Rata jo e Leng Botshelo Ruri
ABOTSHELO jo ke jone jotlhe jo bo gone? Fa Baebele e re kgothaletsa gore re “tshware botshelo jo e leng botshelo ruri,” e supa gore go na le jo bongwe. (1 Timotheo 6:17-19) Botshelo jo e leng botshelo ruri ke bofe, fa e le gore botshelo jwa rona jwa gone jaanong ga se jone?
Ditemana tse di dikologileng temana e e fa godimo di bontsha gore motho yo o boifang Modimo o tshwanetse a tshwara “botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Timotheo 6:12) Bontsi jo bogolo jwa batho bo tla bona botshelo jono jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Adame, motho wa ntlha, o ne a lebeletse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Genesise 1:26, 27) O ne a tla swa fela fa a ne a ka ja ga “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:17) Mme lefa go ntse jalo, Modimo o ne a atlholela Adame le mosadi wa gagwe Efa loso ka gonne ba ne ba tlhoka kutlo mme ba ja ga setlhare seo. Mo matlhong a Modimo ba ne ba swa ‘ka letsatsi le ba se jeleng ka lone,’ mme ba simolola go swa mo mmeleng. Ba ne ba sa tlhole ba tshela botshelo jo ba neng ba bo itumelela pele.
Tsela e e Isang Kwa Go jo e Leng ‘Botshelo Ruri’
Jehofa Modimo o ne a rulaganyetsa gore a golole batho e le gore go tle go kgonege gore go nne le “botshelo jo e leng botshelo ruri.” A re ko re akanye ka madirelo a manyenyane, go re thusa go tlhaloganya thulaganyo eno. Metšhine yotlhe e e mo madirelong ano e senyegile e bile e tshwarisa ba ba e dirisang bothata ka gonne mmereki wa ntlha go e dirisa dingwaga di le dintsi tse di fetileng o ne a tlhokomologa buka ya dikaelo mme a senya metšhine yotlhe. Ga go na sepe se ba ba e dirisang gone jaanong ba ka se dirang fa e se go leka kafa ba ka kgonang ka teng gore ba pepetletse yone e e leng teng. Mong wa madirelo ano o batla go tlhabolola metšhine eno gore a thuse badiri ba gagwe, mme o beela madi kwa thoko gore a tle a kgone go dira jalo.
‘Motho yo o neng a dirisa motšhine’ la ntlha e bong Adame, o ne a se ka a somarela botshelo jo a neng a bo neetswe. Ka jalo, o ne a fetisetsa bana ba gagwe botshelo jo bo sa itekanelang, jaaka motšhine o o sa berekeng sentle. (Baroma 5:12) Fela jaaka babereki ba ba neng ba dirisa metšhine moragonyana mo madirelong, ba ba neng ba sa kgone go e baakanya, bana ba ga Adame ba ntse ba sa kgone go tshwara botshelo jo e leng botshelo ruri. (Pesalema 49:7) E le gore Jehofa a baakanye boemo jono jo bo lebegang bo sena tsholofelo, o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore a rekololele batho botshelo jo bo sa khutleng. (Luke 1:35; 1 Petere 1:18, 19) Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi, e bong Jesu Keresete, fa a ne a swela batho loso lwa setlhabelo, o ne a ntsha madi a a tlhokegang—botshelo jo bo lekanang le jo Adame a bo latlhileng. (Mathaio 20:28; 1 Petere 2:22) E re ka Jehofa a na le setlhabelo seno se se tlhwatlhwakgolo, jaanong a ka tlisa botshelo jo e leng botshelo ruri.
Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se tla leretse batho ba ba utlwang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:29) Tsholofelo eno e neelwa batho botlhe ba ba falolang ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ e e bidiwang Haramagedona. (Tshenolo 16:14-16) E tla fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Pesalema 37:9-11) Batho ba Modimo o ba gakologelwang ba ba tlhokafalang pele ga nako eo ba tla tsosediwa mo Paradaiseng e e buseditsweng mo lefatsheng mme ba tla solofela go itumelela botshelo jo e leng botshelo ruri jo jaanong bo emetseng botlhe ba ba obamelang Modimo.—Johane 5:28, 29.
Re Tlhoka go Ngomaela Botshelo Jwa Rona Jwa Gone Jaanong
Seno ga se reye gore go tla bo go tshwanetse gore re tlontlolole boitshepo jwa botshelo jwa rona jwa gone jaanong. A mong wa madirelo o tla senya nako le madi a baakanya motšhine a o baakanyetsa mmereki yo o sa o tlhokomeleng? Go na le moo, a mohiri ga a kitla a tsaya motšhine o o tlhabolotsweng a o neela motho yo o dirileng ka natla gore a tlhokomele motšhine o mogologolo?
Botshelo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa go Jehofa. E re ka e le ene motho yo o molemo yo o re fileng mpho eo, o batla gore re e ngomaele. (Pesalema 36:9; Jakobe 1:17) Fa Jesu a ne a bua kafa Jehofa a amegang ka batho ba ba mo lefatsheng ka gone, o ne a re: “Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.” (Luke 12:7) Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba bolaya motho, e leng seo kwantle ga pelaelo se neng se akaretsa gore ba se ka ba ipolaya. (Ekesodo 20:13) Seno se re thusa gore re tile go leba go ipolaya jaaka sengwe se re ka tshabelang mo go sone.
Batho ba ba boifang Modimo ba dirisa melaometheo ya Baebele go keleka mekgwa ya mo malatsing ano, ka gonne ba itse gore Jehofa ka lorato o kgatlhegela gore re tshele sentle. Ka sekai, ba tila go goga motsoko le go dirisa diokobatsi tse di tshwakgolang tse di haposang mogopolo ka gonne gatwe Bakeresete ba boammaaruri ba ‘itshekise mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, ba itekanedise boitshepo mo go boifeng Modimo.’—2 Bakorinthe 7:1.
Tsela e Modimo a kgatlhegelang botshelo jwa motho ka yone gape e bonwa mo kgakololong e a e ba neileng gore ba nne le “pelo e e thethebetseng” le gore ba tile boitsholo jo bo sa siamang. (Diane 14:30; Bagalatia 5:19-21) Fa re tshegetsa ditaolo tseno tse di gagametseng, re itshireletsa mo dilong tse di tshwanang le bogale jo bo koafatsang mmele le malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.
Tsela e Jehofa a amegang ka matshelo a batho ba gagwe ka yone gape e bonwa mo kgothatsong ya gagwe ya gore re tile go ja le go nwa mo go feteletseng. (Duteronome 21:18-21; Diane 23:20, 21) Bakeresete ba tlhagisiwa gore batho ba ba pelotshetlha le matagwa ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo, ke gore, le ka motlha ga ba kitla ba utlwa botshelo jo e leng botshelo ruri. (1 Bakorinthe 6:9, 10; 1 Petere 4:3) Jehofa o re ruta gore re itsholegele molemo ka go re kgothaletsa gore re lekanyetse dilo.—Isaia 48:17.
Fa re utlwa melao ya Modimo, re bontsha gore re rata botshelo jwa rona jwa gone jaanong. Gone ke boammaaruri, botshelo jo e leng botshelo ruri bo botlhokwa le go feta joo. Bakeresete ba boammaaruri ba bo tsaya bo le botlhokwa thata go feta botshelo jwa bone jwa gone jaanong ka gonne jone bo nnela ruri. Fa Jesu Keresete a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, o ne a ineela gore a dire thato ya ga Jehofa. Go utlwa Rraagwe go ne go kaya mo gontsi mo go ene go feta go tshela ga gagwe mono mo lefatsheng. Tsela e Jesu a neng a e tsaya e ne ya felela ka gore a tsosiwe a bo a amogele botshelo jwa go sa swe kwa legodimong. (Baroma 6:9) Loso lwa gagwe gape lo dira gore batho ba ba utlwang ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo ba tle ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebere 5:8, 9; 12:2.
Molao wa Botlhokwa ka Madi
Go a utlwala gore balatedi ba ga Jesu ba bo ba akanya fela jaaka ene. Ba leka go itumedisa Modimo mo dilong tsotlhe, fela jaaka Keresete a ne a dira. Selo sa ntlha, leo ke lone lebaka la go bo ba gana go tshelwa madi, e le sengwe se dingaka dingwe di bolelang gore se boloka matshelo. A re boneng gore motho o a bo a bontsha jang gore o rata botshelo jo e leng botshelo ruri fa a gana go tshelwa madi.
Bakeresete ba boammaaruri ba eletsa fela jaaka Jesu Keresete gore e nne ba ba tshelang mo matlhong a Modimo, mme seo se tlhoka gore ba Mo utlwe ka mo go feletseng. Lefoko la Modimo le laela balatedi ba ga Keresete jaana: “Lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng.” (Ditiro 15:28, 29) Ke eng fa molao ono kaga madi o ne o akarediwa mo ditaolong tse di tlamang Bakeresete?
Molao o o neng o neetswe Baiseraele o ne o tlhoka gore ba ithibe mo mading. (Lefitiko 17:13, 14) Bakeresete ga ba laolwe ke Molao wa ga Moshe. Mme lefa go ntse jalo ba lemoga gore taolo ya gore batho ba se ka ba ja madi e ne ya nna gone pele ga Molao; e ne e neetswe Noa pele ga Morwalela. (Genesise 9:3, 4; Bakolosa 2:13, 14) Taolo eno e ne e dira mo baneng botlhe ba ga Noa, ba merafe yotlhe ya lefatshe e duleng mo go bone. (Genesise 10:32) Mo godimo ga moo, Molao wa ga Moshe o re thusa go bona lebaka la go bo Modimo a gatelela gore madi a tsewe a le boitshepo. Fa Modimo a sena go kganela Baiseraele gore ba se ka ba nwa madi a mofuta ope fela, o ne a re: “Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo.” (Lefitiko 17:11) Modimo o ne a beetse madi gore a dirisediwe ditlhabelo mo sebesong. Molao wa gagwe wa gore madi a boitshepo o senola kafa ene a nang le thata ka gone mo ditsheding tsotlhe tse di mo lefatsheng. (Esekiele 18:4; Tshenolo 4:11) Fa re leba botshelo jwa rona kafa Jehofa a bo lebang ka gone, re lemoga gore ga se jwa rona mme Modimo o re bo neile fela gore re bo tlhokomele.
Fela jaaka mmereki yo o dirisang motšhine yo o tlhalositsweng mo setshwantshong sa rona a ne a tshwanetse go o tlhokomela, le rona re neetswe botshelo jwa rona jwa gone jaanong gore re bo tlhokomele. O ne o ka dira eng fa motšhine wa gago o ne o tlhoka go baakanngwa mme mothudi mongwe a bo a go akantsha gore lo o mamatlelele ka ditshipi dingwe tse go builweng sentle fela mo bukeng ya dikaelo gore di se ka tsa dirisiwa? A o ne o ka se ke o bue le bathudi ba bangwe go bona gore a motšhine o ka se ke o baakanngwe ka tsela epe e sele e e dumelanang le dikaelo tse di mo bukeng? Botshelo jwa motho bo botlhokwa thata e bile bo raraane thata go feta motšhine. Mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le e leng lone buka ya dikaelo tsa go dira gore batho ba tswelele pele ba tshela, Modiri wa rona o laela gore re se ka ra dirisa madi go boloka botshelo. (Duteronome 32:46, 47; Bafilipi 2:16) A ga go utlwale go sala morago dilo tse di batliwang mo bukeng eo ya dikaelo?
Totatota, balwetsi ba Bakeresete ba ba kopang gore ba alafiwe kwantle ga madi ga ba gane mefuta yotlhe ya kalafi. Ba kopa fela gore ba alafiwe ka tsela e e tla bontshang gore ba tlotla botshelo jwa bone—jwa gone jaanong mmogo le jwa mo isagweng. Dingaka tse ka bopelokgale di tlotlang boemo jwa Bakeresete di supa kafa go leng mosola ka gone go ba alafa go dumelana le se ba se kopang. Ngaka nngwe e e kileng ya ne e alafa thata ka go tshela madi ya re: “Go kopana le Basupi ba ga Jehofa go dirile gore ke simolole go nna le dilo tse disha tse ke di tsayang di le botlhokwa.” Jaanong o leka go alafa le batho ba e seng Basupi a sa dirise madi.
Go Rata Botshelo jo e Leng Botshelo Ruri
Ngaka eno e ne ya bona dilo dife tse disha tsa botlhokwa ka go alafa Basupi ba ga Jehofa? Jaanong o lemoga gore go alafa molwetsi go ama motho a feletse eseng karolo e e lwalang ya mmele fela. A molwetsi ga a tshwanela go letlelelwa gore a ikopele gore a tlhokomelwe sentle kafa go ka kgonegang ka gone mo mmeleng, semoyeng, le mo maikutlong?
Kumiko wa dingwaga tse 15 o ne a bona fa go tshelwa madi go twe go alafiwa bolwetsi jwa gagwe jo bo bolayang jwa leukemia e le sengwe se se maswe thata se a neng a ka se ka a dumelana naso. Go leka go oketsa botshelo jwa gagwe ka dibekenyana, dikgwedi, kana le eleng dingwaga di sekae ka tsela eno go ne go ka se bapisiwe le ditlamorago tse di masisi thata tse di neng di tla tla fa nako e ntse e ya. O ne a tlotla go itshepa ga botshelo le madi ka gonne o ne a neetse botshelo jwa gagwe jwa gone jaanong go Jehofa Modimo jaaka mongwe wa Basupi ba gagwe. Kumiko o ne a ema a tlhomame le mororo rraagwe le ba bangwe ba losika ba ne ba sa dumelane gotlhelele le maitlamo a gagwe. Ngaka ya gagwe e kile ya mmotsa ya re: “Fa e le gore Modimo wa gago o itshwarela diphoso, a o ne a ka se ka a go itshwarela le fa o ne o ka dumela gore o tshelwe madi?” Kumiko o ne a gana go ineela gore a itatole se a se dumelang se se thailweng mo Baebeleng. O ne a ema a tlhomame, a “tshwere lefoko la botshelo ka thata.” (Bafilipi 2:16, NW) Fela jaaka go ne ga bolela mmaagwemogolo yo o neng a sa dumele, “Kumiko o ne a sa batle go latlha tumelo ya gagwe.” Go ise go ye kae rraagwe le mmaagwemogolo, mmogo le dingaka tse di neng di mo alafa, ba ne ba fetola tsela e ba lebang dilo ka yone.
Tumelo e e nonofileng ya ga Kumiko mo go Jehofa Modimo, yo o ka kgonang go mo tsosa mo baswing, e ne ya ama dipelo tsa batho ba le bantsi. Fa a ne a santse a tshela, o ne a kgothatsa rraagwe jaana: “Lefa nka swa, ke tla tsosiwa kwa Paradaiseng. Mme fa o ka senngwa ka Haramagedona, ga ke na go go bona. Ka jalo tsweetswee o ithute Baebele.” Rraagwe o ne a nnela fela go re: “Fa o sena go fola, ke tla ithuta.” Mme fa Kumiko a sena go tlhokafala ka ntlha ya bolwetsi jwa gagwe jo bo neng jwa gana go fola, rraagwe o ne a tsenya pampitshana mo lekesing la gagwe a kwadile a re: “Kumiko, ke tla go bona kwa Paradaiseng.” Morago ga tirelo ya phitlho, o ne a bua le ba ba neng ba tlile phitlhong a re: “Ke solofeditse Kumiko gore ke tla mmona kwa Paradaiseng. Lefa ke ise ke kgone go go dumela sentle ka gonne ga ke ise ke ithute mo go lekaneng, ke iketleeditse go go tlhatlhoba sentle. Nthusang tsweetswee.” Ba bangwe mo lelapeng la mosetsana yono le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele.
Kumiko o ne a tlotla botshelo tota e bile a batla go tshela. O ne a anaanela sotlhe se dingaka tsa gagwe di neng di se dirile go leka go boloka botshelo jwa gagwe jwa gone jaanong. Lefa go ntse jalo, e re ka a ne a latela dikaelo tsa Mmopi, o ne a bontsha gore o rata botshelo jo e leng botshelo ruri. Mo dimilionemilioneng tsa batho, joo e tla nna botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. A o tla nna mongwe wa bone?