LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/15 ts. 26-30
  • William Tyndale—Monna yo o Neng A na Le Temogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • William Tyndale—Monna yo o Neng A na Le Temogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgato e e Bontshang Tumelo
  • O ne A Gana—Ka Ntlha Yang?
  • O ya Yuropa Mme o Kopana le Mathata a Mangwe
  • Katlego—Go sa Kgathalesege Kganetso
  • O ne A Okwa le go Bolawa Kwa Antwerp
  • Bibela ya ga William Tyndale ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ba ne Ba Rata Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kanakang?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/15 ts. 26-30

William Tyndale—Monna yo o Neng A na Le Temogo

William Tyndale o tsaletswe kwa Engelane “mo melelwaneng ya Wales,” e ka tswa e ne e le kwa Gloucestershire, le mororo go sa itsiwe tota gore o tsholetswe mo lefelong lefe le gone leng. Ka October 1994, Engelane e ne ya keteka ngwaga wa segopotso wa bo500 wa go tsalwa ga monna yo o neng “a re neela Baebele ya Seesemane.” Tyndale o ne a swela tumelo ka gonne a ne a dira tiro eno. Ka ntlha yang?

WILLIAM TYNDALE o ne a dira sentle thata mo dithutong tsa gagwe tsa Segerika le Selatine. Ka July 1515, a ise a fete dingwaga di le 21, o ne a nna le dikirii tsa Master of Arts kwa Yunibesithing ya Oxford. Ka 1521 o ne a tlhomilwe go nna moruti wa Roma Katoliki. Ka nako eo Bokatoliki kwa Jeremane bo ne bo tlhakatlhakane ka ntlha ya tiro ya ga Martin Luther. Mme Engelane e ne e le naga ya Bokatoliki go fitlha Kgosi Henry VIII kgabagare a tlogela go dirisana le Roma ka 1534.

Le mororo Seesemane se ne se buiwa thata mo motlheng wa ga Tyndale, dithuto tsotlhe di ne di rutiwa ka Selatine. Gape e ne e le yone puo e e neng e buiwa kwa kerekeng e bile e dirisiwa mo Baebeleng. Ka 1546 Council of Trent e ne ya boeletsa gore go ne go tshwanetse ga dirisiwa thanolo ya Vulgate ya Selatine ya mo lekgolong la botlhano la dingwaga ya ga Jerome fela. Lefa go ntse jalo, e ne e ka balwa fela ke batho ba ba neng ba rutegile. Ke ka ntlha yang fa batho ba Engelane ba ne ba thibelwa go nna le Baebele ka Seesemane le go e bala ba gololesegile? Tyndale o ne a ntsha mabaka jaana: “Jerom[e] o ranoletse baebele le mo puong ya gagwe: ke ka ntlha yang fa rona re ka se ka ra dira jalo?”

Kgato e e Bontshang Tumelo

Fa Tyndale a se na go fetsa dithuto tsa gagwe kwa yunibesithing ya Oxford gongwe le fa a se na go oketsa dithuto tsa gagwe kwa Cambridge, o ne a ruta barwa ba babotlana ba ga John Walsh ka dingwaga di le pedi kwa Gloucestershire. Ka yone nako eno o ne a godisa keletso ya gagwe ya go ranolela Baebele mo Seesemaneng, mme kwantle ga pelaelo o ne a na le sebaka sa go tokafatsa tsela e a kgonang go ranola ka yone a thusiwa ke mekwalo ya Baebele e mesha ya dibuka tsa ga Erasmus e e neng e na le mafoko a Segerika a lebagantswe le a Selatine. Ka 1523, Tyndale o ne a tlogela lelapa la ga Walsh mme a ya kwa Lontone. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go ya go batla tetla ya go ranola mo go mobishopo wa Lontone e bong Cuthbert Tunstall.

Go ne go tlhokega tetla ya ga Tunstall ka gonne dithulaganyo tsa 1408 tsa phuthego ya batsamaisi ba kereke kwa Oxford, tse di neng di itsiwe e le Constitutions of Oxford, di ne di akaretsa go thibelwa ga go ranolelwa ga Baebele mo puong e e buiwang thata kana go e bala, fa e se fela e letleletswe ke mobishopo mongwe go dira jalo. Batho ba le bantsi ba ba neng ba tsamaya ba rera ba ba neng ba itsiwe e le Ba-Lollard ba ne ba fisiwa ka molelo go twe ke baikeodi ka ntlha ya go nna le sebete sa go tlola molao ono wa thibelo. Batho bano ba ba neng ba itsiwe e le Ba-Lollard ba ne ba bala Baebele ya ga John Wycliffe le go e anamisa, e leng thanolo ya Seesemane ya Vulgate. Tyndale o ne a akanya gore e ne e setse e le nako ya go ranolela kereke ya gagwe le batho ba Engelane dikwalo tsa Bokeresete go tswa mo Segerikeng go di isa kwa thanolong e ntšha e bile e le boammaaruri.

Mobishopo Tunstall e ne e le motho yo o neng a rutegile yo o neng a dirile mo gontsi go kgothatsa Erasmus. Se se neng sa supa bokgoni jwa ga Tyndale ke gore o ne a ranotse nngwe ya dipolelo tsa ga Isocrates ka tsela e Tunstall a neng a e amogela, e leng mekwalo ya dibuka tsa Segerika e e thata. Tyndale o ne a na le tsholofelo e ntsi ya gore Tunstall o ne a tla nna tsala ya gagwe le go mo tshegetsa a bo a amogela kopo ya gagwe ya go ranola Dikwalo. Ke eng se mobishopo a neng a tla se dira?

O ne A Gana—Ka Ntlha Yang?

Le mororo Tyndale a ne a na le lekwalo la boikitsiso, Tunstall o ne a sa batle gore a mmone. Ka gone Tyndale o ne a tshwanelwa ke go kwala lekwalo a batla gore a botsolodiwe. Ga go itsiwe gore a kgabagare Tunstall o ne a bona go tshwanela gore a kopane le Tyndale, mme molaetsa wa gagwe o ne o re, ‘Ntlo ya me e tletse.’ Ke ka ntlha yang fa Tunstall a ne a tshwara Tyndale ka tsela eo e e makgwakgwa ka boomo?

Tiro ya ga Luther ya go fetola dilo kwa kontinenteng ya Yuropa e ne e tshwenya Kereke ya Katoliki thata, mo go neng go aname thata kwa Engelane. Ka 1521, Kgosi Henry VIII o ne a gatisa pampitshana e e maatla e e neng e buelela mopapa go mo sireletsa mo go Luther. Mopapa o ne a leboga Henry ka go mo neela leina la “Defender of the Faith [Mosireletsatumelo].”a Mokadinale Wolsey wa ga Henry le ene o ne a tshwere ka natla, a senya dibuka tsa ga Luther tse di tswang kwa ntle di rometswe ka tsela e e seng kafa molaong. E re ka Tunstall e ne e le mobishopo wa Katoliki yo o ikanyegang mo mopapeng, mo kgosing le mo mokadinaleng wa gagwe, o ne a patelesega gore a fedise kgopolo epe fela e e ka nnang ya utlwela Luther wa motsuolodi botlhoko. Ba ne ba belaela Tyndale thata. Ka ntlha yang?

Ka nako ya fa Tyndale a nna le lelapa la ga Walsh, o ne a bua a sa kgale mathe ka gore baruti ba lefelo leo ba ne ba sa itse sepe e bile ba le ditlhogodithata. Mongwe wa bone e ne e le John Stokesley yo o neng a itse Tyndale go tswa kwa yunibesithing ya Oxford. Kgabagare o ne a nna mobishopo kwa Lontone mo boemong jwa ga Cuthbert Tunstall.

Gape go ganediwa ga ga Tyndale go ne ga bonala fa a ne a na le kgotlhang le moruti wa maemo a a kwa godimo yo o neng a bolela jaana: “Go botoka go nna re se na molao wa Modimo go na le go nna re se na molao wa mopapa.” Tyndale o ne a araba jaana ka mafoko a a sa lebalesegeng: ‘Ke nyatsa Mopapa le melao yotlhe ya gagwe. Fa Modimo o ka ntetla gore ke tshele, go ise go fete dingwaga di le dintsi ke tla dira gore mosimane yo o tshwarang mogoma a itse Dikwalo thata go go gaisa.’

Tyndale o ne a tshwanela go ya fa pele ga mookamedi wa kgaolo ya Worcester ka ditatofatso tsa maaka tsa boikeodi. Moragonyana Tyndale o ne a gakologelwa jaana: “O ne a ntshosetsa mo go setlhogo, a bo a nkgala,” o ne a oketsa ka gore o ne a ntse a tshwarwa jaaka “ntša.” Mme go ne go se na bosupi jwa go pega Tyndale molato wa boikeodi. Borahisitori ba dumela gore dikgang tseno tsotlhe di ne di bolelelwa Tunstall mo sephiring gore di mo tlhotlheletse fa a dira tshwetso.

