Phenyo ya Molao
KA April 1995, go ne ga gapiwa phenyo e kgolo kwa kgotlatshekelong. Seno se simologile ka January 28, 1992, fa Luz Nereida Acevedo Quiles, 24, a ne a amogelwa kwa Bookelong jwa El Buen Pastor kwa Puerto Rico gore a ye go ariwa ka go bo a ne a go ikgethetse. Fa a sena go robadiwa, o ne a bolela a bo a kwala gore ene jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a sena go dumela gore a tshelwe madi. (Ditiro 15:28, 29) Badiri ba kwa bookelong joo ba ba neng ba amega mo kgannyeng eno, go akaretsa ngaka e e neng e mo alafa, ba ne ba itse dikeletso tsa gagwe fela sentle.
Morago ga malatsi a mabedi a sena go arwa, Luz o ne a latlhegelwa ke madi a mantsi mme a nna le anemia e e maswe thata ka ntlha ya go bo a ne a latlhegetswe ke madi a mantsi thata. Ngaka e e neng e mo alafa, Dr. José Rodríguez Rodríguez, o ne a dumela gore tsela fela e a neng a ka mo thusa ka yone, e ne e le go mo tshela madi. Ka jalo, o ne a tsaya taolo kwa kgotlatshekelong gore a tshele Luz madi mme ene a sa itse le gone a sa dumela.
Lefa gone Luz a ne a thantse sentle e bile a kgona go ipuelela, Dr. Rodríguez Rodríguez o ne a gatelela gore ka go bo seemo sa gagwe se ne se potlakile, go ne go sena nako ya go emela gore ope a dumele. Agente ya kgaolo, Eduardo Pérez Soto, o ne a saena foromo mme Motlotlegi Ángel Luis Rodríguez Ramos, a ntsha tetla ya kgotlatshekelo gore a tshelwe madi.
Ka jalo, ka January 31, 1992, Luz o ne a tsenngwa mo kamoreng ya karo, e a neng a tshelwa madi mo go yone. Fa a ne a ntse a tshelwa madi, o ne a utlwa bangwe ba badiri ba bookelo ba tshega. Ba bangwe ba ne ba mo omanya, ba re se se neng se dirwa mo go ene se ne se tlile go solegela ene molemo. O ne a lwa ka mo a neng a ka kgona ka teng—mme ga se ka ga thusa ka sepe. Fa letsatsi le tla go wela, Luz o ne a tshetswe diyuniti tse nne tsa madi.
Kgang ya ga Luz e ne e se ya ntlha gape e se ya bofelo e e neng e amana le Basupi ba ga Jehofa le go tshelwa madi kwa Puerto Rico. Pele ga seno se mo diragalela, go ne go ntshitswe ditaelo tsa kgotlatshekelo di le 15 tsa go tshelwa madi kgatlhanong le dikeletso tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba godileng, mme go ile ga ntshiwa tse dintsi e sale go tloga foo. Se se utlwisang botlhoko ke gore, mo kgannyeng e nngwe, go ne go diragadiwa taelo ya kgotlatshekelo mme molwetse a tshelwa madi a idibetse.
Lefa go ntse jalo, Luz ga a feleletsa go lwa mo kamoreng e a neng a arelwa mo go yone. Ka October 1993 go ne ga tlhatlhelwa kgetsi kgatlhanong le Commonwealth ya Puerto Rico. Kgetsi eno e ne ya reediwa kwa Kgotlatshekelong e Kgolo, mme ka April 18, 1995, go ne ga dirwa tshwetso e e neng e mo ema nokeng. Kgotlatshekelo e ne ya bolela gore taolo ya go tshela madi e ne e “se ka fa molaong e bile e ne e rontsha moikuedi tshwanelo ya gagwe ya gore a itlhophele dilo tse a di dumelang, ya go itirela ditshwetso ka bonosi le ya go itirela tshwetso ya se se ka dirwang mo mmeleng wa gagwe mo e seng selo se se tshwanetseng go dirwa go ya ka molao.”
Katlholo eno e ne e tlhomologile ka gore e ne e le la ntlha kgotlatshekelo epe kwa Puerto Rico e atlhola kgang ka tsela e e tshegetsang Basupi ba ga Jehofa mo kgannyeng e e amanang le go tshelwa madi. Katlholo eo e ne ya dira gore batho ba bantsi ba arabele ka ditsela tse di farologaneng. Go ne ga tshwarwa khonferense ya baanamisi ba dikgang e mo go yone go neng go na le bakwaladikgang ba dipampiri tse di itsegeng tsa dikgang, ba radio le ba thelebishene.
Bosigo jone joo go ne ga gasiwa thulaganyo nngwe ya radio e mo go yone go neng go botsolotswa mongwe wa diagente tsa ga Luz. Batho ba ba neng ba reeditse ba ne ba lalediwa gore ba ka founa ba botsa dipotso. Dingaka tse dintsi le diagente di ne tsa founa mme tsa kaya gore di ne di dumalana le ka fa kgetsi eo e neng e atlhotswe ka teng. Mongwe wa batho ba ba neng ba leditse o ne a bolela jaana: “Saense ga e ise e kgone go tlhomamisa gore go tshela madi go tla boloka matshelo, mme go akanya ka tsela e e ntseng jalo go phoso.” Gape o ne a bolela jaana: “Mo bogautshwaneng, go tshelwa madi go tla kwalwa mo hisitoring jaaka bongwe jwa maikepo a magolo le nngwe ya diphoso tse dikgolo thata tsa kalafi ya segompieno.”
Porofesa mongwe yo o tlotlometseng wa molao moragonyana o ne a founela ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mme a tlhalosa ka fa a kgotsofetseng thata ka teng ka se a neng a se bitsa “phenyo e kgolo.” O ne a oketsa ka gore katlholo ya kgotlatshekelo e buelela ditshwanelo tsa molao, e seng tsa Basupi ba ga Jehofa fela mme le tsa baagi botlhe ba Puerto Rico.