LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/15 ts. 4-7
  • Baswi Ba Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baswi Ba Kae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Bomang Ba Ba Yang kwa Legodimong?
  • Ba Ba Sa Yeng Kwa Legodimong
  • Go Robala mo Losong
  • Bagologolwane ba Rona ba Tla Tshela Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—A O Tla Ba Bona Gape?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Selo se le Sosi Se se Ka Dirololang Loso!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/15 ts. 4-7

Baswi Ba Kae?

“LEFATSHE ke mmaraka; legodimo ke legae la rona,” go bolela jalo Bayoruba ba kwa Afrika Bophirima. Mogopolo ono o tshwerwe ke ditumelo di le dintsi. Go tlhalosiwa gore lefatshe le tshwana le mmaraka o re o etelang ka nako e khutshwane fela re bo re tsamaya. Go ya ka tumelo eno, fa re swa re ya kwa legodimong, jo eleng jone bonno jwa rona tota.

Ee ruri, Baebele e ruta gore bangwe ba ya kwa legodimong. Jesu Keresete o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi. . . . Ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.”—Johane 14:2, 3.

Mafoko a ga Jesu ga a kaye gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong kana gore legodimo ke legae la batho. Batho ba bangwe ba isiwa kwa legodimong ba isediwa gore ba tle ba buse lefatshe. Jehofa Modimo o ne a itse gore dipuso tsa batho di ne di se kitla di atlega go laola dikgang mo lefatsheng. Ka jalo, o ne a rulaganya gore go nne le puso ya selegodimo, kana Bogosi, jo kgabagare bo neng bo tla laola lefatshe le go le fetola go nna Paradaise e a neng a ntse a batlile gore le nne yone kwa tshimologong. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a tla nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. (Daniele 7:13, 14) Go ne go tla tlhophiwa batho bangwe gore ba buse le ene. Baebele e ne ya bolelela pele gore ba ba isiwang kwa legodimong ba ne ba tla nna “bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one” gape ba ne ba tla “busa mo lefatsheng.”—Tshenolo 5:10.

Ke Bomang Ba Ba Yang kwa Legodimong?

E re ka babusi bano ba selegodimo ba ne ba tla nna le maikarabelo a magolo, ga go gakgamatse go bo ba ne ba tla tshwanelwa ke go latela melaometheo e e gagametseng. Ba ba yang kwa legodimong ba tshwanetse go nna le kitso ya boammaaruri kaga Jehofa le go mo obamela. (Johane 17:3; Baroma 6:17, 18) Ba tshwanetse gore ba bo ba dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Johane 3:16) Lefa go ntse jalo, go tlhokega se se fetang seo. Ba tshwanetse gore ba bidiwe ba bo ba tlhophiwe ke Modimo a dirisa Morwawe. (2 Timotheo 1:9, 10; 1 Petere 2:9) Mo godimo ga moo, ba tshwanetse gore ba bo ba le Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ba ‘tsetsweng sesha,’ ka moya o o boitshepo wa Modimo. (Johane 1:12, 13; 3:3-6) Gape ba tshwanetse go nna ba ikanyega mo Modimong go fitlha ba swa.—2 Timotheo 2:11-13; Tshenolo 2:10.

Batho ba le dimilione tse dintsintsi ba ba neng ba tshela ba bo ba swa ga ba a ka ba tshela go ya kafa melaometheong eno. Ba le bantsi ga ba a ka ba nna le sebaka se se lekaneng sa go ithuta ka Modimo wa boammaaruri. Ba bangwe ga ba ise ba ko ba bale Baebele mme ba itse go le gonnye fela kana ga ba itse sepe gotlhelele kaga Jesu Keresete. Tota le mo Bakereseteng ba boammaaruri ba ba mo lefatsheng gompieno, ke ba sekae fela ba Modimo o ba tlhophileng gore ba bone botshelo kwa legodimong.

Ka ntlha ya seo, palo ya batho ba ba yang legodimong e ne e tla nna nnye tota. Jesu o ne a ba bitsa a re ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Moragonyana, moaposetoloi Johane o ne a senolelwa gore ba ba “tswang go rekwa mo lefatsheng” gore ba tle ba buse le Keresete, ba ne ba tla nna 144 000 fela ka palo. (Tshenolo 14:1, 3; 20:6) Palo eo fa e bapisiwa le dimilione tse di diketekete tsa batho ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng, ke palo e potlana thata.

Ba Ba Sa Yeng Kwa Legodimong

Go diragala eng ka ba ba sa yeng legodimong? A ba a boga mo lefelong lengwe la pogiso ya bosakhutleng jaaka ditumelo dingwe di ruta? Tota nnyaa, ka gonne Jehofa ke Modimo o o lorato. Batsadi ba ba lorato ga ba latlhele bana ba bone mo molelong, le Jehofa ga a bogise batho jalo.—1 Johane 4:8.

Tsholofelo ya bontsi jo bogolo jwa batho ba ba suleng ke gore ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise. Baebele e bolela gore Jehofa o bopetse lefatshe gore le “agiwe.” (Isaia 45:18, NW) Mopesalema o ne a bolela jaana: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Lefatshe ke lone le tla nnang legae la batho la bosakhutleng, e seng legodimo.

Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe [la ga Jesu, “Morwa Motho”] ka lone. Mme ba tlaa tswa.” (Johane 5:27-29) Moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo o ne a tlhomamisa jaana: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” (Ditiro 24:15) Fa Jesu a ne a le mo koteng ya tlhokofatso, o ne a solofetsa modirabosula mongwe yo o neng a ikwatlhaya gore o tla bona botshelo ka go tsosediwa mo lefatsheng la paradaise.—Luke 23:43.

Lefa go ntse jalo, gone jaanong jaana baswi ba ba tla tsosediwang gore ba tshele mo lefatsheng ba mo boemong bofe? Tiragalo nngwe mo bodiheding jwa ga Jesu e thusa go araba potso eno. Tsala ya gagwe ebong Lasaro o ne a sule. Pele ga Jesu a ya go mo tsosa, O ne a bolelela balatedi ba Gagwe a re: “Lasaro, tsala ya rona, e robetse; mme ke a ya gore ke mo tsose mo borokong.” (Johane 11:11) Ka jalo Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko, boroko jo bo kwa teng jo motho a sa kgoneng go lora sepe mo go jone.

Go Robala mo Losong

Dikwalo tse dingwe di dumelana le ntlha eno ya go robala mo losong. Ga di rute gore batho ba na le moya o o sa sweng o o fetelang mo lefelong la meya fa motho a swa. Go na le moo, Baebele ya re: “Baswi ga ba itse sepe . . . Lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [phupu], kwa o yang gone.” (Moreri 9:5, 6, 10) Mo godimo ga moo, mopesalema o ne a bolela gore motho o “[boela] mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.”—Pesalema 146:4.

Dikwalo tseno di bontsha ka phepafalo gore batho ba ba robetseng mo losong ga ba kgone go re bona kana go re utlwa. Ga ba kgone go tlisa tshegofatso lefa e le masetlapelo. Ga ba kwa legodimong, le gone ga ba nne mmogo jaaka setšhaba sa bagologolwane. Ga ba tshele, ga ba yo.

Mo nakong e Modimo a e tlhomileng, bao gone jaanong ba robetseng mo losong mme a santse a ba gakologelwa ba tla tsosediwa gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. E tla bo e le lefatshe le le sa tlholeng le na le kgotlelo, matshwenyego, le mathata a batho ba nang le one gompieno. A bo eo e tla bo e le nako e e monate jang ne! Mo Paradaiseng eo ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri, ka gonne Pesalema 37:29 e re tlhomamisetsa jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”

[Lebokoso mo go tsebe 6, 7]

KE NE KA KGAOGANA LE GO OBAMELA BASWI

“Fa ke ne ke santse ke le mosimane, ke ne ke tlhola ke thusa rre fa a ya go ntshetsa rraagwe yo o tlhokafetseng ditlhabelo. Ka lekgetlho lengwe fa rre a sena go fola bolwetsi bongwe jo bo maswe, monna yo o buisanang le baswi o ne a mmolelela gore o tshwanetse go tlhabela rraagwe yo o tlhokafetseng podi, a bo a mo isetse digwete, manoko a kola, le bojalwa. Gape Rre o ne a gakololwa gore a kope bagologolwane ba gagwe ba ba tlhokafetseng gore ba thibele gore a se ka a tlhola a lwala gape le go welwa ke masetlapelo.

“Mmè o ne a reka dilo tsotlhe tse di neng di tlhokega mo go direng setlhabelo, se se neng se tla direlwa kwa phupung ya ga rremogolo. Phupu eno e ne e le fela fa thoko ga ntlo ya rona, jaaka fa e le yone ngwao ya batho ba kwa gae.

“Go ne ga lalediwa ditsala, ba losika, le baagisane gore ba tle go bona setlhabelo seno. Rre o ne a apere sentle go tshwanela tiragalo eo, mme a ntse mo setulong go lebagana le ntlo ya kobamelo e mo go yone go neng go beilwe mokoloko wa magata a le mantsi a dipodi tse di neng di dirisitswe mo ditlhabelong tse di dirilweng pele ga seno. Tiro ya me e ne e le go tshela beine e e tswang mo lebotleleng ke e tshela mo phafaneng, ke bo ke e neela rre. Ene o ne a e tsaya a bo a e tshela fa fatshe e le gone jaaka a isa setlhabelo. Rre o ne a bitsa leina la ga rraagwe gararo a mo rapela gore a mo golole a se ka a tlhola a nna le masetlapelo gape mo isagweng.

