Malapa a a Ratang Modimo a Nako e e Fetileng—Sekao sa Motlha wa Rona
LEKGOTLA la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la leka go dira gore lelapa le elwe tlhoko thata mo lefatsheng. Ka tsela e e ntseng jang? Ka go itsise gore 1994 ke “Ngwaga wa Ditšhabatšhaba wa Lelapa.” Lefa gone baeteledipele ba lefatshe, baithutaloago le bagakolodi ba malapa ba ntse ba itlhaganelela go ngongorega ka dilo tse di tshwanang le go oketsega ga bana ba dikgora le palo e e oketsegang ka selekanyo se segolo ya ditlhalo, ga ba ise ba bolele gore mathata ano a ka rarabololwa ka tsela efe.
A e ka tswa e le gore Baebele e ka rarabolola mathata a lelapa? Batho ba bangwe ba ka nna ba bona go akantsha gore Baebele e ka thusa malapa a gompieno go se botlhale. Gone mme, e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga a a fetileng mo maemong le mo ngwaong ya kwa Botlhabagare. Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, botshelo bo fetogile ka selekanyo se segolo thata go gaisa mo metlheng ya Baebele. Lefa go ntse jalo, Baebele e tlhotlheleditswe ke Jehofa Modimo, yo malapa otlhe a bidiwang ka leina la gagwe. (Baefeso 3:14, 15; 2 Timotheo 3:16) Baebele ya reng ka mathata a lelapa?
Jehofa o itse sentle gore go tlhokega eng go dira gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo ipedisang le jo bo kgotsofatsang. Ka jalo, Lefoko la gagwe, Baebele, le bolela mo gontsi ka botshelo jwa lelapa, fa gongwe e le ka tsela ya go gakolola. Baebele gape e na le dikao tsa malapa a a neng a dirisa melaometheo ya bomodimo. Ka ntlha ya seo, a ile a ipelela go nna a kitlane e bile a kgotsofetse. A re tlhatlhobeng botshelo jwa lelapa mo metlheng ya Baebele mme re boneng gore re ka ithuta eng.
A Botlhogo bo Bokete?
Ka sekai, ela tlhoko kgang ya botlhogo. Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, banna ba ba tshwanang le Aberahame, Isake le Jakobe e ne e le ‘ditlhogo tsa ditso’ tse di neng di sa belaelwe ka gope. (Ditiro 7:8, 9; Bahebere 7:4) The New Manners and Customs of Bible Times, e e kwadilweng ke Ralph Gower, e bolela jaana: “Lelapa e ne e le . . . ‘bogosi jo bo botlana’ jo bo neng bo busiwa ke rre. O ne a busa mosadi, bana, ditlogolwana le batlhanka—mongwe le mongwe mo lapeng.” Eleruri, ditlhogo tsa lotso gantsi di ne di laola le malapa a barwa ba tsone.—Bapisa Genesise 42:37.
A seno se ne se sa fe banna tetla ya go gatelela basadi ba bone le bana ba bone? Le eseng. Ke boammaaruri gore Modimo o ne a raya mosadi wa ntlha, Efa, a re: “Keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” (Genesise 3:16) Mafoko ao a ne a supa kafa go neng go nna ka teng ka basadi ba ba nyetsweng ka kakaretso, mme a ne a sa tlhalose kafa dilo di neng di tla nna ka teng mo baobameding ba Modimo ba boammaaruri. Banna ba ba boifang Modimo ba ne ba tshwanetse go nna ba ntse ba gakologetswe maikaelelo a ga Jehofa a kwa tshimologong. Jehofa o dirile gore mosadi e nne “thuso e e mo lebanyeng,” e seng lekgoba la monna. (Genesise 2:20) Ka lebaka la go bo banna ba ba ratang Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go ikobela Modimo le gore ba ne ba ikarabelela mo go ene, ba ne ba se ka ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Ditlhogo tsa lotso tse di boifang Modimo di ne di bontsha basadi ba tsone lorato lwa mmatota le le tswang mo pelong, go na le go ba tsaya fela jaaka makgoba a bone.
Mo go Genesise 50:23 go bontshiwa ka bokhutshwane gore bana ka tlwaelo ba ne ba bontshiwa lorato lo lo tswang mo pelong ka tsela e e ntseng jang. E bolela jaana koo ka ditlogolwana tsa ga Josefe: “Ba tsalelwa mo mangoleng a gagwe.” Lefa seno se ka tswa se raya fela gore Josefe o ne a amogela bana bao jaaka ditlogolwana tsa gagwe, se ka tswa gape se kaya gore o ne a tshameka le bone ka lorato a ba bintsha mo mangoleng a gagwe. Borre gompieno ba tla bo ba dira sentle go bontsha bana ba bone lorato lo lo tshwanang lo lo tswang mo pelong.
Jaaka e ne e le ditlhogo tsa malapa, ditlhogo tsa lotso tse di boifang Modimo gape di ne di tlamela malapa a tsone ka dilo tse a neng a di tlhoka semoyeng. Fa a ne a tswa mo arakeng morago ga Morwalela o o neng o apesitse lefatshe lotlhe, “Noa a agela Jehofa sebeso. . . a isa ditshupelo tsa phiso mo sebesong.” (Genesise 8:20; bapisa Jobe 1:5.) Tlhogo e e ikanyegang ya lotso Aberahame e ne ya tlhoma sekao se se molemo ka go laya ba lelapa la gagwe. O ne a ‘laola bana ba gagwe, le ba ntlo ya gagwe morago ga gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa go dira tshiamiso le katlholo.’ (Genesise 18:19) Botlhogo jo bo neng bo dirwa ka lorato joo bo ile jwa dira gore malapa a itekanele sentle semoyeng le mo maikutlong.
Banna ba Bakeresete gompieno ba sala sekao seno morago. Ba etelela pele jaaka ditlhogo mo dikgannyeng tse di amanang le kobamelo ka go thusa ba malapa a bone go dira dilo tse Modimo a di batlang le ka go tlhoma sekao se se siameng bone ka bobone. (Mathaio 28:19, 20; Bahebere 10:24-25) Banna ba Bakeresete le borre, fela jaaka ditlhogo tsa lotso, ba tshwanetse go laya ba malapa a bone ka bobone.
Go Tsaya Kgato e e Tlhomameng
Fa tlhogo ya lotso, Jakobe, a ne a duela ratsalaagwe sekoloto se segolo se a neng a se mo kolota o ne a botsa ka gore: “Jaana ntlo ya me le yone ke tlaa e batlela leng?” (Genesise 30:30) Jakobe, fela jaaka borre botlhe, o ne a ikutlwa a patelesega go naya lelapa la gagwe dilo tse le neng le di tlhoka tsa senama, mme o ne a dira ka natla gore a kgone go dira seno. Genesise 30:43 e bolela jaana: “Monna yo a huma mo go golo thata, a ba a nna le matsomane a magolo, le malata, le batlhanka, le dikamela, le diesela.”
Lefa go ntse jalo, e ne ya re dingwaga di sekae moragonyana, fa Jakobe a sena go fudugela mo nageng ya Kanana, go bonala a ne a sa lemoge gore morwadie, e bong Dina o ne a na le mokgwa o o maswe wa go tsalana le Bakanana ba baheitane.a (Genesise 34:1) Gape o ne a se ka a tsaya kgato fa a ne a fitlhela dilo tsa boheitane mo lapeng la gagwe. Lefa go ntse jalo, Jakobe o ne a tsaya kgato e e tlhomameng fa Dina a sena go betelelwa ka tsela e e hutsafatsang ke Mokanana mongwe. O ne a laela jaana: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo iitshekise.”—Genesise 35:2-4.
Borre ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa go tla mo semoyeng sa malapa a bone. Ba tshwanetse go tsaya kgato e e tlhomameng fa go na le dilo tse di masisi tse di tshosetsang semoya sa lelapa, jaaka fa go na le dibuka tsa boitsholo jo bo sa siamang kgotsa mmino o o leswe mo lapeng.
Se se kgatlhang ke gore basadi ba tumelo ba ba tshwanang le Sara, Rabeka le Ragele le bone ba ne ba tlhotlheletsa lelapa ka tsela e kgolo. Lefa gone ba ne ba ikobela banna ba bone, ba ne ba sa thibelwe go tsaya kgato fa go ne go tshwanela e bile go tlhokega. Ka sekai, Ekesodo 4:24-26 e re bolelela gore fa Moše le ba lelapa la gagwe ba ne ba ya Egepeto, “Jehofa [“Moengele wa ga Jehofa,” Septuagint] a mo kgatlhantsha, mme a batla go mmolaya [Morwa Moše].” Ka fa go bonalang ka teng, morwa Moše o ne a le mo kotsing ya go bolaiwa ka gore Moše o ne a sa mo rupisa. Sipora o ne a tsaya kgato ka bonako mme a rupisa morwawe. Moengele o ne a feletsa a mo tlogetse. Basadi ba Bakeresete gompieno le bone ba ka tsaya kgato go dira sengwe fa seemo se ba pateletsa.
Tao ya Borre mo Molaong wa ga Moše
Motlha wa ditlhogo tsa lotso o ne wa fela fa Iseraele e ne e nna setšhaba ka 1513 B.C.E. (Ekesodo 24:3-8) Borre ba ne ba tswelela ba direla jaaka ditlhogo tsa malapa. Lefa go ntse jalo, molao wa lelapa o ne wa nna kwa tlase ga Molao wa setšhaba o Modimo a neng a o neile Moše mme o ne o dirisiwa ke baatlhodi ba ba neng ba tlhomilwe. (Ekesodo 18:13-26) Boperesiti jwa Balefi bo ne jwa okamela dikarolo tse di neng di amana le setlhabelo tsa kobamelo. Lefa go ntse jalo, rre o ne a tswelela a dira seabe sa botlhokwa. Moše o ne a kgothatsa jaana: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 6:6, 7.
Molao o ne o rulaganyetsa meletlo e e tshwanang le Tlolaganyo, e mo go yone go neng go newa tao ka tsela ya tlwaelo le e e seng ya tlwaelo. Fa letlha la Tlolaganyo, Nisane 14, le ne le atamela, malapa a Bajuta a ne a simolola go baakanyetsa leeto la bone le ba le tlwaetseng la go ya kwa Jerusalema. (Duteronome 16:16; bapisa Luke 2:41.) A o teng ngwana yo a neng a ka se ka a itumela fa go ipaakanyediwa selo se se ntseng jalo? Leeto ka bolone le ne le tla itumedisa. Ka nako eo setlha sa dipula se ne se fetile le letsatsi la dikgakologo le ne le setse le ntsha serame sa mariga. Fa kapoko ya Thaba ya Heremone e ne e nyerologa, Noka ya Joretane e ne e tlala e be e penologela mo matshitshing.
Borre ba ne ba ka ruta bana ba bone e seng fela ka thutafatshe ya naga ya bone mme gape le ka hisitori e ntsi e e amanang le mafelo a ba neng ba ka nna ba feta fa go one fa ba ntse ba tsamaya le bone mo tseleng. A ne a akaretsa Thaba ya Ebale le ya Gerisime kwa dilo tse ba neng ba hutsiwa le go segofadiwa ka tsone go ya ka Molao di neng di balelwa teng. Ba ne ba ka nna ba feta kwa Bethele kwa Jakobe a neng a bona ponatshegelo teng ya lere ya selegodimo. A bo go ne go tla latela dipuisano tse di kgatlhang thata jang ne! Fa leeto le ne le tswelela le ditlhopha tsa malapa di kopana le baeng ba ba neng ba tswa kwa dikarolong tse dingwe tsa naga, batho botlhe ba ne ba ipelela botsalano jo bo agang.
Kwa bofelong lelapa le ne le tla tsena kwa Jerusalema “o o bontle jo bo tletseng.” (Pesalema 50:2) Mokanoki Alfred Edersheim o bolela jaana: “Bontsi jwa baeng bano ba sedumedi ba tshwanetse ba bo ba ne ba thibelela ka kwa ntle ga dithako tsa motse. Ba ba neng ba nna mo toropong ba ne ba fiwa boroko mahala.” Ee, basha ba Bahebera ba ne ba kgona go ithuta ka lorato lwa bokaulengwe le go amogela baeng gone fela foo. Dikopano tse dikgolo tse di nnang ngwaga le ngwaga tsa Basupi ba ga Jehofa di dira se se tshwanang gompieno.
Nisane 14 o ne a tla feletsa a gorogile. Phologolo ya Tlolaganyo e ne e tla bolaiwa e be e besiwa ka diura di le mmalwa. Lelapa le ne le tla ja kwanyana, senkgwe se se sa bedisiwang le merogo e e galakang fa go setse go tloga go nna bosigogare. Go ya ka ngwao, morwa o ne a botsa jaana: “Tirelo eno e kaya eng mo go wena?” E ne e re go tswa foo, borre ba bo ba ba ruta go ya ka tlwaelo ba re: “Ke tlhabelo ya tlolaganyo ya ga Jehofa, yo o ne a tlolaganya matlo a bana ba Iseraele kwa Egepeto, ka a itaya Baegepeto, mme a golola matlo a rona.”—Ekesodo 12:26, 27; 13:8.
Kgosi ya Iseraele, Solomone, o ne a re: ‘Go na le motlha wa go tshega le motlha wa go bina.’ (Moreri 3:4) Bana ba Baiseraele ba ne ba fiwa nako ya go itlosa bodutu. Go bonala Jesu Keresete a ne a bona bana ba bannye ba tshameka kwa borekisetsong jwa motse. (Sekaria 8:5; Mathaio 11:16) E bile, gantsi batsadi ba ba neng ba kgona ba ne ba rulaganya gore go nne le dikokoano tsa malapa tse go neng go opelwa, go binwa e bile go jewa dijo. (Luke 15:25) Batsadi ba Bakeresete gompieno le bone ka mo go tshwanang ba tsaya matsapa a go rulaganyetsa bana ba bone boitlosobodutu le botsalano jo bo agang.
Bommè le Bana mo Tikologong ya Sejuta
Bomme ba ne ba na le seabe sefe mo Molaong wa ga Moše? Diane 1:8 e ne e laola jaana: “Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.” Mosadi wa Mojuta o ne a tshwanetse go dira dilo tse molao wa Modimo o neng o batla gore di dirwe mo botshelong jwa lelapa a le kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe. Bana ba gagwe ba ne ba tshwanetse go mo tlotla le fa a sena go tsofala.—Diane 23:22.
Mmè gape o ne a na le seabe se segolo mo go thapiseng bana ba gagwe. O ne a tlhokomela lesea ka tsela ya gore o ne a dira gone fela go fitlha le gola mo le lekaneng gore le ka jesiwa dijo tse di nonofileng, mo kwantle ga pelaelo go neng go felela ka gore ngwana le mmaagwe ba atamalane. (Isaia 49:15) E ne e re fa borre ba ruta bomorwaabone papadi nngwe, bommè ba bo ba ruta bomorwadiabone ditiro tsa mo gae. Bommè gape ba ne ba tlhotlheletsa bomorwaabone thata. Ka sekai, kgosi Lemuele o ne a solegelwa molemo ke “boitseanape jo mmaagwe o bo mo rutileng.”—Diane 31:1.
Mosadi yo o setswerere wa Mojuta o ne a ipela fa a “lebaleba mekgwa ya ba ntlo ya gagwe.” Go ya ka Diane 31:10-31, o ka nna a reka dilo tsa mo ntlong, a reka dikago le matlo le gone go dira kgwebo e potlana. Mo monneng yo o anaanelang, “tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala!”
Sekao sa Motlha wa Gompieno
Mo metlheng ya Baebele thulaganyo ya lelapa e ne e dira gore lelapa le gole semoyeng le mo maikutlong. Borre ba ne ba tshwanetse go dirisa taolo ya bone ka tsela e e lorato gore e solegele ba malapa a bone molemo. Ba ne ba tshwanetse go etelela pele mo kobamelong. Borre le bommè ka go tshwana ba ne ba supa gore ba kgatlhegela bana ba bone—ba ba ruta le go ba thapisa, ba obamela le bone le ka go ba rulaganyetsa gore ba itlose bodutu. Bommè ba ba ratang Modimo ba ile ba itshupa e le bathusi ba ba tlhwatlhwakgolo ka go tlotla botlhogo jwa banna ba bone, mme gape ba ntse ba direla ba malapa a bone dilo. Bana ba ba utlwang ba ne ba ipedisa batsadi ba bone le Jehofa Modimo. Eleruri, lelapa le le boifang Modimo la metlha ya Baebele e ne e le sekao se se molemo thata sa metlha ya rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go tshwanetse ga lemogiwa gore pele ga seno, Jakobe o ne a tsere dikgato tse di gagametseng gore a sireletse lelapa la gagwe gore le se ka la tlhotlhelediwa ke Bakanana. O ne a aga sebeso se se neng se mo farologanya le baagisani ba gagwe ba Bakanana. (Genesise 33:20; Ekesodo 20:24, 25) Mo godimo ga moo, o ne a thibelela kafa ntle ga motse wa Shekeme mme a ikepela motswedi wa metsi. (Genesise 33:18; Johane 4:6, 12) Ka tsela e e ntseng jalo, he, Dina o ne a tshwanetse a bo a ne a itse sentle gore Jakobe o ne a sa batle gore a tsalane le Bakanana.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Lelapa la gago le ka itumela jaaka malapa a a neng a obamela Jehofa mo metlheng ya Baebele