LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/1 ts. 5-8
  • Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhwatlhwa ya Kgopolo ya Gore Boammaaruri Ga bo A Felela
  • Boammaaruri ke Eng?
  • Boammaaruri jo bo Dirang
  • Letlotlo je le Rekwang ka Tlhwatlhwa Epe Fela
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tswelela o “Tsamaya mo Boammaaruring”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/1 ts. 5-8

Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?

MEKGATLHO e le mentsi ya bodumedi e bolela fa e tshotse boammaaruri, le gone e bo abela ba bangwe ka tlhagafalo. Lefa go ntse jalo, yone e neela batho mefuta ya “boammaaruri” e e tlhakanyang tlhogo tota. A seno ke bosupi jo bongwe jwa gore boammaaruri jotlhe ga bo a felela, le gore ga go na boammaaruri jo bo feletseng? Nnyaa.

Porofesa V. R. Ruggiero o bolela ka selo se se mo gakgamaditseng mo bukeng ya gagwe ya The Art of Thinking, gore tota le e leng batho ba ba botlhale ka dinako tse dingwe ba bolela gore boammaaruri ga bo a felela. O tlhalosa jaana: “Fa e le gore mongwe le mongwe o itirela boammaaruri jwa gagwe, he go ka se nne le kgopolo epe ya motho e e gaisang ya yo mongwe. Tsotlhe di tshwanetse tsa tshwana. Mme fa e le gore dikgopolo tsotlhe di a tshwana, go na le mosola ofe wa gore re batlisise ka kgang epe fela? Ke ka ntlha yang fa re epa kafa tlase ga lefatshe gore re bone dikarabo tsa dipotso tsa boithutamarope? Ke ka ntlha yang fa re tlhotlhomisa ka dilo tse di bakang ntwa ya kwa Botlhabagare? Ke ka ntlha yang fa re batla tsela ya go alafa kankere? Ke ka ntlha yang fa re batlisisa ka losagaripa lwa dinaledi? Ditiro tseno di ka utlwala fa fela dikarabo tse dingwe di le botoka mo go tse dingwe, fa fela boammaaruri bo sa amane ka gope le tsela e motho mongwe le mongwe a akanyang ka yone, le gone bo sa amiwe ke seo.”

E bile, tota ga go na ope yo o dumelang gore ga go na boammaaruri. Fa e le ka dilo tse re di bonang ka matlho, tse di jaaka kalafi, dipalo, kana melao ya fisikisi, tota le ene motho yo o dumelang thata gore boammaaruri ga bo a felela o tla dumela gore dilo tse dingwe di boammaaruri. Ke mang mo go rona yo o neng a ka leka go palama sefofane fa re ne re sa akanye gore melao ya maatla a a dirang mo phefong e ne e se boammaaruri jo bo feletseng? Boammaaruri jo bo ka supelwang bo teng; bo re dikologile, mme matshelo a rona a ikaegile ka jone.

Tlhwatlhwa ya Kgopolo ya Gore Boammaaruri Ga bo A Felela

Lefa go ntse jalo, ke mo boitsholong koo go bonalang thata diphoso tsa kgopolo ya gore boammaaruri ga bo a felela, ka gonne ke gone koo kakanyo e e ntseng jalo e ileng ya senya thata gone. The Encyclopedia Americana e tlhalosa jaana: “Go ntse go belaelwa tota gore a kitso, kana boammaaruri jo bo itsiweng, bo ka bonwa ke batho . . . Lefa go ntse jalo, ke boammaaruri gore fa ditsela tse di tshwanang tsa boammaaruri le kitso di tsewa gore ga se tsa mmatota kana di tsewa gore di kotsi, setšhaba se a senyega.”

Gongwe o lemogile go senyega mo go ntseng jalo. Ka sekai, dithuto tsa Baebele ka ga boitsholo, tse di bolelang ka phepafalo gore boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong bo phoso, ke ka sewelo fela di tsewang di le boammaaruri gompieno. Kgopolo ya gore dilo di atlholwa ka maemo a a di dikologileng—“o tshwanetse wa itirela tshwetso ya se se go siametseng”—ke kgopolo e e anameng thata. A go na le mongwe yo o ka bolelang gore go senyega ga batho ga go a bakiwa ke kgopolo eno ya gore boammaaruri ga bo a felela? Eleruri leroborobo le le mo lefatsheng lotlhe la malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, magae a go nang le tlhalo, le go ima ga basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome go supela seo.

Boammaaruri ke Eng?

