Basupi ba ga Jehofa mo Lefatsheng Lotlhe—New Zealand
A DITLHAKETLHAKE di ka baka Jehofa? Ee, go ya ka Isaia 42:10: “Opelelang Jehofa sefela se seša, le pako ya gagwe go tswa bokhutlong jwa lefatshe; . . . le ditlhake le banni ba tsone.” Ditlhaketlhake tsa kwa New Zealand ruri di baka Jehofa. Jaaka New Zealand e le naga e e itsegeng ka makadiba, mekgatšha, dithaba tse di kwa godimodimo, dikgapetlakedi, matshitshi, dikgwa tse di tletseng ka ditlhatshana tsa di-fern tse go nang pula thata kwa go tsone le naga e tala e go fudisiwang mo go yone, e senola bogolo le bomolemo jwa Mmopi wa legodimo le lefatshe.
E sa le lekgolo leno la dingwaga le simologa, batho ba bantsi ba ba nnang kwa New Zealand ba ne ba kopanya mantswe a bone go baka Jehofa ka go mo obamela ka tsela e e itshekileng le go abalana mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le ba bangwe. Bosheng jaana, Mosupi mongwe yo o neng a utlwile maitemogelo a a molemo ka ga go neela ba losika bosupi, o ne a ikemisetsa go dira seo mo go ba lelapa la gaabo. O ne a abela ba lelapa la gagwe ba le mmalwa dimpho tsa dikhopi tsa buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Matswela e nnile afe go tla go fitlha gompieno? O bega gore kgaitsadie le morwarraagwe jaanong ba ithuta Baebele, setlogolo sengwe sa gagwe se kolobeditswe go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ba bangwe jaanong ba amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo go feta pele. O santse a na le tshimo e kgolo e a tshwanetseng go e dira; fa re sa bale batsadi ba gagwe, o na le bomorwarraagwe ba le barataro le bokgaitsadie ba le robongwe!
Jehofa o bakwa gape fa Basupi ba kopana mmogo go aga Diholo tsa Bogosi. Ka sekai, mokwaladikgang wa lokwalodikgang, Roy Perkins, o ne a kwala jaana mo Opotiki News ya May 17, 1994: “Nna jaaka motho yo o sa dumeleng, ke ne ka kgatlhiwa thata ke tiro le maiteko a a neng a dirwa ke badiri ba ba ineetseng ba ba dirisitseng nako e ntsi le maiteko a magolo mo go se ba neng ba se direla Modimo wa bone ka lorato.
“Mo nakong yotlhe e ba neng ba dira mafelobeke ao, ga ke ise ke bone kgotsa ke utlwe gotwe ba tlhokile kutlwano . . . Basadi ba ne ba pagame sekafole, ba dira le banna, ba kgomorolola semente mo diteneng, ba kuka didirisiwa, botlhe ba wetse dibete e bile ba itumetse.
“Mme ga go a senyega le fa e le motsotso o le mongwe ope wa bone a ile go tshopha sekerete. Batho botlhe ba ba neng ba dira ditiro tse di farologaneng ba ne ba hema phefo e e neng e sa kgotlelwa e bile e le phepa kwantle ga menko ya dipente le lorole lwa ditena fela.”
Setlhopha sa bagolwane ba Phuthego ya Opotiki se ne sa kwala jaana: “Tiro e yotlhe e kgatlhile banni ba toropo eo thata. Go lebega e kete mongwe le mongwe o bua ka yone. Re ile ra simolola dithuto tsa Baebele di sekae. E nngwe e e re kgatlhang thata ke ya banyalani ba ba tseneletseng thata mo bodumeding, ba ka dingwaga tse dintsi, ba neng ba re kopa gore re se ka ra ba etela. Ba ne ba tla kwa setsheng sa kago letsatsi lengwe le lengwe mme ba ya kwa dipokanong morago ga moo. Go tswa foo monna o ne a bolela jaana, ‘Ke a bona gore lo batho ba Modimo. Ke ntse ke eletsa thata go kopana le batho ba ba ntseng jaana.’”
Mo ngwageng o o fetileng, mokwaladikgang wa Otago Daily Times o ne a bolela jaana ka Holo ya Bogosi e e agilweng ka bonako kwa Dunedin: “E ne e le tiro e e sa tlwaelegang, sekao se se sa tlwaelesegang sa go dira ka natla le go thusana.” Lone lokwalodikgang loo lo ne lwa akgela jaana: “Batho ba mo toropong eo ba ne ba leba ba kgatlhega jaaka kago e kgolo eo e ne e agiwa ba e lebile, mme ba bantsi ba tshwanetse ba bo ba ipotsa gore ke diphetogo dife tse dingwe le ditiro tse di molemo tse di ka kgonang go dirwa fa go ka bo go na le mokgatlho o mogolo wa baithaopi ba ba nang le moya o montsi wa tirisanommogo. Holo ya Bogosi ke letshwao la maemo a a kwa godimo la maiteko a a tshwaraganelwang gore go fitlhelelwe matswela a a rileng.”
Gareng ga diketekete tsa batho ba ba neng ba etela lefelo le go neng go agiwa kwa go lone, lekawana lengwe le ne la ela tlhoko gore Basupi ba ne ba aga “dikereke” fa bodumedi jwa gagwe jone bo ne bo di rekisa ka lebaka la go bo maloko a jone a ne a fokotsega ka bonya ka bonya. “Fa lo ka bo lo ne lwa ema pele ka dikgwedi tse lesomepedi, lo ka bo lo rekile nngwe ya tsa rona,” o ne a ipuela fela jalo. “Re tshwanetse go rekisa nngwe ya tsone ka gonne ga re kgone go e duelela. Mme kana lona ga lo duele baruti. . . . Gape dikago tsa lona ga di tlhoke madi a mantsi go di tlhokomela, ka gore ga se dikago tse di kwa godimo tse di nang le ditora, tse di seng motlhofo go tlhokomelwa.”
Go phepafetse gore ditlhaketlhake eleruri di ka baka Modimo. E kete dipako tsa ga Jehofa di ka tswelela go utlwala mo nageng eno e ntle ya Pacific—le mo lefatsheng lotlhe!
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
PEGO YA NAGA:
Ngwaga wa Tirelo wa 1994
TLHORA YA BATHO BA BA NEELANG BOSUPI: 12 867
KABALANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 271
PALO YA BA BA NENG BA LE TENG KWA SEGOPOTSONG: 24 436
PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 1 386
PALOGARE YA DITHUTO TSA BAEBELE: 7 519
PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 568
PALO YA DIPHUTHEGO: 158
OFISI YA LEKALA: MANUREWA
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Babulatsela ba ya tshimong ka bo1930
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dikago tsa lekala kwa Manurewa
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go rerwa ga molaetsa kwa Devonport, kwa Auckland