Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
KE MANG yo o busang lefatshe? A go na le mongwe yo o okametseng wa maatla a a fetang a motho? A kana Modimo o tlogeletse batho gore ba itaole? Gore re batle dikarabo tsa dipotso tseno, a re simololeng ka go tlhatlhoba tiragalo nngwe e e diragetseng ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu Keresete jwa mo lefatsheng.
Nakwana fela morago ga kolobetso ya gagwe, Jesu o ne a raelwa ke sebopiwa sengwe se se sa bonaleng sa semoya se se bidiwang Satane Diabolo. Baebele e bolela jaana fa e umaka nngwe ya dithaelo tseo: “Diabolo a mo isa [Jesu] kwa thabeng e e godileng thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe, le kgalalelo ya one.” (Mathaio 4:8) Go tswa foo Satane o ne a raya Jesu a re: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e, le kgalalelo ya magosi a, gonne mo go neetswe nna, mme ke ka go naya yo ke ratang go go mo naya. Ke gone fa o ka nkobamela, gotlhe e tlaa nna ga gago.”—Luke 4:6, 7.
Satane o ne a iphaka gore ke ene a laolang magosi otlhe, kana dipuso tsotlhe tsa lefatshe leno. A Jesu o ne a ganetsa maiphako ano? Nnyaa. E bile tota, o ne a tlhomamisa seo ka lekgetlho le lengwe fa a ne a bitsa Satane a re ke “kgosana ya lefatshe.”—Johane 14:30.
Go ya ka Baebele, Satane ke moengele yo o boikepo yo o nang le maatla a magolo. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o amanya Satane le “masomosomo a mewa ya boikepo” gape o ba bitsa “babusi ba lefatshe le le lefifi le.” (Baefeso 6:11, 12) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) Buka ya Baebele ya Tshenolo e bolela gore Satane ke “motsietsi wa lefatshe lotlhe.” (Tshenolo 12:9) Ka puo ya tshwantshetso, Tshenolo gape e tshwantsha Satane e le kgogela e e nayang tsamaiso ya lefatshe ya bopolotiki “thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo.”—Tshenolo 13:2.
Ditiragalo tsa lefatshe le tsone di supela gore go na le maatla mangwe a a bosula a a dirang, a dirisa batho dilo tse di ba gobatsang. Ke lebaka lefe le lengwe le le dirang gore dipuso tsa batho di palelwe ke go rotloetsa kagiso? Ke eng gape se sengwe se se neng se ka dira gore batho ba ilane ba bo ba ganyaolane? Mongwe yo o neng a jesitswe kgakge ke go bona dikganyaolo le dintsho mo ntweng ya selegae o ne a re: “Ga ke itse gore tota go diragetse jang. Ga se kilo fela. Ke moya o o bosula o o dirang gore batho bano ba fetsane.”
Motho wa Mmatota yo o Kgatlhanong le Modimo
Gompieno, batho ba le bantsi ga ba dumele gore Satane Diabolo o teng. Lefa go ntse jalo, ga se bosula fela jo bo mo bathong, jaaka bangwe ba dumela. Baebele mmogo le ditiragalo tsa lefatshe di bontsha gore ke motho wa mmatota. Mo godimo ga moo, Satane o kgatlhanong tota le Jehofa Modimo. Gone ke boammaaruri, Satane ga a lekane le Modimo. E re ka Jehofa e le Mmopi yo o maatlaotlhe, ke ene Mmusi yo o tshwanetseng go busa mo popong yotlhe.—Tshenolo 4:11.
Modimo ga o a dira sebopiwa se se boikepo se se mo ganetsang. Go na le moo, mongwe wa “bomorwa Modimo” ba baengele o ne a simolola go nna le keletso ya bopelotshetlha ya go batla go dira gore batho ba mo neele kobamelo e ka tshwanelo e yang kwa go Jehofa. (Jobe 38:7; Jakobe 1:14, 15) Keletso eno e ne ya mo tlhotlheletsa gore a simolole go tsuologela Modimo. Ka go tsuologa ga gagwe, sebopiwa seno sa moya se ne sa itira Satane (ke gore “moganetsi”) kana Diabolo (ke gore “mosebi”). Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, o ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Satane a letleletswe go busa lefatshe.
Lebaka La go Bo Satane a Letleletswe go Busa
A o gakologelwa gore Satane o ne a raya Jesu a reng kaga go busa lefatshe? “Ke tlaa go naya thata yotlhe e . . . gonne mo go neetswe nna,” go ne ga rialo Satane. (Luke 4:6) Mafoko ao a bontsha gore Satane Diabolo o dirisa taolo fela ka gonne a letleletswe ke Modimo. Mme ke ka ntlha yang fa Modimo o leseletsa Satane?
Karabo ya potso eo e amana le ditiragalo tsa kwa tshimong ya Edena, koo Satane a neng a simolola tiro ya botshelo jwa gagwe jaaka mmusi wa lefatshe. Satane koo o ne a ntsha mogopolo wa gore Modimo o ne a sa buse sentle ka go tima monna le mosadi wa ntlha e bong Adame le Efa sengwe se se molemo. Go ya ka Satane, fa ba ne ba ka ja loungo lo ba neng ba lo thibetswe ke Modimo, ba ne ba tla gololesega. Adame le Efa ba ne ba tla gololesega mo go Jehofa e bile ba kgona go itaola. Ba ne ba tla tshwana le Modimo ka boene!—Genesise 2:16, 17; 3:1-5.
Satane o ne a dira gore banyalani ba ntlha ba babedi ba etelelwe pele ke ene ba bo ba laolwe ke ene ka go aka ka tsela eno le go raela Efa le go mo dirisa gore a raele Adame gore a tlole molao wa Modimo. Ka jalo Diabolo ne a nna modimo wa bone, a le kgatlhanong le Jehofa. Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa gore Adame le Efa ba bone kgololesego, ba ne ba tsena mo bokgobeng jwa ga Satane, jwa boleo, le loso.—Baroma 6:16; Bahebere 2:14, 15.
Go dumalana le tshiamiso ya gagwe e e feletseng, Jehofa o ka bo a ile a bolaya Satane gone fela foo le balatedi ba gagwe ba basha ba babedi. (Duteronome 32:4) Lefa go ntse jalo, go ne go na le kgang ya boitsholo e e amegang. Satane o ne a tsositse dipelaelo tsa gore a tsela ya ga Jehofa ya go busa e siame. Modimo ka botlhale jwa gagwe o ne a letla gore go fete nako gore go tle go bonale sentle gore go ikgolola mo go ene go tlisa masetlapelo. Jehofa o ne a letla batsuolodi bao gore ba tswelele pele ba tshela ka nakwana, a letla Adame le Efa gore ba nne le bana.—Genesise 3:14-19.
Lefa bontsi jwa bana ba ga Adame ba sa ineela mo pusong ya ga Jehofa, tsela e Modimo a dirisanang ka yone le baobamedi ba Gagwe e supile gore puso ya gagwe ke yone e e kwa godimo. Go tlotla taolo ya ga Jehofa ka tshwanelo go tlisa boitumelo le polokesego ya boammaaruri. Kafa letlhakoreng le lengwe, puso ya batho e e tlhotlhelediwang ke Satane e tlisitse tshotlego le go tlhoka polokesego. Ee, ‘motho o laola yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Batho ga ba a bona polokesego ya boammaaruri le boitumelo jo bo nnelang ruri mo pusong ya batho ya lefatshe leno le le namaletseng mo taolong ya ga Satane. Lefa go ntse jalo, go na le lebaka le le utlwalang la gore re nne le tsholofelo.
Nako ya ga Satane e Khutshwane!
Satane o tla tlhotlheletsa lefatshe ka nakwana fela. Jehofa ga a kitla a leseletsa taolo ya ga Satane ka lobaka lo lo fetang lo! Go ise go ye kae Diabolo o tla tseelwa maatla. Mmusi yo mosha o tla simolola go busa lefatshe, kgosi e e siameng e e tlhophilweng ke Modimo ka boene. Kgosi eo ke Jesu Keresete. Tshenolo e bolela jaana malebana le go tlhomiwa ga gagwe mo setulong sa bogosi kwa legodimong: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona [Jehofa], le jwa ga Keresete wa gagwe.” (Tshenolo 11:15) Tatelano ya dingwaga mo Baebeleng, mmogo le tiragatso ya boperofeti jwa Dikwalo, di supa gore tiragalo eno e nnile ka ngwaga wa 1914.—Mathaio 24:3, 6, 7.
Gape Baebele e tlhalosa se se diragetseng nako e khutshwane fela morago ga go bewa ga ga Jesu mo setulong sa bogosi. Ya re: “Ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele [Jesu Keresete] le baengele ba gagwe ba bololela kgogela [Satane Diabolo], ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.”—Tshenolo 12:7-9.
Go kobiwa ga ga Satane kwa legodimong go ne go tla felela ka eng? Ba ba kwa legodimong ba ne ba ka itumela, mme go tweng ka baagi ba lefatshe? Tshenolo 12:12 ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” Eleruri, go kobiwa ga ga Satane kwa legodimong go tlisitse tlalelo mo lefatsheng. The Columbia History of the World e bolela jaana: “Namane e tona ya tshenyego ya Ntwa ya Dingwaga tse Nne ya 1914–1918 . . . e ne ya bontsha dinaga tsa Bophirima gore e ne e ka se ka ya sireletsa setšhaba mo boeleeleng jwa sone kana mo go tabogeleng go dira dilo tse di bosula. Tota dinaga tsa Bophirima ga di a ka tsa tsosologa morago ga ntwa eo.”
Tlalelo ya kokomane eno ga e tshwaiwe ke go kgobega marapo fela. Jesu o ne a perofeta jaana: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe.” Gape o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le dikgogodi tsa malwetse. (Mathaio 24:7, 8; Luke 21:11) Mo godimo ga moo, Baebele e bolela gore “mo metlheng ya bofelo” ya tsamaiso ya ga Satane ya dilo, batho ba le bantsi ba ne ba tla nna “baithati, le barati ba madi, . . . le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, . . . le ba ba sa itshwareleng.” Gape batho ba ne ba tla nna “barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5.
Dintwa, dikgogodi tsa malwetse, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, le go senyegela pele ga maitsholo—dilo tseno tsotlhe di diragetse ka selekanyo se segolo thata fa e sale ka 1914, fela jaaka Baebele e boleletse pele. Di bontsha gore mmaba yo o bogale wa Modimo le motho—Satane Diabolo—o kobilwe kwa legodimong mme jaanong bogale jwa gagwe bo tshwanetse jwa felela fela mo lefatsheng. Mme lefa go ntse jalo Baebele gape e bontsha gore Satane ga a kitla a letlelelwa go dira ka lobaka lo lotelele. O saletswe ke ‘lobaka lo lokhutshwane’ fela go bo go tsena Haremagetone, fa Modimo a tla bo a senya tsamaiso ya lefatshe e e laolwang ke Satane.
Go tswa foo go tla diragala eng ka Satane? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe.” (Tshenolo 20:1-3) A bo batho ba tla bo ba golotswe mo pogisegong!
Go Itumelela go Laolwa ke Bogosi
Fa Satane a setse a tlositswe, Bogosi jwa Modimo bo eteletswe pele ke Jesu Keresete bo tla laola dikgang tsa batho ka mo go feletseng. Mo boemong jwa gore go nne le dipuso di le dintsi mo lefatsheng, polanete yotlhe e tla bo e setse e busiwa ke puso e le nngwe fela ya selegodimo. Ntwa e tla bo e fetetse ruri, mme kagiso e tla rena gongwe le gongwe. Fa go setse go busa Bogosi jwa Modimo, batho botlhe ba tla nna mmogo e le bakaulengwe ba ba ratanang.—Pesalema 72:7, 8; 133:1; Daniele 2:44.
Jesu o tla itshupa e le mmusi yo o ntseng jang? Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha batho lorato lo lo boteng. Jesu ka boutlwelobotlhoko o ne a neela batho ba ba tshwerweng ke tlala dijo. O ne a fodisa ba ba lwalang a ba a dira gore difofu di boe di kgone go bona, dimumu di bone, le digole di siame. Jesu o ne a ba a tsosa baswi! (Mathaio 15:30-38; Mareko 1:34; Luke 7:11-17) Dikgakgamatso tseo e ne e le maoko fela a dilo tse dikgolo tse a santseng a tla di dira jaaka Kgosi. A bo go tla nna monate jang ne go nna le mmusi yo o molemo jalo!
Batho ba ba ineelang mo bolaoding jwa ga Jehofa ba tla bona masego a a sa feleng. Dikwalo di solofetsa jaana: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela; gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.” (Isaia 35:5, 6) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana a lebisitse kwa go lone letsatsi le legolo leo: “Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.’”—Tshenolo 21:3, 4.
Dilo tse di itumedisang tse di tla tlisiwang ke puso ya ga Jehofa Modimo ka Morwawe, Jesu Keresete, di tla emisetsa gotlhelele go bogisega gope fela mo re ka tswang re go bone mo tsamaisong ya jaanong ya dilo e e laolwang ke Satane Diabolo. Mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng, batho ga ba ne ba ipotsa gore, ‘Tota ke mang yo o laolang?’ (2 Petere 3:13) Batho ba ba utlwang ba tla bo ba itumetse e bile ba babalesegile mo lefatsheng le le eteletsweng pele ke Balaodi ba ba lorato ba le mo lefelong la moya, Jehofa le Keresete. Ke ka ntlha yang fa o sa solofele go nna mongwe wa babusiwa ba bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba tla bo ba babalesegile mo lefatsheng le le tla bong le laolwa ke Bogosi jwa Modimo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
NASA photo