LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/15 ts. 10-14
  • Jobe O Ne A Itshoka—Le Rona Re Ka Kgona!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jobe O Ne A Itshoka—Le Rona Re Ka Kgona!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang E E Botlhokwatlhokwa
  • Satane O A Tlhasela!
  • Go Itaya Matlhotlhapelo A Magolo
  • Kgang Eno E Ya Magoletsa
  • Batsietsi Ba Bararo Ba Ba Ikgodisang
  • Balatofatsi ba ga Jobe Ba A Tlhasela
  • Re Ka Kgona go Itshoka
  • Bothokgami Jwa ga Jobe—Ke ka Ntlhayang fa Bo Tlhomologile Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/15 ts. 10-14

Jobe O Ne A Itshoka—Le Rona Re Ka Kgona!

“Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka.”—JAKOBE 5:11.

1. Ke eng se Mokeresete mongwe yo o godileng a neng a se bolela ka diteko tsa gagwe?

‘DIABOLO o ntshetse morago! Ke ikutlwa ka tsela e Jobe a neng a ikutlwa ka yone!’ A. H. Macmillan o ne a bolelela tsala ya gagwe kafa a ikutlwang ka teng ka mafoko a a ntseng jalo kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa. Mokaulengwe Macmillan o ne a fetsa tiro ya gagwe ya mo lefatsheng a na le dingwaga di le 89 ka August 26, 1966. O ne a itse gore go bolelwa molemo ka ntlha ya tirelo e e ikanyegang ya Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka ene ‘go ne go tla ba sala morago.’ (Tshenolo 14:13) Eleruri, ba ne ba tla tswelela pele fela mo tirelong ya ga Jehofa ka go tsosediwa mo botshelong jwa go sa swe kwa legodimong. Ditsala tsa gagwe di ne tsa itumelela gore Mokaulengwe Macmillan o amogetse tuelo eo. Lefa go ntse jalo, fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo a le mo lefatsheng, o ne a lekiwa ka diteko tse di farologaneng, go akaretsa le mathata a botsogo ao a neng a mo dira gore a lemoge sentle gore Satane o leka go dira gore a robe bothokgami jwa gagwe go Modimo.

2, 3. Jobe e ne e le mang?

2 Fa Mokaulengwe Macmillan a ne a bolela gore o ne a ikutlwa ka tsela e Jobe a neng a ikutlwa ka yone, o ne a bolela ka monna yo o neng a itshoketse diteko tse dikgolo tsa tumelo. Jobe o ne a nna mo “lefatsheng la Use,” le le ka tswang le ne le le kafa bokone jwa Arabia. E ne e le setlogolwana sa morwa Noa e bong Sheme, e le moobamedi wa ga Jehofa. Go bonala diteko tsa ga Jobe di ne tsa mo diragalela mo nakong ya fa Josefa a ne a sena go swa le mo nakong ya fa Moshe a ne a itshupa gore o siame. Ka nako eo go ne go sena motho ope yo o neng a boifa Modimo jaaka Jobe. Jehofa o ne a leba Jobe jaaka monna yo o itekanetseng, yo o siameng, yo o boifang Modimo.—Jobe 1:1, 8.

3 Jobe o ne a na le batlhanka ba le bantsi, e re ka a ne “a feta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo,” mme o ne a na le diruiwa di le 11 500. Mme se se neng se le botlhokwa thata mo go ene e ne e le go huma semoyeng. Go bonala Jobe a ne a ruta bomorwawe ba ba supa le bomorwadie ba bararo kaga Jehofa, fela jaaka borrabana ba ba boifang Modimo gompieno. Tota lefa ba ne ba sa tlhole ba nna le ene mo legaeng la gagwe, o ne a direla jaaka moperisiti wa lelapa ka go ba ntshetsa ditlhabelo, fa e le gore gongwe ba ne ba ka tswa ba leofile.—Jobe 1:2-5.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba bogisiwang ba tshwanetse go akanya ka monna yo go tweng Jobe? (b) Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang malebana le Jobe?

4 Jobe ke mongwe yo Bakeresete ba ba bogisiwang ba ka mo akanyang e le gore ba inonotshe gore ba itshoke ka bopelotelele. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse boutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Fela jaaka Jobe, balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng le “boidiidi jo bogolo” jwa motlha wa segompieno ba tlhoka gore ba itshoke gore ba atlege fa tumelo ya bone e lekwa. (Tshenolo 7:1-9) Ka jalo, ke diteko dife tse Jobe a ileng a di itshokela? Ke ka ntlha yang fa di ne di diragala? Mme re ka solegelwa molemo ke maitemogelo a gagwe jang?

Kgang E E Botlhokwatlhokwa

5. Ke eng se se neng sa direga kwa legodimong se Jobe a neng a sa se itse?

5 Go ne go tla tloga go tsoga kgangkgolo kwa legodimong, Jobe ene a sa itse. Ka letsatsi lengwe “bomorwa Modimo ba [ne ba ya] go iponatsa fa pele ga Jehofa.” (Jobe 1:6) Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi e bong Lefoko, o ne a le teng. (Johane 1:1-3) Ba bangwe ba ba neng ba le teng e ne e le baengele ba ba siameng le “bomorwa Modimo” ba baengele ba ba senang kutlo. (Genesise 6:1-3) Satane o ne a le teng, ka gonne o ne a ka se ka a lelekwa kwa legodimong go tle go tsamaye Bogosi bo tlhomiwe pele ka 1914. (Tshenolo 12:1-12) Satane o ne a tla tsosa kgang e e botlhokwatlhokwa mo motlheng wa ga Jobe. O ne a le gaufi le go supa go belaela gore a Jehofa o ka laola dibopiwa tsotlhe tsa Gagwe ka tshwanelo.

6. Ke eng se Satane a neng a leka go se dira, mme o ne a senya Jehofa leina jang?

6 “O tswa kae?” Jehofa o ne a botsa jalo. Satane o ne a araba jaana: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.” (Jobe 1:7) O ne a ntse a batla mongwe yo a ka mo kometsang. (1 Petere 5:8, 9) Satane o ne a tla leka go supa gore ga go na motho ope yo o neng a tla ikobela Modimo ka botlalo a tlhotlhelediwa ke lorato ka go roba bothokgami jwa batho ba ba direlang Jehofa. Jehofa o ne a botsa Satane jaana fa a ne a bolela ka kgang eno: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o siameng, motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula?” (Jobe 1:8) Jobe o ne a ikobela ditekanyetso tsa bomodimo tse di neng di kgona go akaretsa makoa a gagwe. (Pesalema 103:10-14) Mme Satane o ne a fetola jaana: “A Jobe o boifa Jehofa ka lefela? A ga o a mmeela mo tikologong ya gagwe le ntlo ya gagwe le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha tsotlhe? O Segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le dithuo tsa gagwe di atile mo lefatsheng.” (Jobe 1:9, 10) Ka gone Diabolo o ne a senya Jehofa leina ka go bolela gore ga go na ope yo A mo ratang le yo A mo obamelang ka ntlha ya se A leng sone mme go na le moo O bipa dibopiwa tsa gagwe molomo gore di Mo direle. Satane o ne a bolela gore Jobe o ne a direla Modimo ka ntlha ya bopelotshetlha fela, e seng ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke lorato.

Satane O A Tlhasela!

7. Diabolo o ne a gwetlha Modimo ka tsela efe, mme Jehofa o ne a mo araba jang?

7 “A o ko o ntshe seatla sa gago jaana, o ame tsotlhe tse o nang natso, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago,” Satane o ne a bolela jalo. Modimo o ne a tla araba jang kgwetlho e e ntseng jalo e e supang lonyatso? Jehofa o ne a bolela jaana: “Bona, dilo tsotlhe tse o nang natso di mo thateng ya gago; fa e se ene fela sebele, o se ka wa ntshetsa ene seatla.” Diabolo o ne a ile a bolela gore dithoto tsotlhe tse Jobe a neng a na le tsone di ne di segofaditswe, di ntsifaditswe, e bile di sireleditswe. Modimo o ne o tla letlelela Jobe gore a boge, le mororo mmele wa gagwe o ne o sa tshwanela go utlwisiwa botlhoko. Satane o ne a tsamaya a tswa mo kokoanong eo a ikaeletse go ya go dira bosula.—Jobe 1:11, 12.

8. (a) Jobe o ne a latlhegelwa ke dithoto dife? (b) Ke eng se se neng se le boammaaruri ka “molelo wa Modimo”?

8 Go ise go ye kae, Satane o ne a simolola go tlhasela. Mongwe wa batlhanka ba ga Jobe o ne a mo tlisetsa dikgang tseno tse di bosula: “Dikgomo di ne di lema le diesele di fula fa go tsone; Basabea ba di tlhasela, ba di gapa; ee, ba bolaile batlhanka ka bogale jwa tšhaka.” (Jobe 1:13-15) Dithoto tsa ga Jobe di ne di sa tlhole di sireleditswe. Go ise go ye kae fela, maatla a badimona a ne a dirisiwa ka tlhamalalo, ka gonne motlhanka yo mongwe o ne a bega jaana: “Molelo wa Modimo o ole kwa legodimong, mme o laitse dinku, wa di nyeletsa le batlhanka.” (Jobe 1:16) A bo e ne e le selo sa bodiabolo jang ne go dira jaaka e kete e ne e le Modimo yo o ikarabelang mo matlhotlhapelong ao a neng a a tlisetsa le ene motlhanka wa gagwe tota! E re ka logadima lo tswa kwa legodimong, o ne a ka bo a ile a bonwa molato motlhofo fela, mme totatota molelo o ne o tswa mo badimoneng.

9. Go bo Jobe a ne a sa tlhole a na le itsholelo go ne ga ama kamano ya gagwe le Modimo jang?

9 Motlhanka yo mongwe o ne a tla go bega gore Bakalatea ba tsere dikamela tsa ga Jobe mme ba ile ba bolaya batlhanka botlhe ba bangwe, fa Satane a ntse a tsweletse a tlhasela. (Jobe 1:17) Le mororo Jobe a ne a sa tlhole a na le itsholelo, seno se ne sa se ka sa senya kamano ya gagwe le Modimo. A o ne o ka itshokela go latlhegelwa ke dilo tse di bonalang di le dintsi kwantle ga go roba bothokgami jwa gago go Jehofa?

Go Itaya Matlhotlhapelo A Magolo

10, 11. (a) Ke eng se se neng sa diragalela bana ba ga Jobe ba ba lesome? (b) Fa bana ba ga Jobe ba sena go swa mo go setlhogo, o ne a leba Jehofa jang?

10 Diabolo o ne a ise a fetse go tlhasela Jobe. Motlhanka yo mongwe gape o ne a tla go bega jaana: “Bomorwao le bomorwadio ba ne ba ja ba nwa bojalwa jwa mofine mo ntlong ya mogoloa bone; mme bona, ga tswa sefefo se segolo kwa nageng, sa itaya dikgokgotsho tsa ntlo tsoo nne, mme ya wela makau, mme a sule; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.” (Jobe 1:18, 19) Batho ba ba neetsweng tshedimosetso e e phoso ba ka nna ba bolela gore tshenyo e e bakilweng ke phefo eo e ne e le ‘tiro ya Modimo.’ Lefa go ntse jalo, maatla a badimona a ile a ama Jobe ka sengwe se se neng sa mo utlwisa botlhoko.

11 E re ka Jobe a ne a hutsafetse thata, ‘o ne a ikgagola seaparo sa gagwe se se senang matsogo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, mme a khubama ka mangole.’ Lefa go ntse jalo, reetsa mafoko a gagwe. “Jehofa o ne a nneile, mme Jehofa o tlositse; a go bakwe leina la ga Jehofa.” Polelo eno e tswelela pele jaana: “Mo go tsotlhe tse Jobe ga a ka a leofa, le fa e le go kaya Modimo boatla.” (Jobe 1:20-22) Satane o ne a fentswe gape. Re ka reng fa re ka swelwa ke mongwe yo re mo ratang re bo re hutsafala jaaka batlhanka ba Modimo? Go ineela mo go Jehofa ka tsela e e senang bopelotshetlha le go mo ikanya go ka dira gore re kgone go itshoka jaaka batho ba ba bolokang bothokgami, fela jaaka Jobe a ne a itshoka. Batlodiwa mmogo le bangwekabone ba ba solofelang gore ba tla tshela mo lefatsheng eleruri ba ka gomodiwa le go nonotshiwa ke polelo eno ya go itshoka ga ga Jobe.

Kgang Eno E Ya Magoletsa

12, 13. Ke eng se Satane a neng a se kopa mo kokoanong e nngwe ya kwa legodimong, mme Modimo o ne wa mo araba jang?

12 Go ise go ye kae Jehofa o ne a bitsa kokoano e nngwe kwa mannong a selegodimo. Jobe jaanong o ne a sena bana, e le monna yo o humanegileng, go lebega e kete o ne a tlhokofadiwa ke Modimo, mme lefa go ntse jalo o ne a nitame mo bothokgaming jwa gagwe. Gone mme, Satane o ne a ka se ka a dumela gore dilo tse a latofatsang Modimo le Jobe ka tsone di ne di le maaka. Jaanong “bomorwa Modimo” ba ne ba tla tloga ba utlwa kganetsano eno jaaka Jehofa a tlhotlheletsa Diabolo gore a fedise kgang eno.

13 Jehofa o ne a botsa jaana fa a ne a batla gore Satane a ikarabele: “O tswa kae?” O ne a araba a reng? “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.” Jehofa gape o ne a lebisa tlhokomelo go motlhanka wa gagwe Jobe yo itekanetseng, yo o thokgameng, a boifa Modimo, yo o neng a santse a bolokile bothokgami jwa gagwe fela thata. Diabolo o ne a fetola jaana: “Letlalo le tle le ntshediwe letlalo, ee, tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe. Mme a o ko o ntshe seatla sa gago jaana, o mo ame lesapo le nama, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.” Ka jalo Modimo o ne wa bolela jaana: “Bona, o mo seatleng sa gago; o rekegele botshelo jwa gagwe, ke gone gotlhe.” (Jobe 2:2-6) Satane o ne a bontsha gore Jehofa ga a ise a ntshe dilo tsotlhe tse di sireletsang, ka jalo o ne a batla gore a utlwise marapo le nama ya ga Jobe botlhoko. Diabolo o ne a ka se ka a letlelelwa go bolaya Jobe; mme Satane o ne a itse gore bolwetse jwa mo mmeleng bo ne bo tla mo utlwisa botlhoko a bo a dira jaaka e kete o ne a tlhokofadiwa ke Modimo ka ntlha ya maleo a gagwe a mo sephiring.

14. Satane o ne a itaya Jobe ka eng, mme ke ka ntlha yang go ne go ka se nne le motho ope yo o neng a ka mo fodisa a boga jalo?

14 Fa ba sena go phatlalala mo kokoanong eo, Satane o ne a tswelela pele a natefeletswe ke go ya go dira bosula jo bo setlhogo. O ne a itaya Jobe ka “diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe.” A bo Jobe a ne a itshokela matshwenyego a magolo jang ne a ntse mo meloreng mme a ingwaya ka lobeana! (Jobe 2:7, 8) Go ne go sena ngaka epe ya motho e e neng e ka fodisa bolwetse jono jo bo botlhokotlhoko, jo bo maswe, le jo bo tlhabisang ditlhong, ka gonne bo ne bo bakilwe ke maatla a ga Satane. E ne e le Jehofa fela yo o neng a ka kgona go fodisa Jobe. Fa o le motlhanka wa Modimo yo o lwalang, le ka motlha o se ka wa lebala gore Modimo o ka go thusa gore o itshoke e bile o ka go neela botshelo mo lefatsheng le lesha le le senang bolwetse.—Pesalema 41:1-3; Isaia 33:24.

15. Ke eng se mosadi wa ga Jobe a neng a mo rotloetsa go se dira, mme o ne a mo araba jang?

15 Kgabagare, mosadi wa ga Jobe o ne a bolela jaana: “A o sa ntse o tshegeditse [bothokgami, NW] jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.” “Bothokgami” bo bolela kobamelo e e phepa, mme a ka tswa a ne a bua ka go sotla fela gore Jobe a itatole Modimo. Mme o ne a mo araba jaana: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Tota le lemena leno la ga Satane le ne la se ka la bereka, ka gonne re bolelelwa jaana: “Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.” (Jobe 2:9, 10) A re re gongwe ba lelapa ba ba ganetsang ba ne ba bolela gore re ne re itapisa fela ka tsela e e boeleele ka go latela dilo tsa Bokeresete mme ba re rotloetsa gore re itatole Jehofa Modimo. Fela jaaka Jobe, re ka itshokela teko eo ka gonne re rata Jehofa e bile re eletsa go galaletsa leina la gagwe le le boitshepo.—Pesalema 145:1, 2; Bahebere 13:15.

Batsietsi Ba Bararo Ba Ba Ikgodisang

16. Ke bomang ba ba neng ba tla, ba go neng go ka twe ba ne ba gomotsa Jobe, mme Satane o ne a ba tlhotlheletsa jang?

16 Mo boferefereng jo bongwe jo bo dirilweng ke Satane, “ditsala” tse tharo di ne tsa tla, di re di tlile go gomotsa Jobe. Yo mongwe wa bone e ne e le Elifase, yo go bonalang e ne e le setlogolwana sa ga Aberahame ka Esau. E re ka Elifase e le ene a neng a bua la ntlha, gongwe o ne a le motona mo go bone. Yo mongwe yo o neng a na le bone e ne e le Biletate, setlogolwana sa ga Shua, yo o neng e le mongwe wa barwa ba ga Aberahame ka Ketura. Monna wa boraro e ne e le Sofare, yo o neng a bidiwa Monaamathe e le gore lelapa la gagwe le itsiwe sentle kana lefelo la gagabo, le le ka tswang le ne le le kwa bokonebophirima jwa Arabia. (Jobe 2:11; Genesise 25:1, 2; 36:4, 11) Fela jaaka batho ba ba lekang go dira gore Basupi ba ga Jehofa ba itatole Modimo gompieno, banna bano ba bararo ba ne ba tlhotlhelediwa ke Satane go leka go dira gore Jobe a dumele gore o molato mo ditatofatsong tsa maaka tse ba neng ba di mo direla mme a robe bothokgami jwa gagwe.

17. Ke eng se banna ba bararo ba ba neng ba etile ba neng ba se dira, mme ke eng se ba neng ba se ka ba se dira mo malatsing a le supa le masigo a supa?

17 Banna bano ba bararo ba ne ba bontsha kutlwelobotlhoko e kgolo ka go lela, go ikgagola diaparo, le go kubuelela lorole mo godimo ga ditlhogo tsa bone. Mme go tswa foo ba ne ba nna fa fatshe le Jobe ka malatsi a le supa le masigo a supa go sena ope wa bone yo o buang lefoko la go mo gomotsa! (Jobe 2:12, 13; Luke 18:10-14) Batsietsi ba ba ikgodisang bano ba bararo ba ne ba sule semoyeng mo e leng gore ba ne ba sena sepe se se gomotsang se ba neng ba ka se bua kaga Jehofa le dilo tse a di solofeditseng. Lefa go ntse jalo, ba ne ba itirela ditshwetso tse di phoso mme ba ipaakanyetsa go pega Jobe molato ka tsone ka bonako fela fa ba sena go dira mokgwa wa go hutsafala o o neng o dirwa ke batho botlhe. Se se kgatlhang ke gore e ne ya re pele ga letsatsi la bosupa le fela ba ntse ba didimetse jalo, Elihu o ne a nna mo a ka kgonang go utlwa puisano ya bone gone.

18. Ke ka ntlha yang fa Jobe a ne a batla go swa gore a bone kagiso?

18 Kgabagare Jobe o ne a bua. E re ka banna bano ba bararo ba ne ba se ka ba mo gomotsa, o ne a hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone mme a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa botshelo jwa gagwe jo bo tletseng mahutsana bo ne bo lelefadiwa jaana. O ne a batla gore a swe a bone kagiso, tota e bile a sa akanye gore o ne a ka tsamaya a bone boipelo jwa mmatota gape pele a swa, e re ka jaanong a ne a humanegile, a swetswe ke baratiwa ba gagwe, e bile a lwala mo go botlhoko. Mme Modimo o ne o ka se ka wa letlelela gore Jobe a utlwisiwe botlhoko gore a bo a swe.—Jobe 3:1-26.

Balatofatsi ba ga Jobe Ba A Tlhasela

19. Elifase o ne a latofatsa Jobe ka maaka mo mabakeng afe?

19 Elifase e ne ya nna ene wa ntlha go bua ka makgetlho a mararo a fa ba ntse ba refosana go bua gararo mo kganetsanong e e neng e leka bothokgami jwa ga Jobe go ya kwa pele. Elifase o ne a botsa jaana mo mafokong a gagwe a ntlha: “Bathokgami ba kile ba kgaolwa kae?” O ne a swetsa ka gore Jobe o tshwanetse a bo a ile a dira sengwe se se bosula se se dirang gore Modimo o mo otlhaye jaana. (Jobe, dikgaolo 4, 5) Mo mafokong a ga Elifase a bobedi, o ne a nyatsa botlhale jwa ga Jobe mme a botsa jaana: “O itse eng se rona re sa se itseng?” Elifase o ne a kaya gore Jobe o ne a leka go itshupa gore o mogolo go Mothatayotlhe. Fa a fetsa tatofatso ya gagwe ya bobedi, o ne a tlhalosa fa Jobe a na le molato wa botenegi, pipa molomo, le go tsietsa. (Jobe, kgaolo 15) Mo mafokong a gagwe a bofelo, Elifase o ne a latofatsa Jobe ka maaka a re o dirile ditlolomolao di le dintsi—bogagapa, go tima batlhoki borotho le metsi, le go gatelela basadi ba batlholagadi le masiela.—Jobe, kgaolo 22.

20. Biletate o ne a tlhasela Jobe ka tsela e e ntseng jang?

20 E re ka Biletate e ne e le wa bobedi go bua fa ba ntse ba refosana go bua gararo mo kganetsanong eno, gantsi o ne a latela kgang ya konokono e e neng ya simololwa ke Elifase. Dipuisano tsa ga Biletate di ne di le dikhutshwane go feta tsa ba bangwe mme di ne di le bogale thata. O ile a ba a bona bana ba ga Jobe molato wa gore ba dirile sengwe se se sa tshwanelang mme ke gone ka moo ba neng ba tshwanelwa ke go swa. O ne a dirisa setshwantsho seno fa a ntse a mo latofatsa ka maaka: Fela jaaka setlhare sa motsitla le mophutlo di swaba di bo di swa fa di sena metsi, go ntse fela jalo ka “botlhe ba ba lebalang Modimo.” Polelo eo e boammaruri, mme e ne e sa amane le Jobe ka gope. (Jobe, kgaolo 8) Biletate o ne a re botlhoko jwa ga Jobe ke jo bo tlelang baikepi. (Jobe, kgaolo 18) Mo mafokong a ga Biletate a boraro a makhutshwane, o ne a ntsha mabaka a gore motho ke “seboko” mme ke gone ka moo a seng phepa fa pele ga Modimo.—Jobe, kgaolo 25.

21. Sofare o ne a bona Jobe molato ka eng?

21 Sofare e ne e le ene wa boraro go bua mo kganetsanong eno. Ka kakaretso, mabaka a gagwe a ne a tshwana fela le a ga Elifase le Biletate. Sofare o ne a bona Jobe molato wa go dira boikepo mme a mo rotloetsa gore a latlhe ditiro tsa gagwe tsa boleo. (Jobe, dikgaolo 11, 20) Sofare o ne a se ka a bua morago ga gore ba refosane go bua gabedi. O ne a sena sepe se a ka se buang fa ba refosana go bua la boraro. Lefa go ntse jalo, Jobe o ne a ntse a araba balatofatsi ba gagwe ka bopelokgale mo puisanong eno yotlhe. Ka sekai, mo lekgetlhong le lengwe o ne a bolela jaana: “Lo bagomotsi ba lo lapisang lotlhe fela. A mafoko a boithamako a ka dirana le bokhutlo?”—Jobe 16:2, 3.

Re Ka Kgona go Itshoka

22, 23. (a) Diabolo o ka nna a dira jang go leka go dira gore re robe bothokgami jwa rona go Jehofa Modimo fela jaaka a ne a dira ka Jobe? (b) Le mororo Jobe a ne a itshokela diteko tse di farologaneng, re ka nna ra ipotsa eng malebana le boikutlo jwa gagwe?

22 Fela jaaka Jobe, re ka nna ra lebana le diteko di le dintsi ka nako e le nngwe fela, mme Satane o ka nna a re kgoba marapo kana a dirisa ditsela tse dingwe a leka go dira gore re robe bothokgami jwa rona. O ka nna a leka go dira gore re latlhe Jehofa fa re na le mathata a itsholelo. Fa re swelwa ke mongwe yo re mo ratang kana re lwala, Satane o ka nna a leka go re tlhotlheletsa gore re bone Modimo molato. Mongwe o ka nna a re latofatsa ka maaka fela jaaka ditsala tsa ga Jobe di ne tsa dira. Fela jaaka Mokaulengwe Macmillan a ne a bontsha, Satane o ka nna a bo a ‘re setse morago,’ mme re ka kgona go itshoka.

23 Jobe o ne a itshokela diteko tsa gagwe tse di farologaneng fela jaaka re setse re bone go fitlha jaanong. Lefa go ntse jalo, a o ne a itshokile fela ka go bo o tla reng? A totatota o ne a na le moya o o ngomogileng? A re boneng gore a totatota Jobe o ne a setse a sena tsholofelo.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke kgang efe e kgolo e e neng ya tsosiwa ke Satane mo motlheng wa ga Jobe?

◻ Jobe o ne a lekwa fela thata ka ditsela dife?

◻ “Ditsala” tse tharo tsa ga Jobe di ne tsa mmona molato ka eng?

◻ Satane o ka nna a leka go dira gore re robe bothokgami jwa rona go Jehofa jang fela jaaka a ne a dira ka Jobe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A. H. Macmillan

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela