Setlhopha Se Se Laolang Se Okeditswe
ELE gore go okediwe badiri ba Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, maloko a a 11 a a direlang gone jaanong a okeditswe ka le le lengwe, go simologa ka July 1, 1994. Leloko le lesha ke Gerrit Lösch.
Mokaulengwe Lösch o simolotse tirelo ya nako e e tletseng ka November 1, 1961, mme a aloga mo setlhopheng sa bo41 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. O ne a direla mo tirong ya potologo le ya kgaolo kwa Austria go simolola ka 1963 go ya go 1976. O ne a nyala ka 1967, mme moragonyana ene le mosadi wa gagwe, Merete, ba ne ba direla ka dingwaga di le 14 e le maloko a lelapa la Bethele la Austria kwa Vienna. Dingwaga di le nne tse di fetileng ba ne ba fudusediwa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa Brooklyn, New York, koo Mokaulengwe Lösch a ileng a direla mo Diofising tsa Botsamaisi e bile a le mothusi wa Komiti ya Tirelo. E re ka a na le maitemogelo a magolwanyane mo tshimong ya Yuropa e bile a itse Sejeremane, Seesemane, Seromania, le Setadiana, o tla thusa thata mo tirong ya Setlhopha Se Se Laolang.