Botshelo—Bo Tlhwatlhwakgolo go le Kae mo go Wena?
MOSIMANE mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a swa a sena go itatlha a le mo boalong jwa borobedi jwa kago ya matlhatlaganyane e e nang le matlo a mantsi a bonno. O ne a badile buka e e neng e tlhalosa gore go ipolaya ka go itatlha o le kwa godimo “ga go botlhoko le gone ga go etsaetsise lefa e le go boifisa; go na le moo, go monate.” Mokwadi wa buka eno, e e gatisitsweng kwa Japane, o ne a bolela gore ene o ne a bontsha fela gore “go ipolaya ke sengwe sa dilo tse motho a ka di tlhophang mo botshelong.”
Batho ba ba ipolayang, ga se bone fela ba ba bontshang gore ga ba tlotle botshelo gompieno. Batho ba ba kgweetsang ka bofafalele le bone tota ga ba bontshe go tlotla botshelo go le kalo. Ba bangwe e bile ba kgweetsa ba ntse ba nole, ba bantsi ba tsamaya ka lobelo lo logolo ba itlhaganelela kwa lebitleng.
Ba bangwe ba bontsha kafa ba sa tseyeng botshelo jwa bone ka sepe ka teng ka tsela e ba ratang menate mo go feteletseng ka yone. Batho ba ba gogang ba gana go latlha motsoko, lefa go goga go ka bolaya e bile go ile ga bidiwa go ipolaya ka iketlo. Go na le gore ba nne ba le phepa mo lefatsheng leno la batho ba ba ilweng ke tlhakanelodikobo kwa tlhogong, ba le bantsi ba tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong jo gantsi bo felelang ka loso.
Ba bangwe ba iphokoletsa dingwaga tsa bone tsa botshelo ba sa lemoge, ka go ja mo go feteletseng, go nwa mo go feteletseng, go sa itshidile mmele mo go lekaneng, le go rata menate thata. Mokwadi mongwe wa kwa Japane e bong Shinya Nishimaru o ne a tlhagisa jaana: “Mokgwa wa go ja mo go feteletseng o kgoreletsa ditiro tsa mmele tsa tlholego, le gone go gwalalela boiketlo le menate fela go fetsa tlhagafalo ya batho.” Ba bangwe ba akanya jaaka batho ba metlha ya bogologolo ba ba neng ba re: “A re jeng, re nweng, gonne re tlaa swa ka moso.”—Isaia 22:13; 1 Bakorinthe 15:32.
Ee, go sa tlotle botshelo go aname gompieno. Ka jalo, re ka botsa sentle jaana, Botshelo—Bo tlhwatlhwakgolo go le kae mo go wena? A botshelo bo tshwanetse jwa sirelediwa ka ditsela tsotlhe? Le gone, a go na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo go feta botshelo jwa rona jwa gone jaanong?