“Go ne ga isiwa manoko a kola, ga tlhajwa phelehu, ya apewa mme ya jewa ke botlhe ba ba neng ba le teng. Le nna ke ne ka ja ka ba ka bina fa go ntse go opelwa ebile go lediwa meropa. Rre o ne a bina ka botswerere le ka matsetseleko, lefa go ne go bonala gore o godile. Nako le nako fa go itapolosiwa o ne a rapela bagologolwane ba gagwe gore ba segofatse botlhe ba ba leng teng, fa batho bone, le nna ke le mo teng, ba ntse ba araba ba re Ise, ke gore ‘A go nne jalo.’ Ke ne ka lebelela rre ka kgatlhego e kgolo le ka lorato ke eletsa go ipona le nna letsatsi lengwe ke le mogolo ebile ke lekane go ntshetsa bagologolwane ba ba tlhokafetseng ditlhabelo.

“Lefa go ne go isiwa ditlhabelo tse dintsi jaana, go ne go ntse go sena kagiso mo lapeng. Lefa mmè a ne a na le barwa ba le bararo fela ba ba setseng, bomorwadie botlhe ba bararo ba a neng a ba tshola ga ba a ka ba tshela lobaka lo loleele; botlhe ba ne ba swa ba sa le bannye. Fa mmè a ne a nna moimana gape, rre o ne a ntsha ditlhabelo tse di boitshegang gore ngwana a tle a tsholwe ka pabalesego.

“Mmè o ne a tshola mosetsana yo mongwe gape. Morago ga dingwaga tse pedi ngwana yoo o ne a lwala a bo a tlhokafala. Rre o ne a ya go bona motho yo o buisanang le baswi mme ene a mmolelela gore ngwana o ne a bolailwe ke mmaba mongwe. Motho yo o buisanang le baswi o ne a bolela gore ba ne ba tshwanetse go dirisa legong le le shang, lebotlele la bojalwa, le ntšanyana fa ba ntsha setlhabelo gore ‘moya’ wa ngwana o kgone go itwela. Legong le le shang le ne le tlile go bewa mo phupung, bojalwa bo kgatshiwa mo phupung, ntšanyana yone e tla katelwa e tshela gaufi le phupu. Seno se ne se tshwanetse go tsosa moya wa mosetsana yo o tlhokafetseng gore a ipusolosetse loso lwa gagwe.

“Ke ne ka tsamaya ke tshotse lebotlele la bojalwa le legong le le shang ke ya kwa phupung, rre ene a tshotse ntšanyana, eo a neng a e katela fela jaaka motho yo o buang le baswi a ne a laetse. Rotlhe re ne re dumela gore e tla re go ise go fete malatsi a le supa moya wa mosetsana yo o tlhokafetseng o bo o bolaya motho yo o neng a mmolaile ka tshoganetso jalo. Go ne ga feta dikgwedi di le pedi mme go sena ope yo o begwang a tlhokafetse mo tikologong ya rona. Ke ne ka bulega matlho.

“Ke ne ke na le dingwaga di le 18 ka nako eo. Nako e khutshwane fela morago ga foo ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa, mme ba mpontsha go tswa mo Dikwalong gore baswi ba ka se direle batshedi molemo lefa e le bosula. Fa kitso ya Lefoko la Modimo e ntse e nwelelela mo pelong ya me, ke ne ka bolelela rre gore ke ne ke ka se tlhole ke tsamaya le ene fa a ya go ntshetsa baswi ditlhabelo. La ntlha o ne a ntenegela ka gonne a ne a re ke a mo latlha. Mme lefa go ntse jalo fa a lemoga gore ke ne ke sa ikaelela go tlogela tumelo e ke neng ke sa tswa go e bona, ga a ka a gana gore ke obamele Jehofa.

“Ka April 18, 1948, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me ka go kolobediwa mo metsing. Fa e sale ka nako eo, ke ntse ke tswelela pele ke direla Jehofa ka boitumelo jo bogolo ebile ke kgotsofetse, ke thusa ba bangwe gore ba ikgolole mo go obameleng bagologolwane ba ba suleng, ba ba ka se keng ba re thusa lefa e le go re gobatsa.”—E neetswe ke J. B. Omiegbe, Benin City, Nigeria.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tla nna boitumelo jo bogolo thata fa baswi ba tsosiwa mo lefatsheng la paradaise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela