LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/1 ts. 32
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Baikepi Ba Atlega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Baikepi Ba Atlega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/1 ts. 32

Ke Ka Ntlha Yang Fa Baikepi Ba Atlega?

“ANA baikepi ba tshela ka ntlha yang?” Potso eno e ne ya bodiwa bogologolo tala ke Jobe yo o ikanyegang, mme e ile ya boaboelediwa gantsintsi fa e sa le mo motlheng wa gagwe. E tshwanetse ya bo e le mo megopolong ya batho ba le bantsi ba naga e pele e neng e le ya Yugoslavia (jaaka mmè yo o bontshitsweng mo tsebeng ya rona e e kafa ntle) ba ba lelelang batho ba ba bogang mo ntweng ya matlhotlhapelo. Gone ke ka ntlha yang fa batho ba ba boikepo ba tswelela pele ba tshela e bile ba atlega? Jaaka Jobe a boletse, gantsi “mantlo a bone a [dibelesegile] mo poifong, le gone thupa ya Modimo ga e ke e nna mo go bone.”—Jobe 21:7, 9.

A seno se raya gore go direla Modimo, go rata wa gaeno, le go tila go dira bosula ga go na mosola? Le eseng! Baebele e re bontsha tsela e e tshwanetseng ya go leba dilo fa e re: “O se ka wa leka go gaisa badirabosula kana go etsa ba ba dirang tshiamololo. Ka gonne ba swaba jaaka bojang, mme ba nyelele jaaka botala jwa dikgakologo. Ikanye MORENA mme o dire se se molemo.”—Pesalema 37:1-3, The New English Bible.

Ee, se go lebegang e le go atlega ga baikepi ke selo sa nakwana fela. E bile tota, matshelo a bone a tsaya nako e khutshwane fela thata, fa ba ba direlang Modimo bone ba na le tsholofelo e e molemo thatathata ya isagwe. Mo bogautshwaneng, tsholofetso eno ya Modimo e tla diragadiwa: “[Modimo] o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.” (Tshenolo 21:4) Basiami ke bone fela ba tla bonang nako eo, e seng baikepi. A bo go kgothatsa jang ne go atamela Modimo le go ithuta go dira go rata ga gagwe, go sa kgathalesege gore ba ba re dikologileng ba ka tswa ba le boikepo go le kana kang!

Fa e le gore o ka rata go amogela tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata gore mongwe a go etele mme a go tshwarele thuto ya legae ya mahala ya Baebele, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela