedimosang tse lo neng lo di bolela. Go bala Molao bosigo le motshegare go raya gore Joshua o ne a tshwanetse go tlhatlhanya ka one, a ithuta one. Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Timotheo gore a “tlhoafale”—a tlhatlhanye—ka boitshwaro jwa gagwe, bodiredi le thuto. Fela jaaka Timotheo e ne e le mogolwane wa Mokeresete, o ne a tlhoka gore a nne kelotlhoko thatathata gore botshelo jwa gagwe bo tlhoma sekao le gore a rute boammaaruri jwa Dikwalo.—1 Timotheo 4:15.
5. Ke eng se o tlhokang go se dira gore o bone boammaaruri jwa Modimo?
5 Boammaaruri jwa Modimo ke letlotlo le le botlhokwa thata. Gore o le bone go tlhokega gore o le epe, o nnele ruri o batlisisa mo Dikwalong. Ke fela jaaka baithuti ba bannye ba Moruti yo o Molemolemo re ka nnang le botlhale mme ra tlhaloganya go boifa Jehofa. (Diane 1:7; Isaia 30:20, 21) Gone mme re tshwanetse ra supela dilo go ya ka Dikwalo. (1 Petere 2:1, 2) Bajuta ba kwa Berea “ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lefoko ka pelo e e etleetsegileng, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse [di boletsweng ke Paulo] di ntse jalo.” Baberea ba ne ba akgolelwa go dira seno go na le go kgalemelwa.—Ditiro 17:10, 11.
6. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka bontsha gore Bajuta ba ba rileng ba ne ba sa solegelwa molemo ke go batlisisa mo Dikwalong?
6 Jesu o ne a bolelela Bajuta bangwe jaana: “Lo a tle lo fukutse dikwalo, ka lo itlhoma lo na le botshelo jo bo sa khutleng mo go tsone; tseo ke tsone tse di supang ka ga me; lo gana go tla mo go nna gore lo bone botshelo.” (Johane 5:39, 40) Ba ne ba batlisisa mo Dikwalong ka boikaelelo jo bo siameng—jwa gore di ka ba bontsha botshelo. Eleruri, Dikwalo di ne di tshotse boporofeti jwa ga Mesia jo bo neng bo supela kwa go Jesu gore ke ene a ka ba nayang botshelo. Mme Bajuta ba ne ba mo gana. Ka jalo, go batlisisa mo Dikwalong go ne go sa ba solegele molemo.
7. Ke eng se se tlhokegang gore o tlhaloganye Baebele thata, mme ka ntlha yang?
7 Gore re tlhaloganye Baebele thata, re tlhoka go kaelwa ke moya wa Modimo, kana maatla a a dirang. “Mowa o tlhatlhoba dilo tsotlhe, ee, le dilo tse di boteng tsa Modimo” e le gore di nne le bokao. (1 Bakorinthe 2:10) Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba tshwanetse go ‘leka dilo tsotlhe’ ka boporofeti bope jo ba bo utlwilweng. (1 Bathesalonika 5:20, 21) Fa Paulo a ne a kwalela Bathesalonika (mo e ka nnang ka 50 C.E.), karolo fela ya Dikwalo tsa Segerika e e neng e setse e kwadilwe e ne e le Efangele ya ga Mathaio. Ka jalo Bathesalonika le Baberea ba ne ba ka tlhomamisa dilo tsotlhe, gongwe ka go batlisisa mo thanolong ya Segerika ya Septuagint ya Dikwalo tsa Sehebera. Ba ne ba tlhoka gore ba bale le go ithuta Dikwalo, mme le rona re tshwanetse go dira jalo.
E Botlhokwa mo Bathong Botlhe
8. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go nna le kitso e ntsi ya Baebele?
8 Bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse ba nna le kitso ya Baebele thata. Ba tshwanetse ba “itse go ruta” e bile ba tshwanetse ba ‘ngaparela lefoko le le ikanyegang.’ Molebedi Timotheo o ne a tshwanetse go “bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.” (1 Timotheo 3:2; Tito 1:9; 2 Timotheo 2:15) Mmaagwe e bong Eunike, le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba mo rutile dikwalo tse di boitshepo go tswa bongwaneng jwa gagwe, ba mo tsenya “tumelo e e se nang boitimokanyo,” le mororo rraagwe e ne e se modumedi. (2 Timotheo 1:5; 3:15) Borre ba ba dumelang ba tshwanetse go godisetsa bana ba bone “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena,” mme segolobogolo bagolwane ba tshwanetse ya nna borre ba ba nang le ‘bana ba ba dumelang, ba ba sa ganeng taolo, kana ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo.’ (Baefeso 6:4; Tito 1:6) Go sa kgathalesege maemo a rona he, re tshwanetse go tsaya go bala, go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo ka tsela e e masisi.
9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta Baebele re kopane le Bakeresetekarona?
9 Gape re tshwanetse go ithuta Baebele re kopane le badumedikarona. Paulo o ne a batla Bakeresete ba Thesalonika gore ba buisane ka kgakololo ya gagwe. (1 Bathesalonika 4:18) Gore re tlhaloganye boammaaruri sentle, ga go na sepe se se gaisang go kopana le baithuti ba bangwe ba ba ineetseng mo go tlhatlhobeng Dikwalo. Seane seno se boammaaruri: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” (Diane 27:17) Tshipi e ka rusa fa e sa dirisiwe le gone e sa loodiwe. Ka mo go tshwanang, re tlhoka gore re kopane ka metlha mme re lootsane ka go abelana kitso e re e boneng fa re bala, re ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo la boammaaruri. (Bahebere 10:24, 25) Mo godimo ga moo, eno ke yone fela tsela ya go tlhomamisa gore re solegelwa molemo ke matlhasedi a lesedi la semoya.—Pesalema 97:11; Diane 4:18.
10. Ke eng se se bolelwang ke go tsamaya mo boammaaruring?
10 Fa re ithuta Dikwalo, re ka rapela Modimo ka tshwanelo fela jaaka mopesalema a ne a dira: “A ko o rome lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge.” (Pesalema 43:3) Fa re eletsa go amogelwa ke Modimo, re tshwanetse ra tsamaya mo boammaaruring jwa gagwe. (3 Johane 3, 4) Seno se akaretsa go ngaparela dilo tse a di batlang mo go rona le go mo direla ka boikanyegi le ka bopeloephepa. (Pesalema 25:4, 5; Johane 4:23, 24) Re tshwanetse go direla Jehofa ka boammaaruri, jaaka go senotswe mo Lefokong la gagwe ga bo ga phepafadiwa mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Seno se raya gore re nne le kitso e e tlhomameng ya Dikwalo. Re tshwanetse go bala le go ithuta Lefoko la Modimo jang? A re tshwanetse go bala go tloga ka Genesise kgaolo 1, temana 1, mme ra bala jalo go fitlha re fetsa dibuka di le 66? Ee, Mokeresete mongwe le mongwe yo o nang le Baebele e e feletseng ka puo ya gagwe o tshwanetse a e bala go tloga ka Genesise go ya go Tshenolo. Mme boikaelelo jwa rona jwa go bala Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete e tshwanetse ya nna gore re tlhaloganye boammaaruri jwa Dikwalo thata jo Modimo a bo re neelang ka “motlhanka yo o boikanngo.”
Balela Lefoko la Modimo Kwa Godimo
11, 12. Ke ka ntlha yang fa go le mosola go balela Baebele kwa godimo kwa dipokanong?
11 Re ka nna ra bala ka tidimalo fa re le esi. Lefa go ntse jalo, mo metlheng ya bogologolo, motho o ne a balela kwa godimo fa a bala a le esi. Fela jaaka moopafadiwa wa Moethiopia yo o neng a palame kara ya ga moefangele Filipo, ka gone a mo utlwa a bala boporofeti jwa ga Isaia. (Ditiro 8:27-30) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “bala” totatota le kaya go “bitsa.” Ka jalo batho ba kwa tshimologong ba palelwang ke go bala ka tidimalo e bile ba sa tlhaloganye se ba se balang ga ba a tshwanela go thibelwa go biletsa lefoko lengwe le lengwe kwa godimo. Selo sa botlhokwa ke go ithuta boammaaruri ka go bala Lefoko la Modimo le le kwadilweng.
12 Go mosola gore Baebele e balelwe kwa godimo kwa dipokanong tsa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa modirikaene e bong Timotheo jaana: “O tlhokomele go bala [phatlalatsa], le go laya, le go ruta.” (1 Timotheo 4:13, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Paulo o ne a bolelela Bakolosa jaana: “E tlaa re lokwalo lo, lo sena go balwa mo go lona, lo dire gore lo balwe le mo phuthegong ya Balaodikea; le gore lona lo bale lokwalo lo lo tswang Laodikea.” (Bakolosa 4:16) Mme Tshenolo 1:3 e bolela gore: “Go [itumela yo o balelang kwa godimo, NW], le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone; gonne lobaka lo atametse.” Ka gone, sebui sa phatlalatsa se tshwanetse go bala ditemana mo Baebeleng gore se tshegetse se a se bolelelang phuthego.