Ka jalo a re ko re tlogeleng metsi a a leswe a kgopolo ya gore boammaaruri ga bo a felela mme re tlhatlhobe ka bokhutshwane se Baebele e se tlhalosang e le metsi a a phepa a boammaaruri. (Johane 4:14; Tshenolo 22:17) Mo Baebeleng, “boammaaruri” ga se kgopolo e e seng ya mmatota, e batlhalefi ba ganetsanang ka yone.

Fa Jesu a ne a bolela gore boikaelelo jwa gagwe jotlhe mo lefatsheng e ne e le go bua ka ga boammaaruri, o ne a bua ka selo se Bajuta ba ba ikanyegang ba neng ba se tsaya se le botlhokwa ka makgolokgolo a dingwaga. Mo dikwalong tsa Bajuta tse di boitshepo, ba ne ba sale ka ba bala ka “boammaaruri” e le sengwe se se leng teng, e seng se go buiwang ka sone fela. Mo Baebeleng, “boammaaruri” bo ranola lefoko la Sehebera le le reng “ʼemethʹ,” le le supang sengwe se se tlhomameng, se se nitameng, mme gongwe mo go botlhokwa go di feta tsotlhe, e le sengwe se se ka ikanngwang.

Bajuta ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go bo ba ne ba leba boammaaruri ka tsela eo. Ba ne ba bitsa Modimo wa bone, Jehofa, “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) Seno e ne e le ka gonne sengwe le sengwe se Jehofa a neng a re o tla se dira, o ne a se dira. Fa a ne a dira ditsholofetso, o ne a di diragatsa. Fa a ne a tlhotlheletsa dipolelelopele, di ne di diragala. Fa a ne a bolela dikatlholo tsa bofelo, di ne di diragala. Dimilionemilione tsa Baiseraele di ile tsa iponela dilo tseno tsa mmatota ka matlho. Bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Baebele ba ne ba kwala ditiragalo tseno e le tse di sa belaetseng tsa hisitori. Baebele e farologane le dibuka tse dingwe tse di lejwang gore di boitshepo, ka gonne ga e a kwalwa ka dilo tse di simologileng mo ditlhamaneng. E theilwe thata mo ditiragalong tse di ka supelwang—dilo tsa mmatota tsa hisitori, boithutamarope, saense le tsa loago. Ga go gakgamatse go bo mopesalema a bolela jaana ka ga Jehofa: “Molao wa gago ke boammaaruri. . . . Ditaolo tsotlhe tsa gago di boammaaruri. . . . Tshobokano ya lefoko la gago ke boammaaruri”!—Pesalema 119:142, 151, 160.

Jesu Keresete o ne a bolela mafoko a pesalema eo fa a ne a rapela Jehofa jaana: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Jesu o ne a itse gore sengwe le sengwe se Rraagwe a neng a se bolela se ne se tlhomame tota e bile se ka ikanngwa. Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a “tletse . . . boammaaruri.” (Johane 1:14) Balatedi ba gagwe ba ne ba iponela ka matlho gore sengwe le sengwe se a se buileng se ne se nitame, se le boammaaruri, mme ba ne se kwalela dikokomana tsotlhe.a

Lefa go ntse jalo, fa Jesu a ne a bolelela Pilato gore o tlile mo lefatsheng gore a bue boammaaruri, o ne a akantse ka boammaaruri bongwe jo bo kgethegileng. Jesu o ne a bua mafoko ao fa a ne a araba potso eno ya ga Pilato: “A o kgosi?” (Johane 18:37) Bogosi jwa Modimo, le seabe sa ga Jesu e le Kgosi ya jone, e ne e le setlhogo, kgang ya konokono mo thutong ya ga Jesu fa a ne a santse a le mo lefatsheng. (Luke 4:43) Gore Bogosi jono bo tla itshepisa leina la ga Jehofa, bo tlotlomatse bolaodi jwa gagwe, le go busetsa batho ba ba ikanyegang mo botshelong jo bo sa khutleng le jo bo itumedisang ke “boammaaruri” jo Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba bo solofetseng. E re ka seabe sa ga Jesu se le botlhokwa thata mo go diragatseng ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, mme e re ka dipolelelopele tsotlhe tsa Modimo di nna “Amen,” kana di nna boammaaruri, ka ntlha ya gagwe, Jesu o ne a ka bolela sentle jaana: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo.”—Johane 14:6; 2 Bakorinthe 1:20; Tshenolo 3:14.

Bakeresete ba solegelwa molemo thata gompieno fa ba lemoga gore boammaaruri jono bo ka ikanngwa ka botlalo. Go raya gore tumelo ya bone mo Modimong le go solofela ga bone mo ditsholofetsong tsa gagwe go theilwe mo dilong tsa mmatota, tse di leng teng.

Boammaaruri jo bo Dirang

Ga go gakgamatse go bo Baebele e amanya boammaaruri le tiro. (1 Samuele 12:24; 1 Johane 3:18) Bajuta ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba sa bue ka boammaaruri e le gore ba itire batlhalefi; e ne e le tsela ya bone ya go tshela. Lefoko la Sehebera le le kayang “boammaaruri” gape le ka raya “boikanyegi” mme le ne le dirisiwa go tlhalosa motho yo o neng a ka ikanngwa mo go se a se buileng. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba lebe boammaaruri ka tsela e e tshwanang. O ne a nyatsa boitimokanyi jwa Bafarisai ka kgalefo, tsela e ba neng ba ipolela ka yone gore ba siame e ne e farologane gotlhelele le ditiro tsa bone tse di sa siamang. Mme o ne a tlhoma sekao ka go tshela tumalanong le boammaaruri jo a neng a bo ruta.

Balatedi botlhe ba ga Keresete ba tshwanetse go dira jalo. Mo go bone, boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, mafoko a a molemo a a tlhotlheletsang a Bogosi jwa Modimo jo bo kafa tlase ga bolaodi jwa ga Jesu Keresete, a gaisa thatathata tshedimosetso fela e e sa reng sepe. Boammaaruri joo bo ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe, bo ba tlhotlheletsa gore ba tshele go dumalana le jone le gore ba bo abele ba bangwe. (Bapisa Jeremia 20:9.) Mo phuthegong ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, tsela e balatedi ba ga Keresete ba neng ba tshela ka yone ka dinako tse dingwe e ne e itsiwe fela gore ke “boammaaruri” kana “tsela ya boammaaruri.”—2 Johane 4; 3 Johane 4, 8; 2 Petere 2:2.

Letlotlo je le Rekwang ka Tlhwatlhwa Epe Fela

Gone ke boammaaruri gore go amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo go tlhoka tlhwatlhwa. Selo sa ntlha, go ithuta boammaaruri fela e ka nna boitemogelo jo bo tshosang. The Encyclopedia Americana e bolela jaana: “Gantsi boammaaruri ga bo monate, ka gonne ga bo dumalane le letlhoo kana tlhamane.” Fa re bona ditumelo tsa rona di senolwa fa di se boammaaruri go ka re swabisa, segolobogolo fa re rutilwe ke baeteledipele ba bodumedi ba re neng re ba ikanya. Batho ba bangwe ba ka nna ba tshwantsha boitemogelo joo le go lemoga gore batsadi ba tota o neng o ba ikanya ke badiramolato ba mo sephiring. A mme ga go botoka go bona boammaaruri jwa bodumedi go na le gore o nne o tsiediwa? A ga go botoka go itse mabaka go na le go tsiediwa ka maaka?b—Bapisa Johane 8:32; Baroma 3:4.

Selo sa bobedi, go tshela go dumalana le boammaaruri jwa bodumedi go ka nna ga dira gore re se amogelwe ke batho bangwe ba e kileng ya bo e le ditsala tsa rona. Mo lefatsheng le mo go lone batho ba le bantsi ba “anantse[ng] boammaaruri jwa Modimo ka maaka,” bao ba reetsang boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ba tsewa gore ba fapogile mo tseleng mme ka dinako tse dingwe ba a tlhokomologiwa e bile ga ba tlhaloganngwe.—Baroma 1:25; 1 Petere 4:4.

Mme boammaaruri bo ka rekwa ka ditlhwatlhwa tseno di menagane gabedi. Go itse boammaaruri go re golola mo maakeng, gore re se tsiediwe le go re golola mo ditumelobotlhoding. Mme fa re tshela go dumalana le boammaaruri, bo a re nonotsha gore re itshokele mathata. Boammaaruri jwa Modimo bo ka ikanngwa tota e bile bo theilwe mo dilong tse di siameng, mme bo re tlhotlheletsa tota gore re nne le tsholofelo, gore e re thuse go kgona go nna re sa tshikinngwe ke teko epe fela. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a tshwantsha boammaaruri le lebanta le legolo, le le nonofileng la letlalo, kana moitlamo, o masole a neng a itlama ka one mo ntweng!—Baefeso 6:13, 14.

