Malapa a a Ikanyegang a Akofisa Koketsego Kwa Sri Lanka
SRI LANKA e e sa leng e itsiwe jaaka Ceylon go fitlha ka 1972, ke setlhaketlhake se sentle se se nang le matshitshi a a ageletsweng ka ditlhare tsa mokolana, makgwelekgwele a dithaba le dikaka tse dipotlana. Mo dithabeng, go na le Adam’s Peak e e boleele jwa dimetara di le 2 243, e e leng lefelo la kobamelo la madumedi a mane a magolo.a Gaufi le teng go na le World’s End, e e leng lekgotlho kwa logaga lo lo nang le makgabana lo lebileng teng kwa tlase mo mokgokoloseng go feta dimetara tse 1 500. Karolo eno ke nngwe ya mafelo a a kgatlhang thata kwa Sri Lanka.
Banni ba kwa Sri Lanka ba ba dimilione tse 18 ba na le tlholego e e kgatlhang. E sale go simologa ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., batho ba losika lwa Baindia ba Bayuropa ba ba tswang kwa India bokone ba tlala mo setlhaketlhakeng seo. Ke Ba-Sinhalese ba selekanyo sa bone jaanong e leng dikwatara tse tharo tsa batho ba ba nnang koo. Mme jaanong, mo e ka nnang go fitlha ka lekgolo la bo12 la dingwaga, go ne ga thelegela Ba-Tamil ba le bantsi fela thata go tswa kwa India borwa; bano jaanong ba nna thata kwa bokone le kwa botlhaba jwa setlhaketlhake seno. Bapotokisi, Badatšhe le batho ba kwa Boritane le bone ba ile ba nna le seabe sa bone koo mo metlheng ya puso ya bokolone. Mo godimo ga moo, barekisi ba ba tsamayang ka dikepe ba ba tswang kwa dioding tsa Arabia le Malaya ba ne ba feta ba thibelela gareng ga batho ba mo lefelong leo. Gape go na le baagi ba sekae ba koo, e leng Bayuropa, Ba-Parsi, Ba-China le ba bangwe.
Kwantle ga ditso tse di tlhakatlhakaneng tsa koo, dipuo le ditumelo tsa kwa Sri Lanka di supa gore ga ba tswe golo go le gongwe. Dipuo tse di buiwang thata mo setlhaketlhakeng seo ke Se-Sinhalese, Se-Tamil, le Seesemane. Batho ba bantsi ba kwa Sri Lanka bobotlana ba bua dipuo tse pedi mo go tse tharo tseno. Setso le sone se na le karolo e kgolo mo bodumeding jwa batho. Bontsi jwa Ba-Sinhalese ke Babuda, fa bontsi jwa Ba-Tamil e le Bahindu. Batho ba ka tlholego e leng Baarabia le ba kwa Malaya ke Bamoselema, mme ba Bayuropa ke maloko a dikereke tsa Labokeresete, tsa Katoliki le Porotesetanta.
Go Kopana le Kgwetlho
Dilo tseno tsotlhe di tlisa kgwetlho e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa kwa Sri Lanka. Bano ba dira ka natla go diragatsa thomo ya ga Jesu: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe.” (Mathaio 24:14) Kwantle ga go bo ba tshwanetse go bua le batho ba dipuo tse di farologaneng mo diureng di sekaenyana fela ba ntse ba rera, baboledi ba mafoko a a molemo ba ka nna ba iphitlhela ba buile le Babuda, Bahindu, maloko a dikereke tsa Labokeresete mmogo le balatolamodimo.
Gore baboledi ba tle ba nne le matswela a a molemo mo bodireding jwa bone, ba tshwanetse go tsamaya ba tshotse dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele ka Se-Tamil, Se-Sinhalese le Seesemane. Ba ba kgonang go rwala morwalo o o bokete ba tshola le eleng Dibaebele ka dipuo tseo. Bosheng jaana baboledi ba ne ba itumela thata fa go ne go gololwa Diboroutšhara tsa A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? le Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? le pampitshana ya A Lefatshe Leno le Tla Falola? ka dipuo tse tharo tseo ka nako e le nngwe. Seno se ne se raya gore ba ne ba na le didirisiwa tse di oketsegileng tse ba ka di dirisang mo tirong ya bone.
Basupi ba ile ba tswelela ba dira ka natla fa e sale ka 1912, fa Charles Taze Russell, yo e neng e le poresidente ya Lekgotla la Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba ka nako eo, a ne a etetse kwa Ceylon ka bokhutshwane. Lefa go ntse jalo, kgolo e ne ya simolola go bonala fa baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ba sena go goroga ka 1947. E sale ka nako eo, baboledi ba kwa Sri Lanka ba ile ba itumelela matswela a a molemo a tiro ya bone ya go rera. Ka 1994 baboledi ba le 1 866 ba Bogosi ba ne ba tsamaisa palogare ya dithuto tsa magae tsa Baebele di le 2 551 kgwedi nngwe le nngwe. Mme palo ya batho ba ba nnileng teng mo Segopotsong ya 6 930 e ne e batlile e nna palo ya baboledi mo diphuthegong tsotlhe e menagane gane. A bo e ne e le tshegofatso e e molemolemo jang ne!
Kgatelopele ya kwa Sri Lanka fa e bapisiwa le ya dinaga tse dingwe, e ka tswa e lebega e le bonya. Go bonala lengwe la mabaka a a dirang jalo e le ka ntlha ya go bo kitlano ya lelapa e nonofile thata. Lefa go ntse jalo, dilo di ka nna ka tsela e sele ka dinako tse dingwe. Fa molaodi wa sesole wa Moroma, Korenelio, a ne a emela boammaaruri, ba lelapa la gagwe ba ne ba ema le ene. (Ditiro 10:1, 2, 24, 44) Buka ya Ditiro gape le yone e umaka malapa a mangwe a a neng a nonofile a Bokeresete go akaretsa a bo Lidia, Kerisepo, le mogolegi yo o neng a golegile Paulo le Silase.—Ditiro 16:14, 15, 32-34; 18:8.
Totatota, malapa a a kitlaneng a ka nna a thusa fa dilo di rulagantswe sentle e bile di dirwa ka go sa ipone tsapa ka boikanyegi. Ray Matthews yo o sa leng a nna morongwa ka nako e telele o tlhalosa jaana a akantse ka mafoko a Isaia 60:22: “Go lebega gore Jehofa o akofisa dilo ka nako e e tshwanetseng, e seng fela ka batho ka bongwe mme gape ka malapa.”
Lelapa le le Rulagantsweng Sentle le Tlisa Pako
Ruri go na le malapa a a ntseng jalo a a ikanyegang kwa Sri Lanka gompieno. Ka sekai, go na le lelapa le le rulagantsweng sentle loora Sinnappa le le nnang kwa Kotahena e e leng kgaolo ya Colombo, e e leng toropo e kgolo ya Sri Lanka. Lefa gone tlhogo ya lelapa, Marian a na le lobakanyana a ntse a tlhokafetse, mosadi wa gagwe Annamma, le bana ba bone ba le 12 mo go ba le 15, ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga 13 le 33, ba tsweletse go direla Jehofa jaaka lelapa. Ka nako ya fa go ne go kwalwa setlhogo seno, ba le robedi ba bana ba ne ba setse ba kolobeditswe mme ba le bararo ba bone ba le mo tirelong ya nako e e tletseng, ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha. Ba bangwe ba bararo ba ne ba tsenelela tirelo ya nako e e tletseng kgapetsakgapetsa. Mo gare ga ba babotlana mo lapeng go ne go na le baboledi ba ba sa kolobediwang ba le bane. Mo godimo ga moo, ditlogolwana tse nne, lefa di santse di le dipotlana ka dingwaga, di ne tsa ithuta Baebele mme tsa nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Phuthegong ya Colombo North ya Basupi ba ga Jehofa.
Annamma o simolotse go utlwa dikgang tsa Bogosi la ntlha ka 1978 fa a ne a amogela kopi ya Tora ya Tebelo. O ne a simolola go ithuta Baebele mme e ne ya re morago ga go fetsa buka e e thusang go ithuta Baebele ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, Annamma a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa Modimo mme a kolobediwa, ka jalo a simolola go tlhomela ba bantsi mo lapeng la gagabo sekao.
Fela jaaka monna wa lesole Korenelio, Annamma o na le thulaganyo e ntle mo lapeng la gagwe. Annamma o gakologelwa jaana: “Re ne re ipaakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le dikopano—ke raya le sone sekolo tota.” “Go ne go le thata gore re bone diaparo, mme ka tshegofatso ya ga Jehofa re ne re kgona go dira diaparo tse disha fa re ya kopanong nngwe le nngwe. Lelapa lotlhe le ne le goroga le apere sentle e bile le jele sentle—e bile le nyenya thata.”
Bana ba tlala ka boitumelo fa ba gopola thulaganyo ya kwa lapeng la bone. Ba bagolwane ba ne ba fiwa maikarabelo a a kgethegileng gore ba thuse lelapa lotlhe go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka sekai, Mangala o ne a tlhatswa diaparo mme Winnifreda ene o ne a di gatisa. Winnifreda, yo gape a neng a apesa ba babotlana, o bolela jaana: “Mongwe le mongwe o ne a lebega sentle tota fa a tswa mo lapeng.”
Ka go tshwana, dilo tsa semoya di ne di rulaganyediwa sentle. Morwadie Pushpam, yo jaanong e leng mmulatsela wa ka metlha, o gakologelwa jaana: “Letsatsi le letsatsi re ne re ipelela go bala Baebele le go bala temana ya letsatsi mmogo mo lapeng.” Annamma o oketsa ka gore: “Ngwana mongwe le mongwe o na le khopi ya gagwe ya Baebele le ya Tora ya Tebelo, le dikgatiso tse dingwe. Ke reetsa ka kelotlhoko ka fa ba akgelang ka teng kwa dipokanong. Fa re tsena kwa gae ke ba naya kgothatso le kgakololo fa ke bonang go tlhokega teng. Bosigo re a kopana gore re konele letsatsi ka thapelo ya lelapa.”
Bana ba bagolwane ba thusa Annamma thata go rulaganyetsa thuto e e siameng ya Bokeresete ya botlhe mo lapeng. Lefa go ntse jalo, go bo ba na le thulaganyo e e sa ba feng sebaka jalo, seo ga se fokotse keletso ya bone ya go rera mafoko a a molemo ka kwantle ga lelapa. Botlhe ba ba mo lapeng ba tsamaisa dithuto tsa magae tsa Baebele di le 57 ka kakaretso le baagelani ba bone. Mogwe wa gagwe, e bong Rajan, o akgela ka gore: “Ba lelapa ba tsamaisa dithuto tse di tsweletseng pele tsa Baebele. Mosadi wa me Pushpam o setse a nnile le tshiamelo ya go bona mongwe wa batho ba a neng a ithuta nabo a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa.”
Go ne ga tsosa kgoberego e kgolo kwa Kotahena fa lelapa le legolo jalo le tlogela Kereke ya Roma Katoliki. Lefa gone moruti ka boene a ile a se ka a etela lelapa leo go ya go botsa lebaka la seno, o ne a kopa maloko a mangwe a kereke gore a tlhotlhomise. Thuto ya Tharonngwe ke yone e segolobogolo ba neng ba nnela go bua ka yone mo dipuisanong di le mmalwa tse di neng tsa latela. Annamma ka dinako tsotlhe o ne a ikaega ka Jehofa le ka Baebele gore a emele tumelo ya gagwe. Lokwalo lo a neng a lo rata thata mo dipuisanong tseno e ne e le Johane 17:3.
Lelapa loora Sinnappa le bontsha ka phepafalo gore thulaganyo e e molemo le maiteko a a tlhomameng di ka tlisa maduo a a kgotsofatsang. Mme ka maiteko a bone ba tlhagafetse, kokomana e ntšha ya baboledi ba Bogosi e a gola, mme botlhe ba galaletsa Jehofa.
Kganetso e Kopanya Lelapa mo Kobamelong ya Boammaaruri
Lelapa loora Ratnam le dikilometara di sekaenyana go tswa mo go loora Sinnappa, kwa Narhenpitya, e e leng kgaolo e nngwe ya Colombo. Le bone e ne e le Baroma Katoliki pele. Ka 1982, Basupi ba ba neng ba le mo tirong ya ka ntlo le ntlo ba ne ba kopana le Balendran, monna wa ngwana yo mogolo, e bong Fatima. Ba ne ba simolola thuto ya Baebele le lelapa lotlhe. Ka bonakonyana bana ba bone ba bararo ba ne ba botsa Mmemogolo Ignasiamal gore leina la Modimo ke mang. Fa bana ba ne ba araba ba re “Jehofa,” ba ne ba kgatlha Mmemogolo thata, mme thuto ya Baebele e ne ya simololwa le ene. Moragonyana, barwadi ba gagwe ba babedi, e bong Jeevakala le Stella ba ne ba kopanela mo thutong, mme ya re ka 1988 botlhe ka boraro ba kolobediwa.
Mo sebakeng seno, Balendran le Fatima ba ne ba abalana boammaaruri le mongwe wa bomonnawe Fatima, e bong Mallika, le monna wa gagwe, Yoganathan. Ka 1987 banyalani bano ba ne ba kolobediwa, mme ba tsentse go rata Jehofa mo dipelong tsa bana ba bone ba babedi. Pushpa, mongwe wa bomonnawe Fatima, o ne a latela. O ne a ineela a bo a kolobediwa ka 1990. Fa ba ne ba nna kwa Tokyo, monna wa gagwe, Eka, o ne a direla mo phuthegong ya Seesemane mme Pushpa o ne a thusa morwa wa bone yo mmotlana, Alfred, gore a godisediwe mo tseleng ya ga Jehofa.
Gone jaanong, bana ba le bane mo baneng ba ba lesome ba lelapa loora Ratnam ba ile ba emela kobamelo ya boammaaruri. Se se itumedisang ke gore ba bangwe ba bararo ba tsweletse pele sentle mo go ithuteng Baebele ka namana. Mo ditlogolwaneng tse 11, mosetsana a le mongwe, Pradeepa, o setse a kolobeditswe. Ba bangwe ba supa ba babotlana ba rutwa ka metlha mo dithutong tsa bone tsa lelapa tsa Baebele. Mo godimo ga moo, go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Baebele di le 24 le batho ba ba kgatlhegang ba ba nnang mo tikologong.
Seno sotlhe ga se a direga motlhofo fela. Kwa tshimologong, ba lelapa ba ne ba ganetsa. Rre, e bong, Muthupillai le bomogolowe ba ne ba le kgatlhanong thata le gore ope fela mo gae a ye dipokanong kwa Holong ya Bogosi kgotsa a tshwarege mo tirong ya go rera phatlalatsa. Lefa seno se ne se amana le pabalesego ya botho, Muthupillai o oketsa ka gore: “Ke ne ke ineetse ka mo go feletseng mo ‘baitsheping’ mme ke ne ke sa dumalane gore ba lelapa la me ba tlogele Kereke ya Katoliki.” Legale, jaanong, o dumela gore ba obamela Modimo wa boammaaruri ka gore o kgona go bona ka fa tumelo ya bone e ba solegetseng molemo ka teng.
Ka sekai, mong wa ntlo e ba neng ba nna mo go yone wa Mobuda o ne a tshosetsa go ba koba mo jarateng ya gagwe ka go dirisa dipheko. O ne a tla bosigo bongwe mme a “phekola” ka dilamune go dikologa ntlo. Baagelani botlhe ba ba dumelang mo botlhoding ba ne ba tsenwa ke poifo ka ba ne ba solofetse gore lelapa loora Ratnam le ne le tlile go diragalelwa ke sengwe se se sa itumediseng. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa Ignasiamal a sena go lemoga seno, ene le bana ba ne ba ntsha maungo ao fela ba sa tshabe sepe e bile ba sena letshogo—mme ba se ka ba diragalelwa ke sepe se se bosula. Kgato ya bone ya go sa tshabe e ne ya nna bosupi jo bogolo mo lefelong leo, mme ya dira batho gore ba ba tlotle thata. Stella o ne a kgona go simolola dithuto tse pedi tsa legae tsa Baebele mo malapeng a a gaufi. Ngwetsi, e bong Nazeera, le ene o ne a amogela thuto ya Baebele ka lebaka la go bo a ne a kgothaditswe ke seno.
Fa a leba kwa morago mo masegong a mantsi a a tletseng lelapa la gagwe, Ignasiamal o bolela jaana: “Ke itumelela thata go bona kgolo ya semoya mo lapeng. Jehofa o re segofaditse ka gore kganetso e kokobetse le kutlwano ya lelapa e oketsegile.”
A bo malapa a magolo ano a ile a itshupa e le tshegofatso eleruri. A ile a kopanya mantswe le malapa a mabotlana, malapa a a nang le motsadi a le mongwe, le Bakeresete ba ba sa nyalang ba ba lekang ka natla go akofisa go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo “nageng e e phatsimang,” jaaka leina Sri Lanka le tlhalosa. Mmogo le Bakeresete ba bangwe go dikologa lefatshe, Basupi ba kwa Sri Lanka ba lebile pele kwa tsosolosong ya Paradaise, e re ka nnang ra e gopola le eleng gone jaanong fa re bona matshitshi le dithaba tsa Sri Lanka yo montle.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bolelwa gore pobe e kgolo e e fitlhelwang teng koo ke kgato ya lonao lwa ga Adame, Buda, Siva le “Moitshepi” Thomas, ka go latelana ga bone, go ya ka ditlhamane tsa kereke le Bamoselema, Babuda le Bahindu.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Batho ba bantsi kwa Sri Lanka ba arabela thero le thuto ya Bokeresete