A O Itshwarela Fela Jaaka Jehofa?
“Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.”—MATHAIO 6:14, 15.
1, 2. Re tlhoka Modimo wa mofuta ofe, mme ka ntlha yang?
“JEHOFA o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko. Ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo. Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona. Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo. Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo. Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.”—Pesalema 103:8-14.
2 Totatota re tlhoka Modimo o o ‘gakologelwang fa re dirilwe ka lorole,’ ka go bo re belegetswe mo boleong e bile re amogeletswe mo boikepong, re ruile bosaitekanelang jo ka metlha bo lekang go re gogela mo molaong wa boleo. Mo dingwageng tse di makgolo a mararo morago ga gore Dafite a tlhalose Jehofa ka tsela e ntle thata jaana mo go Pesalema ya bo103, mokwadi yo mongwe wa Baebele, e bong Mika, o ne a galaletsa Modimo ka tsela e e tshwanang ka ntlha ya go itshwarela maleo ka bopelotshweu a motho a kileng a a dira: “Ke modimo ofe o o tshwanang le wena: o o tlosang tlolo, o o itshwarelang tlolomolao, o o sa nneleng bogale ruri mme o rata boutlwelobotlhoko? Re utlwele botlhoko gape, gataka ditlolo tsa rona ka dinao, o latlhele maleo a rona otlhe kwa tengteng ga lewatle.”—Mika 7:18, 19, The Jerusalem Bible.
3. Ke eng se se bolelwang ke go itshwarela?
3 Mo Dikwalong tsa Segerika, lefoko le le ranotsweng jaaka “go itshwarela” le raya “go tlogela selo se itsamaela.” Ela tlhoko gore Dafite le Mika, ba ba nopotsweng fa godimo, ba bolela se se tshwanang ba dirisa mafoko a a tlhalosang le a a monate. A re sekasekeng dikai di sekae mo go tse dintsi tsa kafa Jehofa a itshwarelang ka gone, gore re tlhaloganye ka botlalo selekanyo se se gakgamatsang se a itshwarelang ka sone. Sekai sa ntlha se bontsha gore mogopolo wa ga Jehofa o ka fetoga gore o se ka wa senya mme o itshwarele.
Moshe O A Ba Buelela—Jehofa O A Reetsa
4. Baiseraele ba ne ba santse ba boifa go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso morago ga gore ba bontshiwe eng go supa gore Jehofa o maatla?
4 Jehofa o ne a ntsha setšhaba sa Iseraele se bolokesegile kwa Egepeto mme a se isa kwa lefatsheng le a le ba solofeditseng go nna nagagae ya bone, mme ba ne ba gana go tsamaya, ka go bo ba ne ba boifa banna fela ba Kanana. Fa ba sena go bona Jehofa a ba golola kwa Egepeto a dirisa dipetso tse di lesome tse di senyang, a bula tsela ya gore ba falole mo Lewatleng Le Lehibidu, a bolaya masole a Egepeto a a neng a leka go ba sala morago, a tlhoma kgolagano ya Molao kwa Thabeng ya Sinai le bone e e neng ya ba dira gore ba nne setšhaba se se itlhophetsweng ke Jehofa, gape o ne a ba neela mana ka tsela e e gakgamatsang ka malatsi otlhe a tswa kwa legodimong gore a ba nonotshe mo mmeleng, ba ne ba santse ba boifa go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso ka ntlha ya Bakanana ba mekaloba!—Dipalo 14:1-4.
5. Ditlhodi tse pedi tse di ikanyegang di ne tsa leka jang go nonotsha Baiseraele?
5 Moshe le Arone ba ne ba gakgamadiwa thata ke seo. Joshua le Kalebe, e bong ditlhodi tse pedi tse di ikanyegang, ba ne ba leka go nonotsha Baiseraele jaana: ‘Naga eno, ke naga e e siameng thatathata, naga e e elang mashi le dinotshe. Lo se ka lwa boifa batho; Jehofa o na le rona!’ Mo boemong jwa gore batho bano ba batsuolodi, ba ba tshogileng ba kgothadiwe ke mafoko ao, ba ne ba leka go kgobotletsa Joshua le Kalebe ka maje.—Dipalo 14:5-10.
6, 7. (a) Jehofa o ne a swetsa go dira eng fa Baiseraele ba ne ba gana go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso? (b) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a sa dumalane le katlholo ya ga Jehofa mo Baiseraeleng, mme go ile ga nna le matswela afe?
6 Jehofa o ne a gakala! “Jehofa a bua le Moše a re: ‘Batho ba, ba tlaa nnyatsa goleele go le kae? Ba tlaa gana go dumela mo go nna goleele go le kae, ka ditshupo tsotlhe tse ke di dirileng mo go bone? Ke tlaa ba bolaya ka leroborobo, ke tlaa ba ntsha mo bosweng, mme ke tlaa dira ka wena morafe o mogolo, le o o thata bogolo go bone.’ Moše a raya Jehofa a re: ‘Foo Baegepeto ba tlaa utlwa; gonne o tlhatlositse tšhaba e mo go bone ka thata ya gago; ba tlaa bolelela banni ba lefatshe le. . . . Jaana fa o bolaya tšhaba e jaaka e ka bo e le motho a le mongwe fela, foo merafe e e utlwileng tumedi ya gago e tlaa bua e re: “E re ka Jehofa a sa nonofa go fitlhisa tšhaba e mo lefatsheng le o le ba ikanetseng, ka gone o ba nyeleditseng mo nageng.”’”—Dipalo 14:11-16.
7 Moshe o ne a kopa jaana gore ba itshwarelwe, ka ntlha ya leina la ga Jehofa: “‘Ke a go rapela, o itshwarele tshiamololo ya tšhaba e, ka fa bogolong jwa boutlwelobotlhoko jwa gago, le ka fa o ntseng wa itshwarela tšhaba e go tswa Egepeto le gompieno ka gone.’ Jehofa a re: ‘Ke itshwaretse ka fa lefokong la gago.’”—Dipalo 14:19, 20.
Kobamelo ya ga Manase ya Medimo ya Disetwa le Boaka jwa ga Dafite
8. Ke mofuta ofe wa rekoto o Kgosi Manase wa Juta a neng a o dira?
8 Sekai se se tlhomologileng sa go itshwarela ga ga Jehofa ke sa kgang ya ga Manase, morwa Kgosi Hesekia yo o molemo. Manase o ne a na le dingwaga di le 12 fa a ne a simolola go busa kwa Jerusalema. O ne a aga mafelo a a tlotlometseng, a agela boBaale dibeso, a dira mephakwana e e boitshepo, a obamela dinaledi tsa legodimo, a dirisa maselamose le boloi, a tlhoma batho ba ba buisanang le badimo le baitseanape, a baya setshwantsho se se setilweng mo tempeleng ya ga Jehofa, mme a ralatsa bomorwawe molelo kwa Mogogorong wa Hinome. “A dira bosula bo le botona mo ponong ya ga Jehofa” mme “a timetsa Bajuta le banni ba Jerusalema, ba ba ba tla ba dira bosula bogolo go ba merafe e Jehofa o kileng a e senya fa pele ga bana ba Iseraele.”—2 Ditirafalo 33:1-9.
9. Jehofa o ile a rapelesega jang fa Manase a ne a mo rapela, mme go ile ga felela ka eng?
9 La bofelo, Jehofa o ne a lere Baasiria gore ba lwe le Bajuta, mme ba ne ba tshwara Manase le go mo isa kwa Babilone. “Mme ya re a le mo pitlaganong, a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe. A o rapela; mme wa rapelesega, wa utlwa mokokotlelo wa gagwe, wa ba wa mo lere gape kwa Jerusalema mo bogosing jwa gagwe.” (2 Ditirafalo 33:11-13) Morago ga moo Manase o ne a tlosa medimo ya seeng, medimo ya disetwa le dibeso mme a di latlhela kwa ntle ga motse. O ne a simolola go isa ditlhabelo mo sebesong sa ga Jehofa mme a dira gore Bajuta ba simolole sesha go direla Modimo wa boammaaruri. E ne e le pontsho e e gakgamatsang tota ya gore Jehofa o itshwarela ka go rata fa motho a bontsha maungo a a tshwanelang go ikwatlhaya ka boikokobetso, ka thapelo, le go baakanya boitshwaro jo bo phoso!—2 Ditirafalo 33:15, 16.
10. Dafite o ne a leka go bipa boleo jwa gagwe le mosadi wa ga Uria jang?
10 Boleo jwa ga Kgosi Dafite jwa go dira boaka le mosadi wa ga Uria wa Mohite bo itsege thata. O ne a se ka a dira boaka fela le ene mme gape o ne a dira leano le le matsoketsane gore a ipipe ka lone fa a ka ithwala. Kgosi e ne ya neela Uria malatsi a boikhutso kwa ntweng, a lebeletse gore o tla ya kwa ntlong ya gagwe mme a tlhakanele dikobo le mosadi wa gagwe. Mme Uria o ne a gana ka go bo a ne a tlotla masolekaene a a tlhabanang. Morago ga moo Dafite o ne a mo laletsa gore a tle go ja a bo a mo tagisa, mme le gone Uria o ne a se ka a ya kwa ntlong ya mosadi wa gagwe. Go tswa foo Dafite o ne a romelela moeteledipele wa masole molaetsa wa gore a beye Uria kwa pele mo ntweng e le gore a tle a bolawe, mme ga diragala fela jalo.—2 Samuele 11:2-25.
11. Dafite o ne a ikwatlhaela boleo jwa gagwe jang, lefa go ntse jalo o ne a diragalelwa ke eng?
11 Jehofa o ne a roma moperofeti wa gagwe Nathane kwa go Dafite gore a senole boleo jwa kgosi. “Dafite a raya Nathane a re: ‘Ke leofetse Jehofa.’ Nathane a raya Dafite a re: ‘Jehofa le ene o tlositse boleo jwa gago; ga o ketla oo swa.’” (2 Samuele 12:13) Dafite o ne a ipona molato ka boleo jo a bo dirileng mme a ikwatlhaya jaana mo go Jehofa ka thapelo e e tswang pelong: “Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo; nkabo ke se ntsha; ga o na kgatlhego mo tshupelong e e fisiwang. Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.” (Pesalema 51:16, 17) Jehofa o ne a se ka a nyatsa thapelo ya ga Dafite e e tswang mo pelong e e phatlogileng. Lefa go ntse jalo, Dafite o ne a otlhaiwa ka kwatlhao e e boima, go dumalana le polelo eno ya ga Jehofa e e mabapi le go itshwarela mo go Ekesodo 34:6, 7: “O o se ketlang o golola yo o molato gope.”
Solomone O Kgakola Tempele
12. Ke eng se Solomone a neng a se rapelela ka nako ya go kgakolwa ga tempele, mme Jehofa o ne a mo araba jang?
12 Fa Solomone a sena go fetsa go aga tempele ya ga Jehofa, o ne a bolela jaana mo thapelong ya gagwe fa e kgakolwa: “O reetse mekokotlelo ya motlhanka wa gago, le ya batho ba gago Baiseraele, mogang ba rapelang ba lebile felo fa, ee, utlwa o le bonnong jwa gago, e bong kwa legodimong, mme o re o utlwa, o itshwarele.” Jehofa o ne a mo araba jaana: “E tlaa re fa ke tswala legodimo, mme pula e sa ne, kgotsa fa ke laola gore tsie e bilatse lefatshe, kgotsa fa ke tsosa kgogodi mo bathong ba me; fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone.”—2 Ditirafalo 6:21; 7:13, 14.
13. Ke eng se Esekiele 33:13-16 e se bontshang malebana le tsela e Jehofa a lebang motho ka yone?
13 Fa Jehofa a go leba, o go amogela ka se o leng sone gone jaanong, e seng ka se o neng o le sone. Go tla nna fela jaaka Esekiele 33:13-16 e bolela: “Ya re fa ke raya mosiami ke re: ‘Ruri o tlaa tshela;’ fa a ikanya tshiamo ya gagwe, mme a dira boikepo, ga go ketla go gakologelwa ditiro dipe tsa gagwe tsa tshiamo; mme mo boikepong jo o bo dirileng o tlaa swela mo go jone. Gape, ya re fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri o tlaa swa;’ fa a sokologa mo boleong jwa gagwe, mme a dira se se laotsweng le se se siameng; fa moikepi a rebola peelo, a busa se o ne a se tsere ka bogodu, a sepela mo ditaong tsa botshelo, a sa dire boikepo bope; ruri o tlaa tshela, ga a ketla a swa. Ga go ketla go gakologelwa maleo ape a gagwe a o a dirileng go mo sekisa; o dirile se se laotsweng le se se siameng; ruri o tlaa tshela.”
14. Go itshwarela ga ga Jehofa go farologane ka tsela efe?
14 Tsela e Jehofa Modimo a re itshwarelang ka yone ga e tshwane le epe, ke e e palelang batho go e dirisa fa ba itshwarelana—o a itshwarela a bo a lebala. Batho ba bangwe ba ka re, ‘Ke ka go itshwarela se o ntirileng sone, mme ga nkake ka se (kana ga nkitla ke se) lebala.’ Se se farologaneng le seo, ela tlhoko gore Jehofa a re o tla dira eng: “Boleo jwa gone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”—Jeremia 31:34.
15. Ke rekoto efe e Jehofa a nang le yone ya go itshwarela?
15 Jehofa o ntse a itshwarela baobamedi ba gagwe mo lefatsheng mo dingwageng tse di diketekete. O ntse a itshwarela maleo a ba lemogang gore ba a dirile mmogo le a mangwe a mantsi a ba sa a lemogeng. Go ba bontsha ga gagwe bopelotlhomogi, bopelotelele, le go itshwarela go ntse go tswelela pele go sa fele. Isaia 55:7 e bolela jaana: “A moikepi a latlhe tsela ya gagwe, le motho yo o sa siamang kgopolo tsa gagwe; a a boele kwa go Jehofa, mme o tlaa mo utlwela botlhoko; le kwa Modimong wa rona, gonne o tlaa itshwarela ka botlalo.”
Go Itshwarela mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete
16. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore go itshwarela ga ga Jesu go dumalana le ga ga Jehofa?
16 Dipolelo tsa go itshwarela ga Modimo di tletse mo rekotong ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete. Jesu o bua ka gone gantsi, a bontsha gore o dumalana le mogopolo wa ga Jehofa mo kgannyeng eno. Go akanya ga ga Jesu go tswa kwa go Jehofa, o etsa Jehofa, ke setshwani sa mmatota sa ga Jehofa; fa o mmona o bona Jehofa.—Johane 12:45-50; 14:9; Bahebere 1:3.
17. Jesu o ne a bontsha go itshwarela ga ga Jehofa “ka botlalo” jang?
17 Go bontsha gore Jehofa o itshwarela ka botlalo go supiwa mo go sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu, mo setshwantshong sa kgosi nngwe e e neng ya itshwarela motlhanka sekoloto sa ditalenta di le 10 000 (mo e ka nnang R120 000 000). Mme fa motlhanka yoo ene a ne a sa itshwarele motlhankakaene sekoloto sa diponto di le some (mo e ka nnang R220), kgosi e ne ya gakala. “‘Motlhanka wa molotsana ke wena, ke go itshwaretse molato ole otlhe fela, ka go bo o ne o o inthapeletse. Le wena a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka ka wena botlhoko, fela jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’ Mme morena wa gagwe a šakgala, a mo neela batlhokofatsi, a tla a tsamaye a lefe molato otlhe fela.” Morago ga moo Jesu o ne a bolela jaana gore seo se raya eng: “Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”—Mathaio 18:23-35.
18. Petere o ne a leba go itshwarela jang fa a bapisiwa le tsela e Jesu a neng a go leba ka yone?
18 E ne ya re pele fela ga gore Jesu a neele setshwantsho se se fa godimo, Petere o ne a tla kwa go Jesu mme a mmotsa jaana: “Morena, kana wa gaetsho o ka nteofela gakae, mme ke ntse ke mo itshwarela; a ke gasupa?” Petere o ne a akanya gore o pelotshweu thata. Le mororo bakwadi le Bafarisai ba ne ba lekanyetsa gore motho o ka itshwarelwa ga kae, Jesu o ne a bolelela Petere jaana: “Ga ke go reye ke re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.” (Mathaio 18:21, 22) Makgetlho a le supa a ne a ka se ka a wetsa letsatsi le le lengwe fela, jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.” (Luke 17:3, 4) Fa Jehofa a re itshwarela ga a bale maleo a rona—mme seo se a re itumedisa.
19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Jehofa a re itshwarele?
19 Jehofa o dumela go re itshwarela fa re ikwatlhaya ka boikokobetso le go ipolela maleo a rona: “Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.”—1 Johane 1:9.
20. Setefane o ne a bontsha gore o rata go itshwarela boleo jang?
20 Fa molatedi wa ga Jesu e bong Setefane a ne a kgobotlediwa ka maje ke segopa sengwe se se gaketseng o ne a goela kwa godimo a kopa jaana ka moya o o bontshang go itshwarela ka tsela e e gakgamatsang: “‘Morena Jesu, amogela mowa wa me.’ Mme a khubama, a bua ka lentswe le legolo a re: ‘Morena, o se ka wa ba balela boleo jo.’ Ya re a sena go bua jalo, a robala.”—Ditiro 7:59, 60.
21. Ke ka ntlha yang fa tsela ya ga Jesu ya go rata go itshwarela masole a Roma e ne e gakgamatsa jaana?
21 Jesu o ne a tlhoma sekai se se gakgamatsang le go feta seo sa go rata go itshwarela. Baba ba gagwe ba ne ba mo tshwara, ba mo sekisa e seng kafa molaong, ba mo pega molato, ba mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo itaya ka seme se se neng se na le dikgole di le dintsi tse gongwe di neng di gokeletswe marapo le ditshitswana, mme la bofelo ba mo tlogela a kokotetswe mo mokgorong nako e telele. Baroma ke bone ba ba neng ba di goga kwa pele mo go seno. Lefa go ntse jalo, fa Jesu a ne a swa mo mokgorong, o ne a bolelela Rraagwe wa selegodimo jaana mabapi le masole a a mmapotseng: “Rra, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.”—Luke 23:34.
22. Ke mafoko afe a Thero ya kwa Thabeng a re tshwanetseng go leka go a dirisa?
22 Jesu o ne a boletse jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang.” O ne a ikobela molaomotheo oo ene ka boene go ya fela kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa gagwe jwa selefatshe. A seo se re tlhoka dilo di le dintsi, rona ba re lwang le makoa a nama ya rona e ratang go a dira? Bobotlana re tshwanetse go leka go dirisa mafoko a ga Jesu a a neng a a ruta balatedi ba gagwe fa a sena go ba neela thapelo eno ya sekao: “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.” (Mathaio 5:44; 6:14, 15) Fa re itshwarela fela jaaka Jehofa, re tla itshwarela re bo re lebala.
A O A Gakologelwa?
◻ Jehofa o tsaya kgato efe ka maleo a rona, mme ka ntlha yang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Manase a ne a letlelelwa go busa gape?
◻ Ke karolo efe ya go itshwarela ga ga Jehofa e batho ba palelwang ke go mo etsa mo go yone?
◻ Tsela ya ga Jesu ya go rata go itshwarela e ne e gakgamatsa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Nathane o ne a thusa Dafite gore a bone fa go tlhokega go itshwarelwa ke Modimo