Nnela Ruri mo go Baleng
“O tlhokomele go bala, le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle.”—1 TIMOTHEO 4:13.
1. Re ka solegelwa molemo jang ke go bala Baebele?
JEHOFA MODIMO o dirile gore batho ba kgone go ithuta go bala le go kwala ka tsela e e molemolemo. Gape o re neetse Lefoko la gagwe, Baebele, e le gore re ka rutiwa sentle. (Isaia 30:20, 21) Ka tsela ya tshwantshetso, ditsebe tsa yone di re thusa go ‘tsamaya’ le ditlhogo tsa lotso tse di neng di boifa Modimo tse di jaaka Aberahame, Isake le Jakobe. Re ka “bona” basadi ba ba boifang Modimo ba ba jaaka Sara, Rebeka le Ruthe, morweetsana wa Momoabe yo o neng a ikanyega. Ee, gape re ka “utlwa” Jesu Keresete a neela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng. Re ka kgona go nna le boitumelo jono jotlhe le thuto e e molemolemo e e tswang mo Dikwalong tse di Boitshepo fa e le gore re batho ba ba balang thata.
2. Ke eng se se supang gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba itse go bala sentle?
2 Kwantle ga pelaelo, monna yo o itekanetseng e bong Jesu Keresete o ne a itse go bala sentlentle, e bile tota o ne a itse Dikwalo tsa Sehebera fela thata. Ka gone, fa Jesu a ne a lekwa ke Diabolo, gangwe le gape o ne a nopola mo go tsone mme a re, “Go kwadilwe ga twe.” (Mathaio 4:4, 7, 10) Mo tiragalong e nngwe kwa sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a bala karolo nngwe ya boporofeti jwa ga Isaia phatlalatsa a bo a tlhaloganya gore bo bua ka ene. (Luke 4:16-21) Re ka reng ka baaposetoloi ba ga Jesu? Gantsi mo mekwalong ya bone ba ne ba nopola Dikwalo tsa Sehebera. Le mororo babusi ba Bajuta ba ne ba leba Petere le Johane e le batho ba ba sa rutegang e bile e le ba boemo jo bo tlwaelegileng fela ka gonne ba ne ba sa tsena dikolo tsa Sehebera tse di neng di ruta thuto e e kwa godimo, dikwalo tsa bone tse di tlhotlheleditsweng di supa sentle gore ba ne ba kgona go bala le go kwala sentle. (Ditiro 4:13) A mme gone go itse go bala go botlhokwa tota?
“Go Itumela yo o Balelang Kwa Godimo”
3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go bala Dikwalo le dikgatiso tsa Bokeresete?
3 Go nna le kitso ya boammaaruri ya Dikwalo le go e dirisa go ka raya botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go botlhokwa thata go bala le go ithuta Dikwalo tse di Boitshepo le dikgatiso tsa Bokeresete tse di tswang kwa Modimong ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale sa Bakeresete ba ba tloditsweng. (Mathaio 24:45-47) Tota e bile, e re ka diketekete tsa batho di dirisa dikgatiso tsa Watch Tower tse di dirilweng ka tsela e e kgethegileng, di rutilwe go bala mme ka gone tsa nna le kitso ya Lefoko la Modimo e e nayang botshelo.
4. (a) Ke ka ntlha yang fa motho a itumela fa a bala, a ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo? (b) Ke eng se Paulo a neng a se bolelela Timotheo se se malebana le go bala?
4 Re ka itumela fa re bala, re ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo. Seno se jalo, ka gonne fa re dira jalo re itumedisa Modimo le go mo tlotla, re amogela masego a gagwe, re bo re itumela. Jehofa o batla batlhanka ba gagwe ba itumela. Ka gone, o ne a laela baperesiti gore ba balele batho ba Iseraele wa bogologolo Molao wa gagwe. (Duteronome 31:9-12) Fa Esere wa mokwadi le ba bangwe ba ne ba balela batho botlhe ba ba neng ba kokoane kwa Jerusalema Molao, o ne wa tlhalosiwa sentle, mme go ne ga felela ka gore “ba itumele thata.” (Nehemia 8:6-8, 12, bapisa NW.) Moragonyana moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a bolelela modirikaene e bong Timotheo jaana: “O tlhokomele go bala [phatlalatsa, NW], le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle.” (1 Timotheo 4:13) Thanolo e nngwe e balega jaana: “Nnelang ruri mo go baleng Dikwalo phatlalatsa.”—New International Version.
