LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 28-30
  • Gana Dingwao Tse di Bosula!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gana Dingwao Tse di Bosula!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dingwao Tsa Diphitlho Tsa Tumelobotlhodi
  • Go “Itshekisiwa” Kafa Tlhakanelodikobong
  • Go Senyegelwa ke Mpa le go Tshola Ngwana a Setse a Sule
  • Tila Dikgotlhang, Mme o Eme o Nitame
  • Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa Phitlho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ikele Tlhoko mo Dingwaong Tse di sa Itumediseng Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Dingwao tsa Khutsafalelo—O Di Leba Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • “Fepa Molomo, E Seng Dinao”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 28-30

Gana Dingwao Tse di Bosula!

“BOAMMAARURI bo tlaa lo golola,” go ne ga rialo Jesu Keresete. (Johane 8:32) Ee, Bokeresete bo golola batho—bo ba golola mo bokgobeng jwa ditumelobotlhodi, bo ba golola mo go dumeleng dithuto le ditsholofetso tsa maaka, bo ba golola le mo bokgobeng jwa ditlwaelo tse di makgapha.

Lefa go ntse jalo, fela jaaka mo metlheng ya bogologolo, gantsi Bakeresete gompieno ba lebana le dikgatelelo tsa gore ba boele kwa dingwaong tsa bogologolo. (Bagalatia 4:9, 10) Seno ga se reye gore mekgwa yotlhe e e tlwaelegileng e kotsi. Eleruri, Mokeresete o ka nna a itlhophela go latela mekgwa mengwe mo lefelong la ga bone e e phepa le e e mosola. Mme fa mekgwa mengwe e sa dumalane le Lefoko la Modimo, Bakeresete ga ba ineele fela. Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba tumile ka gore ga ba keteke meletlo ya Keresemose, malatsi a botsalo le mekgwa e mengwe e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo.

Gantsi kgato eno e e pelokgale e dirile gore ditsala, baagisani le ba losika ba ba sa dumeleng ba ba sotle thata le go ba ganetsa. Seno se ntse se le jalo thatathata mo dinageng dingwe tsa Afrika, koo go tlwaelegileng go dirwa mefuta e e farologaneng ya dingwao mo diphitlhong, mo manyalong le mo matsalong. Dikgatelelo tse di ka dirang gore motho a ineele di a boifisa—gantsi di akaretsa matshosetsi le bothubaki. Bakeresete ba koo ba ka ema jang ba nitame? A go ka kgonega gore motho a tile kgotlhang a sa ineele? Go araba potso eo, a re ko re sekasekeng kafa Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang ba ileng ba dirisana le dingwao dingwe tse e seng tsa Dikwalo ka teng.

Dingwao Tsa Diphitlho Tsa Tumelobotlhodi

Mo borwa jwa Afrika go na le dingwao di le dintsi tse di amanang le diphitlho. Go tlwaelegile gore batho ba ba hutsafetseng ba nne bosigo jotlhe—kana masigo a le mmalwa—kwa ntlong ya khutsafalelo, koo molelo o nnang o tuka ka dinako tsotlhe. Batho ba ba tlhokafaletsweng ba idiwa go apaya, go beola, kana le e leng go tlhapa go fitlha moswi a se na go fitlhwa. Morago ga moo, ba tshwanetse go tlhapa ka metswako e e kgethegileng ya ditlhare tse di alafang. A mekgwa e e ntseng jalo e amogelwa ke Bakeresete? Nnyaa. Yotlhe e bontsha tumelo ya go sa sweng ga moya le go boifa thata batho ba ba suleng.

Moreri 9:5 e bolela jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe.” Go itse boammaaruri jono go golola motho gore a se ka a boifa ‘meya ya baswi.’ Mme ke eng se Mokeresete a tshwanetseng go se dira fa ba losika ba ba akanyang gore ba dira seo ka boikaelelo jo bo siameng ba batla gore a nne le seabe mo dingwaokobamelong tse di ntseng jalo?

A o ko o akanye ka boitemogelo jwa Mosupi mongwe wa Afrika yo o bidiwang Jane, yo o neng a tlhokafalelwa ke rraagwe. Fa a fitlha kwa ntlong ya khutsafalelo, o ne a bolelelwa ka bonako gore ene le ba lelapa lotlhe ba ne ba tshwanelwa ke go bina go dikologa serepa mo bosigong jotlhe e le gore ba kokobetse moya wa moswi. Jane o bolela jaana: “Ke ne ka ba bolelela gore jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke ka se dire ditlwaelo tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, letsatsi le le latelang morago ga phitlho, ba losika ba ba godileng ba ne ba bolela gore ba tlile go tlhapisa ba lelapa ba ba tlhokafaletsweng gore ba tswelele pele ba sireletsegile mo moyeng wa moswi. Le gone ke ne ka gana go tlhakanela mo go seo. Mo godimo ga moo, ba ne ba nnisitse Mmè a le esi mo ntlong. Mongwe le mongwe yo o neng a batla go mmona, o ne a tshwanetse gore la ntlha a nwe bojalwa jo bo diretsweng tiro eo.

“Ke ne ka gana go akarediwa mo go sepe sa tseno. Mo boemong jwa seo ke ne ka ya gae ka ya go apaya dijo, tse ke neng ka di isa kwa ntlong e Mmè a neng a nna mo go yone. Tota seno se ne sa swabisa ba lelapa la gaetsho. Ba losika lwa me ba ne ba akanya gore ke a tsenwa.” Mo godimo ga moo, ba ne ba mo sotla e bile ba mo eleletsa bosula, ba re: “E re ka o ganne ngwao ya rona ka ntlha ya bodumedi jwa gago, o tla tshwenngwa ke moya wa ga rraago. Tota e bile, o ka nna wa se ka wa tshola bana.” Lefa go ntse jalo, Jane o ne a sa batle go tshosediwa. Go ne ga felela ka eng? O bolela Jaana: “Ka nako eo ke ne ke na le bana ba le babedi. Jaanong ke na le bana ba le barataro! Seno se tlhabisitse batho ba ba neng ba bolela gore ke ne ke se kitla ke tshola bana gape ditlhong.”

Go “Itshekisiwa” Kafa Tlhakanelodikobong

Mokgwa o mongwe o akaretsa go itshekisiwa mo ngwaokobamelong fa motho a se na go swelwa ke molekane. Fa mosadi a swa, ba lelapa la gagabo ba tlisetsa moswagadi monnawe mosadi wa gagwe kana mosadi mongwe yo o gaufi thata ka losika le mosadi wa gagwe yo o tlhokafetseng. O tshwanelwa ke gore a tlhakanele dikobo le ene. Morago ga moo ke gone a ka nyalang yo a mo ratang. Seno le sone se a dirwa fa mosadi a tlhokafaletswe ke monna. Go akanngwa gore tlwaelo eno e phepafatsa molekane yo o santseng a tshela ka go tlosa “moya” wa molekane yo o suleng.

Motho ope fela yo o ganang go “itshekisiwa” jalo o tla dira gore a galefelwe ke ba losika. O ka nna a nnisiwa a le esi le go sotliwa le go hutsiwa. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba gana go latela mokgwa ono. Ba itse gore go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang tota ga se go “itshekisiwa,” mme Modimo o go leba e le go itsenya leswe. (1 Bakorinthe 6:18-20) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba tshwanetse go nyala “mo Moreneng fela.”—1 Bakorinthe 7:39.

Mosadi mongwe wa Mokeresete kwa Zambia yo o bidiwang Violet o ne a tlhokafalelwa ke monna. Morago ga moo, ba losika ba ne ba mo tlisetsa monna mongwe, ba gatelela gore a tlhakanele dikobo le ene. Violet o ne a gana, mme ba ne ba mo otlhaya ka gore a se ka a ga metsi kwa sedibeng se batho botlhe ba gang metsi mo go sone. Gape o ne a tlhagisiwa gore a se ka a tsamaya mo tseleng e kgolo, e se re kgotsa a gobala. Lefa go ntse jalo, o ne a sa batle go tshosediwa ke ba losika kana batho ba mo motseng wa gagabo.

Kgabagare Violet o ne a bidiwa kwa kgotleng ya motse. Koo o fitlhile a tlhalosa ka tshosologo mabaka a a tswang mo Dikwalong a go bo a gana go tlhakanela dikobo mo go sa tshwanelang. Kgotla e ne ya dumalana le ene, e bolela gore e ne e ka se mo pateletse gore a utlwe mekgwa le dingwao tsa motse tse di thulanang le ditumelo tsa gagwe. Se se kgatlhang ke gore go gana ga gagwe go ineela ka go nna a tsepame go ne ga dira gore Basupi ba bangwe mo motseng oo ba se ka ba gatelelwa ba kwa morago le bone ba neng ba kopana le kgang e e tshwanang.

Mosupi mongwe wa Afrika yo o bidiwang Monika o ne a itshokela kgatelelo e e tshwanang fa a se na go tlhokafalelwa ke monna. Lelapa la bomonna le ne la gatelela gore le mo neele monna yo mongwe. Monika o bolela jaana: “Ke ne ka gana, ke ititeile sehuba gore ke utlwa taelo e e mo go 1 Bakorinthe 7:39.” Lefa go ntse jalo ba ne ba se ka ba tlogela go mo gatelela. Monika o gakologelwa jaana: “Ba ne ba ntshosetsa. Ba ne ba bolela jaana: ‘Fa o ka mo gana, ga o kitla o nyalwa gape.’ Le gone ba ne ba bolela gore bangwe ba Bakeresetekanna ba itshekisitswe ka tsela eno ya ngwaokobamelo mo sephiring.” Lefa go ntse jalo, Monika o ne a ema a nitame. Monika o bolela jaana: “Ke ne ka nna ke se na molekane ka dingwaga di le pedi, morago ga moo ke ne ka nyalwa gape ka tsela ya Bokeresete.” Gone jaanong Monika ke mmulatsela wa ka metlha.

Go Senyegelwa ke Mpa le go Tshola Ngwana a Setse a Sule

Gape Bakeresete ba ba kafa borwa jwa Afrika ba tshwanelwa ke go itshokela mekgwa e e amanang le go senyegelwa ke mpa le go tshola ngwana a setse a sule. Ditiragalo tse di ntseng jalo tse di botlhoko di bakiwa ke go bo motho a sa itekanela—e seng gore o otlhaiwa ke Modimo. (Baroma 3:23) Mme fa mosadi a senyegelwa ke mpa, go ya ka dingwao tse dingwe tsa Seafrika go tlhokega gore a kojwe mo gae ka nako e e rileng.

Ka gone mosadi mongwe yo o neng a sa tswa go senyegelwa ke mpa o ne a gakgamadiwa ke go bona Mosupi mongwe a tla kwa ntlong ya gagwe. Fa a ntse a atamela, mosadi yoo o ne a mo goeletsa jaana: “O se ka wa tla kwano! Ka mokgwa wa rona, mosadi yo o sa tswang go senyegelwa ke mpa ga a tshwanela gore a etelwe.” Lefa go ntse jalo, Mosupi yono o ne a mmolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba tlisetsa batho ba mefuta yotlhe molaetsa wa Baebele le gore ga ba dire mekgwa ya motse e e malebana le go senyegelwa ke mpa. Go tswa foo o ne a mmalela Isaia 65:20, 23, a mo tlhalosetsa gore batho ba ka se senyegelwe ke dimpa le go tshola bana ba setse ba sule mo Bogosing jwa Modimo. Ka ntlha ya seo, mosadi yono o ne a dumela go ithuta Baebele mo gae.

Mekgwa ya tumelobotlhodi le yone e ka amanngwa le go fitlhwa ga bana ba ba tshotsweng ba setse ba sule. Fa Mosupi mongwe yo o bidiwang Joseph a ne a le kwa phitlhong e e ntseng jalo, o ne a bolelelwa gore batho botlhe ba ba tlileng phitlhong ba ne ba tshwanetse gore ba tlhape diatla tsa bone mo ditlhareng dingwe tse di alafang ba bo ba tshasa molemo oo mo dihubeng tsa bone. Gatwe seno se ne se direlwa gore se thibele “moya” wa lesea go boa le go ba gobatsa. Joseph o ne a gana ka maitseo, ka a itse thuto ya Baebele e e reng baswi ba ka se gobatse batshedi. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba leka go mo pateletsa gore a itshase molemo. Gape Joseph o ne a gana. Batho bangwe ba ba neng ba le foo le bone ba ne ba gana ditlhare tseo tsa go alafa fa ba se na go bona Mokeresete yono a nitame a sa boife sepe.

Tila Dikgotlhang, Mme o Eme o Nitame

Go boifa batho ba ba tshelang le go boifa go kobiwa mo gae e ka nna maatla a a nonofileng a gore o ineele. Diane 29:25 e bolela jaana: “Poifo ya motho e tle e lere seru.” Maitemogelo a a fa godimo a bontsha boammaaruri jwa karolo ya bofelo ya temana eo: “Mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.”

Lefa go ntse jalo, gantsi kgotlhang e ka tilwa. Ka sekai, fa Mokeresete a boleletswe ka phitlho ya wa losika, ga a tshwanela go leta go fitlha a le mo boemong jo a ka nnang a ineela mo go jone. “Motho yo o bonokopela o bona jone bosula, mme a iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela ba utlwe botlhoko ka gone.”—Diane 27:12.

Go ne go ka tshwanela gore o botse ka tsela e e botlhale gore ke mekgwa efe e e tla latelwang. Fa e le e e sa amogelweng, Mokeresete o ka dirisa sebaka seno go tlhalosa fela lebaka la go bo a ka se e latele, a dira jalo “ka boikokobetso le poifo.” (1 Petere 3:15) Fa Mokeresete a tlhalosa ka maitseo boemo jwa gagwe jo bo theilweng mo Baebeleng go sa le gale, gantsi ba losika lwa gagwe ba kgona go tlotla ditumelo tsa gagwe mme ba bo ba sa mo tshosetse.

Go sa kgathalesege gore ba losika ba tsaya seo jang, Mokeresete a ka se ineele fela ka go latela dingwao tse di tlontlololang Modimo—go sa kgathalesege gore o tshosediwa kana o sotliwa jang. Re golotswe mo go boifeng ditumelobotlhodi. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa jaana: “Keresete o re golotse ka kgololo; ke gone, tlhomamang, lo se ka lwa tlhola lo ikgweleanya ka jokwe ya botlhanka.”—Bagalatia 5:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batho ba le bantsi ba dumela gore motho yo o sa tswang go tlhokafala o ka nna motsereganyi mme a bo a isa melaetsa kwa go ba losika ba ba saleng ba swa bogologolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela