Go Nna le Maikaelelo mo Botshelong
JAAKA GO BOLETSE MELVA A. WIELAND
Dikgwedi di sekae fela fa ke sena go kolobediwa, ka March 1940, nnake e bong Phyllis, o ne a tla mo go nna mme a mpotsa a re: “Ke eng fa o sa ye go bula tsela?” “Go bula tsela?” ka botsa. “A o raya go rera ka nako e e tletseng, mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe?”
‘NKA nna mmulatsela jang ke na le kitso e e potlana jaana kaga Baebele mme go feta moo ke na le madi a le mannye thata a ke a bolokileng mo bankeng?’ ke ne ka ipotsa jalo. Lefa go ntse jalo, potso ya ga Phyllis e ne ya dira gore ke simolole go akanya ka ga gone. Gape ke ne ka rapela thata ka ga seno.
Kgabagare ke ne ka akanya gore, ‘Ke eng ke sa kgone go ikanya Modimo fa a re solofetsa gore o tla re tlhokomela fa re batla Bogosi jwa gagwe pele?’ (Mathaio 6:33) Ka jalo, ka June 1940 ke ne ka ba bolelela kwa tirong gore ke ne ke tla tlogela tiro ya me ya go roka diaparo. Go tswa foo ke ne ka kwalela ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mo Australia ke kopa kabelo ya bobulatsela.
Kabelo ya Me ya Botshelo Jotlhe
Ke ne ka amogela phetolo morago ga dibeke di le mmalwa, mme ka bolelelwa gore ke ne ke tla neelwa kabelo fa ke sena go ya kwa kopanong eo e neng e tla tshwarelwa kwa mabaleng a ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Strathfield, lefelo lengwe mo Sydney, eo e leng toropokgolo e kgolo go feta tse dingwe tsotlhe tsa Australia. Morago ga kopano mo mosong o o latelang, ke ne ka ya kwa ofising go ya go amogela kabelo ya me.
Motho yo o neng a dutse mo desekeng mo ofising o ne a nthaya a re: “Gone jaanong re na le tiro e ntsi thata kwa botlhatswetsong jwa diaparo. A o tla kgona go nna mme o re thuse ka dibeke di le mmalwa?” E ne e le ka August 1940—mme ke santse ke bereka mo botlhatswetsong jwa diaparo le gone jaanong! Ka nako eo go ne go na le batho ba le 35 fela ba ba neng ba bopa lelapa la ntlokgolo; mme jaanong go na le ba le 276.
Mme gongwe o ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa ke re go bereka mo botlhatswetsong jwa diaparo ke go tshela o “na le maikaelelo mo botshelong,” segolobogolo fa eno e nnile tiro ya me ka dingwaga tse di fetang 50 jaanong. Pele ke tlhalosa seno, mma ke anele ka dilo tse ke neng ke di dira pele.
Metshameko E Ne Ya Nna Konokono Ya Botshelo jwa Me
Ke tsholetswe kwa Melbourne ka January 1, 1914, ke le ngwana wa ntlha mo go ba le batlhano. Re ne re na le batsadi ba ba neng ba re rata ba tshela ka melaometheo e e kwa godimo e bile ba re otlhaya ka dinako tse dingwe fa go tlhokega. E re ka batsadi ba rona ba ne ba sa tsene kereke re ne re godisitswe ka mokgwa o re ka reng o ne o sena thulaganyo ka dilo tsa bodumedi. Lefa go ntse jalo, ba ne ba gatelela gore rona bana re tsene ditlelase tsa sekolo sa Sontaga kwa Kerekeng ya Ennyelane.
Fa ke ne ke tlogela sekolo ka 1928 mme ke simolola go dira jaaka moroki wa diaparo, ke ne ka fetsa ka gore ke ne ke tla senya nako ya me e e kwa thoko mo metshamekong, ke dumela gore seno se ne se ka nthusa gore ke fenye go nna ditlhong. Ke ne ka ikgolaganya le tlelapo ya thenese mme ke ne ke tshameka ngwaga otlhe ke sa kgaotse. Ka nako ya mariga ke ne ke tshameka baseketebolo le beisebolo, mme ka selemo ke ne ke tshameka mo setlhopheng sa basadi sa kerikete. Kerikete e ne ya simolola go nna yone e ke e ratang mo botshelong jwa me, mme ke ne ka leka ka natla gore ke nne mokolopedi yo o bofefo wa bolo gore ke tle ke kgone go tshameka mo dikgaisanong tse di neng di nna fa gare ga dinaga.
Maikaelelo A A Farologaneng Le Metshameko
Mo botshelong jwa me jwa fa ke ne ke santse ke le mosha thata ke ne ke tshwenngwa thata ke thuto ya gore Modimo yo o lorato o ne a na le lefelo le le bidiwang dihele mo batho ba ba bosula ba neng ba tla ya teng go ya go tlhokofadiwa gone ka bosakhutleng. Seo se ne se sa utlwale. Ka jalo, akanya fela gore ke ne ke itumetse jang fa ke ne ke ithuta go tswa mo Baebeleng gore “dihele” tota ke eng. Seno se diragetse jaana:
Nnake Phyllis, yo ke mo siang ka dingwaga tse tlhano, le ene o ne a rata go tshameka metshameko, mme re ne re le mo setlhopheng se le sengwe sa kerikete sa basadi fela. Ka 1936, mongwe mo setlhopheng sa rona o ne a itsise Phyllis mo lekawaneng lengwe go twe Jim, le le neng le itsege jaaka motho wa bodumedi thata. Ka bofefo fela Jim o ne a simolola go bolelela Phyllis ka ga dithuto tsa Baebele. O ne a tseega maikutlo. O ne a tle a ntheye a re, “Go na le tlhaloganyo e bile go utlwala fela thata.”
Ka nako eo, nna le Phyllis re ne re dirisa kamore e le nngwe kwa gae, mme o ne a leka go tsosa kgatlhego ya me ka ga seo Jim a neng a mmolelela sone ka ga Bogosi jwa Modimo. “Bo tla dira seo dipuso tsa batho di paletsweng ke go se dira,” o ne a mpolelela jalo a itumetse. Lefa go ntse jalo, ke ne ka ganetsana le ene, ke mmolelela gore seno e ne e le bodumedi jo bongwe fela jo bo tlileng go re tlhakanya ditlhogo le gore tota go ne go se ope yo o neng a itse sepe ka ga isagwe. Mme lefa go ntse jalo Phyllis o ne a nitame thata mme a tlogela dibuka gongwe le gongwe mo kamoreng, ka tsholofelo ya gore gongwe ke ne ke tla ke di bala.
Ke ne ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Phyllis a ne a tlhagafaletse tumelo eno e ntšha thata jaana, ka jalo ka letsatsi lengwe ke ne ka tsaya bukana nngwe ya gagwe. E ne e na le setlhogo se se ngokang kgatlhego se se reng Hereafter. Fa ke ntse ke phetlha bukana, ke ne ke ‘tlhwaya ditsebe’ fa ke bona lefoko le le reng “dihele.” Ke ne ka gakgamala go ithuta gore lefoko la Baebele la “dihele” tota le raya lebitla le le tlwaelegileng la batho le gore batho ba ba molemo mmogo le ba ba bosula ba ya koo. Ke ne ka ithuta gape gore dihele ga se lefelo la tlhokofatso; baswi ga ba itse sepe e bile ga ba utlwe sepe.—Moreri 9:5, 10; Pesalema 146:3, 4.
Seno se ne se utlwala se na le tlhaloganyo mo go nna, segolobogolo fa bukana eo e ne e tlhalosa gore Modimo yo o lorato e bile a na le thata o solofeditse go busa baswi ka kgakgamatso e go tweng tsogo. (Johane 5:28, 29) Jaanong le nna ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng ka ga dilo tse Jim a neng a ntse a di bolelela Phyllis. Ke ne ka tsaya King James Version e potlana eo rre a neng a e nneile fa ke ne ke le ngwana mme ka lebelela dikwalo tse di neng di kwadilwe mo bukaneng eo. Seno se ne se netefatsa se se neng se bolelwa ka ga dihele le boemo jwa baswi.
Selo se sengwe gape se se neng sa nkgakgamatsa ke fa ke ne ke ithuta gore Modimo o na le leina la gagwe, e bong Jehofa. (Pesalema 83:18) Ke ne ke kgona go bona gape gore Modimo o ne a na le maikaelelo, kana lebaka, la sengwe le sengwe se a neng a se dira kana a letla gore se diragale. Seno se ne sa dira gore ke ipotse gore, ‘Tota maikaelelo a me ke eng mo botshelong?’ Go tswa ka nako eo ke ne ka simolola go ipotsa gore a tota go ne go ntsholegela molemo go dira metshameko selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me—mo e leng gore ke ne ka lebala dilo tsotlhe tse dingwe.
Go Dira Tumalanong Le Se Ke Se Sweditseng
Jim le Phyllis ba ne ba sa itse gore pono ya me kaga botshelo e ne e fetogile jang, mme ba ne ba lemoga seno ka nako ya fa lelapa la rona le ne le laleditswe kwa moletlong wa tsala nngwe. Mo malatsing ao, e ne e re fa go ne go na le meletlo e e ntseng jalo, botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba ema mme go ne go kgomaganngwa digalase tsa dino go baka Kgosi ya Ennyelane, mme botlhe ba bo ba nwa go tswa mo digalaseng tsa bone. Lefa go ntse jalo, ke ne ka swetsa gore ke tla nna ke dutse fela jaaka Jim le Phyllis. Ba ne ba sa kgone go dumela se ba se bonang fa ba ne ba mpona ke santse ke dutse! Gone mme, re ne re sa batle go bontsha lonyatso, mme jaaka Bakeresete re ne re ikutlwa gore re ne re tshwanetse go bontsha boitlhaodi mme re se ka ra nna le seabe mo mekgweng e e ntseng jalo ya bosetšhaba.—Johane 17:16.
Lefa go ntse jalo, batsadi ba me le ba bangwe ba lelapa ba ne ne kgopisegile tota. Ba ne ba re ga re ikanyege, kgotsa re a tsenwa—kana tsoopedi! Ka nako e nngwe fa nna le Phyllis re ne re le kwa moletlong wa go abiwa ga dikgele wa setlhopha sa basadi sa kerikete, go ne ga diragala selo se se tshwanang fa go ne go dirwa tlwaelo nngwe ya bosetšhaba. Go ne ga felela ka gore re tlogele setlhopha seo roobabedi. Go dira seno go ne go se thata jaaka ke ne ke akanya, ka gonne ke ne ke setse ke lemoga gore ke ne ke tshwanetse go ineela le go ikanya Keresete Jesu, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.
Phyllis o ne a ntlhalosetsa gore jaanong ke ne ke tlhoka go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka metlha gore ke tle ke age tumelo ya me ka kitso e e oketsegileng ya Baebele. Ka nako eo go ne go na le phuthego e le nngwe fela mo Melbourne, ka jalo ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong motshegare mongwe le mongwe ka Sontaga. Ka bonako fela ke ne ka tlhomamisa gore eno e ne e le phuthego ya Modimo ya boammaaruri ya mo lefatsheng.
Ka bofefo fela ke ne ka lalediwa go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo ya phuthego. Ke ne ke tshaba pele, mme ka Sontaga mongwe mo mosong ke ne ka fetsa gore ke ne ke tla ya go ya go bona fela gore go ne go dirwa jang. Ke ne ka itumela fa ke ne ke abiwa gore ke tsamaye le Mosupi mongwe yo o neng a na le maitemogelo, a bua ka sebete mo kgorong ya ntlha e bile a amogetswe ka boitumelo ke mong wa ntlo. Ke ne ka ipolelela ke re, ‘Gone ga go thata jalo, mme ke tla tshwanelwa ke gore ke thapisiwe thata pele ke ka kgona go rera sentle jaana.’ Ka jalo akanya fela gore ke ne ka tshoga jang fa e tla re re se na go tswa mo ntlong ya ntlha Mosupi yoo a bo a nthaya a re, “Jaanong o tla kgona go dira seno o le nosi.”
“Ke le nosi?” ka botsa ke tshogile! “Ga o bue gone! Ke tla reng fa mongwe a mpotsa potso e ke sa kgoneng go e araba?” Mme mopati wa me o ne a feditse mogopolo. Ka jalo, ke ne ka tsamaya ke le nosi, ke roroma tota fa ene a ne a tswelela go buisana le batho mo ntlheng e nngwe ya mmila. Ka tsela nngwe ke ile ka kgona go falola mo mosong oo wa ntlha.
Fa e sa le ka nako eo, ke ne ka nna le seabe mo tirong ya go rera ka Sontaga mongwe le mongwe mo mosong. Fa ke ne ke fitlha mo kgorong nngwe mme mongwe a mpotsa potso e ke neng ke sa kgone go e araba, ke ne ke tle ke re, “Ke tla ya go batlisisa ka potso eno, mme ke tla boa ke go bona.” Se se itumedisang ke gore, Jehofa o ne a tswelela pele a nnaya nonofo ya gore ke tswelele ka bopelokgale ke tshela ke na le maikaelelo. Ke ne ka neela botshelo jwa me mo go ene, mme ka kolobediwa mo mafelong a go shapa a toropokgolo ya Melbourne ka October 1939. Moragonyana fela ga moo, Phyllis, yo o neng a setse a nyetswe ke Jim, o ne a mpotsa gore ke eng ke sa bule tsela.
Go Dira Mo Lekaleng
Fela fa ke sena go simolola go dira mo Bethele, jaaka re ne re bitsa ofisi ya lekala, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo Australia ka January 1941. Morago ga moo masole a ne a simolola go laola Legae la rona la Bethele mo Strathfield, mme ke ne ka romelwa gore ke ye go dira kwa polaseng ya Mokgatlho kwa Ingleburn, mo e ka nnang dikilometera di le 48 go tswa mo toropokgolong. Ka June 1943 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhokwa molato mme kgotlatshekelo ya tlosa thibelo. Fa ngwaga oo o ne o fela, ba le 25 ba rona ba ne ba bilediwa kwa Bethele ya Strathfield gape. Fa ke le koo ke ne ka tswelela pele ke bereka mo botlhatswetsong jwa diaparo, mme ke ntse ke dira le ditiro tse dingwe mo gae.
Dingwaga tse di lesome tse di neng tsa latela di ne tsa feta ka bonako. Go tswa foo ka 1956, ke ne ka nyalwa ke modirikanna kwa Bethele e bong Ted Wieland. Ted e ne e le monna yo o boikokobetso, yo o pelotelele thata, mme re ne ra itumela fa re ne ra amogelwa go ka tswelela re nna mo Bethele jaaka monna le mosadi. Go tshela re na le maikaelelo mo botshelong e ne e le selo se se botlhokwa thata mo go rona, mme re ne re itumelela tshiamelo ya go direla mo lekaleng la Australia. Mme gape, mo godimo ga tiro ya rona ya mo Bethele, re ne ra itumelela go dira mmogo re thusa ba bangwe go nna barutwa ba ga Keresete. Ka sekai, o ka nna wa bala ka ga lelapa loorra Weekes mo tokololong ya Awake! ya October 22, 1993.
Koketsego e e neng e tla ka monokela ya tiro ya go rera ka Bogosi e ile ya dira gore go tlhoke gore go okediwe fela batho ba le 10 go ya go ba le 12 mo dingwageng tsa ntlha tse 30 tsa fa ke ne ke dira mo Bethele. Mme seno se ne sa fetoga ka bofefo fela mo dingwageng tsa bo1970 fa re ne re simolola go gatisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo lekaleng leno. Ka January 1972 go ne ga simololwa go agiwa bogatisetso jo bosha. Moragonyana fela ga moo, motšhine o o gatisang wa ditone di le 40 o ne wa goroga go tswa kwa Japane mme ka 1973 re ne re gatisa mo e ka nnang dimakasine di le 700 000 ka kgwedi. Lelapa la rona la Bethele ruri le ne le simolola go gola jaanong.
Ke ne ka tlelwa le ke mahutsana ka dingwaga tsa bo1970. Sa ntlha, monna wa me yo o rategang, Ted, o ne a tlhokafala ka 1975 a na le dingwaga tse 80. Mme go ise go fete le ngwaga, rre yo o neng a setse a godile le ene o ne a tlhokafala. Ke ne ka gomodiwa thata ke Jehofa le Lefoko la gagwe, e leng Baebele, le ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba me. Go tshwarega thata mo tirong ya me e e nang le mosola mono Bethele le gone go ne ga nthusa fela thata mo nakong eo ya bohutsana.
Mme legale, botshelo ga bo a ka jwa ema gone fela foo, mme ke ne ka simolola go kgotsofala gape le go nna le masego a mangwe gape, jaanong ke le motlholagadi. Ka 1978 ke ne ka nna gone kwa kopanong ya kgaolo kwa Lontone, kwa Ennyelane, mme morago ga foo ke ne ka etela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho wa Watch Tower mo Brooklyn, kwa New York. Selo se se neng sa ntlhotlheletsa thata go fitlha le jaanong e ne e le go bona makgolokgolo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba dira ka boitumelo kwa Bethele e e kwa Brooklyn.
Fa dingwaga tsa bo1970 di ne di ela bokhutlong, re ne ra utlwa gore go ne go rulaganngwa gore dikago tsa lekala la Bethele mo Australia di atolosiwe gape. Lefa go ntse jalo, ba ne ba se kitla ba atolosa lekala la rona mo Strathfield, ka gonne re ne re sa tlhole re na le lefelo le le lekaneng la go aga. Go na le moo, go ne go tla agiwa kago e ntšha e bile e le kgolo thata kwa setsheng sa rona se se neng se le kwa Ingleburn, moo ke ileng ka direla gone mo masimologong a dingwaga tsa bo1940 fa tiro ya rona e ne e thibetswe.
Go Tswelela Ke Na Le Maikaelelo Mo Botshelong
A bo re ne re itumetse jang ne fa re ne re fudugela kwa lekaleng la rona le lesha ka January 1982! Gone ke boammaaruri, re ne re hutsafetse pele go tlogela lefelo la rona le re le tlwaetseng, mme kgabagare re ne ra itumelela legae la rona le lesha le le neng le na le dikamore tsa go robala tse dintle di le 73. Mme jaanong go na le gore re lebelele mabota a ditena le mebila ya toropo, re bona masimo le ditlhare tse ditala, dikgomo di fula, le bontle jwa go tlhaba le go phirima ga letsatsi—pono e e kgatlhisang ruri.
Re ne ra itumelela go kgakola kago ya rona e ntšha mo letsatsing le lentle la gwetla ka March 19, 1983. Lloyd Barry wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o ne a re fa puo ya kgakolo e e nonofileng thata. Nna ka namana ke ne ka itumelela go nna le ene le mosadi wa gagwe kwa thulaganyong ya kgakolo, e re ka ke ne ke kile ka bereka le bone kwa Bethele ya Strathfield fa rotlhe re ne re santse re le basha thata.
Go ne ga tlhokega gore lekala la rona mono Ingleburn le atolosiwe gape ka ntlha ya tiro ya Bogosi e e neng e nna e ntse e gola. Ofisi e ne ya atolosiwa ka 1987. Mme ka November 25, 1989, go ne ga kgakolwa kago e ntšha ya bonno ya matlhatlaganyane a le matlhano le karolo e e neng e atolositswe ya feketeri e ntšha ya matlhatlaganyane a le mararo. A bo re oketsegile jang ne—go tswa mo baboleding ba ba kwa tlase ga 4 000 mo Australia fa ke ne ke simolola bodiredi jwa me go fitlha go ba ka nna 59 000!
Bosheng jaana lekala la Australia le ile la dirwa nngwe ya Diofisi tse tharo tsa Kgaolo tsa Boenjenere tsa Mokgatlho, mo godimo ga tse di kwa Japane le Jeremane. Seno se ne sa dira gore go tlhokege gore lekala leno la Bethele le atolosiwe gapegape. Kago e nngwe ya matlhatlaganyane a le mararo ya diofisi e setse e weditswe, mme kago e nngwe ya bonno ya matlhatlaganyane a le matlhano e e tla nnang le dikamore di le 80 go fa badiri ba rona ba ba nnang ba ntse ba oketsega bonno, e setse e ya bowelong.
Mo botlhatswetsong jwa diaparo, go na le setlhopha se segolo sa badiri go dira tiro, mme ka nako e nngwe ke tle ke gopole letsatsi lele ka August ka 1940 fa ke ne ka kopiwa go thusa mo lephateng leno ka dibeke di le pedi. Ke itumela go bo dibeke tse pedi tseo di ile tsa gola go nna mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 50 le go bo Jehofa Modimo a ile a kaela dikgato tsa me gore ke nne le maikaelelo mo botshelong jaana.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Fa ke ne ke na le dingwaga di le 25
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ka letsatsi la rona la lenyalo ka 1956
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Nna le nnake re ne re tshwaregile thata mo metshamekong ka 1938, mme jaanong ke dira sengwe se se nang le mosola mo botshelong