5. Tshenolo 1:3 e lomaganya boitumelo le go bala jang?
5 Go phepafetse sentle mo go Tshenolo 1:3 gore boitumelo jwa rona bo ikaegile ka go bala le go dirisa Lefoko la Modimo. Re bolelelwa jaana mo go yone: “Go [itumela yo o balelang kwa godimo, NW], le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone; gonne lobaka lo atametse.” Ee, re tlhoka go balela kwa godimo le go utlwa mafoko a Modimo a boporofeti a a mo go Tshenolo le mo Dikwalong tsotlhe. Motho yo o itumetseng tota ke yo “go itumela ga gagwe go [leng] mo molaong wa ga Jehofa; mme [a] akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.” Matswela ke afe? “Le fa e le eng se o se dirang se tlaa segofala.” (Pesalema 1:1-3) Ka gone, ka mabaka a a utlwalang, mokgatlho wa ga Jehofa o re rotloetsa rotlhe go bala le go ithuta Lefoko la gagwe motho ka bongwe, e le malapa, le ditsala.
Akanya Thata O bo O Tlhatlhanye
6. Ke eng se Joshua a neng a laelwa gore a se bale, mme seno se ne se le mosola jang?
6 O ka dira jang gore o solegelwe molemo thata ke go bala Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete? Gongwe o ka bona go le mosola go dira se se neng sa dirwa ke Joshua, moeteledipele wa Iseraele wa bogologolo yo o neng a boifa Modimo. O ne a laelwa jaana: “Lokwalo lo lwa molao, lo se tloge mo molomong wa gago, o akanye mo go lone motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo go lone, gonne tsela ya gago e tlaa nna le letlhogonolo jalo, mme o tlaa bona go segofala sentle.” (Jošua 1:8) ‘Go balela kwa tlase’ (NW) go raya go ipalela mafoko ka lentswe le le kwa tlase. Seno se thusa gore o gakologelwe, ka gonne se gatisetsa mafoko ao mo mogopolong. Joshua o ne a tshwanetse go bala Molao wa Modimo “motshegare le bosigo,” kana ka metlha. E ne e le tsela ya gore a atlege le gore a dire dilo ka tshwanelo mo go tswelediseng pele maikarabelo a a tswang kwa Modimong. Go bala Lefoko la Modimo ka metlha go ka go thusa ka tsela e e tshwanang.
7. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lesa mogopolo wa go rata go fetsa ka bonako o re laola fa re bala Lefoko la Modimo?
7 O se ka wa akanya thata ka gore o fetse ka bonako fa o bala Lefoko la Modimo. Fa e le gore o rulagantse go dirisa nako e e rileng o ntse o bala Baebele kana kgatiso nngwe ya Bokeresete, o ka nna wa bala o iketlile. Seno se botlhokwa thata fa e le gore o ithuta o na le boikaelelo jwa go gakologelwa dintlha tsa botlhokwa. Mme fa o bala, akanya thata. Sekaseka mafoko a mokwadi wa Baebele. Ipotse gore, ‘Mokwadi o batla go tlhalosa eng? Ke tshwanetse go dirisa tshedimosetso eno jang?’
8. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore motho a tlhatlhanye fa a bala Dikwalo?
8 Tlhatlhanya ka iketlo fa o ntse o bala Dikwalo tse di Boitshepo. Seno se tla go thusa gore o gakologelwe dipolelo tsa Baebele le go dirisa melaometheo ya Dikwalo. Fa o tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo mme ka go dira jalo, o kgona go gakologelwa dintlha tsa konokono le gone go tla go thusa go bua go tswa mo pelong, o arabela batho ba ba batlang go itse dikarabo tse di boammaaruri ka bopeloephepa go na le go bua sengwe se o ka se ikwatlhaelang kwa morago. Seane se se tlhotlheleditsweng sa Modimo se bolela jaana: “Pelo ya mosiami e tlhatlhanya go fetola.”—Diane 15:28.
Lomaganya Dintlha Tse Disha le Tse o di Ithutileng Pele
9, 10. O ka tokafatsa tsela e o balang Baebele ka yone jang fa o lomaganya dintlha tse disha tsa Dikwalo le tse o setseng o di itse?
9 Bontsi jwa Bakeresete ba ka dumela gore ka nako nngwe ba ne ba sa itse thata ka Modimo, ka Lefoko la gagwe le ka maikaelelo a gagwe. Lefa go ntse jalo, gompieno badiredi bano ba Bakeresete ba ka tlhalosa boikaelelo jwa setlhabelo sa ga Keresete, go simolola ka popo le go leofa ga motho, ba ka bolela ka go senngwa ga tsamaiso eno ya dilo e e bosula, gape ba ka bontsha kafa batho ba ba utlwang ba tla segofadiwang ka teng ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ba ka kgona go dira jalo segolobogolo ka gonne batlhanka bano ba ga Jehofa ba nnile le “kitso ya Modimo” ka go ithuta Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete. (Diane 2:1-5) Ba ile ba lomaganya dintlha tse disha tse ba di ithutileng ka iketlo le tse ba neng ba setse ba di tlhalogantse pele.
10 Go lomaganya dintlha tse disha tsa Dikwalo le tse o setseng o di itse go mosola e bile go botlhokwa. (Isaia 48:17) Fa go bolelwa ka melao ya Baebele, melaometheo, kana le yone megopolo e e sa tlhomamang, e lomaganye le se o setseng o se itse. Dumalanya tshedimosetso eno le se o setseng o se ithutile ka go “tshegetsa sekao sa mafoko a a tshedileng.” (2 Timotheo 1:13) Batla tshedimosetso e e ka nnang ya go thusa go nonotsha botsalano jwa gago le Modimo, go tokafatsa botho jwa gago jwa Bokeresete, kana ya go thusa go abela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.
11. Ke eng se o ka nnang wa se dira fa o bala sengwe se Baebele e se bolelang se se malebana le boitshwaro? Tshwantsha.
11 Fa o bala sengwe se Baebele e se bolelang ka boitshwaro, leka go lemoga molaomotheo o o dirisitsweng moo. Tlhatlhanya ka one, mme o akanye ka se o neng o ka se dira mo maemong a a tshwanang. Morwa Jakobe e bong Josefe o ne a gana a ititeile sehuba go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le mosadi wa ga Potifare, a botsa jaana: “Kana foo bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” (Genesise 39:7-9) Mo polelong eno e e tlhotlheletsang, o fitlhela molaomotheo o o utlwalang—go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke go leofela Modimo. O ka dirisa mogopolo wa gago go lomaganya molaomotheo ono le mafoko a mangwe a Lefoko la Modimo, mme o tla o gopola o bo o go solegela molemo fa o raelesega go dira phoso e e ntseng jalo.—1 Bakorinthe 6:9-11.
Bona Ditiragalo Tse di mo Dikwalong ka Matlho a Mogopolo
12. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanya thata ka dipolelo tsa Baebele fa o ntse o di bala?
12 Bona se se diragalang ka matlho a mogopolo gore o gatisetse dintlha mo mogopolong wa gago fa o ntse o bala. Bona lefelo leo ka mogopolo, o bone magae, le batho. Utlwa mantswe a bone. Dupa borotho bo bakilwe mo obeneng. Akanya ka mafelo e le a mmatota. Ka gone mmalo wa gago e tla nna o o tlhotlheletsang, ka gonne o ka nna wa bona motse mongwe wa bogologolo, wa palama thaba e e kwa godimo, wa kgatlhiwa thata ke dikgakgamatso tsa popo, kana wa nna tsala le banna le basadi ba ba nang le tumelo e kgolo.
13. O ne o ka tlhalosa se se kwadilweng mo go Baatlhodi 7:19-22 jang?
13 A re re gongwe o bala mo go Baatlhodi 7:19-22. Bona se se diragalang ka matlho a mogopolo. Moatlhodi Giteone le banna ba Baiseraele ba ba pelokgale ba le makgolo a mararo ba itlhometse sentle ka fa ntlheng ya bothibelelo jwa Bamidiane. Nako e ka tswa e le ya lesome bosigo, go simololwa “tebelo ya gare.” Ke gone ba sa tswang go tlhoma tebelo ya Bamidiane, mme go nna lefifi ka fa bothibelelong jwa baba ba ba robetseng ba Baiseraele. Bona! Giteone le banna ba gagwe ba tshotse dinaka. Ba tshotse dinkgwana tsa metsi tse dikgolo tse di khurumetsang dipone tse di mo diatleng tsa bone tsa molema. Ka tshoganetso fela, ditlhopha tse tharo tse di nang le banna ba ba lekgolo mo setlhopheng sengwe le sengwe ba letsa dinaka, ba thuba dinkgwana, ba tsholeletsa dipone kwa godimo, mme ba goa ba re: “Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Giteone!” O leba kwa bothibelelong. Ebu, Bamidiane ba a tshaba mme ba simolola go thela loshalaba! Fa banna ba le makgolo a mararo ba tswelela pele ba letsa dinaka tsa bone, Modimo o dira gore Bamidiane ba tlhabane ka ditšhaka ka bobone. Bamidiane ba a tshaba, mme Jehofa o thusitse Baiseraele gore ba fenye.
Go Ithuta Dithuto Tse di Mosola
14. Baatlhodi kgaolo 9 e ka dirisiwa jang go ruta ngwana botlhokwa jwa go nna boikokobetso?
14 Re ka ithuta dithuto di le dintsi fa re bala Lefoko la Modimo. Ka sekai, a re re gongwe o batla go gatisetsa mo baneng ba gago kafa go tlhokegang ka teng gore motho a ikokobetse. Ebu, go tshwanetse ga nna motlhofo go bona ka matlho a mogopolo le go tlhaloganya se se neng se bolelwa mo boporofeting jwa ga morwa Giteone e bong Jothame. Simolola go bala mo go Baatlhodi 9:8. Jothame o ne a bolela jaana: “E kile ya re motlha mongwe ditlhare tsa bolola tsa ya go itloletsa kgosi.” Setlhare sa motlhware, setlhare sa mofeige le setlhare sa mofine di ne tsa gana go busa. Mme lefa go ntse jalo setlhare sa mokaikai sa maemo a a kwa tlase se ne sa itumelela go nna kgosi. Fa o sena go balela bana ba gago polelo eno kwa godimo, o ka nna wa tlhalosa gore ditlhare tseno tse di molemo di ne di emela batho ba ba botlhokwa ba ba neng ba sa batle maemo a go busa Baiseraelekabone. Setlhare sa mokaikai, se se neng se dirisiwa fela go nna setukisi se ne se emela bogosi jwa ga Abimeleke yo o neng a le boikgodiso, mmolai yo o neng a batla go laola ba bangwe mme o ne a bolawa e le go diragatsa boporofeti jwa ga Jothame. (Baatlhodi, kgaolo 9) Ke ngwana ofe yo o ka batlang go gola mme a tshwane le setlhare sa mokaikai?
15. Botlhokwa jwa go ikanyega bo tlhomololwa ka tsela efe mo bukeng ya ga Ruthe?
15 Botlhokwa jwa go ikanyega bo phepafaditswe sentle mo bukeng ya Baebele ya ga Ruthe. A re re gongwe ba lelapa la ga lona ba refosana go balela polelo eo kwa godimo e bile ba leka go tlhaloganya se e se bolelang. O bona Ruthe wa Momoabe a etela kwa Bethelehema le matsalaagwe wa motlholagadi e bong Naomi, mme o utlwa Ruthe a bolela jaana: “Batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Ruthe wa senatla o bonwa a roba a setse barobi morago mo tshimong ya ga Boase. O mo utlwa a mo reta a re: “Motse otlhe wa batho ba gaetsho o a itse fa o le mosadi yo o siameng.” (Ruthe 3:11) Go ise go ye kae, Boase o nyala Ruthe. Go dumalana le thulaganyo ya go nyala seantlo, o tsalela “Naomi” morwa ka Boase. Ruthe o nna mmaagwemogologolwane wa ga Dafite mme kgabagare a nna wa ga Jesu Keresete. Ka gone o ne a amogela “tuelo e e tletseng.” Mo godimo ga moo, batho ba ba balang polelo eno ya Dikwalo ba ithuta thuto eno e e mosola: Ya gore o ikanyege mo go Jehofa, mme o tla segofadiwa thata.—Ruthe 2:12; 4:17-22; Diane 10:22; Mathaio 1:1, 5, 6.
16. Bahebera ba bararo ba ne ba lekwa ka tsela efe, mme polelo eno e ka re thusa jang?
16 Polelo ya Bahebera ba ba bidiwang Shaterake, Mesheke le Abetenego e ka re thusa gore re ikanye Modimo fa re lebane le diteko. Bona ka matlho a mogopolo tiragalo eno fa Daniele kgaolo 3 e ntse e balelwa kwa godimo. Go na le setshwantsho sengwe se segolo sa gouta mo lobaleng lwa Dura, koo badiredi ba Bababilone ba kokoaneng teng. Fa ba utlwa modumo wa didirisiwa tsa mmino, ba wela fa fatshe mme ba obamela setshwantso se Kgosi Nebukatenesare a se tlhomileng. Botlhe ba a se obamela mme e seng Shaterake, Mesheke le Abetenego. Ba bolelela kgosi ka tlotlo e bile ba tlhomame, gore ba ka se direle medimo ya gagwe le go obamela setshwantsho sa gouta. Makawana ano a Bahebera a latlhelwa mo bokepisong jo bo fisang thata jwa molelo. Mme ke eng se se diragalang? Fa kgosi a leba mo teng ga jone, o bona banna ba le banè, yo mongwe wa bone o ntse ‘jaaka mongwe wa morwa medimo.’ (Daniele 3:25) Bahebera bano ba bararo ba ntshiwa mo bokepisong jwa molelo, mme Nebukatenesare o baka Modimo wa bone. Go nnile mosola go bona polelo eno ka matlho a mogopolo. Mme a bo e re neile thuto e e mosola jang ne e e malebana le go ikanyega mo go Jehofa fa motho a lekwa!