Tyndale o ne a konela jaana fa a se na go nna sebaka sa ngwaga kwa Lontone: “Go ne go se na lefelo le ke neng ke ka ranolela Tesetamente e ntšha mo go lone mo ntlong e tona ya morena wa me kwa Lontone, mme gape . . . go ne go se na lefelo lepe le ke neng ke ka direla mo go lone kwa nageng yotlhe ya Engelane.” O ne a bua boammaaruri. Ke mogatisi ofe kwa Engelane yo o neng a ka leka go gatisa Baebele ka Seesemane, e re ka go ne go kganetswe dilo tse dintsi ka ntlha ya tiro ya ga Luther? Ka jalo ka 1524, Tyndale o ne a kgabaganya English Channel, a se ka a tlhola a boa.

O ya Yuropa Mme o Kopana le Mathata a Mangwe

William Tyndale o ne a tshabela kwa Jeremane le dibuka tsa gagwe tse di botlhokwatlhokwa. O ne a ya a tshotse £10 fela tse a neng a di neetswe ka lorato ke tsala ya gagwe Humphrey Monmouth, e bong morekisi mongwe yo o neng a mo tlhotlheletsa thata wa Lontone. Mpho eo e ne e batlile e lekane mo metlheng eo go thusa Tyndale gore a gatise Dikwalo tsa Segerika tse a neng a ikaeletse go di ranola. Kgabagare Monmouth o ne a tshwarelwa go thusa Tyndale le magatwe a gore o ne a utlwela Luther botlhoko. Fa Monmouth a se na go botsolodiwa dipotso le go latlhelwa kwa kgolegelong ya Tower of London, o ne a gololwa fela morago ga gore a kope maitshwarelo mo go Mokadinale Wolsey.

Ga go itsiwe totatota gore Tyndale o ne a ya kae kwa Jeremane. Bosupi bongwe bo tlhalosa gore o ne a le kwa Hamburg, koo a ka tswang a ne a nna ngwaga fela teng. A o ne a kopana le Luther? Ga go tlhomamisiwe, le mororo fa go ne go latofadiwa Monmouth go tulwe ba kopane. Selo se le sengwe se se neng se itsiwe sentle ke gore: Tyndale o ne a dira ka natla go ranola Dikwalo tsa Segerika. O ne a ka gatisa mekwalo ya gagwe kae? Tiro eno o ne a e neela Peter Quentell kwa Cologne.

Dilo di ne di tsamaya sentle go fitlha John Dobneck wa moganetsi, yo gape a neng a itsiwe e le Cochlaeus, a lemoga se se neng se diragala. Ka bonako fela Cochlaeus o ne a bolelela tsala ya ga Henry VIII dilo tse a neng a di lemoga yo ka bonako fela a neng a thibela go gatisiwa ga thanolo ya ga Tyndale e e neng e dirwa ke Quentell.

Tyndale le mothusi wa gagwe e bong William Roye, ba ne ba iphalotsa, ba tsamaya ba tshotse ditsebe tsa Efangele ya ga Mathaio tse di neng di setse di gatisitswe. Ba ne ba tsamaya ka sekepe kwa nokeng ya Rhine ba ya kwa Worms, koo ba neng ba fetsa buka ya bone gone. Fa nako e ntse e ya, go ne ga gololwa dikhopi di le 6 000 tsa kgatiso ya ntlha ya New Testament ya ga Tyndale.b

Katlego—Go sa Kgathalesege Kganetso

Go ranola le go gatisa e ne e le bothata. Go isa Dibaebele kwa Boritane go ne go le boima go gaisa. Baemedi ba dikereke le babusi ba ne ba ititeile sehuba go di thibela gore di se ka tsa romelwa go kgabaganya English Channel, mme barekisi ba ba neng ba le botsalano ba ne ba rarabolola bothata jwa bone. Dibolumo tsa dibuka di ne di feta kwa dintshing tsa lewatle kwa Engelane mme di bo di tsena kwa Scotland di fitlhilwe mo dingateng tsa matsela le dilo tse dingwe tse di rekisiwang. Tyndale o ne a kgothala, mme ntwa ya gagwe e ne e le gone e simologang.

Ka February 11, 1526, Mokadinale Wolsey, a na le bobishopo ba le 36 le batlotlegi ba bangwe ba kereke, ba ne ba phuthega gaufi le St. Paul’s Cathedral kwa Lontone “go tla go bona mekoa ya dibuka e latlhelwa mo molelong.” Dingwe tsa tsone e ne e le dikhopi dingwe tsa thanolo e e botlhokwatlhokwa ya ga Tyndale. Jaanong go na le dikhopi di le pedi fela tse di santseng di le teng tsa kgatiso eno ya ntlha. E e leng yone fela e e feletseng (e se na tsebe e e nang le setlhogo fela) e kwa Laeboraring ya Boritane. Se se gakgamatsang ke gore e nngwe, e e se nang ditsebe di le 71, e ne ya fitlhelwa kwa St. Paul’s Cathedral Library. Ga go na ope yo o itseng gore e tsene jang koo.

Tyndale o ne a tswelela pele ka bopelokgale go gatisa dikgatiso tse disha tsa thanolo ya gagwe, tse di neng tsa gapiwa ka go latelana ga tsone le go fisiwa ke maloko a baruti ba Baesemane. Go tswa foo Tunstall o ne a loga maano a mangwe. O ne a dumalana le morekisi mongwe yo o neng a bidiwa Augustine Packington gore a reke dibuka dipe tse di neng tsa kwalwa ke Tyndale, go akaretsa le New Testament, ka boikaelelo jwa go di fisa ka molelo. Seno se ne sa rulaganngwa le Tyndale, yo Packington a neng a dirile tumalano le ene. Chronicle ya ga Halle e bolela jaana: “Mobishopo o ne a tshotse dibuka, fa Packington a ne a lebogiwa, mme Tyndale ene a ne a tshotse madi. Morago ga moo fa Ditesetamente tse Disha di le dintsi di se na go gatisiwa, di ne tsa tla ka bontsi jo bogolo kwa Engelane.”

Ke ka ntlha yang fa baruti ba ne ba ganetsa thanolo ya ga Tyndale thatathata? Fa Vulgate ya Selatine yone e ne e bipa mekwalo e e boitshepo, thanolo ya ga Tyndale e e tswang mo Segerikeng sa bogologolo e ne e lere molaetsa wa Baebele e le la ntlha ka puo e e utlwiwang ke batho ba ba buang puo ya Seesemane. Ka sekai, Tyndale o ne a tlhopha go ranola lefoko la Segerika a·gaʹpe e le “lorato” mo boemong jwa “dikatso” mo go 1 Bakorinthe kgaolo 13. O ne a ganelela go re “phuthego” go na le go re “kereke” go bontsha gore ke baobamedi, e seng dikago tsa kereke. Lefa go ntse jalo, ntlha e baruti ba neng ba se ka ba e itshokela ke fa Tyndale a dirisa “mogolwane” mo boemong jwa “moruti” a bo a dirisa “go ikwatlhaya” mo boemong jwa “boipolelo,” ka go dira jalo a ntsha baruti maatla a ba neng ba a iphile a boruti. David Daniell o bolela jaana mabapi le seno: “Ga go na pakatori; le gone ga go na boipolelo jwa dibe. Mafoko a mabedi a neng a ntse a dira gore Kereke e hume e bo e nne le maatla a ne a fela.” (William Tyndale—A Biography) Thanolo ya ga Tyndale e ne ya lere kgwetlho e e ntseng jalo, mme bakanoki ba segompieno ba dumela ka botlalo gore mafoko a a neng a a tlhopha a ne a le boammaaruri.

O ne A Okwa le go Bolawa Kwa Antwerp

Fa gare ga ngwaga wa 1526 le 1528, Tyndale o ne a fudugela kwa Antwerp, koo a neng a ka ikutlwa a babalesegile mo barekising ba Baesemane. Gone koo o ne a kwala buka ya The Parable of the Wicked Mammon, The Obedience of a Christian Man, le The Practice of Prelates. Tyndale o ne a tswelela pele ka tiro ya go ranola e bile e ne e le ene wa ntlha go dirisa leina la Modimo, Jehofa, mo thanolong ya Seesemane ya Dikwalo tsa Sehebera. Leina leno le bonala ka makgetlho a feta 20.

Fa fela Tyndale a ne a santse a nna le tsala ya gagwe le motshegetsi wa gagwe Thomas Poyntz kwa Antwerp, o ne a babalesegile mo go Wolsey yo o neng a mo logela maano le mo ditlholeng tsa gagwe. O ne a simolola go itsiwe thata ka go tlhokomela balwetse le bahumanegi. Kgabagare, Henry Phillips wa Moesemane o ne a dira ka tsela e e boferefere gore Tyndale a mo tshepe. Ka lebaka leo, ka 1535, Tyndale o ne a okwa mme a isiwa kwa Vilvorde Castle, motse o o neng o le dikilomitara di le lesome kafa ntlheng ya bokone jwa Brussels. Gone koo o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dikgwedi di le 16.

Ga go itsiwe totatota gore ke mang yo o neng a hira Phillips, mme go belaelwa gore e ka tswa e ne e le Mobishopo Stokesley, yo ka nako eo a neng a tshwere ka natla a fisa “baikeodi” kwa Lontone. Ka 1539 fa Stokesley a ne a le gaufi le go swa “o ne a itumelela gore mo botshelong jwa gagwe o fisitse baikeodi ba le masomeamatlhano,” go bolela W. J. Heaton mo bukeng ya The Bible of the Reformation. Mongwe wa bone yo o neng a fisiwa e ne e le William Tyndale, yo o neng a kalediwa mme morago ga moo mmele wa gagwe wa fisiwa fa pele ga batho ka October 1536.

Dingaka di le tharo tsa thutobomodimo tse di neng di tumile thata tsa kwa Yunibesithing ya Katoliki kwa Louvain, koo Phillips a neng a tsena teng, ba ne ba le mo lekokong le le neng la sekisa Tyndale. Baruti ba le bararo ba ba neng ba tswa kwa Louvain le bobishopo ba le bararo mmogo le batlotlegi ba bangwe ba kereke le bone ba ne ba le teng go tla go bona Tyndale a latofadiwa ka boikeodi le go tseelwa ditshiamelo tsa gagwe tsa boruti. Gongwe o ne a na le dingwaga di le 42 fa botlhe ba ne ba itumelela go swa ga gagwe.

Robert Demaus yo o neng a kwala dibuka ka botshelo jwa batho o ne a bolela jaana mo dingwageng tse di fetang lekgolo tse di fetileng: “Tyndale o ne a nna a tlhomologile ka dinako tsotlhe ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe jo bo pelokgale.” Tyndale o ne a kwalela John Frith, modirikaene yo o neng a fisiwa ke Stokesley kwa Lontone jaana: “Ga ke ise ke fetole lefa e le tlhaka epe ya lefoko la Modimo kgatlhanong le segakolodi sa me, le gone ke ka se dire jalo le mo letsatsing leno, lefa nka newa sotlhe se se mo lefatsheng, e ka tswa e le menate, tlotlo, kana khumo.”

William Tyndale o ne a swa fela jalo a swela gore a nne le tshiamelo ya go neela batho ba Engelane Baebele e ba neng ba ka e tlhaloganya motlhofo. A bo a ne a intsha setlhabelo jang ne—mme a bo e ne e le mpho e e tlhwatlhwakgolo jang ne!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ise go ye kae mafoko ano a a reng Fidei Defensor a ne a kwalwa mo mading a tshipi, mme Henry o ne a kopa gore batho ba ba tla mo tlhatlhamang ba bidiwe ka leina leno. Gompieno le kwadilwe mo mading a tshipi go dikologa tlhogo ya molaodi wa Boritane e le Fid. Def., kana fela F.D. Se se kgatlhang ke gore, kgabagare mafoko a a reng “Defender of the Faith” a ne a kwalwa mo molaetseng o o kwaletsweng Kgosi James mo go King James Version ya 1611.

b Palo eno ga e itsiwe sentle; metswedi mengwe ya tshedimosetso ya re di ne di le 3 000.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

DITHANOLO TSA BOGOLOGOLO

TSELA e Tyndale a neng a kgatlhegela go ranolela Baebele mo puong e e itsiweng ke batho thata ka yone e ne e se go feteletsa dilo kana gore go ne go ise go ko go diragale pele. Go ne ga ranolelwa mo puong ya Se-Anglo-Saxon mo lekgolong la bolesome la dingwaga. Dibaebele tse di gatisitsweng tse di neng tsa ranolwa go tswa mo Selatineng di ne tsa anama kwa Yuropa kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo15 la dingwaga kwantle ga mathata: Ka Sejeremane (ka 1466), Sentariana (ka 1471), Sefora (ka 1474), Se-Czech (ka 1475), Sedatšhe (ka 1477), le Se-Catalan (ka 1478). Ka 1522, Martin Luther o ne a gatisa New Testament ya gagwe ka Sejeremane. Se Tyndale a neng a se botsa fela e ne e le gore ke ka ntlha yang fa Engelane yone e sa tshwanela go tlogelwa gore e dire se se tshwanang.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Bible in the background: © The British Library Board; William Tyndale: By kind permission of the Principal, Fellows and Scholars of Hertford College, Oxford

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela