Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Baefeso 3:14, 15 e re Modimo ke ene yo “lelapa lengwe le lengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le bidiwang ka ene.” (NW) A go na le malapa kwa legodimong, a mme lelapa lengwe le lengwe la batho le bona leina la lone go tswa kwa go Jehofa ka tsela nngwe?
Ga go na malapa kwa legodimong jaaka fa a le gone mo lefatsheng, go na le rre, mmè, le bana—botlhe e le ba losika lo le longwe ka fa nameng. (Luke 24:39; 1 Bakorinthe 15:50) Jesu o ne a bontsha ka phepafalo gore baengele ga ba nyale mme e bile ga go na sepe se se bontshang gore ba ka nna le bana.—Mathaio 22:30.
Lefa go ntse jalo, Baebele e bua ka tsela ya tshwantshetso fa e re Jehofa Modimo o nyetse mokgatlho wa gagwe wa selegodimo; ke gore o e nyetse ka kutlwisiso ya semoya. (Isaia 54:5) Mokgatlho oo wa selegodimo o tsala bana, jaaka baengele. (Jobe 1:6; 2:1, 38:4-7) Ka tsela eo he, go raya gore go na le lelapa le le molemo thata la semoya kwa legodimong.
Mo godimo ga moo, go na le lelapa le lesha la tshwantshetso le le ntseng le nna gone kwa legodimong, le le akaretsang Jesu Keresete le setlhopha sa monyadwi sa ba ba 144 000. (2 Bakorinthe 11:2) Bontsi jwa batlodiwa bano bo setse bo sule, bo na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Bangwe ba bone ba santse ba tshela mo lefatsheng. Botlhe ba lebile pele ka tlhoafalo kwa ‘nyalong ya Kwana’ kwa legodimong. Baebele e golaganya nyalo eo le go atamela ga sepitla se segolo—go senngwa ga Babilone yo Mogolo, mme morago go bo go nyelediwa tsamaiso yotlhe ya ga Satane.—Tshenolo 18:2-5, 19:2, 7, 11-21; Mathaio 24:21.
Malebana le malapa a a mo lefatsheng, mo go Baefeso 3:15 moaposetoloi Paulo ga a supe gore lelapa lengwe le lengwe le bona leina la lone go tswa kwa go Jehofa ka tlhamalalo. Go na le moo, go bonala sentle gore Paulo fano o ne a akantse ka tlhatlhamano e telele ya losika lo lo bolokang leina. Jošua 7:16-19 o re naya sekai. E ne e le fa Jehofa a bipolola boleo jwa ga Akane. Kwa tshimologong, molato o ne wa lebaganngwa le morafe wa Juta. Go tswa foo wa lebaganngwa le lotso lwa ga Sera fela. Mme kwa bokhutlong, ga fitlhelwa gore ke ba ntlo ya ga Akane. Akane mmogo le mosadi wa gagwe le bana ba ne ba lebiwa, kana ba kaiwa e le ba ntlo (kana ba lelapa) la ga Sabedi, e leng rremogolo wa ga Akane. Lelapa leo, le lone, e ne e le lotso lo lo ileng lwa boloka leina la mogologolwane wa bone e bong Sera.
Mo Bahebereng, tlhatlhamano e e ntseng jalo ya malapa e ne e le botlhokwa thata, ka gonne a le mantsi a one a kwadilwe mo Baebeleng. Modimo o ne wa dira gore fa go tlhokegang teng, baruaboswa ba tsweledise leina la lelapa ka Seantlo kana ka gore motho a nyale mosadi wa ga mogoloe kana wa ga monnawe yo o tlhokafetseng.—Genesise 38:8, 9; Duteronome 25:5, 6.
Sekai se sengwe se re ka akanyang ka sone se se malebana le tlhatlhamano e telele ya losika ke sa ga Jesu jaaka morwa Dafite. Go itsege sentle fela gore e ne e se ngwana wa ga Kgosi Dafite wa mmatota, e bile o tsetswe morago ga makgolokgolo a dingwaga Dafite a setse a sule. Le fa go ntse jalo, letshwao la ga Mesia e ne e le gore o ne a tla nna wa lelapa la ga Dafite, jaaka fa Bajuta ka kakaretso ba ne ba itse jalo. (Mathaio 22:42) Jesu e ne e le wa losika lwa ga Dafite ka mmaagwe le rraagwe yo o mo godisitseng.—Mathaio 1:1; Luke 2:4.
Mme tota gone malapa ao a bone jang maina a one go tswa kwa go Jehofa? Ke boammaaruri gore go na le dinako tse di rileng—jaaka mo kgannyeng ya ga Aberahame le Isake—moo Jehofa a neng a raya ditlhogo tsa malapa maina. (Genesise 17:5, 19) Ke bone fela bao a ba fileng maina. Gantsi, Jehofa ga a fe lelapa lengwe le lengwe leina leo le fetelang le kwa baneng.
Lefa go ntse jalo Jehofa o ne a simolola lelapa la batho fa a ne a naya Atame le Efa taelo ya gore ba ‘ate ba ntsifale ba tlale ka lefatshe.’ (Genesise 1:28) Mme Jehofa o ne a letlelela Atame le Efa ba ba sa itekanelang gore ba nne le bana, mme ka tsela eo he a dira gore malapa otlhe a batho a nne gone. (Genesise 5:3) Jalo he ka ditsela tse di farologaneng, Modimo a ka bidiwa Mosimolodi wa maina a malapa.
Batho ba bantsi gompieno ba bona go sa tlhole go tlhokega gore ba bolokele ditlogolwana tsa bone maina a malapa a bone. Le fa go ntse jalo, mo mafatsheng otlhe Bakeresete ba leboga Jehofa ka ntlha ya thulaganyo ya lelapa e bile ba mo tlotla ka go dira ka natla gore malapa a bone a atlege.