Solegelwang Molemo ke go Bala Baebele lo le Lelapa
17. Bolela ka bokhutshwane dilo dingwe tse di mosola tse lelapa la gaeno le ka ithutang tsone fa le bala Baebele mmogo.
17 Lelapa la gaeno le ka nna le melemo e mentsi fa lo dirisa nako lo bala Baebele mmogo ka metlha. Go simolola fela ka Genesise, lo ka akanya thata ka popo mme lo lebe mo legaeng la Paradaise la motho la kwa tshimologong. Lo ka utlwa maitemogelo a ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang le malapa a tsone le go latela Baiseraele fa ba ntse ba ralala Lewatle le Lehibidu go sena metsi a a fitlhang kwa maotong a bone. O ka bona mosimanyana wa modisa e bong Dafite a fenya mokaloba wa Mofilisiti e bong Goliathe. Lelapa la gaeno le ka lemoga go agiwa ga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema, le ka bona e senngwa ke masomosomo a Bababilone, gape le ka bona e agiwa sesha fa Mmusimogolo Serubabele a busa. O ka utlwa baengele ba itsise ka go tsholwa ga ga Jesu, mmogo le badisa ba maemo a a kwa tlase gaufi le Bethelehema. O ka bona dintlha tse di malebana le go kolobediwa ga gagwe le bodiredi jwa gagwe, o ka bona a neela botshelo jwa gagwe fa a le motho go nna thekololo, le go itumelela go tsosiwa ga gagwe. Go tswa foo, o ka tsamaya le moaposetoloi Paulo mme o bone go tlhomiwa ga diphuthego fa Bokeresete bo ntse bo anama. Morago ga moo, mo bukeng ya Tshenolo, lelapa la gaeno le ka itumelela ponatshegelo e e molemolemo ya ga moaposetoloi Johane e e tlhalosang ka isagwe, go akaretsa le Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete.
18, 19. Ke dikakantsho dife tse re di neelwang malebana le go bala Baebele lo le lelapa?
18 Fa lo balela Baebele kwa godimo lo le lelapa, lo e bale gore lo tlhaloganye le ka tlhagafalo. Fa lo bala dikarolo dingwe tsa Dikwalo, yo mongwe mo lelapeng—gongwe e ka nna rre—o ka nna a bala mafoko a polelo e e anelang. Ba bangwe mo go lona lo ka itira e kete lo batho bangwe ba mo Baebeleng, lo bala mafoko a lona sentlentle.
19 Fa lo ntse lo dira mmalo wa Baebele lo le lelapa, lo ka nna lwa tokafatsa tsela e lo balang ka yone. Gongwe, lo tla itse Modimo thata, mme seno se tshwanetse sa lo atametsa thata le ene. Asafe o ne a opela jaana: “Mo go nna go molemo go atamela Modimo; ke dirile Morena Modimo botshabelo jwa me, gore ke tle ke bolele ka ga ditiro tsa gago tsotlhe fela.” (Pesalema 73:28) Seno se tla thusa gore lelapa la gaeno le nne jaaka Moshe, yo o neng “a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng,” e bong Jehofa Modimo.—Bahebere 11:27.
Go Bala le Bodiredi Jwa Bokeresete
20, 21. Thomo ya rona ya go rera e tsamaisana jang le go itse go bala?
20 Keletso ya rona ya go obamela ‘mongwe yo o sa bonaleng’ e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re leke go nna batho ba ba balang sentle. Go itse go bala sentle go tla re thusa go neela bosupi ka Lefoko la Modimo. Eleruri go re thusa go tswelela pele mo tirong ya go rera ka Bogosi e Jesu a neng a roma balatedi ba gagwe go e dira fa a ne a bolela jaana: “Tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Go neela bosupi ke tiro e kgolo ya batho ba ga Jehofa, mme go itse go bala go re thusa gore re e fitlhelele.
21 Go tlhokega gore motho a iteke thata gore a tle a itse go bala le go nna morutisi yo o setswerere wa Lefoko la Modimo. (Baefeso 6:17) Ka jalo, ‘o tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.’ (2 Timotheo 2:15) Tokafatsa tsela e o itseng boammaaruri jwa Dikwalo ka yone le tsela e o kgonang ka yone o le Mosupi wa ga Jehofa ka go nnela ruri mo go baleng.
Dikarabo Tsa Gago Tsa Reng?
◻ Boitumelo bo ikaegile jang ka go bala Lefoko la Modimo?
◻ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlhatlhanya ka se o se balang mo Baebeleng?
◻ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go lomaganya le go akanya thata ka dilo fa o bala Dikwalo?
◻ Ke dithuto dife tse dingwe tse di ka ithutiwang fa motho a bala Baebele?
◻ Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go balela Baebele kwa godimo lo le lelapa, mme go bala go botlhokwa go le kana kang mo bodireding jwa Bokeresete?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Fa lo bala Baebele lo le lelapa, akanyang thata ka dipolelo tseo le go tlhatlhanya ka botlhokwa jwa tsone