O ne a Amogela Kaelo ya Modimo
ARE re gongwe o ne o na le ngwana yo o itekanetseng yo o mo neetsweng gore o mo tlhokomele e bile go lebeletswe gore o mo godise sentle. A bo e tla nna kgwetlho jang ne! Motho ope yo o sa itekanelang o ne a ka dira seo jang? Ka go amogela fela kaelo ya Modimo le go e dirisa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.
Tota seo se ile sa dirwa ke Josefa, e bong rraagwe Jesu yo o mo godisitseng. Go farologana le dingwao tse di seng boammaaruri tse di tlhalosang dilo di le dintsi ka ga Josefa, Baebele yone ga e bolele sepe malebana le seabe sa gagwe sa maemo a a kwa tlase mo dingwageng tsa ntlha tsa botshelo jwa ga Jesu. Re itse gore Josefa le mosadi wa gagwe, Maria, ba ne ba godisa Jesu, barwa ba bangwe ba bane, le barwadi tota.—Mareko 6:3.
Josefa e ne e le setlogolwana sa ga Kgosi ya Iseraele e bong Dafite a tla ka losika lwa ga Solomone. E ne e le morwa Jakobe gape e le mogwe wa ga Heli. (Mathaio 1:16; Luke 3:23) Josefa jaaka mmetli mo motseng wa Nasaretha kwa Galilea, o ne a humanegile. (Mathaio 13:55; Luke 2:4, 24; bapisa Lefitiko 12:8.) Mme lefa go ntse jalo o ne a humile semoyeng. (Diane 10:22) Tota o ne a le jalo ka gonne o ne a amogela kaelo ya Modimo.
Kwantle ga pelaelo, Josefa e ne e le Mojuta yo o bonolo e bile a le boikokobetso yo o neng a dumela mo Modimong gape a rata go dira se se neng se siame. Ditiragalo di sekae tsa botshelo jwa gagwe tse di neng tsa kwalwa mo Dikwalong di bontsha gore o ne a utlwa ditaelo tsa ga Jehofa ka metlha. Josefa o ne a di utlwa go sa kgathalesege gore di ne di le mo Molaong kana o ne a di amogela ka tlhamalalo go tswa go baengele.
Monna yo o Siameng o Kopana le Mathata
Ke eng se motho yo o nang le bomodimo a tshwanetseng go se dira fa a tlhagetswe ke mathata a magolo? Ee ruri, o tshwanetse ‘go latlhela morwalo wa gagwe mo go Jehofa’ a bo a latela kaelo ya Modimo! (Pesalema 55:22) Josefa o ne a dira fela jalo. Ka nako ya fa a ne a beeleditse Maria, e ne ya re “ba ise ba kopane, a fitlhelwa a ithwele ga Mowa o o Boitshepo.” E re ka Josefa ‘a ne a le mosiami, mme a sa rate go mo senola go mo tlhabisa ditlhong, o ne a nna le mogopolo wa go mo tlhalela mo sephiring.’ Fa Josefa a sena go akanya ka kgang eno, moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene ka toro mme a bolela jaana: “Josefe morwa Dafite, se boife go tsaya Maria mosadi wa gago, gonne go ithwala ga gagwe ke ga Mowa o o Boitshepo. O tlaa bona ngwana wa mosimane; mme o tlaa mo raya leina o re, Jesu; gonne ke ene yo o tlaa gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Fa Josefa a sena go tsoga o ne “a dira jaaka moengele wa Morena a mo laile, a tsaya mosadi wa gagwe; mme a se ka a mo itse, ga tsamaya a bona ngwana wa mosimane pele, mme a mo raya leina a re, Jesu.” (Mathaio 1:18-25) Josefa o ne a amogela kaelo ya Modimo.
Kaesare Aguseto o ne a laela gore batho ba ye go ikwadisa kwa metseng ya ga gabo. Ka kutlo, Josefa le Maria ba ne ba ya kwa Bethelehema kwa Jutea. Maria o ne a tshola Jesu koo mme o ne a tshwanelwa ke go mmaya mo bojelong jwa dipitse ka gonne go ne go sena marobalo a mangwe gone. Mo bosigong jone joo badisa ba ba neng ba utlwile kitsiso ya moengele ya go tsholwa moo mo go kgethegileng ba ne ba tla go bona losea. Malatsi a ka nna 40 moragonyana, Josefa le Maria ba ne ba boloka Molao ka go isa Jesu kwa tempeleng kwa Jerusalema ba tshotse le tshupelo. Ka bobedi jwa bone ba ne ba gakgametse fa ba utlwa mafoko a boperofeti a ga Simeone yo o neng a tsofetse ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu a neng a tla di dira.—Luke 2:1-33; bapisa Lefitiko 12:2-4, 6-8.
Le mororo Luke 2:39 e ka nna ya bonala e kete e supa gore Josefa le Maria ba ne ba boela Nasaretha fa ba sena go isa Jesu kwa tempeleng, temana eno ke karolo nngwe ya pego e e khutshwafaditsweng. Go bonala gore morago ga nako e telele fa ba sena go mo isa kwa tempeleng, balepadinaledi ba ba tswang Botlhabatsatsi (Banna ba ba botlhale) ba ne ba etela Maria le Jesu kwa ntlong nngwe kwa Bethelehema. Modimo o ne a thibela gore loeto lono lo se ka lwa dira gore Jesu a bolawe. Fa Banna ba ba botlhale ba sena go tsamaya, moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa kwa go Josefa mo torong mme a mmolelela jaana: “Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.” Jaaka ka tlwaelo, Josefa o ne a tlhwaela kaelo ya Modimo tsebe mme a tsaya lelapa la gagwe ba ya Egepeto.—Mathaio 2:1-14.
Fa Herote a sena go swa, moengele o ne a iponatsa kwa go Josefa mo torong kwa Egepeto, a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele.” E rile Josefa a utlwa gore morwa Herote e bong Arekelao o ne a busa mo boemong jwa ga rraagwe, o ne a boifa go boela kwa Jutea. Ka go tlhwaela tsebe tlhagiso ya Modimo e a neng a e neelwa mo torong, o ne a ya kwa nageng ya Galilea mme ba thibelela kwa motseng wa Nasaretha.—Mathaio 2:15-23.
Monna wa Semoya
Josefa o ne a tlhomamisa gore lelapa la gagwe le utlwa molao wa Modimo le gore le otlwa semoyeng. Ngwaga le ngwaga o ne a tla le lelapa la gagwe lotlhe kwa moketeng wa Tlolaganyo kwa Jerusalema. Mo go nngwe ya ditiragalo tseno, Josefa le Maria ba ne ba boela kwa Nasaretha mme ba ne ba setse ba tsamaile sekgala sa letsatsi lotlhe go tswa kwa Jerusalema fa ba ne ba lemoga gore Jesu wa dingwaga tse 12 o ne a seyo mo gare ga bone. Fa ba boela kwa Jerusalema, ba ne ba mmatla ka tlhoafalo, mme kgabagare ba ne ba mo fitlhela kwa tempeleng, a reeditse baruti le go ba botsa dipotso koo.—Luke 2:41-50.
Go bonala gore ka dinako tse dingwe Josefa o ne a letlelela mosadi wa gagwe gore e nne ene a simololang dilo tse dingwe. Ka sekai, fa ba ne ba boela kwa Jerusalema mme ba bona Jesu kwa tempeleng, Maria ke ene yo o neng a bua le morwawe yo mmotlana ka kgang eno. (Luke 2:48, 49) Fa Jesu a ntse a gola jaaka “morwa mmetli wa dikgong,” o ne a amogela kaelo ya semoya. Gape Josefa o ne a mo ruta go betla, ke gone ka moo Jesu a neng a bidiwa “mmetli wa dikgong, morwa Maria.” (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) Batsadi ba ba nang le bomodimo gompieno ba tshwanetse go dirisa sebaka se se tshwanang ka botlalo go ruta bana ba bone, segolobogolo go ba neela thapiso ya semoya.—Baefeso 6:4; 2 Timotheo 1:5; 3:14-16.
Ditebelelo Tsa ga Josefa
Dikwalo ga di bolele sepe ka ga go swa ga ga Josefa. Mme go lemosega sentle gore Mareko 6:3 e bitsa Jesu “morwa Maria,” e seng Josefa. Seno se supa gore Josefa o ne a sule ka nako eo. Mo godimo ga moo, fa Josefa e ne e le gore o ne a tshela go fitlha ka 33 C.E., Jesu yo o bapotsweng o ne a ka se ka a laela moaposetoloi Johane gore a tlhokomele Maria.—Johane 19:26, 27.
Josefa he, o tla nna mongwe wa baswi ba ba tla utlwang lentswe la Morwa motho a bo a tsosiwa. (Johane 5:28, 29) Fa Josefa a tla go ithuta ka thulaganyo ya ga Jehofa ya gore batho ba tshelele ruri, kwantle ga pelaelo o tla e dirisa ka boitumelo mme o tla nna mmusiwa yo o kutlo wa Kgosi e kgolo ya selegodimo, Jesu Keresete, fela jaaka a ne a reetsa kaelo ya Modimo mo dingwageng tse di fetang 1 900 tse di fetileng.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Josefa o ne a neela Jesu kaelo ya semoya a bo a mo ruta le go betla