Tsela ya go Ithuta e e Dirisang Ditlhogo
13. Ke tsela efe ya go ithuta boammaaruri jwa Baebele e e gatetseng kwa pele thata, mme ke eng se se ka re thusang gore re bone dikwalo gore di fa kae?
13 Go ithuta o dirisa ditlhogo ke yone tsela e e gatetseng kwa pele ya go ithuta boammaaruri jwa Dikwalo. Dikhonkotense tse di nang le lenaane la mafoko a Baebele go ya ka dialefabete tsa one mo a dirisitsweng teng mo bukeng, mo kgaolong le mo temaneng, di dira gore go nne motlhofo go bona ditemana tse di golaganang le setlhogo se se rileng. Mme dikwalo tseo di ka dumalanngwa ka gonne Mokwadi wa Baebele a sa ikganetse. O ne a tlhotlheletsa banna ba ka nna 40 ka moya wa gagwe o o boitshepo gore ba kwale Baebele ka makgolokgolo a le 16 a dingwaga, mme go e ithuta o dirisa ditlhogo ke tsela e nngwe e e atlegang thata ya go ithuta boammaaruri.
14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete mmogo?
14 Tsela e re anaanelang boammaaruri jwa Baebele ka yone e tshwanetse ya re tlhotlheletsa go bala le go ithuta Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete mmogo le Dikwalo tsa Sehebera. Seno se tla bontsha tsela e Dikwalo tsa Segerika di lomaganang ka yone le boikaelelo jwa Modimo mme di tla re naya lesedi malebana le boporofeti jwa Dikwalo tsa Sehebera. (Baroma 16:25-27; Baefeso 3:4-6; Bakolosa 1:26) Thanolo ya New World Translation of the Holy Scriptures e thusa thata mo ntlheng eno. E rulagantswe ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng, ba ba neng ba sola molemo kitso e e ntseng e oketsega e e leng teng ka ga mokwalo wa ntlhantlha wa Baebele mmogo le tshimologo ya one mmogo le maele a yone. Gape, selo se se botlhokwa ke didirisiwa tse di thusang go ithuta Baebele tse Jehofa a re di neelang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.”
15. O ne o ka bontsha jang gore go a tshwanela go nopola mo dikarolong tse di farologaneng mo Baebeleng?
15 Batho ba bangwe ba ka nna ba re, ‘Dikgatiso tsa lona di nopola gantsintsi mo Baebeleng, mme ke ka ntlha yang fa lo tsaya mo dikarolong tse di farologaneng tsa yone?’ Fa dikgatiso di nopola mo dikarolong tse di farologaneng tsa dibuka tse 66 tsa Baebele, di a bo di nopola basupi ba le mmalwa ba ba tlhotlheleditsweng go supa fa thuto eo e le boammaaruri. Jesu ka boene o ne a dirisa mokgwa ono wa go ruta. Fa a ne a dira Thero ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a nopola ga 21 mo Dikwalong tsa Sehebera. Puo eo e ne e nopotse gararo mo go Ekesodo, gabedi mo go Lefitiko, gangwe fela mo go Dipalo, garataro mo go Duteronome, gangwe fela mo go Dikgosi wa Bobedi, ganè mo go Dipesalema, gararo mo go Isaia le gangwe fela mo go Jeremia. A Jesu o ne a ‘leka dilo tsotlhe’ ka go dira jalo? Nnyaa, ka gonne ‘a ne a ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka bakwadi.’ Go ne go le jalo ka gonne Jesu o ne a tshegetsa thuto ya gagwe ka thata ya Lefoko la Modimo le le kwadilweng. (Mathaio 7:29) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a dira jalo.
16. Paulo o ne a nopola Dikwalo dife mo go Baroma 15:7-13?
16 Mo kgaolong ya lokwalo lo lo fitlhelwang mo go Baroma 15:7-13, Paulo o ne a nopola dikarolo tse tharo tsa Dikwalo tsa Sehebera—Molao, Baporofeti le Dipesalema. O ne a bontsha gore Bajuta le Baditšhaba ba ne ba tla galaletsa Modimo, mme ka gone Bakeresete ba tshwanetse go amogela batho ba ditšhaba tsotlhe. Paulo o ne a bolela jaana: “Tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo. Gonne ka re, Keresete o ntshitswe modiredi wa ba bogwera go supa boammaaruri jwa Modimo, gore a tle a tlhomamise dipolelo tsa tsholofetso tse di neilweng borara. Le gore Baditšhaba ba galaleletse Modimo kutlwelobotlhoko ya one; jaaka go kwadilwe ga twe [mo go Pesalema 18:49]: ‘Ke gone ke tlaa go bakang mo go Baditšhaba, mme ke tlaa opelela leina la gago.’ O bile a re gape [mo go Duteronome 32:43]: ‘Lona Baditšhaba, itumeleng le batho ba gagwe.’ Gape [mo go Pesalema 117:1]: ‘Bakang Morena, lona lotlhe Baditšhaba; mme a batho botlhe ba mmake.’ Gape Isaia [11:1, 10] a re: ‘Go tlaa nna motswe wa ga Jese, le yo o tlaa tsogang a tla go busa Baditšhaba; Baditšhaba ba tlaa solofela mo go ene.’ Jaana a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo le kagiso mo go dumeleng, gore lo totafalele mo tsholofelong, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.” Ka mokgwa ono o o dirisang ditlhogo, Paulo o ne a bontsha tsela ya go nopola dikwalo go tlhomamisa boammaaruri jwa Baebele.
17. Bakeresete ba nopola mo dikarolong tse di farologaneng mo Baebeleng yotlhe go dumalana le thulaganyo efe ya bogologolo?
17 Lekwalo la ntlha le le tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Petere le na le dinopolo di le 34 go tswa mo dibukeng di le lesome mo Molaong, mo Baporofeting le mo Dipesalemeng. Mo lekwalong la ga Petere la bobedi, o nopola garataro go tswa mo dibukeng di le tharo. Efangele ya ga Mathaio e nopotse ga 122 go tswa mo go Genesise go ya go Malaki. Mo dibukeng tse 27 tsa Dikwalo tsa Segerika, go nopotswe ga 320 ka tlhamalalo go tswa mo go Genesise go ya go Malaki mmogo le go umakiwa ga makgolokgolo ga Dikwalo tsa Sehebera. Fa Bakeresete ba motlha wa segompieno ba ithuta ba dirisa setlhogo sengwe se se mo Dikwalong, ba nopola mo dikarolong tse di farologaneng mo Baebeleng yotlhe gore ba dumalane le thulaganyo e e tlhomilweng ke Jesu ya bo ya latelwa ke baaposetoloi ba gagwe. Totatota seno se a tshwanela segolobogolo mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ ka nako e Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika di diragadiwang mo go yone. (2 Timotheo 3:1) “Motlhanka yo o boikanngo” o dirisa Baebele jalo mo dikgatisong tsa gagwe, mme lefa go ntse jalo ga a oketse Lefoko la Modimo kana go le fokotsa.—Diane 30:5, 6; Tshenolo 22:18, 19.
Tsamaya mo Boammaaruring ka Metlha
18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go “tsamaya mo boammaaruring”?
18 Ga re a tshwanela go fokotsa sepe mo Baebeleng, ka gonne dithuto tsotlhe tsa Bokeresete tse di mo Lefokong la Modimo ke “boammaaruri” kana ke “boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo.” Go tlhwaela tsebe boammaaruri jono—go “tsamaya” mo go jone—go botlhokwa gore re bone poloko. (Bagalatia 2:5; 2 Johane 4; 1 Timotheo 2:3, 4) E re ka Bokeresete e le “tsela ya boammaaruri,” ka go thusa ba bangwe go tsweledisa dilo tse di direlwang jone, re nna “badiri mmogo le boammaaruri.”—2 Petere 2:2; 3 Johane 8.
19. Re ka “tsamaya mo boammaaruring” jang?
19 Gore re ka “tsamaya mo boammaaruring,” re tshwanetse go bala Baebele re bo re ithusa mo semoyeng ka se Modimo o se re neelang ka “motlhanka yo o boikanngo.” (3 Johane 4) E kete re ka dira seno gore re solegelwe molemo le gore re kgone go ruta ba bangwe ka ga Jehofa Modimo, Jesu Keresete le ka boikaelelo jwa Modimo. Mme a re lebogeng go bo moya wa ga Jehofa o re thusa go tlhaloganya Lefoko la gagwe le go atlega go mo direla ka boammaaruri.
Dikarabo Tsa Gago Tsa Reng?
◻ Mengwe ya melemo e e tla nnelang ruri ya go bala Baebele ke efe?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta Baebele re kopane le badumedikarona?
◻ Ke eng fa go tshwanela gore go nopolwe mo dikarolong tse di farologaneng mo Baebeleng yotlhe?
◻ Ke eng se se kaiwang ke go “tsamaya mo boammaaruring,” mme re ka dira seo jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batsadi, rutang bana ba lona Dikwalo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a nopola mo dikarolong tse di farologaneng tsa Dikwalo tsa Sehebera