LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 9/15 ts. 24-25
  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—India

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—India
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nitama ka ga Kobamelo e e Itshekileng kwa Sekolong
  • Go Bona Maduo a go Utlwa Molao wa Modimo o o Malebana le Madi
  • “Ke Bolokile Tumelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Basha Ba Ba Nang Le “Bogolo yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”
    Tsogang!—1994
  • Patlisiso ya Boammaaruri e Duetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 9/15 ts. 24-25

Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—India

INDIA! Karolo e kgolo eno ya kontinente e nna motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 6 mo polaneteng eno. Ka kakaretso, ke naga ya batho ba ba farologaneng ba ba buang dipuo le diteme tse di fetang 1 000. Batho ba bantsi ba ba nnang mo go yone ke Bahindu, ba e leng diperesente di le 83, fa diperesente di le 11 e le Bamoselema, Ba-Sikh, Babuda, Ba-Jain le batho ba ba ipitsang Bakeresete ba bopa diperesente tse di setseng.

Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba atlega ka tsela e e tlhomologileng kwa India mo dingwageng tsa bosheng jaana. Ba bone batho ba sekadinku ba ba eletsang go ema ba nitame kafa Bogosing jwa ga Jehofa, go sa kgathalesege mofuta ope fela wa dikgatelelo le kganetso.

Ka sekai, mosetsana mongwe yo o tswang mo lelapeng le thuto ya lone ya motheo e leng Sehindu o ne a nna segole ka ntlha ya bolwetse jwa polio fa a ne a santse a le ngwana. Tsela e a neng a boga ka yone e ne ya mo dira gore a akanye ka Modimo le lebaka la go bo botshelo bo le teng. O ne a tlhatlhoba ditumelo di le dintsi a batla karabo mme a se ka a bona kgomotso. Ka ntlha ya seo, o ne a se ka a tlhola a kgatlhegela bodumedi, lefa gone a ne a dumela mo Modimong.

Basupi ba babedi ba ne ba buisana le mosetsana yono fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo mo e ka nnang ka yone nako eo. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka lela fa ke ne ke utlwa ba bala Tshenolo 21:4.” O ne a itseela dikgatiso di le dintsi tsa Mokgatlho wa Watch Tower a bo a dumela go ithuta Baebele mo gae go sa kgathalesege gore mmaagwe o ne a mo ganetsa go le kana kang. Mosetsana yono o ne a dira diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa gagwe, a itshokela kganetso ya ba lesika ka bopelokgale, mme a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. O bolela jaana: “Ke dirile kgatelopele e kgolo, mme e ne e se kgetsi e potlana. Mme Jehofa Modimo o ne a ntse a na le nna ka dinako tsotlhe mme a dira gore ke nne le kagiso e kgolo le boitumelo.”

Go Nitama ka ga Kobamelo e e Itshekileng kwa Sekolong

Morutabana o ne a kopa kgaitsadi mongwe yo mmotlana gore a ye kwa kerekeng ya Katoliki mmogo le tlelase yotlhe. Kgaitsadi yono o ne a gana ka tsela e e maitseo, a bolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o ne a ka se obamele ope kana sepe fela kwantle ga ga Jehofa. Morutabana yono o ne a bolela gore fa ba bangwe botlhe ba ya kwa kerekeng le ene o tshwanetse go ya teng. Mme kgaitsadi yono o ne a ema a nitame mme a bolela gore e re ka ba bangwe ba ya kwa kerekeng ba sa ye go rapela Jehofa, ga a bone lebaka la go bo a ka nna teng koo.

Morutabana wa gagwe o ne a batla go itse mo gontsi ka go bona mosetsana yono a eme a nitame. Ka jalo ka letsatsi le le latelang, kgaitsadi yono o ne a mo neela setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo se se malebana le kobamelo ya ga Jehofa. Morutabana yono o ne a mo rebola gore a se ka a nna teng mo ditirong tsotlhe tsa bodumedi tse di dirwang kwa sekolong fa a se na go kgatlhiwa ke se a neng a se bala. Kgaitsadi yono o ne a kgona go mo tsamaisetsa dimakasine di le lesome mmogo le barutabana ba bangwe.

Go Bona Maduo a go Utlwa Molao wa Modimo o o Malebana le Madi

Bosheng jaana go ne ga tlhagoga leroborobo la bolwetse jwa letshoroma mo dikgaolong dingwe tsa naga ya Kerala. Bolwetse jono bo senya diphilo thata mme bo dira gore motho a tlhoke go ntshiwa leswe mo mading. Go tlwaetswe thata gore motho a tshelwe madi. Mo toropong nngwe go ne ga amogelwa batho ba ba nang le bolwetse jono ba le 14 mo kokelong. Mongwe wa balwetse bano e ne e le Mosupi, e le mogolwane mo phuthegong ya lefelo leo. O ne a bolelelwa gore go tshelwa madi e ne e le yone kalafi fela e e leng teng. Mogolwane yono o ne a tlhalosa se a se dumelang mo Dikwalong mme a gana go tshelwa madi a nitame. (Ditiro 15:28, 29) Morago ga gore dingaka di ngangisane le ene di ne tsa bolela gore o ne a tla swa ka gonne a gana go tshelwa madi.

Balwetse ba bangwe ba le 13 ba ne ba tshelwa madi. Se se tlhomolang pelo, botlhe ba ne ba swa morago ga malatsinyana fela. Mokaulengwe yono ke ene fela yo o neng a falola! Badiredi ba kokelo ba ne ba gakgametse tota. Baoki ba ne ba kgatlhilwe thata ke go bona a ne a etelwa ke maloko a phuthego ka metlha. Fa a se na go tswa kwa kokelong, mokaulengwe yono o ne a ya go leboga dingaka, mme ba ne ba bolela jaana: “Ke ka ntlha yang fa o re leboga? Leboga Modimo wa gago Jehofa. Ke Ene yo a go falodisitseng. Tsweetswee le rona o re rapelele mo Modimong wa gago, Jehofa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

PEGO YA NAGA

Ngwaga wa Tirelo wa 1994

TLHORA YA PALO YA BA BA NEELANG BOSUPI: 14 271

KABALANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 65 266

PALO YA BA BA NENG BA LE TENG KWA SEGOPOTSONG: 38 192

PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 1 780

PALOGARE YA DITHUTO TSA BAEBELE: 12 453

PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 1 312

PALO YA DIPHUTHEGO: 410

OFISI YA LEKALA: LONAVLA

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ofisi ya lekala, Lonavla

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go neela bosupi malebana le kopano ya “Mafoko a a Molemo A a Sa Khutleng” ka 1963

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go rerela morekisi mongwe kwa ntle ga Red Fort kwa Delhi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela