LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/1 ts. 25-27
  • Baalogi ba Gileate Ba Tlhoafaletse go Anamisa Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baalogi ba Gileate Ba Tlhoafaletse go Anamisa Mafoko a a Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Puo ya Konokono
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Baalogi ba Gileade ba ya Tirong e le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ba Tlhotlheletsega go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/1 ts. 25-27

Baalogi ba Gileate Ba Tlhoafaletse go Anamisa Mafoko a a Molemo

“KE SENGWE se se molemo go gaisa dilo tsotlhe tse re neng re ka di akanya.” Anders le Amalia Groth ba ne ba ikutlwa jalo ka thapiso ya bone ya borongwa. Ba ne ba bua fela jaaka go ikutlwa baalogi botlhe ba ba 48 ba tlelase ya bo97 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate fa ba ne ba oketsa ka go re: “Thapiso ya Gileate e ile ya re kgothatsa ya ba ya re tlhomelela, ka jalo re tlhoafaletse go ya kwa dikabelong tsa rona tse disha.”

Re kgona go lemoga kafa baithuti bano ba neng ba itumetse ka gone fa ba ntse ba akgela ka thulaganyo ya kaloso; batho ba le 6 420 ba ne ba kgobokanetse tiragalo eno ka September 4, 1994.

“Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang o ne a simolola thulaganyo ka go bua ka setlhogo se se reng ‘Go Rutwa ke Jehofa,’” ga rialo David Abel le mosadi wa gagwe, Kelli. “Ntlha e re se kitlang re e lebala le ka motlha ke ya fa Mokaulengwe Jaracz a ne a re: ‘Re tshwanetse ra dumela gore re bannye thata fa re bapisiwa le Jehofa,’ mme a tshwantsha seno ka thuto e e maatla e e fitlhelwang mo go Jobe kgaolo 38 le kgaolo 39. Mokaulengwe Jaracz o ne a gatelela gore lefa Sekolo sa Gileate se re okeleditse kitso ya Baebele, ga re itse dikarabo tsa dipotso tsotlhe. Re tshwanetse go tswelela pele re ithuta Lefoko la Modimo.”

Christian le Angele Coffy bone ba ne ba re: “Re ne ra kgatlhiwa ke polelo e e neng ya neelwa ke Max Larson ya setlhogo se se reng ‘Mosola wa Motheo o o Molemo ke Ofe?’ Re ratile ntlha ya gore a re bapise le kago e e tlhokang motheo o o boteng mo mmung o o tiileng gore e tle e kgone go nna e ikemetse le fa go nna le thoromo ya lefatshe. Fa re ithuta ka tlhagafalo, re ka nna le kamano e e gaufiufi le Jehofa mme ra thaya tumelo ya rona mo kitsong e e boteng gore re nne re tlhomame le ka dinako tsa mathata.”

“Ga re kitla re lebala puo e e neng e beilwe ke Milton Henschel, poresidente wa sekolo seno, ya setlhogo se se reng ‘Masimo a Setse a le Masweu a go Rojwa,’” go ne ga rialo Gary le Lynn Elfers. “Lokwalo lwa konokono, Johane 4:35-38, lo ne lwa gatelela tshiamelo e re nang le yone ya go tsena mo tshimong e e setseng e lemilwe ke badiri ba bangwe. Seno se tla re rotloetsa gore re dire ka maikutlo a go batla go potlaka.” Jan le Sirpa Vaahtola ba ne ba dumelana le seo ka go akgela jaana: “Mokaulengwe Henschel o ne a dira gore re lebelele pele thobo e e santseng e tla dirwa ka go re neela pego ya bosheng ya kwa Baltic States. Go ne ga nna le koketsego ya 51 lekgolong kwa Estonia, 106 lekgolong kwa Latvia, le 51 lekgolong kwa Lithuania. A bo seo se kgatlhisa jang ne! Bakaulengwe ba koo ba rapela Morena gore a romele badiri ba ba oketsegileng. Rona re ne ra itumelela go utlwa seo thata ka gonne, re abetswe go direla kwa Estonia!”

“Go ne ga latela Joel Adams ka setlhogo se se reng ‘Ikanye Jehofa,’” go ne ga gakologelwa jalo Kevin le Evelyn Cortina. “O ne a re gakolola gore le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore ka dinako tse dingwe re ka ikanya Jehofa mme ka dinako tse dingwe re ikanye dikakanyo tsa rona fela. Fa re le mo kabelong ya rona re tla lebana le maemo a mantsi a a gwetlhang—botsogo, dijo, puo, dingwao, jalo le jalo. Tsotlhe di tla tlhoka gore re ikanye Jehofa.”

Go tswa foo go ne ga latela Gerrit Lösch, leloko la Setlhopha se se Laolang, mme a tlhalosa setlhogo se se reng “Tswelelang Pele lo Bontsha Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa.” Alen le Ann Marie Gokavi ba ne ba re: “O ne a tlhalosa gore go bontsha barongwa ba bangwe kutlwelobotlhoko le bao re ba bolelelang mafoko a a molemo ke sesupo sa go gola ga Bokeresete. Go abelwa kwa dinageng tse e seng tsa ga rona go tlhoka go intsha setlhabelo, mme fa re sena kutlwelobotlhoko, setlhabelo sa rona se tla bo se na le mosola o e seng wa sepe.” (Mathaio 9:13) Peter le Fleur Hupston ba ne ba oketsa jaana: “Mokaulengwe Lösch o ne a bolela gore re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba rona, re ba leba ka ntlha e go sa lejweng ka yone ya sebonelakgakala, jaaka go ka tualo, gore diphoso tsa bone di nne dipotlana go na le gore di nne dikgolo.”

“Jack Redford, mongwe wa batlhatlheledi ba rona ba Gileate, o ne a latela ka setlhogo se se reng ‘A o ka Ela Kgalemelo Tlhoko?’” go ne ga gakologelwa jalo Mickey le Sherry Minsky. “O ne a tlhalosa gore boikgogomoso bo dira gore go nne thata mo mothong go amogela kgalemo le gore fa re sa rate go gakololwa ga re kitla re bona mesola ya gone. Go tswa foo o ne a neela dikakantsho dingwe tse di mosola tse di malebana le go amogela kgalemo a di theile mo go Dikhutsafalo 3:27-31.” Charles le Joan Held ba ne ba oketsa jaana: “Gantsi ga re bone diphoso tsa rona; ka jalo, re tshwanetse go leba kgalemo e le tsela ya go re bula matlho gore re bone dilo tse re neng re ntse re sa di lemoge. Kgalemo kana kgakololo e e tswang kwa go Jehofa ke bosupi jwa gore o a re rata.”

“Motlhatlheledi yo mongwe, Ulysses Glass, o ne a bua ka setlhogo se se reng ‘Nna le Botlhale jo bo Mosola jo bo Isang Botshelong.’ O ne a botsa jaana: “Lo tla dira eng ka se lo se ithutileng?’” go ne ga rialo Kenneth le Lisbeth Ardkäll. “Go tswa foo o ne a dira setshwantsho se se theilweng mo go Diane 30:24-26 kaga pela e nnye e e nnang mo matlapeng le kafa Jehofa a e tlhomeletseng sentle ka teng gore e kgone go itshedisa. Kafa letlhakoreng le lengwe, rona ga re na botlhale jwa tlholego, ka jalo re tlhoka go leka ka tlhoafalo gore re nne botlhale. Jehofa o re neetse sengwe le sengwe se re se tlhokang go dira jalo. Fa fela re atamela Jehofa e bile re atamelana ka lorato, re tla fitlhelela go le gontsi.”

Puo ya Konokono

“Mokaulengwe Karl F. Klein, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhatlhoba Pesalema ya bo19 ka tsela e e botsalano le rona mo puong ya gagwe e e reng ‘Sebenya sa Dibenya,’” go ne ga rialo Jay le Gwen Abraczinskas. “O ne a gatelela kafa mopesalema Dafide a neng a anaanela Jehofa thata ka gone le kafa a neng a rata Lefoko la Modimo ka gone.” “Mokaulengwe Klein o ne a kgaoganya pesalema ka dikarolo tse tharo,” go ne ga akgela jalo Keith le Donna Hornback. “Karolo 1 (ditemana 1-6) e bontsha kafa Dafide a neng a anaanela popo ya Modimo ka gone, karolo 2 (ditemana 7-10) e bontsha kafa a anaanelang melao ya Modimo ka gone, mme karolo 3 (ditemana 11-14) e re gakolola gore fela jaaka Dafide, re tshwanetse ra batla go nna le kamano e e molemo le Jehofa.”

