LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 1/15 ts. 32
  • E Potlana Mme e Nonofıle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Potlana Mme e Nonofıle
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 1/15 ts. 32

E Potlana Mme e Nonofıle

ROBERT, lekawana lengwe la kwa Canada, le ne le kgarakgatshega le Yuropa yotlhe le batla go itse lebaka la go bo le tshela. O ne a bona dilo di le dintsi tse di neng tsa mo dira gore a ikutlwe a sena tsholofelo ka isagwe.

Fa Robert a ne a santse a ntse mo khefing nngwe kwa Seville, kwa Spain, o ne a neelwa pampitshana nngwe e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. La ntlha, Robert o ne a e belaela. “Lefa go ntse jalo, ke ne ka e bala,” o ne a bolela jalo. “Ga ke itse gore ke ka tlhalosa ke reng, mme fela ke ne ka utlwa ke bala sengwe se se utlwalang. Fa ke ne ke le mo maetong a me, ke ne ke bone mefuta e le mentsi ya go tshwenyega thata mo maikutlong le go kgobega marapo ga batho, mme ke ne ke tshwenngwa ke go bo ke palelwa ke go fetola dilo. Fa ke sena go bala pampitshana eo, ke ne ka ipotsa gore, ‘A go ka kgonega gore “lefatshe le lesha” leno le nne teng?’ Go tswa foo ke ne ka akanya ka gore ‘Ee, go ka nna ga kgonega.’”

Robert o ne a kwalela ofisi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Canada, a na le tsholofelo eno e ntšha, a kopa gore mongwe a mo etele fa a sena go boela kwa gae mme a tle a mo thuse go tlhaloganya Baebele.

Kwantle ga pelaelo, mafoko a a buiwang ka molomo a nonofile. Lefa go ntse jalo, le ka motlha o se ka wa tlodisa maatla a molaetsa o o kwadilweng matlho. Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di gogela ka tsela e e maatla, go sa kgathalesege gore di dipotlana go le kana kang. Di ama tlhaloganyo le pelo, di re neela tsholofelo e e tlhomameng kaga isagwe.—Bahebere 4:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela