“Boammaaruri ke Eng?”
BANNA ba babedi ba ba lebaganeng ba ne ba farologane gotlhelele. Mongwe wa bone e ne e le lepolotiki le le neng le sa tshepe ba bangwe, a le boikgodiso, a humile, a ne a ka kgona go dira sengwe le sengwe gore a tokafatse tiro ya gagwe. Yo mongwe e ne e le morutisi yo o neng a ithontsha go huma le go tuma mme o ne a ititaya sehuba gore a ntshe botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a boloke matshelo a batho ba bangwe. Kwantle ga pelaelo, banna bano ba babedi ba ne ba sa dumalane ka megopolo! Mo kgannyeng e nngwe e e rileng, ba ne ba ganetsana tota—ka kgang ya boammaaruri.
Banna bano e ne e le Ponto Pilato le Jesu Keresete. Jesu o ne a eme fa pele ga ga Pilato jaaka senokwane se se bonweng molato. Ka ntlha yang? Jesu o ne a tlhalosa gore lebaka la seno—eleruri, ke lone lebaka la go bo a tlile mo lefatsheng le go bo a ile a simolola bodiredi jwa gagwe—le ne le le lengwe fela: boammaaruri. O ne a bolela jaana: “Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.”—Johane 18:37.
Pilato o ne a araba ka potso eno e e tlhomologileng: “Boammaaruri ke eng?” (Johane 18:38) A totatota o ne a batla gore a arabiwe? Gongwe nnyaa. Jesu e ne e le motho yo neng a ka araba potso epe fela e a neng a e bodiwa ka boikutlo jo bo siameng, mme o ne a se ka a araba Pilato. Mme Baebele e bolela gore fa Pilato a sena go botsa potso ya gagwe, o ne a tswa ka bonako mo kamoreng e e neng e na le bareetsi. Gongwe mmusimogolo wa Roma o ne a botsa potso eo ka tsela ya go belaela fela, jaaka a ne a ka re, “Boammaaruri? Ke eng seo? Ga go na selo se se ntseng jalo!”a
Kgopolo ya ga Pilato ya go belaela boammaaruri e tlwaelegile gompieno. Batho ba le bantsi ba dumela gore boammaaruri ga bo a felela—ka mafoko a mangwe, se motho mongwe a se tsayang se le boammaaruri yo mongwe ene o ka se se tseye se le jalo, e le gore boobabedi ba ka nna ba bo ba bolela “se se siameng.” Tumelo eno e aname gotlhe fela mo e bileng e na le tlhaloso ya yone—“kgopolo ya gore boammaaruri ga bo a felela.” A ke yone tsela e o lebang kgang ya boammaaruri ka yone? Fa go le jalo, a o ka tswa o amogetse kgopolo eno o sa e tlhatlhobisa pele ka botlalo? Tota le fa o ise o e dumele, a o itse kafa botlhalefi jono bo ka amang botshelo jwa gago ka teng?
Go Tlhasela Boammaaruri
Ponto Pilato e ne e se motho wa ntlha go belaela kgopolo ya boammaaruri jo bo feletseng. Batlhalefi bangwe ba bogologolo ba kwa Gerika ba ne ba dira gore go ruta dipelaelo tse di ntseng jalo e nne tiro ya bone ya botshelo jotlhe! Makgolo a le matlhano a dingwaga pele ga ga Pilato, Parmenides (yo o ntseng a tsewa gore ke mosimolodi wa dithuto tse di ikakanyediwang fela tsa botlhalefi tsa Yuropa) o ne a dumela gore kitso ya mmatota e ne e ka se bonwe. Democritus, yo o neng a galalediwa e le “motlhalefi yo o gaisang batlhalefi botlhe ba bogologolo,” o ne a bolela jaana: “Boammaaruri bo fitlhilwe kwa tlasetlase. . . . Ga re itse sepe se se tlhomameng.” Gongwe yo o neng a tlotliwa thata mo go bone botlhe e bong Socrates, o ne a bolela gore tota se a neng a se itse fela ke gore o ne a sa itse sepe.
Go tlhaselwa ga kgopolo eno ya gore boammaaruri bo ka itsiwe go ile ga tswelela pele go fitlha le mo motlheng wa rona. Ka sekai, batlhalefi ba bangwe ba bolela gore e re ka kitso e tla mo go rona ka dilo tse di re lemotshang, tse di ka nnang tsa tsiediwa, ga go na kitso e e nang le boammaaruri jo bo ka supelwang. Motlhalefi wa Mofora e bile e le radipalo e bong René Descartes o ne a swetsa gore a tlhatlhobe dilo tsotlhe tse a neng a akanya gore o ne a di itse tota. O ne a di latlha tsotlhe mme a tlogela boammaaruri bo le bongwe fela jo a neng a tsaya gore ga bo belaetse: “Cogito ergo sum,” kana, “ke kgona go akanya, go raya gore ke teng.”
Go Simologa ga Kgopolo ya Gore Boammaaruri Ga bo A Felela
Kgopolo ya gore boammaaruri ga bo a felela ga se ya batlhalefi fela. E rutiwa ke baeteledipele ba bodumedi, e rutiwa mo dikolong, e bile e anamisiwa mo metsweding ya tshedimosetso. Mobishopo wa Episcopal e bong John S. Spong o ne a bolela jaana mo dingwageng di sekae tse di fetileng: “Re tshwanetse . . . go tlogela mogopolo wa gore re na le boammaaruri mme batho ba bangwe ba tshwanetse go akanya fela jaaka rona mme re lemoge gore ga go na ope wa rona yo o ka fitlhelelang boammaaruri jo bo feletseng.” Kgopolo ya ga Spong ya gore boammaaruri ga bo a felela, e e tshwanang le ya baruti ba le bantsi thata gompieno, e ka tlogedisa batho dithuto tsa Baebele tsa boitsholo ka bonako gore ba dumalane le botlhalefi jo bo reng “a mongwe le mongwe a itirele tshwetso ya gagwe.” Ka sekai, Spong o ne a kwala buka nngwe e e bolelang gore moaposetoloi Paulo e ne e le mosotoma, e le go leka go dira gore basotoma ba ikutlwe ba “phuthologile” mo Kerekeng ya Episcopal!
Mo dinageng di le dintsi go lebega dikolo di simolola go tlhotlheletsa tsela e e tshwanang ya go akanya. Allan Bloom o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Closing of the American Mind: “Go na le selo se le sengwe fela se porofesa a ka tlhomamisegang thata ka sone: mo e ka nnang moithuti mongwe le mongwe yo o tsenang kwa yunibesithing o dumela gore boammaaruri ga bo a felela, kana o bolela gore o dumela jalo.” Bloom o ne a fitlhela gore fa a ne a ka gwetlha se baithuti ba gagwe ba se dumelang mo kgannyeng eno, ba ne ba tla gakgamala tota, “jaaka e kete o ne a belaela gore a tota 2 + 2 = 4.”
Kakanyo e e tshwanang e rotloediwa ka ditsela tse dingwe di le dintsi. Ka sekai, gantsi babegi ba mo thelebisheneng le ba dipampiri tsa dikgang ba lebega ba kgatlhiwa thata ke go ntsha babogedi ba bone bodutu go na le go ba bolelela boammaaruri jwa polelo e e rileng. Mananeo a mangwe a dikgang a ile a bo a fetola kana a dira filimi ya maaka gore e lebege e gogela. Mme go tlhaselwa boammaaruri thata mo boitlosobodutung. Mekgwa e mentle le ditekanyetso tsa boitsholo tse batsadi ba rona le bagologolwane ba rona ba neng ba tshela go dumalana le tsone di lejwa gongwe le gongwe jaaka tse di siilweng ke nako mme gantsi di a sotlwa.
Ke boammaaruri gore ba bangwe ba ka nna ba ganetsa gore bontsi jwa kgopolo eno ya gore boammaaruri ga bo a felela bo dira gore batho ba amogele dikgopolo tse dingwe mme ka jalo bo ama batho ka tsela e e siameng. Lefa go le jalo, a tota bo ba ama jalo? Mme wena bo go ama jang? A o dumela gore boammaaruri ga bo a felela kana ga bo yo? Fa go le jalo, go bo batla go ka nna ga lebega mo go wena e le go senya nako fela. Kgopolo e e ntseng jalo e tla ama isagwe ya gago.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokanoki mongwe wa Baebele e bong R. C. H. Lenski o ne a bolela gore, “lentswe [la ga Pilato] le ne le tshwana le la motho wa lefatshe yo o senang kgatlhego yo ka potso ya gagwe a ikaelelang go bolela gore sengwe le sengwe se se amanang le boammaaruri jwa bodumedi ke go ijesa dijo tsa ditoro fela.”