LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 1/15 ts. 32
  • Obamela Jehofa ka Diatla Tse di Phepa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Obamela Jehofa ka Diatla Tse di Phepa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 1/15 ts. 32

Obamela Jehofa ka Diatla Tse di Phepa

MOPESALEMA Dafite o ne a tlhotlhelediwa gore a opele jaana: “Ke tlaa tlhapa diatla tsa me mo bophepeng fela; jalo ke tla dikanyeletsa sebeso sa gago, Jehofa.”—Pesalema 26:6.

Fa a ne a tlhama mafoko a, Dafite o tshwanetse a bo a ne a akantse ka tlwaelo ya baperesiti ba Balefi ba kwa Iseraele ya go tlhatlogela mo tselaneng e e yang kwa sebesong mme fa ba fitlha gone ba bo ba baya ditlhabelo tsa bone mo molelong. Mme pele ba obamela ka tsela eno, baperesiti ba ne ba tshwanetse go tlhapa diatla le dinao tsa bone. Go dira jalo e ne e se tiro e e sa reng sepe. Gonne fa Moperesiti a ne a sa tseye kgato eo o ne a tla swa!—Ekesodo 30:18-21.

Go tlhapa ka tsela ya tshwantshetso go dira gore re nne phepa mo semoyeng le mo boitsholong. (Isaia 1:16; Baefeso 5:26) Gompieno Jehofa o batla gore re ‘dikanyeletse sebeso’ sa gagwe ka go mo direla. Mme o batla gore re dire jalo ka diatla tse di phepa—jaaka Dafite a kaile, re nne le diatla tse di tlhapilweng “mo bophepeng fela.” Seno ga se kgang e potlana, gonne ba ba dirang ditiro tse di seng phepa ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (Bagalatia 5:19-21) Go dira ditiro tsa Modimo mo botshelong jwa gago ga go reye gore o ka nna wa nna le boitsholo jo bo maswe. Ka gone moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke ikgoba mmele, ke o baya mo taolong, e se re kgotsa ka mokgwa mongwe, e tlaa re ke sena go rerela ba bangwe mafoko a a molemo, nna ka nosi ka tla ka ganwa.”—1 Bakorinthe 9:27.

Batho ba ba batlang go amogelwa ke Modimo e bile ba batla go itumela tota ba tshwanetse go direla Jehofa ka diatla tse di phepa. Jaaka Dafite ba sepela “mo boitekanelong jwa pelo le mo thokgamong.”—1 Dikgosi 9:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela