A Modimo o Busa Lefatshe?
KE Sontaga mo mosong. Batho ba le bantsi ba tsoga mo malaong, ba a apara, ba ja sefitlholo, ba bo ba itlhaganelela kwa kerekeng. Fa ba le koo ba reetsa thero kaga tsela e Modimo a busang gotlhe mo lefatsheng ka gone, gore ga go na ope yo o mo fetang ka taolo. Ba bolelelwa gore o amega thata ka batho. Gape go buiwa le ka Jesu Keresete. Ba ka nna ba utlwa gore ke Kgosi ya dikgosi e mangole otlhe a e khubamelang ka kutlo.
Fa batho bano ba tsena kwa gae ba tswa kwa kerekeng, ba ka nna ba bulela thelebishene ba lebelela dikgang. Jaanong ba utlwa kaga leuba, bokebekwa, go sa dirise diokobatsi sentle, tshotlego. Gape ba bona ditshwantsho tse di tlhomolang pelo tsa batho ba ba lwalang le ba ba swang.
Batho bano ba ka simolola go ipotsa dipotso ka dilo tse ba di utlwileng kwa kerekeng segolobogolo kaga dikgang tse di se keng di tlhalosiwa koo. Fa e le gore Modimo o lorato e bile o maatla otlhe, ke eng fa a letlelela dilo tse di bosula jaana gore di diragale? Mme go tweng ka Jesu Keresete? Go bonala sentle gore go na le mangole a le mantsi a a sa khubameng go mo utlwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Fa e le gore Modimo o busa lefatshe, ke eng fa go na le go boga mo go kana kana le tlhakatlhakano?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: NASA photo