Seane sa Baebele se bolela jaana: “Reka boammaaruri, mme o se ka wa bo rekisa; ee, le botlhale, le thuto, le tlhaloganyo.” (Diane 23:23) Fa o tsaya boammaaruri fela gore ga bo a felela kana gore ga bo yo, o a bo o ithontsha go batla selo se se kgatlhang le se se leng teng mo botshelong. Fa o bo bona o a bo o bona tsholofelo; fa o bo itse le go bo rata o a bo o itse le go rata Mmopi wa lobopo le Morwawe yo o tsetsweng a le esi; fa o tshela go dumalana le jone o a bo o tshela o na le boikaelelo le go ritibala mo mogopolong, gone jaanong le ka bosakhutleng.—Diane 2:1-5; Sekaria 8:19; Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go na le makgetlho a a fetang 70 mo dipegong tsa Efangele koo go kwadilweng ka ga Jesu a dirisa mafoko a a kgethegileng go gatelela boammaaruri jwa mafoko a gagwe. Gantsi o ne a re “Amen” (“Go boammaaruri,” NW) fa a ne a simolola seele. Lefoko la Sehebera le le tshwanang le leo le ne le kaya “se se tlhomameng, se se boammaaruri.” The New International Dictionary of New Testament Theology e bolela jaana: “Go bo Jesu a ne a simolola mafoko a gagwe ka amen go ne go bontsha gore a tlhomame e bile a ka ikanngwa. O ne a nitame mo go one mme a dira gore a a ngaparele mmogo le bareetsi ba gagwe. A ne a bontsha borena le thata ya gagwe.”

b Lefoko la Segerika le le rayang “boammaaruri,” a·leʹthei·a, le tswa mo lefokong le le rayang “se se sa fitlhiwang,” ka jalo gantsi boammaaruri bo akaretsa go senolwa ga selo se pele se neng se fitlhilwe.—Bapisa Luke 12:2.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A Boammaaruri bo a Tle bo Fetoge?

V. R. RUGGIERO o ne a botsa potso eo e e kgatlhang mo bukeng ya gagwe ya The Art of Thinking. Karabo ya gagwe ke nnyaa. O oketsa jaana: “Ka dinako tse dingwe bo ka nna jwa lebega bo fetoga, mme fa o tlhatlhobisa thata o tla fitlhela bo sa fetoga.”

O bolela jaana: “A o ko o akanye ka kgang ya mokwadi wa buka ya ntlha ya Baebele, buka ya Genesise. Ka makgolokgolo a dingwaga Bakeresete mmogo le Bajuta ba ne ba dumela gore buka eno e kwadilwe ke mokwadi a le mongwe fela. Fa nako e ntse e ya kgopolo eno e ne ya belaelwa, mme kgabagare e ne ya emisediwa ke tumelo ya gore bakwadi ba ka nna batlhano ba nnile le seabe mo go kwaleng Genesise. Go tswa foo, ka 1981, go ne ga gatisiwa diphelelo tsa mokgwa wa go tlhatlhoba Genesise ka puo e e dirisitsweng mo go yone o o tsereng dingwaga di le tlhano, tse di neng tsa bontsha gore go ka kgonega gore mokwadi o ka tswa a le mongwe fela ka diperesente di le 82, jaaka go ne go akanngwa kwa tshimologong.

“A boammaaruri jwa mokwadi wa Genesise bo fetogile? Nnyaa. Tumelo ya rona ke yone fela e e fetogileng. . . . Boammaaruri bo ka se fetolwe ke kitso ya rona kana ke go tlhoka kitso ga rona.”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Sisimoga Boammaaruri

“GO SISIMOGA boammaaruri ga se fela boikutlo jwa motlha wa rona jwa go nna le dipelaelo jo bo lekang go ‘senola’ sengwe le sengwe, ka tumelo ya gore ga go na motho ope le fa e le sepe se se ka itshupang se na le boammaaruri tota. Ke boikutlo jo bo nang le tshepo e e itumedisang ya gore tota boammaaruri bo ka bonwa, bo kopane le go ineela mo boammaaruring ka boikokobetso go sa kgathalesege gore bo tlhaga leng le gone kae. Batho ba ba obamelang Modimo wa boammaaruri ba tlhoka gore ba bo ba iketleeditse go amogela boammaaruri fela jalo; fa go sisimoga boammaaruri ka tshwanelo go dira gore motho a dirisane le moagisani wa gagwe ka boikanyegi, ka mafoko mmogo le ka ditiro. Jaaka re bone, jono ke boikutlo jo T[esetamente] e K[gologolo] mmogo le T[esetamente] e N[tšha] e bo supelang.”—The New International Dictionary of New Testament Theology, Bolumo 3, tsebe 901.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go gatela pele mo saenseng go theilwe mo go ribololeng boammaaruri jwa saense

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Boammaaruri bo akaretsa Bogosi le masego a jone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela