Metse ya Botshabelo—Thulaganyo ya Modimo ya go Bontsha Kutlwelobotlhoko
“Metse e merataro eo e tlaa nna ya botshabelo, . . . gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka [phoso, NW] fela a tshabele teng.”—DIPALO 35:15.
1. Modimo o leba botshelo le go nna molato wa madi ka tsela efe?
JEHOFA MODIMO o tsaya botshelo jwa motho bo le boitshepo. Le gone botshelo bo mo mading. (Lefitiko 17:11, 14) Ka jalo Kaine, motho wa ntlha go tsholwa mo lefatsheng, o ne a nna le molato wa madi fa a ne a bolaya morwarraagwe e bong Abele. Ka gone, Modimo o ne wa bolelela Kaine jaana: “Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.” Madi a a neng a tshologela mo mmung fa go neng ga bolaelwa motho gone a ne a ntsha bosupi jo bo didimetseng mme bo nonofile jwa gore botshelo jwa motho bo khutshwafaditswe ka tsela e e setlhogo. Lentswe la madi a ga Abele le ne la bitsa Modimo gore a ipusolosetse.—Genesise 4:4-11.
2. Tsela e Jehofa a tlotlang botshelo ka yone e ne ya otlelelwa jang morago ga Morwalela?
2 Modimo o ne wa bontsha tota gore o tlotla botshelo jwa motho fa Noa yo o neng a siame le lelapa la gagwe ba se na go tswa mo arekeng e le bafalodi ba Morwalela wa lefatshe lotlhe. Ka nako eo Jehofa o ne a oketsa dijo tsa batho ka nama ya diphologolo mme lefa go ntse jalo e seng ka madi. Gape o ne a laela jaana: “Madi a matshelo a lona, ke tlaa a lopa; ke tlaa a lopa mo phologolong nngwe le nngwe, le mo sebataneng; le mo seatleng sa motho e bong seatla sa morwa rramotho, ke tlaa lopa botshelo jwa motho. Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.” (Genesise 9:5, 6) Jehofa o ne a bona go tshwanela gore motho yo o neng a amana thata ka lesika le yo o bolailweng e nne ene a bolayang mmolai yoo mogang a kopanang le ene.—Dipalo 35:19.
3. Molao wa ga Moshe o ne o gatelela boitshepo jwa botshelo jang?
3 Go ne ga gatelelwa kgapetsakgapetsa gore botshelo bo boitshepo mo Molaong o o neng wa neelwa Baiseraele ka moperofeti Moshe. Ka sekai, Modimo o ne wa laela jaana: “O se ka wa bolaya motho.” (Ekesodo 20:13) Go na le bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore botshelo bo ne bo tlotlwa mo go se Molao wa ga Moshe o neng wa se bolela malebana le go bolawa ga mosadi yo o moimana. Molao o ne o kaya gore fa banna ba babedi ba ne ba lwa ba bo ba bolaya mosadi kana ngwana wa gagwe yo a iseng a tsholwe, baatlhodi ba ne ba tshwanetse go sekaseka maemo le gore a seo se dirilwe ka boomo, mme katlholo e ne e ka nna “botshelo mo boemong jwa botshelo.” (Ekesodo 21:22-25) Lefa go ntse jalo, a mme go ne go ka kgonega gore ka tsela nngwe mmolai wa Moiseraele a falole diphelelo tsa polao e a e dirileng?
A go Ne go Na le Lefelo le Babolai ba Tshabelang Kwa go Lone?
4. Ke mafelo afe a a neng a le kwa ntle ga Iseraele a go neng go tshabelwa kwa go one a a neng a le teng mo nakong e e fetileng?
4 Mo ditšhabeng tse dingwe tse e seng tsa Baiseraele, go ne go na le lefelo le babolai ba neng ba tshabela kwa go lone kana dinokwane tse dingwe. Go ne go ntse jalo kwa mafelong a a tshwanang le tempele ya modimo wa sesadi e bong Artemis kwa Efeso wa bogologolo. Go begiwa jaana malebana le mafelo a mangwe a a tshwanang le ao: “Mafelo a mangwe a kobamelo a ne a dira gore go nne le dinokwane di le dintsi; mme gantsi go ne go tlhokega gore ba fokotse palo ya mafelo a botshabelo. Kwa Athene ke mafelo a a rileng fela a a boitshepo a a neng a dirilwe mafelo a botshabelo ka fa molaong (ka sekai, tempele ya makgoba ya Theseus); mo motlheng wa ga Tiberio go kokoana ga dinokwane mo mafelong a kobamelo go ne go setse go le diphatsa fela thata mo e leng gore tshwanelo ya go newa Botshabelo e ne e dirisiwa fela mo metsemegolong e sekaenyana (ka ngwaga wa 22).” (The Jewish Encyclopedia, 1909, Bolumo II, tsebe 256) Morago ga moo, dikereke tsa Labokeresete di ne tsa dirwa mafelo a botshabelo, mme seno se ne sa dira gore balaodi ba naga ba felelwe ke thata mme e ye kwa baruting, ka jalo tshiamiso e ne e sa diragadiwe ka tshwanelo. Go dirisiwa ga mafelo ano ka tsela e e sa tshwanelang go ne ga felela ka gore thulaganyo eno e fedisiwe.
5. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Molao o ne o sa letlelele gore fa motho a bolaile yo mongwe a utlwelwe botlhoko fela ka gonne a ne a dira dilo ka bofafalele?
5 Mo Baiseraeleng, batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka boomo ba ne ba sa letlelelwe go tshabela kwa lefelong la botshabelo. Tota le moperesiti wa Molefi yo o neng a direla kwa sebesong sa Modimo o ne a ya go bolawa fa a ne a ka rera gore motho a bolawe. (Ekesodo 21:12-14) Mo godimo ga moo, Molao o ne o sa letlelele gore fa go na le motho yo o bolailweng, go dira dilo ka bofafalele e bo e ka nna lebaka la gore motho a utlwelwe botlhoko. Ka sekai, motho o ne a tshwanetse go direla borulelo jwa ntlo ya gagwe e ntšha lebota le le kwa godimo. Fa go ne go sa nna jalo, ntlo e ne e tla nna le molato wa madi fa mongwe a ne a ka wa mo go yone a bo a swa. (Duteronome 22:8) Mo godimo ga moo, fa mong wa kgomo e e tlwaetseng go tlhaba a boleletswe kaga yone mme a bo a sa dise kgomo ya gagwe e bo e bolaya mongwe, mong wa kgomo eo o ne a na le molato wa madi mme o ne a ka bolawa. (Ekesodo 21:28-32) Bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore Modimo o tsaya botshelo bo le botlhokwa bo bontshiwa ke gore fa mongwe a ne a bolaya legodu o ne a nna molato wa madi fa e le gore seo se diragetse motshegare e leng nako e legodu le neng le ka bonwa mme la itsiwe ka yone. (Ekesodo 22:2, 3) Go phepafetse he gore ditaolo tse di lekalekaneng tse di siameng tsa Modimo di ne di sa lese batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka boomo gore ba falole kotlhao ya go bolawa.
6. Molao wa “botshelo mo boemong jwa botshelo” o ne o diragadiwa jang kwa Iseraeleng wa bogologolo?
6 Fa motho a ne a bolaya yo mongwe kwa Iseraele wa bogologolo, madi a gagwe a ne a tshwanetse a busolosediwa. Molao o o reng ‘botshelo bo emelwe ke botshelo’ o ne o diragadiwa ka nako ya fa mmolai a bolawa ke “mmusolosi.” (Dipalo 35:19) Mmusolosi e ne e le monna yo o amanang thata ka lesika le motho yo o bolailweng. Mme re ka reng ka batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso?
Thulaganyo ya ga Jehofa ya go Bontsha Kutlwelobotlhoko
7. Ke eng se Modimo o neng wa se rulaganyetsa batho ba ba neng ba bolaya motho mongwe ka phoso?
7 Fa e le ka batho ba ba neng ba bolaya motho yo mongwe ka phoso, Modimo o ne wa ba rulaganyetsa metse ya botshabelo ka tsela e e lorato. Moshe o ne a bolelelwa jaana malebana le yone: “Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: Mogang lo kgabaganyang Joretane, lo ya mo lefatsheng la Kanana, foo lo itaolele metse e e tlaa nnang metse ya botshabelo mo go lona; gore mmolai wa motho, yo o bolayang motho ka [phoso, NW] fela, a tshabele gone. Metse eo e tlaa nna botshabelo mo go lona ka ga mmusolosi; gore mmolai wa motho a se swe, a ise a eme fa pele ga phuthego go atlholwa. Metse e lo tlaa e ntshang e nne merataro ya botshabelo mo go lona. Lo ntshe metse e le meraro moseja ono ga Joretane, le metse e le meraro mo lefatsheng la Kanana; e tlaa nna metse ya botshabelo . . . gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka [phoso] fela, a tshabele teng.”—Dipalo 35:9-15.
8. Metse ya botshabelo e ne e agilwe kae, mme batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso ba ne ba thusiwa jang gore ba fitlhe koo?
8 Fa Baiseraele ba ne ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, ba ne ba tlhoma metse e le merataro ya botshabelo ka tsela ya go bontsha kutlo. Metse eno e meraro ya yone—Keteše, Shekeme le Heberone—e ne e le kafa bophirima jwa Noka ya Joretane. Kafa botlhaba jwa Joretane go ne go na le metse ya botshabelo ya Golane, Ramothe le Besere. Metse eno e merataro ya botshabelo e ne e agilwe ka tshwanelo gaufi le ditsela tse di neng di baakantswe sentle. Go ne go beilwe matshwao a a neng a kwadilwe lefoko le le reng “botshabelo” mo mafelong a a tshwanetseng fa thoko ga ditsela tseno. Matshwao ano a ne a bontsha tsela e e yang kwa motseng wa botshabelo, mme motho yo o neng a bolaile yo mongwe ka phoso o ne a iphalotsa ka go siela kwa motseng o o gaufi. O ne a ka itshireletsa mo mmusolosing wa madi gone koo.—Jošua 20:2-9.
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a rulaganya gore go nne le metse ya botshabelo, mme e ne e diretswe go solegela bomang molemo?
9 Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa rulaganya gore go nne le metse ya botshabelo? E ne ya rulaganngwa e le gore naga e se ka ya tlala ka go bolawa ga batho ba ba senang molato le gore batho ba se ka ba nna molato wa madi. (Duteronome 19:10) Metse ya botshabelo e ne e solegela bomang molemo? Molao o ne o re: “Metse e merataro eo e tlaa nna ya botshabelo jwa bana ba Iseraele, le jwa baeng ba ba jakileng mo go bone, gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka [phoso] fela, a tshabele teng.” (Dipalo 35:15) Ka gone, gore Jehofa a dire dilo sentle le go dira maikaelelo a tolamo fa a ntse a bontsha kutlwelobotlhoko, o ne a bolelela Baiseraele gore ba age metse ya botshabelo ya batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso ba e neng e le (1) Baiseraele ba tlholego, (2) baeng mo Iseraele, kana (3) batho ba ba neng ba tswa kwa dinageng di sele ba ba neng ba nna mo nageng eno.
10. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore metse ya botshabelo e ne e le thulaganyo ya Modimo ya go bontsha kutlwelobotlhoko?
10 Go botlhokwa go lemoga gore tota lefa motho mongwe a ne a bolaya yo mongwe ka phoso, o ne a tshwanetse go bolawa go dumalana le molawana ono wa Modimo: “Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho.” Ka gone, e ne e le sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo a neng a di rulaganya go bontsha motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso kutlwelobotlhoko gore a tshabele kwa go mongwe wa metse eno ya botshabelo. Go bonala e kete batho ka kakaretso ba ne ba utlwela mongwe le mongwe yo o neng a tshaba mmusolosi wa madi botlhoko, ka gonne botlhe ba ne ba lemoga gore le bone ba ne ba ka nna ba dira molato o o tshwanang le oo ka phoso mme ba tlhoka go tshaba le go utlwelwa botlhoko.
Go Tshabela Kwa Lefelong la Botshabelo
11. Mo Iseraeleng wa bogologolo, ke eng se monna a neng a ka se dira fa a ne a bolaya modirikaene ka phoso?
11 Setshwantsho se ka nna sa dira gore o anaanele thata thulaganyo ya Modimo ya go bontsha kutlwelobotlhoko ka gore motho a tshabele kwa lefelong la botshabelo. A re re gongwe o ne o le monna o rema dikgong kwa Iseraeleng wa bogologolo. Gongwe tshipi ya selepe e ne ya somoga mo mhinyaneng ka tshoganetso e bo e bolaya modirikawena. Ke eng se o neng o ka se dira? Tota, Molao o ne o akaretsa le seemo se se tshwanang le seno. Ga go na pelaelo gore o ne o tla sola molemo thulaganyo eno e Modimo o neng wa e rulaganyetsa batho: “Jo ke jone boemo jwa mmolai wa motho, yo o tlaa tshabelang [kwa motseng wa botshabelo], mme a tshele: le fa e le mang yo o bolayang wa ga gabo a sa itse, a sa mo ila gale, jaaka fa motho a ya kwa sekgweng a na le wa ga gabo, ba ya go rema dikgong, a bo a re o rema setlhare ka selepe, tshipi ya selepe ya somoga, ya tlolela mo go wa ga gabo, mme a swa; a a tshabele kwa go mongwe wa metse e meraro, mme a tshele.” (Duteronome 19:4, 5) Lefa go ntse jalo, le fa o ne o tsena kwa motseng wa botshabelo, o ne o ka se tile boikarabelo jotlhe jwa se se diragetseng.
12. Go ne go latelwa thulaganyo efe fa motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a se na go fitlha kwa motseng wa botshabelo?
12 Le mororo o ne wa amogelwa sentle, o ne o tshwanetse gore o bolelele bagolwane kgang ya gago kwa kgorong ya motse wa botshabelo. Fa o se na go tsena mo motseng, o ne o tla busiwa gape gore o ye go sekisiwa fa pele ga bagolwane ba ba neng ba emela phuthego ya Iseraele kwa dikgorong tsa motse o o okametseng kgaolo e motho a neng a bolaelwa mo go yone. Ke gone koo o neng o tla nna le sebaka sa go supa gore ga o na molato.
Fa Babolai Ba ne Ba le Mo Tshekong
13, 14. Ke dilo dife tse dingwe tse bagolwane ba neng ba ka batla go di tlhomamisa fa go sekisiwa mmolai?
13 Kwantle ga pelaelo o ne o tla lemoga ka boitumelo gore go lebilwe thata tsela e o neng o itshwara ka yone pele, fa o le mo tshekong fa pele ya bagolwane kwa kgorong ya motse o o okametseng kgaolo eo. Bagolwane ba ne ba tla sekaseka ka kelotlhoko gore lo ne lo tshwarana jang le motho yo o suleng. A o ne o tlhoile monna yoo, wa mo lalela wa bo wa mmolaya ka boomo? Fa go le jalo, bagolwane ba ne ba tshwanetse gore ba go ise kwa mmusolosing wa madi, mme o ne a tla go bolaya. Banna bano ba ba nang le boikarabelo ba ne ba tla bo ba lemoga se se tlhokwang mo Molaong e le gore ‘go tloswe madi a a se nang molato mo Iseraele.’ (Duteronome 19:11-13) Ka mo go tshwanang, gompieno fa go na le kgang ya katlholelo, bagolwane ba Bakeresete ba tlhoka gore ba bo ba itse Dikwalo sentle, ba dira go dumalana le tsone fa ba ntse ba sekaseka boikutlo le boitshwaro jwa pele jwa modiraphoso.
14 Fa bagolwane ba motse ba ntse ba tlhotlhomisa ka lorato, ba ne ba tla batla go itse gore a o ne wa ratela motho yo o suleng. (Ekesodo 21:12, 13) A o ne wa mo tlhasela o iphitlhile? (Duteronome 27:24) A o ne o galefetse motho yoo thata mo o neng wa batla leano la boferefere la go mmolaya? Fa go le jalo, o ne o tshwanelwa ke go bolawa. (Ekesodo 21:14) Segolobogolo bagolwane ba ne ba tla tlhoka go itse gore a lo ne lo ilana pele, kana lo tlhoane le motho yo o suleng. (Duteronome 19:4, 6, 7; Jošua 20:5) A re re gongwe bagolwane ga ba a go bona molato ba bo ba go busetsa kwa motseng wa botshabelo. A bo o ne o tla itumelela kutlwelobotlhoko e ba go bontshitseng yone jang ne!
Botshelo mo Motseng wa Botshabelo
15. Ke dilo dife tse motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a neng a tlhoka go di dira?
15 Motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse gore a nne mo motseng wa botshabelo kana kwa tlase ga sekgala sa mabogo a le 1 000 (mo e ka nnang dimitara di le 440) kwa ntle ga dithako tsa one. (Dipalo 35:2-4) Fa a ne a ka tsamayatsamaya go feta sekgala seo, o ne a ka nna a kopana le mmusolosi wa madi. Mo maemong a a ntseng jalo, mmusolosi o ne a ka bolaya mmolai a bo a sa otlhaiwe. Mme mmolai o ne a sa tsenngwe dihaka kana go tsenngwa mo kgolegelong. Jaaka moagi wa motse wa botshabelo, o ne a tshwanetse gore a ithute tiro nngwe, a nne modiri, mme a nne leloko le le mosola mo setšhabeng.
16. (a) Motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse go nna lobaka lo lo kana kang mo motseng wa botshabelo? (b) Ke ka ntlha yang fa loso lwa moperesiti yo mogolo lo ne lo dira gore go kgonege gore mmolai a tswe mo motseng wa botshabelo?
16 Motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse gore a nne lobaka lo lo kana kang kwa motseng wa botshabelo? Gongwe botshelo jwa gagwe jotlhe. Molao o ne o bontsha jaana mo mabakeng a mangwe: “O ne a tshwanetse go nna fela mo motseng wa gagwe wa botshabelo, go tsamaya moperesiti yo mogolo a swa. Morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo, mmolai wa motho o ka boela kwa lefatsheng le e leng la gagwe.” (Dipalo 35:26-28) Ke ka ntlha yang fa go swa ga moperesiti yo mogolo go ne go dira gore motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a tswe mo motseng wa botshabelo? Tota, moperesiti yo mogolo e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba tlhomologile thata mo setšhabeng. Ka gone loso lwa gagwe lo ne lo tla nna tiragalo e kgolo e e neng e tla itsiwe ke ditso tsotlhe tsa Iseraele. Batho botlhe ba ba neng ba tshabela kwa metseng ya botshabelo ba ne ba ka boela kwa magaeng a bone ba se mo kotsing ya go bolawa ke babusolosi ba madi. Ka ntlha yang? Ka gonne Molao wa Modimo o ne o laetse gore sebaka sa mmusolosi sa go bolaya mmolai se ne se fela fa moperesiti yo mogolo a swa, mme mongwe le mongwe o ne a itse seno. Fa wa lesika a ne a ka busolosetsa loso morago ga moo, o ne a tla bo e le mmolai le gone kgabagare o ne a tla otlhaelwa go bolaya motho.
Matswela a a Nnelang Ruri
17. Go ne go ka nna le matswela afe ka gonne motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a ne a thibelwa go dira dilo dingwe?
17 Go ne go ka nna ga nna le matswela afe ka gonne motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a ne a thibelwa go dira dilo dingwe? E ne e le go mo gakolola gore o bolaile motho yo mongwe. Gongwe morago ga moo o ne a tla tsaya botshelo jwa motho bo le boitshepo go feta pele. Mo godimo ga moo, o ne a ka se lebale gore o kile a bontshiwa kutlwelobotlhoko. Eleruri motho o ne a tla batla go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko, e re ka a bontshitswe kutlwelobotlhoko. Gape thulaganyo ya metse ya botshabelo le dithibelo tsa yone di ne tsa solegela batho botlhe molemo. Jang? Eleruri e tshwanetse ya bo e ne e gatelela mo go bone gore ba tshwanetse go tila go nna bofafalele ka botshelo jwa motho kana go sa amege ka jone. Ka jalo Bakeresete ba tshwanetse go gakololwa gore ba tlhoka gore ba tile go nna bofafalele jo bo ka nnang jwa baka gore motho a swe ka kotsi. Gape he, thulaganyo e e kutlwelobotlhoko ya Modimo ya metse ya botshabelo e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re nne kutlwelobotlhoko fa go tshwanela gore re dire jalo.—Jakobe 2:13.
18. Thulaganyo ya Modimo ya go tlhoma metse ya botshabelo e ne e le mosola ka ditsela dife?
18 Gape metse ya botshabelo e Jehofa Modimo a neng a e rulaganya e ne e le mosola ka ditsela tse dingwe. Batho ga ba a ka ba tlhoma ditlhopha tsa go otlhaya dinokwane e le gore ba leleke mmolai ba tsaya fela gore o molato le mororo a ise a sekisiwe. Go na le moo, ba ne ba mo tsaya a se molato wa go bolaya motho ka boomo, le gone ba ne ba mo thusa gore a iphalotse. Mo godimo ga moo, thulaganyo ya metse ya botshabelo e ne e farologane gotlhelele le dithulaganyo tsa motlha wa segompieno tsa go tsenya babolai mo dikgolegelong, koo ba tlhokomelwang ke batho botlhe ka madi mme gantsi ba bo ba nna dinokwane tse di maswe thata ka gonne ba nna gaufi le badirabosula ba bangwe. Mo thulaganyong ya motse wa botshabelo, go ne go se botlhokwa gore go agiwe le go tlhokomela dikgolegelo tse di nang le mabota a a sireletsang a a turang, a a dirilweng ka ditshipi, tse gantsi magolegwa a lekang go thoba mo go tsone. Tota, mmolai o ne a batla “kgolegelo” le gore a nne mo go yone ka nako e e beilweng. Gape o ne a tshwanetse gore a nne modiri, ka go dira jalo a dira sengwe se se neng se tla solegela batho ba bangwe molemo.
19. Ke dipotso dife tse di bodiwang malebana le metse ya botshabelo?
19 Eleruri, thulaganyo ya ga Jehofa ya metse ya Iseraele ya botshabelo e ne e bontsha kutlwelobotlhoko mo go sireletseng batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso. Kwantle ga pelaelo thulaganyo eno e ne e thusa batho gore ba tseye botshelo bo le botlhokwa. Lefa go ntse jalo, a metse ya botshabelo ya bogologolo e mosola mo bathong ba ba tshelang mo lekgolong la bo20 la dingwaga? A re ka nna molato wa madi fa pele ga Jehofa Modimo mme re bo re sa lemoge gore re tlhoka kutlwelobotlhoko ya gagwe? A go na le sengwe mo motlheng wa segompieno se se tla re solegelang molemo mo metseng ya botshabelo ya Iseraele?
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Jehofa o leba botshelo jwa motho jang?
◻ Ke eng se Modimo ka boutlwelobotlhoko o neng wa se rulaganyetsa batho ba ba neng ba bolaya motho yo mongwe ka phoso?
◻ Mmolai o ne a ka kgona go tsena jang mo motseng wa botshabelo, mme o ne a tshwanetse go nna koo lobaka lo lo kana kang?
◻ Go ne go ka nna le matswela afe ka gonne motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso a ne a thibelwa go dira dilo dingwe?
[Mmapa mo go tsebe 12]
Metse ya botshabelo ya Iseraele e ne e agilwe mo mafelong a a tshwanetseng
(For fully formatted text. see publication)
KETEŠE Noka ya Joretane GOLANE
SHEKEME RAMOTHE
HEBERONE BESERE