“Re ratile ntlha ya gore go boifa Jehofa go botlhokwa fa re batla go tila se se bosula. Seno se re tlhotlheletsa gore re dire se se itshekileng mo matlhong a gagwe,” go ne ga rialo David le Raylene Long. Frank le Vibeke Madsen ba ne ba dumelana le seo. “Mafoko a ga Mokaulengwe Klein fa a ne a bontsha kafa dikgakololo, melao, le ditaolo tsa ga Jehofa di leng mosola ka gone a ne a sobokanya sentle se re neng re se ithutile kwa Gileate,” ba ne ba rialo. “Seo se ne sa dira gore re ititeye sehuba le e leng go feta pele gore re ngaparele Lefoko la Modimo mo isagweng mme re le tshware jaaka motlobo wa dibenya tse di tlhwatlhwakgolo.”

Morago ga puo ya konokono, baithuti ba ne ba newa didipoloma tsa bone, mme ga itsisiwe dikabelo tsa bone tsa kwa dinageng tse e seng tsa ga bone. Morago ga gore batho ba tswele dijong, botlhe ba ne ba boa ba kopana gape mo thulaganyong ya thapama. Baalogi ba ne ba nna le seabe mo go arabeng dipotso tse di neng di bodiwa mo Thutong e khutshwane ya Tora ya Tebelo.

“Go tswa foo go ne ga latela thulaganyo ya baithuti ya ‘Re Thapiseditswe go Nna Baboledi ba Bogosi mo Lefatsheng Lotlhe,’” go gakologelwa jalo Bob le Shannon Lakatos. “Karolo ya ntlha ya thulaganyo e ne e bua ka maitemogelo ao baithuti ba nnileng le one mo tirelong ya tshimo ka nako ya thapiso ya rona ya dikgwedi tse tlhano. E ne e bua thata ka go dirisa dipotso ka botlhale mo bodireding jwa rona. Karolo e go neng go botsolodiwa mo go yone e ne ya bontsha ditsela tse di siameng tse ka tsone go ka lebanwang le dikgwetlho le maemo a a fetofetogang a botshelo jwa barongwa. Dipontsho tse tharo tsa diselaete, tsa kwa Costa Rica, India, le Malawi, di ne tsa re latlhelela lesedi ka phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng lotlhe.”

“Terama e e neng ya latela, ya Nnang ba Puso ya Modimo, Eseng ba Lefatshe, e ne ya bontsha kafa bangwe ba losika ba lefatshe, ba ba nang le mogopolo wa boitaolo ba ka nnang le tlhotlheletso e e bosula ka gone,” go ne ga akgela jalo Jesse le Michelle Duncan. “E ne ya bontsha gore Bakeresete ba tshwanetse ba lemoga fa dikaelo tsa Puso ya Modimo di le botlhokwa e bile di le mosola,” go ne ga oketsa jalo Wenzel le Kelly Koula.

Thulaganyo eno e e monate e ne ya fela ka pina le thapelo. Tsela e baalogi ba neng ba ikutlwa ka yone fa ba ntse ba tsamaya ba lebeletse pele go ya dikabelong tsa bone tsa dinaga tse e seng tsa ga bone tse 18, e ne ya bontshiwa sentle ke mafoko ano a bofelo a ga Tommi le Jael Kauko: “Re tlhoafaletse go ya kwa dikabelong tsa rona tota le go dirisa se re se ithutileng. Re amogetse go le gontsi tota—jaanong ke nako ya gore le rona re abe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha se se Alogang sa Bo97 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Hong, J.; Hong, D.; Groth, A.; Cortina, E.; Lakatos, S.; Hornback, D.; Acevedo, L.; Coffy, A. (2) Elfers, L.; Gokavi, A.; Ardkäll, L.; Abraczinskas, G.; Knott, K.; Lizer, T.; Abel, K.; Abel, D. (3) Duncan, M.; Gokavi, A.; Held, J.; Hupston, F.; Lakatos, B.; Long, R.; Minsky, S.; Acevedo, E. (4) Ardkäll, K.; Kauko, J.; Vaahtola, S.; Cortina, K.; Carson, N.; Minsky, M.; Lizer, G.; Koula, K. (5) Duncan, J.; Abraczinskas, J.; Vaahtola, J.; Madsen, F.; Madsen, V.; Long, D.; Carson, C.; Elfers, G. (6) Kauko, T.; Hupston, P.; Held, C.; Groth, A.; Hornback, K.; Koula, W.; Knott, D.; Coffy, C.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela